MOKAEDI WA SEKOLO SA BONETETSHI BA KEREKE O TLHAGISA BUKA YA BOROBEDI YA GAGWE






MOKAEDI WA SEKOLO SA BONETETSHI BA  KEREKE O TLHAGISA BUKA YA BOROBEDI YA GAGWE

POTCHEFSTROOM  Mongwe wa babatlisisa ba maemo ba Fakalti ya Thutobomodimo o tlhagisitse buka ya borobedi ya gagwe.

Buka ka setlhogo sa Christian attitude in the South African liberal democracy ya ga Moprof Koos Vorster, mokaedi wa Sekolo sa Bonetsetshi ba Kereke mo Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e tlhagisitswe mo malatsing a a fetileng.

Mokwadi o ne a gapilwe maikutlo ke gore Bakeresete ba tshwanetse ba bontshe mowa wa Keresete mo maphelong a bone. Go seka ga nna fela jalo mo maphelong a bobone mme go nne jalo le mo maitshwarong a setshaba ka bophara mo Modimo a ba beileng teng. Ke ka moo bokao ba lefoko la attitude bo le botlhokwa mo setlhogong sa buka.

Buka e e tlhagisa go bidiwa ga modumedi go tswa mo leseding la bokresete mo tikologong e ntha ya ngwao, yone ya temokerasi ya pelo e ntle. Moprof. Vorster o tlhalosetsa babuisi ka dikakanyo tse di itshekileng tsa bonetetshi le ka mokgwa wa go ka tlhaloganya sentle ka ga dintlha jaaka, popo ya setshaba, tlhabololo ya lefatshe, phokotso ya bodidi, kgato ya tokafatso, bothapiwa, tiro, kgwebo, boitaolo ba tumelo, phemelo ya bana, bong le dikarolo tse kereke e ka di tsayang mo dilong tsotlhe  tsa bophelo ka kakaretso.

Moprof Vorster e setse e le  mokwadi wa dibuka tse robedi. O setse a tlhagisitse diathikele tsa palo ya 65 mo diphasalatsong tse di dumetsweng tsa bonetetshi. O na le gape maemo a go ba mmatlisisi yo a tlhatlhobilweng  wa Setheo sa Patlisiso sa Setshaba (SPS). Ka seaforikanse ke Nasionale Navorsings-stigting. NNSO. Mo malatsing a a fetileng o sa tswa go tlotliwa e le mmatlisisi yo a gatisitseng diathikele tsa bonetetshi go gaisa botlhe mo Khampaseng ya Potchefstroom ka ngwaga wa 2005.

Baphasalatsi ba Thutobodimo ba Potchefstroom ba phasalatsa dibuka tsa bonetetshi tsa thutobomodimo fa di sena go tlhatlhobiwa ke baitseanape ba ba leng mo gae le ba ba  leng kwa moseja ga lewatle. Dikereke tsone tsa Gereformeerde di duelela ditshenyegelo tsa diphasalotso tsa teng.



Moprof.  Ben de Klerk (mojeng), Morektoro wa Sekolo sa Thutobomodimoo neela mokwadi, Moprof. Koos Vorster buka e a e kwadileng.

