Porojeke ya go maatlafatsa barutabana ba bana ba pele ga sekolo






VANDERBIJLPARK  Bana ba ba fetang palo ya 3 000 go tswa mo Tikologong ya Mmasapala wa D8 (go baletswe le Boipatong, Bophelong le ditikologo) ba mo tseleng ya go bona mosola mo porojekeng e e tlhometsweng e e ntshwa go tswa mo Sekolong sa Bosaense jwa Thuto mo khampaseng ya Vaal Triangle mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB).

Porojeke ya ECD(Early Childhood Development)(Tlhabololo ya Bongwana ya Pele) e ikaeletse go tsholetsa maemo a katiso le diporokeramo tsa tlhabololo ya bongwana pele ga sekolo mme e maatlafatse mme e tsose le maemo a barutabana le diporinsipala tsa dikolo.

Porojeke e tlhometswe semmuso ka 21 Phukwi mme e tla fela ka mafelo a kgwedi ya Ngwanatsele. Go ya ka Ngk. Elsa Fourie, Mokaedi wa Sekolo sa Bosaense jwa Thuto,  porojeke ya mathomo e tla ema nokeng dikolo tse di 50 mme ponelopele ke gore porojeke e tla tlhomelwa le mo dikolong tsa ditikologo tse dingwe mo Vereeniging le Sasolburg.  Ka mo teng ga khoso go lebelelwa mabaka a a tshwanang le maano le letsatsi, maano a dithuto, tsamaiso ya sekolo le gape go arabela ditlhokego tsa dijo le boitekanelo mo sekolong sa pele ga sekolo se kwa tlase.

Tlhokego e kgolo ya go fana ka thuso e tlisitswe dikakanyong tsa barulaganyi ba porojeke ke mor. Jaco Verster wa Lefapha la Boitekanelo.  Mor. Verster o boleletse go mo dikaing tse dingwe bana ga ba rutiwe sepe mme ba tle ba robale letsatsi lotlhe kapa ba tshameke nako yotlhe.  Bophepa le boitekanelo jwa mo dikolong dingwe ga se se se siametseng bana.

Go ya ka Ngk. Fourie Sekolo se ikaeletse go arabela tlhokego e ka mo merafeng pele ga go bona mathata a mangwe ka go tlhomela porojeke e ya ECD.  Ka re le baeteledipele mo tikologong ya dithuto tsa Thuto ke tiro ya rona go tlhomamisa gore bana ba amogela thuto ya boleng, ga tlhalosa Ngk.Fourie ka nako e e neng a tlhalosa gore thuto ya pele ga sekolo ke motheo o go agelwang mo go one mo bophelong botlhe jwa ngwana jwa sekolo .
Ka se se tlhaloseditsweng ka mo godimo, Sekolo se kopa morafe go dirisana mo porojekeng go ka tlisa diphetogo mo maphelong a bana ba bannye.  Dibebofatsi dingwe le dingwe jaaka dikerayone, ditafole le ditulo, dibuka le dipampiri di ka amogelwa ka tumelo e kgolo.  Go ya ka dipalo, ditshenyegelo tsa porojeke ya mathomo ke palo e ka nna R 50 000. Go ka bona tshedimosetso e e tsweletseng go ka ikopantswa le Ngk. Fourie kwa (016) 910 3060/66.



Ba ba neng ba le gone ka tlhomelo ya porojeke ya ECD go tswa mo molemeng e ne e le bah.Steffie Esterhuizen (motlhetlheledi, Khampase ya Vaal Triangle), Ria Booysen (motlhetlheledi, Khampase ya Vaal Triangle), Ngk.Elsa Fourie (Mokaedi: Sekolo sa Bosaense jwa Thuto) le Mor Jaco Verster (Lefapha la Boitekanelo).

