Motlatsatona o etela Yunibesiti ya Bokone-Bophirima






Motlatsatona wa Thuto, mor. ME Surty, o buile le baamogeladibasari ba barutabana jaanong jaana, le barutabana ba bokamoso, le badiri le ditokololo tsa tsamaiso ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ka 13 Phatwe 2007 ka mo Ouditoriamo ya Khampase ya Potchefstroom.  Se e ne e le karolo ya letsholo Lefapha la Thuto la porokerama ya dibasari ya Fundza Lushaka le letsholo la go ka tlhotlheletsa batsha ba Aferika-Borwa go nna barutabana.

Palo e kgolo ya baithuti ba barutabana ka mo YBB e ema nokeng nnete ya gore re bona katiso ya barutabana e le botlhokwa thata ga bua rrengaka dr. Theuns Eloff, Motlatsakanseliri wa YBB, ka nako e.

Palo e e fetang 3000 ya baithuti ba barutabana ba ba tsenang dithuto ka mo khampaseng ka 2007 e dira gore YBB e ipone kemo ya yone mo diyunibesiting tse di kwa godimo tse tlhano mo Aferika Borwa mme fa re lebelela palo ya 12 000 ya baithuti ba barutabana ba ba ithutang go tswa kwa kgakala le ba e leng ba nakwana, YBB ke setheo se se fanang ka barutabana ba ba rutilweng ka go tsenelela mo lefatsheng la rona se segologolo morago ga Unisa.

Maikaelelo a porokerama ya dibasari ya Fundza Lushaka ke go tlhomamisa gore tlhokego ya sethaba ya barutabana ba siameng ba a theleswa, ga bua Motlatsatona Surty. O gateletse ntlha ya gore Aferika-Borwa e na le tlhokego ya badiri ba bokgoni mo ditikologong jaaka boenjineri le babalatlotlo mme le gore barutabana ba ka thusa go arabela tlhokego e ka go ruta dirutwa tse mo sekolong, tse di tla bulang tsela ya katiso mo dithutong tse

Porokerama ya dibasari ya Fundza Lushaka, e mo go yone dimeleone tsa diranta tsa R7,2 e e betswe YBB mme se se raya gore baithuti ba barutabana ba ka ithuta kwa ntle ga go tshwengwa ke dikgang tsa madi.

Jaanong jaana go na le batsholadibasari ba ba 205 ka mo YBB.  Basari ya Fundza Lushaka e emela ditshenyegelo tsa moithuti tsa go ikwadisa, dithuto, dibuka, madi a thwalo le o dula mo marobalong kapa mo madulong a a dumeletsweng  mme le dijo.



Go tswa mo molemeng go na le Mor.H Motara, Motshwarelamokaedi wa Tikologo: Lefapha la Thuto, Tikologo ya Borwa, Porofense ya Bokone-Bophirima; Rrengaka dr T Eloff, Motlatsakanseliri, Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, Moporof. ND Kgwadi, Moreketoro wa Khampase ya YBB-Mafikeng, Mor.Surty, Motlatsatona wa Thuto, Moporof.PJJ Prinsloo, Moreketoro wa Khampase ya YBB-Vaaldriehoek, Moporof. AL Combrink, Moreketoro wa Khampase ya YBB-Potchefstroom, le Ngaka FM Nzama, Mokaedimogolo: Motlhabolodi wa Setheo wa Motswedithuso wa batho, Lefapha la Thuto.




