Ekonomi ya mo gae e beilwe leitlho le le nthotho.






Ekonomi ya mo gae e beilwe leitlho le le nthotho.

VANDERBIJLPARK  Khampase ya Vaaldriehoek ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) , gammogo le Lekgotla la Tikologo  ya Sedibeng di ya go batlisisa ka ga bokgonegi ba gore go nne tlhabololo ya intastari mo tikologong ya teng.

Tlhabololo  e di e lebileng e ya go baya leitlho mo go tsweletseng pele ga ditlhophana tsa ekonomi (clusters) mo tikologong ya ekonomi ya yone  ya selegae. Kabelo ya R100 000,  e le e e bonagalang e le e kgolo,  go tswa kwa Malesela Taihan Electric Cable(M-Tec) kwa Vereeniging e tla dirisiwa go duelela patliso mo porojekeng e. Ka kabelo e, mokgatlho wa  M-Tec o netefatsa maikaelelo  le kgolagano ya go beela  ga madi mo kutlwanong mmogo  le ya selegae.

Setlhopha sa porojeke se etetswe pele ke Rrengaka dr. Wynand Grobler le rre Leonard van Vuuren ba ba leng bathapiwa mo Khampaseng ya Vaaldriehoek ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima. Go ya ka bone kemo ya ekonomi e e leng teng jaanong gongwe e bakiwa ke  go nna teng ga bogolo ba ditirelo tsa ekonomi e e itheileng mo metswedithusong ya yone. Ditirelo tse di itsegwe e le tsa dikhampani tse dikgolo mo ekonoming ya selegae tsa madi a le mantsi mme go se na kamano mo gareng ga tsone.

Maikaelelo a porojeke e ya patlisiso ke go batlisisa ka ga go tlhomiwa ga tlhabololo ya  setlhopha sa itastari ya tshipi ya setala mo Vaaldriehoek. Kgwetlho e kgolo e e tshwanetseng ya sekegelwa tsebe go ya ka Rrengaka dr. Wynand  Grobler ke go tlhaola le go dira gore go nne teng ga felo fa go ka tsweletswang dikgwebo tse dinyane , tsa bogolo ba bogare le tse di potlapotlana (DDBBP) Ka go dira jaana go tla bo go bonwa diphatlhatiro go fokotsa go sa nne teng ga tsone.



Mo ga abeleng ga R100 000 go ne go na le go tswa mo molemeng, Rrengka dr, Wynand Grobler (Sekolo sa Dithuto tsa Ekonomi, mo Khampaseng ya Vaaldriehoek) le rre June-Young Hah (M-Tec) le rre Tielman Slabbert (Sekolo sa Dithuto tsa Ekonomi, Khampase ya Vaaldriehoek).  

