Tlhotlhomiso e e fetang tsotlhe ya go tsomela digwapa esale






Tlhotlhomiso e e fetang tsotlhe ya go tsomela digwapa esale

Setheo sa Bojelanala le Dithuto tsa Boitapoloso mo Khampaseng ya Potchefstroom mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima le batho ba ba nang le kgatlhego mo kgwebong ya digwapa ba ya go wetsa tlhotlhomiso e e fetileng tsotlhe esale, ya go tsomela digwapa  monongwaga mo dikgweding tsa  Phatwe le Lwetse.

Mo ngwageng wa 2005 tlhotlhomiso e e dirilweng fa gare ga  ditokololo di le 18000 tsa Mokgatlho wa Batsomi le Basiriletsi-diphologolo ba Aforika-Borwa e bontshitse gore motsomedi-digwapa mongwe le mongwe o ntshitse R15752 ka setlha go ka ya go tsomela digwapa.Go bontshitse gore go tsomela digwapa go ne go na le  tlhotlheletso ya R3150 mileone  mo ekonoming ya setlha sa 2005.

Rrengaka dr. Peet van der Merwe wa Setheo sa Bojelanala le Dithuto tsa Boitapoloso le Ekonomi ya Diphologolo mo Khampaseng ya Potchefstroom a re: Tlhotlhomiso e ya 2007 e ya go feta tsotlhe tse di setseng di weditswe. Re ikaeletse go fetisetsa manane a dipotso a palo ya  50000 go mekgatlho yotlhe ya batsomi mo Aforika-Borwa. 

E nngwe ya maikaelelo a tlhotlhomiso ke go netefatsa gore molao o montha wa dibetswa o na le seabe sefe mo kgwebong ya botsomi. Mo matlhakoreng a mangwe go ya go lebelelwa tlhotlheletso ya ekonomi le gore ke dilo dife tse di leng botlhokwa go batsomedi-digwapa.

Motho mongwe le mongwe yo a iponang a ka latlhelang legonnyana a ka ikopanya le  Setheo mo dinomorong tse di latelang:
Nomoro ya mogala 018 2991812 / 1810 kgotsa romela  e-poso go  peet.vandermerwe@nwu.ac.za (Link: mailto:peet.vandermerwe@nwu.ac.za)   

  




