Ma-Aforika-Borwa a mabedi a etetse Mokgatlho wa Diyunibesiti tsa Kgweranadithaba pele.






Ma-Aforika-Borwa a mabedi a etetse Mokgatlho wa Diyunibesiti tsa Kgweranadithaba pele.

Ma-Aforika-Borwa a mabedi a tlhomilwe e le baeteledipele ba Mokgatlho wa Diyunibesiti tsa Kgweranadithaba (Association of Commonwealth Universities  ACU). Fa go tlhola letsatsi la masomamabedi e le   Labotlhano mo kgweding ya Seetebosigo mo ngwaganeng wa 2007 ya nna fa moprof. Brenda Gourley, mo-aforika-borwa yo jaanong a le Motlatsa-Mokansaliri wa Open Yunibesiti wa  Mafatshe a a Golagantsweng, pele a le Motlatsa-Mokansaliri wa Yunibesiti ya Natal a tlhophiwa go nna Moeteledipele wa teng  mme ya nna le fa Rrengaka dr. Theuns Eloff, Motlatsa-Mokansaliri wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima,  a kgethiwa go nna Motlatsa-Modulasetulo.

 Mokgatlho o wa MDK (ACU), o o tlhomilweng ka 1913, ke kgolagano ya diyunibesiti e e  fetang dikgolagano  tsotlhe tsa lefatshe ka dingwaga. E emetse diyunibesiti tse di ka nnang palo ya 500 tsa Kgweranadithaba. Maikaelelo a Mokgatlho o ke go godisa le go tsweletsa pele tirisanommogo ya bodithaba  le kutlwano mo dithutong tse di phagameng mo Mafatsheng a Kgweranadithaba.

Rrengaka dr.  Eloff, yo a sa tsweng go tlhophiwa go nna modulasetulo wa Thuto e e Phagameng ya Aforika-Borwa (HESA) o beile leitlho la gagwe kwa pele, kgatlhano le kgwetlho  e e tlisitsweng  ke go ka tlohphiwa. O go bona e le tlotlo   go ene  ka boene le go thuto e e phagameng ka bophara mo Aforika-Borwa.

O dumela gore MDK (ACU) ka boyone, le ditheo tsa thuto tsa maemo a boraro mo lefatsheng ka bophara, di ka tlisetsa botho ka bophara mo lefatsheng  mosola wa maemogodimo mo bophelong.  A re: Ka go neela lefatshe bawetsidithuto ba maemo a bokgoni, ba ba ka kgonang go naganela matlhakoreng otlhe le ka matlho a a lebelelang ka mokgwa o o  tseneletseng, le ka dipatlisiso le dinthafatso tsa maemo godimo, diyunibesiti mo bophareng ba lefatshe di ka tsaya seabe se segolo mo go boneng ga  tharabololo ya mathata a a lebileng lefatshe la segompieno.

Go tlhophiwa ga gagwe go nna motlatsa-modulasetulo wa MDK (ACU) go tla thusa go baya thuto e e phagameng mo pepeneneng. Se se tla diragala mo dikarolong tsa tshedimosetso, kgolagano ya ditiro, thata-thata le mo go itekanyeng le ba bangwe mo maemong a bolefatshe.

Go inyalana le ba bolefatshe, thata-thata kgolagano ya ditiro, le go bopa  ga dikgolagano tse di leng mosolo-togamaanong le diyunibesiti mo lefatsheng ka bophara ke e nngwe ya dintlha tse di botlhokwa mo go tse dintsi tse thutogodimo e di lebileng. Mo leseding la dilo tsotlhe tse, kamano ya me le MDK (ACU)  mo ke leng motlatsa-modulasetulo go ka boela thuto e e phagameng ya Aforika-Borwa mosola o mogolo.

Go tsenela tiro e ya  ga Rrengaka dr. Eloff go setse go simolotse letsatsi le fa a sena go tlhophiwa. Nako ya gagwe ya go rwala boikarabelo bo e tla nna dingwaga di le pedi.

Moprof. J McWha,  Motlatsa-mokansaliri wa Yunibesiti ya Adelaide, o tlhophilwe go nna  Ramatlotlo wa tlotlo wa MDK (ACU). Ditokololo tse di sa tsweng go tlhophiwa ba Komiti ya Tsamaiso ke baprof. K Mohandas, SS  Katiyar, L Tsui, le DDA Razak.



Rrengaka dr Theuns Eloff, Motlatsa-Mokansaliri wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima.

