Fablab - E nngwe gape ya ntlha ka mo YBB






POTCHEFSTROOM  Khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e ntsha sehuba gape ka gore e bula tsela gape ka laboratoriamo ya popo ya ntlha ka mo porofenseng.

FabLab (fabrication laboratory), e e ntshwa ke bobofatsi e e mo karolong ya tse di kwa godimo tsa mo lefatsheng ke ya Fakalthi ya Boenjenere.  E fa badirisi ba yone ba e leng bana ba dikolo go fitlha le kwa go baenjenere bokgoni jwa go ka tsaya popo ya kakanyo mme ba e bope ka go e tshwantsha, go e tlhabolola le go e bopa mme go e tlhatlhagantsha le go e leka.

Maikaelelo a magolo a laboratoriamo ke go dirisa saense le thekenoloji go maatlafatsa merafe mo go agegeng ga diekonomi tsa yone.  Go ya ka mor. Mosibudi Mangena, Tona ya Saense le Thekenoloji, yo a butseng semmuso bebofatsi, baeng ba bantsi ba FabLab ba setse ba dirisitse didiriso tse di kgethegileng go bopa dikumo tse di botlhokwa jaaka thulaganyo ya dialama tsa morafe, themometara ee e sa tureng e e ka latlhiwang, le lebone le le bopilweng ke mmetli wa moswa wa kwa merafeng ya kwa ntle ga Pretoria.

FabLab ke ya botlhano ya mofuta o mo lefatsheng la rona mme gongwe e tlile go oketswa ka dilaboratoriamo tse dinnye tsa disatelaiti go ya kwa ditikologong tse dingwe tsa porofense ka gore se e le ponelopele. Dilaboratoriamo tse dingwe di kwa Soshanguve, Kapa, Mangaung le Kimberley, mme tsotlhe di tshegediwa ka porokeramo ya Advanced Manufacturing Technology Strategy (AMTS) ya Lefapha la Saense le Thekenoloji.

Go ya ka mor. Mangena Khampase ya Potchefstroom e ka leboga Lekgotlheng la Saense le Thekenoloji ya Bokone-Bophirima e e neng e tshwerwe ka 2004 le le tlisitseng laboratoriamo e ya FabLab e. Ka nako ya Lekgotlha go ne ga lemogwa mekgwa e e ka dirisiwang ke dikgwebo tse dinnye, tse dikgolwane le tse dikgolokgolo go ka tlhatlhosa tlhwatlhwa ya khumo ya dimenerale tsa porofense. Ka go fa batho tshono ya go ka bopa tse ba di akanyang le go di tlhabolosa le go ka bona leano le le nna kumo e ntshwa, go ka fa thuso e kgolo ya patlisiso le tlhabololo le kumo yotlhe ya sethaba mo bofelong.

Mor Mangena o file tlhomamiso ya gore lefapha la gagwe e tla dula e eme nokeng go leka ga go tlosa le go nnyenyefatsa dipharologanyo magareng a merafe tsa thekenoloji le popontshwa.  Ekonomi ya bokamoso le tlhabololo ya merafe ya lefatshe e tlhoka motheo o o thata wa saense, boenjenere le thekenoloji. Kakanyo ya dithabathaba ke gore mafatshe a a ipatlelang magodimo a go gola a a thata a a ka tswelelang, a tshwanetse go itirisetsa bokgoni jwa one go fana ka kitso e e ntshwa ga oketsa mor. Mangena.

Go ya ka moporof. LJ Grobler wa Sekolo sa Boenjenere jwa Bomothini, FabLab e dira gore go ne le popo le letlhakore le lentshwa ka mo boenjenereng mme se se bontsha mowa wa popontshwa ya yunibesiti.  Moporof. Grobler o akanya gape gore tetlelo ya go ka tsena mo laboratoriamo go bana ba dikolo go tla ba fa phisego ya go ka rata saense le thekenoloji mme se se tla dira gore go oketsege badiri ba mo karolong e ya ekonomi mo go tlhokegang bathapiwa thata.



Moporof LJ Grobler van wa Sekolo sa Boenjenere jwa Bomothini, mor Mosibudi Mangena: Tona ya Saense le Thekenoloji, le mor Darkey Africa: LUR wa Puso ya Selegae le Tlhabololo, ka mo pele ga mothini wa extruder ka mo teng ga FabLab e e ntshwa.



