YBB E SOLOFEDITSE BAITHUTI BA MATRIKI GO KA FALOLA DITHUTO TSA BONE






YBB E SOLOFEDITSE BAITHUTI BA MATRIKI GO KA FALOLA DITHUTO TSA BONE

MAFIKENG  Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e ne e kwadisitse bathuti ba le 600 ba boemo ba lesomepedi (matriki) go tswa mo dikolong tse di rileng go tswa mo porofenseng ka bophara go tsenela Sekolo sa Mariga se se neng se tshwaretswe mo go bone, mo Khampaseng ya Mafikeng.

Porojeke e simolotse mo ngwageng o o fetileng ka baithuti ba le 331 ka palo. Kgolo mo palong ya baithuti monongwaga e bontsha kgolo e e tswelelang pele ebile ke  netefatso ya  gore bokamoso jwa baithuti bo sekegelwa tsebe. Mo tikologong ya Bophirima fela  kgolo ya baithuti ba ba neng ba tseneletse Sekolo sa Mariga  ke diphesente di le masome a mararo (30%) fa e bapisiwa le ya ngwaga o o fetileng.

Ka go beiwa matlho mo mathateng a a leng teng mo dikhosong le go a rarabolola, baithuti ba thusiwa mo matlhakoreng a le mantsi. Sa ntlha baithuti ba thusiwa go ipaakanyetsa  ditlhatlhobo tse di ba  lebileng. Sa bobedi ba thusiwa go ka bona dipholo tse di tla ba letlelelang go ya kwa diyunibesiting. Dikhoso tse ba katisiwang mo go tsone ke Dipalo, Saense ya Bonetitshe, Bioloji, Bolemirui, Thutafatshe, Dithutapalo, Ekonomi le Ekonomi ya Kgawebo. Gape go lebelelwa le dilo tse di amaneng le bophelo ka bophara jaaka boeteledipele, mekgwa ya go ithuta le go ka dira ga ditshobokanyo tsa dithuto tsa bone.

Porojeke e eme fa tlase ga taolo ya ga rre Ngoako Malatji. O thusiwa ke bafatlhosi ba le 14 ba ba itseng tiro ya bone. Rre Malatji a re: Porojeke tse di fa baithuti mabaka a go ka ipaakanyetsa se se ba lebileng e le dipholo tsa bone tsa matriki. Gape ba fatlhosiwa gape ka ga dilo tse di leng botlhokwa go bone mo matshelong a bone. Gape ke lebaka la go bona gore go diragala eng mo yunibesiting le gore gtsamaiwe jang go ka bopa botsalano mo gareng ga bone.

Go bonagala sentle gore baithuti ba ba neng ba tseneletse dikhoso mo Sekolong sa Mariga ba itumetse ka se ba se boneng mo dikhosong.  Re ne re le kwa morago mo disilabaseng tsa rona ka go ne go tshwerwe setraiki se re se boneng mme jaanong re setse re kgonne go wetsa ditlhokego tsotlhe tsa disilabase ke one mafoko a ga Kgomotso Mogashane, wa dingwaga di le 17 wa Sekolo sa Sekontari sa Sol Plaatje.



Baithuti ba ba tsenelang dikhoso tsa Sekolo sa Mariga

