Khampase ya Vaal ke mong-gae wa Khonferense ya SSCSA ya ngwaga le ngwaga






VANDERBIJLPARK  Ngwaga e Khampase ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e tlabo e le mong-gae wa khonferense ya bo-29 ya ngwaga le ngwaga ya Mokgatlho wa Kemonokeng ya Baithuti ka o Aferika-Borwa (Society for Student Counselling in South Africa (SSCSA)).

Khonferense e tla tshwariwa ka beke ya 17 go 21 Lwetse mme go tlile go nna teng dithomeletso tsa mo Aferika ya borwa le gape ba kwa Boritane, Switene, Australia le Amerika

Setlhogo sa khonferense ya ngwaga e ke Kemonokeng ya baithuti: Tebelelo kwa pele ka mokgwa o o posetifi pele mabaka a diragala. Kapa ka Seesimane Student Counselling: A positive proactive view on the future. Go tloga ka nako ya tlhomelo ka 1978,  SSCSA  ka e le setheo sa tirelo  se ile sa baya motheo wa baemanokeng ba baithuti mo bontsi jwa bone e leng basaekholoji ba boithutelo ba ba tswang kwa ditheong tsa thuto e e pagameng mme se se raya gore go tlhomamiswa bogodimo jo bo kwa godimo-dimo jwa boithutelo le go itekantsha le ba dithabathaba.

Tiro e nngwe e e botlhokwa ya Tirelo ya Kemonokeng ka mo karolong ya thutogodimo ke karolo ya kgopotso le kaelo ya ditiro tsa bokamoso le go ipaakanyetsa ditiro tse. Ka go leka go maatlafatsa baithuti, go lebelelwa tirisanommogo le bathapi ba paka e e tlang mme le go lebelela go baya dipapatso tsa ditiro mo diwepeng le go rulaganya dipontsho tsa ditiro le go baakanyetsa baithuti go batla diphatlhatiro le go ba thusa go ba direla magareng a mothapiwa le mothapi.

Karolo e nngwe e e botlhokwa ke kgang ya baithuti ba ba fetsang dithuto. Ditirelo tsa Kemonokeng ba tshwanetse go fana ka thuso le kemonokeng kwa ntle ga akatemi go tlhomamisa gore baithuti ba fitlhelela bokgoni botlhe jwa bone.

Setlhoa sa khonferense e tla nna Dikabelo tsa Boitlhaodi, tse di beilweng go tla abelwa kwa tiragalo e e bonagalang e e tla tshwariwang ka 21 Lwetse. Mokete o o tla tsenwa ke Ngk Theuns Eloff, Motlatsa-Khansele wa YBB le le direketoro tsa dikhampase gammogo le baemedi ba bangwe ba ditheo tse dingwe tsa thutogodimo.

Go ka bona tshedimosetso e nngwe ka ga khonferense, itshwaragantshe le Mor. Harm Stavast kwa (016) 910 3194 kapa 083 227 4592.








