Lekwalo la moporofesara wa YBB le fenya metlele






POTCHEFSTROOM Moprof.JJ Pienaar, Diini wa Fakalthi ya Bosaense jwa Tlholego mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o amogetse kabelo Metlele ya Merck ya 2007 go tswa go South African Chemical Institute (SACI) Merck Medal for 2007. O fenste metlele ka athikele e e gatisitseng ka mo Jenaleng ya Aferika Borwa ya Khemiseteri ka mo tokologong ya khemiseteri ya sebopego ka gore athikele e atlhotswe e le e e gaisang tsotlhe ka kabelo ya mo tikologong ya dithuto tsa serutwa se.

Tlhogo ya athikele e e gatisitsweng ka 2005, ke: The Kinetics of the Silver(I)-induced Oxidation of Chromium(III) by Peroxodisulphate.

Ka mo athikeleng e, mokgwa wa khemikale wa keroniamo e e terifalente e ka okesidaesiwang e ne e ithutiwa. Keroniamo e e hekesafalente e bonwa e le botlhole mme e le karisinogene e e ikemetseng, mme keroniamo e e terifalente e le tlhale ya sejo sa batho le ba diphedi ka bobedi.

Kabelo ya 2007, e e akaretsang diathikele tsotlhe tse di gatisitsweng ka 2002 go 2006, e abetswe go Moporof. Pienaar ka a le mokwadimogolo wa athikele e. Bakwadimmogo ka ene ba ne ba le Mme AM Bogopane,YBB, Ngk GL Lachman, YBB, Ngk MSA Hamza, YBB le Moporof Rudi van Eldik, wa Yunibesiti ya Erlangen Nrnberg, kwa Jeremane.


Prof JJ Pienaar


