Dipatente tse thatoro di kwaditswe kwa Amerika






Dipatente tse thatoro di kwaditswe kwa Amerika

Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e ipela ka dipatente tse thataro tse di fetiseditsweng mme tsa kwadisiwa  mo Mafatsheng a a Kopaneng a Amerika. Se se dirang gore e nne semakatso sa bokgoni, ke gore maemo a go ka dira jaana fa go dirisiwang taolo ya  Amerika teng go kgonwa fela fa maemo a le kwa godimo thata.

Ka ngwaga wa 2006 go kwadisitswe dipatente tse di feleletseng le tse di sa felelang tse robedi mo Ofising ya Dipatente ya Aforika-Borwa go tswa mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima. Godimo ga kopo ya tse robedi tse go letleletswe dipatante tse tharo  tse di neng di emetse go ka fetisiwa mme tsa abelwa boikwadiso ba tsone.

Khampase ya Potchefstroom e begile le dikopo ya dipatente  tse thataro tsa bolefatshe. Se se dirilwe fa tlase ga taolo ya Kgolagano ya Boitseanape Tirisanommogo ya Dipatente (KTD)   le  Buro ya Boditshaba ya  Mokgatlho wa Dithoto tsa Boitseanape kwa Geneva, mo Lefatsheng la Baswisi.

Go fitlheng ga felo fa le nako e, go setse go begilwe palo ya 39 ya kopo ya dipatente. Go ya ka dikopo tse di tlileng go tswa mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima mo mafatsheng a le 48  go na le  tse di setseng di fetisitswe kgotsa tse di emetseng go ka kwadisiwa. Mo mafatsheng a go balelwa mafatshe a Yuropa jaaka Fora, Jeremane, Italia, Swisi, le Kopano ya Mafatshe a Amerika le mafatshe a mo Aforika jaaka Botswana, Kenia, Malawi, Namibia le Tanzania.




