Ka ga mananeo a a atolositsweng a BSC le B.Com






MAFIKENG: Khampase e mo Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima(YBB) e e itsegalang ka pabalesego le mafolofolo a baithuti e tsweletse go nna setheo se se tlhwatlhwa se se neelanang ka dithuto tsa maemo a a kwa godimo. Maitlhomomagolo a setheo sa rona ke katiso ya ketapele ya bokamoso.

Le fa setheo se santse se gola, maiphitlhelo a baithuti ba ba atlegileng mo nakong e e fetileng ba tsweletse go nna le thotloetso mo mefameng e le mentsi mo matshelong a ma Afrika Borwa le lefatshe ka bophara.

Mo maitekong a magolo a rona a go kgontsha baithuti go fitlhela thuto e kgolwane, Khampase ya Mafikeng e mo ngwageng wa bobedi e laletsa baithuti ba ba nang le ditlhokego tse di maleba go ikwadisetsa dithuto tsa lenaneo le le atolositsweng la Saense le Papatso go ba kgontsha go fitlhelela ditoro tsa bona.

Morago ga go kwadisa Teko ya Katlholo baithuti ba ba falotseng ba tla fiwa monyetla wa go dira kopoikwadiso mo dithutong tsa Saense kgotsa Papatso. Baithuti ba ba ikwadisitseng ba tla nna le monyetla go fetsa dithuto tsa bone mo dingwageng di le nne.

Go tswa fao, ba tlabo ba le malalaalaotswe go ka lebagana le dikgwetlo tse di lolameng tsa kwa ditirong. Baithuti ba ba nang le kgatlhego ya go kwala diteko-tsenelo ba tshwanetse go tla le khopi e e atlenegisitsweng ya lokwalo lwa materiki, lokwalo itshupo kgotsa passport, pene, phensele le rabara. Diteko-tsenelo di tla simolola ka di 1 Lwetse (September) 2007 ka ura ya borobedi mo Khampaseng ya Mafikeng  Robbertson Room, Khampaseng ya Potchefstroom  JCC G38, Khampaseng ya Vanderbiljpark  Samancor G02, Sekolo sa Bolemirui sa P.H Moeketsi kwa Taung, Kholethe ya Tlhabane, Kuruman  Sekolo se se kwa godimo sa Batlharo-Tlhaping le Sekolo se se kwa tlase sa Ganyesa Primary.

Ditlhatlhobo tsa go kgontsha baithuti go tsenela lenaneo di tla tshwarwa ka di 15 Lwetse (September) 2007 ka ura ya borobedi (8H00) mo mafelong a umakilweng fa godimo.

Barutwana ba ba nang le kgatlhego ba kopiwa go leletsa kantoro ya rona pele ga 29 Phatwe (August) 2007 go netefatsa gore bana le ditlhokego tse di maleba go ka kwala diteko-tsenelo.

Leletsa: Kenny Nkgothoe  Kenny.nkgothoe@nwu.ac.za (Link: mailto:Kenny.nkgothoe@nwu.ac.za)  018 389 2339 or
Ms Tlaki Mokoena @ 018 389 2054
Fax: 018 389 2593








