Moithuti wa kgale o kwala tiragatso ya requiem ya babolawa ba tshenyo le thubakanyo mo Aferika-Borwa






Hester van der Westhuizen, moithuti wa kgale wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o kwadile tiragatso ya requieme (Mofuta wa tiragatso ya mmino le dikopelo tsee di amang pelo) e e bidiwang  Requiem for the Victims of Crime and Violence in South Africa  mme o e kwaletse babolawa ba tshenyo le thubakanyo mo Aferika-Borwa

Tshupo ya ntlha ya requiem e ne ya tshwarelwa ka Labotlhano wa 17 Phatwe 2007 ka mo monyumente ya Voortrekker mme tiragatso ya dirwa ke kwaere ya kamore ya Rheinberger le kwaere ya batsha ya Oos-Rand le baopedi le orekese le ensembele ka mo tlase ga moopedisi Richter Grimbeek.  Requieme e ne e na le dikgaolo di le robongwe go ka tsamaisana le go nna sekao sa diporofense tse robongwe mo Aferika-Borwa.

Moh van der Westhuizen o feditse dikerii ya gagwe ya B.Mus ka mo YBB mme o ithutile tlhamo ya mmino mo tlase ga moporof Henk Temmingh.  O itlhaola ka mo go tlhama le go diragatsetsa dikwaere le diensembele, tse di setseng di opetswe ke dikwaere tsa diporofense jaaka kwaere ya bana ya Bokone-Bophirima, kwaere ya Yunibesiti Bokone-Bophirima, kwaere ya batsha ya Tukkie, kwaere ya batsha ya Oos-Rand le kwaere ya Kapa ya Borwa-Bophirima ya bana.

Ka 2006 kwaere ya basetsana ya sekolo se se kwa godimo sa Horskool Jeugland e ne ya opela e nngwe ya ditlhamo tsa ga Moh van der Westhuizen kwa kgaisanong ya dithabathaba kwa Praagse.  Tse dingwe tse di farologaneng tsa ditlhamo tsa gagwe gantsi di opelwa ke dikwaere tsa dikolo mo kgaisanong ya Applous e e rulagangwang ke Afrikaanse Taal- en Kultuurvereniging (ATKV).

Requiem for the Victims of Crime and Violence in South Africa ka kgwedi ya Sedimonthole se diragatswa kwa Jeremane ke kwaere ya batsha ya Oos-Rand gammogo le Maulbronner Kammerchor ka mo tlase ga Jurgen Budday.  Kwaere ya kamore ya Rheinberger e diragatsa requiem ka Lwetse ka mo musiamo wa Dias kwa Mosselbaai.

