Thuto e e theetsweng mo go fitlheleng ga maikaelelo ga e boima gakalo






POTCHEFSTROOM  Rre Sampie Lundie, motlhatlheledi mo Fakalting ya Bonetetshi ba Thuto mo Khampaseng ya Potchefstroom  ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) o akanyeditse khoso ya go katisa barutabana mo go tlhatlhobeng ga maemo a thuto e e theetsweng mo go fithheleng ga maikaelelo.

Thuto e e Theetsweng mo go Fitlheleng ga Maikaelelo (TTFM) e lebega e le katiso e e nepileng go  tsweletsa pele thuto, e le go ruta le go ithuta ga  maemogodimo  mo diphaposing tsa borutelo.  Se se ka fitlhelwa fa thuto e wetswa ka keletlhoko ga rialo ke rre Lundie.

Ditlapele tsa tlhatlhobo ya  thuto e e nepegileng e theilwe mo go katiseng ga barutabana ga maemogodimo le mo go poeletsong ga katiso ya banamabatshweretiro. Go batlega gore dikolo di rulaganye mananeo a tsone sea gore barutabana be nne le nako e e lekaneng ya go ka dira dithulaganyo tse di feletseng go ipaakanyetsa tirelo ya teng. Tlhatlhobo ya thuto e e theetsweng mo go fitlheleng ga maikaelelo e batla tlhatlhobo e  yone  e le e e theetsweng mo go fitlheleng ga maikaelelo, mo baithuti ba ka kgonang  go tlhagisa bokgoni ba bone teng, mo phaposing ya borutelo fa tlase ga taolo le temogo ya barutabana.

Go tlaleletsa ditlhokego tse barutabana ba di tlhokang mo go wetseng ga thuto ya TTFM ka tshwanelo, YBB e neela ka khoso e khutshwane, e e utlwanetsweng mo go tlhatlhobeng ga barutabana. Khoso e e utlwanetsweng le Seta ya ETDP  e lebile mo go katiseng ga barutabana mo go diriseng ga yone le go ka itirela ditlhatlhobo tse di leng maleba gore go kgonwe go ka dirwa netefatso e e tshepiwang le ya maemo mo go tsweleleng pele  ga morutabana mongwe le mongwe.

Rre Lundie a re: Barutabana ba ba setseng ba weditse khoso e khutshwane e ba e bona mesola. Barutabana ba ipueletse ba re dithulaganyo mo dikolong di tshwanetse tsa fetolwa gore ditlhatlhobo tsa thuto e e theetsweng mo go fitlheleng ga maikaelelo,  e wediwe sentle. Go netefatsa gore go nne le katlego go tshwanetswe ga katisiwa barutabana botlhe ba sekolo se se rileng  le gone go batlega  gore ba ineele gotlhelele mo tirisong ya molao wa tlhatlhobo le tse ba di ithutileng  tsone mo khosong.

Jaanong jaana khoso e,  ke karolo ya khurikulamo e e pateleditsweng ya baithuti ba ngwaga wa bonne. Bone ba wetsa dithuto tsa bone ba le batlhatlhobi ba ba dumeletsweng. Rre Lundie o neela khoso e go baithuti ba Yunibesiti ya kwa Stellenbosch le mo Lefapheng la Thuto la Porofense ya Kapa-Bophirima.








