Porojeke ya go ruta ya mo gae e gogile matlho a dithabathaba






VANDERBIJLPARK  Porojeke e e simolotsweng ke moitsedithuto wa kwa khampaseng ya Vaaldriehoek ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ga e a goga matlho a batho ba dithabathaba fela mme e tloga e tlhomelwa le ka mo diporofenseng tse di mmalwa  mo Aferika Borwa ka bophara.

Porojeke e e bidiwang Resilient Educators Programme (Reds) e bopilwe ke Ngk. Linda Theron ka tirisanommogo ya ga Ngk.Ike Xaba le moh. Mada Watson mo ba nang le maikaelelo a go maatlafatsa barutabana ka bokgoni jwa bone jwa go dirisana ka tsireletso le ka ditiro kgatlhanong le bolwetsi jwa HIV/AIDS.

Go fitlhela jaanong porokerama e setse e tlhometswe mo barutrabaneng ba ba ithaopang mo diporofenseng tse tharo tse e leng Gauteng, Bokone-Bophirima le mo Foreisetata. E tlhomelwa ke baithuti ba YBB le ba Yunibesiti ya Pretoria(UP/YP) ba gone jaanong ba tshwaragane le dithuto tsa didikerii tsa MA le PhD.

Ka go leka go godisa porokeramo mmatlisisimogolo ngk. Theron, le babatlisisi-ka-ene ba e leng baporof. Herman Strydom wa YBB le Rina Delport wa YP, ba ne ba ikopantshitse le moporof. Jane Gilgun wa Yunibesiti ya Minnesota wa kwa Amerika.

Ka nako ya kopano e go ne go buisanwa ka boteng ka ga porokeramo le tlhomelo ya yone go fitlhela jaanong gore go tle go diriwe tlhabololo e nngwe gape.  Se se akangwang ke gore mo malatsing a a gaufi porokeramo e tlile go tlhomelwa le ka kwa Mpumalanga, Bokone-Bophirima le ka Foreisitata. Moakatemi yo mogolo yo wa moitsegotlhe wa patlisiso ya boleng o tlotliwa thata mme ene gape ke modirediloago wa maitemogelo.

Porojeke e kwadisiwa gape ke Lekgotla la Sethaba la Patlisiso(Nasionale Navorsingsraad (NNS) le YBB.



Setlhopha se se tsayang karolo mo porojekeng ya Reds go tswa mo molemeng kwa morago ke moh Hanelie Malan, moporof Herman Strydom, moporof Rina Delport le ngk.Stephan Geyer. Mo pele go tswa mo molemeng go na le bomoh.Minette du Toit, Steffie Esterhuizen, Violet Moeketsi, ngk. Linda Theron, moporof Jane Gilgun, le bomoh. Lillian Radebe le Viola Kupa.

