Thuto-Godimo e diragatsa tiro-tatelano ya diteko tsa HIV






Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-khanseliri wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) mme gape Modulasetulo yo monthwa yo o tsenang ofising wa Thuto-Godimo ya Aferika Borwa (HESA), o bontshitse kgolagano ya gagwe ka letsholo la Know Your Status, Each one reach Five ka go ya tekong ya mo pele ga batho ka kwa ofising ya porokeramo ya AIDS ya Thuto-Godimo(HEAIDS) kwa Pretoria ka 4 Lwetse 2007, mme a dira jalo gape morago ga malatsi a mabedi ka mo YBB.

Letsholo le tlhotlheletsa batho go ya Ditekong le Kemonokeng ka go ithaopa (VCT) ka mo tikologong ya thuto-godimo mme se se rulagangwa ke HEAIDS, mme letsholo le le diriwa ka tirisanommogo magareng a Lefapha la Thuto le HESA ka thuso ya madi go tswa go Yuniene ya Yoropa.

Letsholo la YBB le tlhometswe go tloga ka letsatsi la 3 go 7 Lwetse ka mo baithuti le badirimmogo ba Ofisi ya Setheo le Dikhampase tsa Mafikeng, Potchefstroom le Vaal Triangle ba ne ba ithaopa go diriwa diteko tsa HIV.

Tiro-tatelano ya diteko e tla tswelela ka mo dikhampaseng mo Aferika Borwa.  Mo teng ga nako e kana ka dibeke tse tharo, ditheo tse 13 tsa thuto-godimo di tlabo di tsamaisitse matsholo a mo dikhampaseng.  Se se diriwa ka ketelopele ya ditokololo tsa dikhansele, batlatsa-khanseliri, baeteledipele ba baithuti, baakatemi le batsamaisi ba ba sa tlholeng ba bua fela mme ba dirisa diteko tsa HIV.

Re ikutlwa boikarabelo jo bogolo go baithuti ba rona go ba kaela tsela e e pabelesegileng go feta mo nakong ya bone ya dithuto. Mokgwa o o botoka go bontsha ruri gore re na le botshepegi le boikarabelo ka pelong go boitekanelo le boitumelo go baithuti ba rona ke go etela pele ka sekao se ba ka se salang morago, ga bua Ngk Eloff.

Ba ba neng ba sala Ngk Eloff morago ka go nna sekao go ya ditekong tsa HIV tsa HESA.





Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-khansele wa YBB yo a tsaisang teko ya HIV ka letsholo la Aferika-Borwa la Know Your Status, Each one reach Five.

