Ferreira o amogela tlotlo ya boditshaba






Ferreira o amogela tlotlo ya boditshaba

POTCHEFSTROOM  Mongwe wa babatlisisi ba baa mo khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophrima  (YBB) o amogetse tlotlo go tswa mo go  International Union for Pure and Applied Physics (IUPAP).

Rrengaka dr. Stefan Ferreira, motlhatlheledi yo mogolo mo fisika  o ya go amogela kabelo e ya babatlisisi ba baa mo tshimologong ya kgwedi ya Phukwi. E ya go mo abelwa  fa go bulwa  kopano ya bosomamararo mo konferenseng e e yang go tsenela go sekaseka  marang a bolefatshe kwa Mexiko.

Kabelo ya IUPAP e tlhomilwe ka ngwaga wa 2006 go tlotla babatlisisi ba baa ba disaense ba ba dirileng dipatlisiso mo teng ga dingwaga di le robedi mme ba setse ba amogetse dikeree ya bongaka ya bone. IUPAP e simolotse ka ngwaga wa 1922 mo Brussels. Maikaelelo a mokgatlho o ke go bopa tirisano mmogo mo fisika le go tsweletsa pele  dipatlisiso le dithuto tsa yone.

Mo ngwagang o o fetileng Rrengka dr.  Ferreira o amogetse kabelo ya mopresidente ka dipatlisiso tsa gagwe mo Setlhonngweng sa Bosethaba. (SB / NNS Nasionale Navorsingstigting). Ke kabelo go babatlisisi ba baa ba ba ka ka tswelelelang go nna baeteledipele mo felong fa ga dipatlisiso.  Kabelo ya mofuta o e fiwa babatlisisi ba se bakae mo lefatsheng la rona.

O simolotse patlisiso ya gagwe ka popelelo ya dipalo le tsamaiso ya dikarolwana tse di tlhatlheletsweng (marang a bolefatshe) tse di leng fa tlase ga taolo ya tikologo ya letsatsi. Tikologo e ya letsatsi e itsegwe e le tikologo ya helio / heliosphere . Patlisiso e akaretsa le phetogo ya maikatlapelo a dielektrono tsa Jupitara. Seabe sa letsatsi, seabe sa dipoelo tsa  botlhaga ba letsatsi mo go tsweletseng ga marang a bolefatshe le go tabogisa ga dikarolwana mo kgaolong ya tshoganyetso mo phefong e  bakwang ke letsatsi.

Rrengaka dr Ferreira, mo dingwageng tse di fetileng  o mo porojekeng e e batlisisang ka ga go bopa ga dinamika ya metsi le popo ya yone ya tikologo ya helio mo a tseneletseng  dipatlisiso le babatlisisi ba kwa Jeremane. O tlhola a le tirisanommogo le ditlhopha tsa  babatlisisi ba moseja ga mawatle. Bone ke Thomo ya Ulysses ya Boagente ba Loapi ba Yuropa (ESA) le Thomo ya Voyager 1 le 2 ya Boagente ba Loapi ba Amerika NASA).

Ene o bona Moprof. Marius Potgieter a le mmatlisisi yo a ka mo salang morago, e le sekao sa moitseanape go ene. Moprof. Potgieter e ne e le mokaedi mo dithutong tsa gagwe tsa bongaka mme ba santse ba dirisana mmogo le gompieno. Ene Moprof. Marius Potgieter ke mmatlisisi yo o tlotlegang wa maemo yo a setseng a bone maemo a A ka dipatlisiso le ka kitso ya gagwe.

Ka ngwaga wa 1993 Rrengaka dr. Ferreira e ne e le moithuti wa ngwaga wa ntlha, ka nako eo e neng e istege e le Yunibesiti ya Thuto e e Phagameng ya Sekresete ya Potchefstroom. A tswelela a bona dikeree ya gagwe ya BSc., dikeree ya  mastase le dikeree ya gagwe ya bongaka. O simolotse ka ngwaga wa 2000 a le motlhatlheledi yo mmotlana, morago ga dingwaga tse pedi a nna motlhatlhledi yo mogolo. Mo ngwageng wa 2002 o ne a tseneletse dipatlisiso tsa dikgwedi tse thataro mo Yunibesiting ya Ruhr, kwa Bochum mo Jeremane.




Rrengka dr.  Stefan Ferreira, moa yo mongwe wa ba baa , wa babatlisisi ba khampase ya Potchefstroom ya YBB yo a amogetseng tlotlo ya bolefatshe

