Re dimampodi ka tsamaiso ya korporatifi






YBB e bone nomoro ya ntlha mo kgaisanong ya 2007 mme ra amogela Kabelo ya PriceWaterhouseCoopers ya Thuto-Godimo ka go Itlhaola ka Tsamaiso ya Korporatifi mme se se ile sa bontsha gore setheo se na le maikaelelo le kgatlhego ya ditiro tsa tsamaiso ya tshiamo le go e tshegetsa ka maemo a a kwa godimo.

YBB ngwaga e e fetileng e ne ya tswa mo maemong a bone mme ngwaga e e tlhatlhogile go ya go ya ntlha mme ya fenya gammogo le Central University of Technology(CUT).

Ka mo puong ya Tona ya Thuto, mme Naledi Pandor mo tshimologong ya ngwaga, o rile gore ngwaga ya 2007 ke ngwaga e re tshwanetseng go bontsha boitlhaodi ba rone mme re tlogele go nna ba ba itumelelang fela go nna mo gare ka gotlhe. Kabelo e e bontsha gore re itlhamile go nna baitlhaodi le gore re ikaeletse go nna re tokofatsa diphitlhelelo tsa rona, ga bua moporof Chris van der Walt, Mokwadisi wa Setheo wa YBB.

Kgaisano e e tshwarwa ngwaga le ngwaga mme e na le maikaelelo a go tlhotlheletsa ditheo tsa Thuto-Godimo gore ba iteka ka bojotlhe go fitlhelela maemo a a kwa godimo go arabela boleng jo bo kwa godimo go arabela ditlhokego tsa tsamaiso le tshegetso ya korporatifi tsa Repoto ya King II ya Tshegetso ya Korporatifi mo Aferika Borwa. Repoto e e gatela maikemisetso a a supang a a tshegetso le tsamaiso ya korporatifi a a leng boitiso, ponagalo, boitiriso, go se tshabe go beiwa boikarabelo, boikarabelo, botshepegi le boikarabelo jwa loago.

