Rrengaka dr. Theuns Eloff o etetse Thuto e e Phagameng kwa pele






Rrengaka  dr.  Theuns Eloff o etetse Thuto e e Phagameng kwa pele

Rrengaka dr.  Theuns Eloff, Motlatsa-Mokansaliri wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima o tlhophilwe a sa emelwa go nna moeteledipele wa Thuto e e Phagameng ya
Aforika-Borwa (TPAB / HESA Hor Onderwys Suid-Afrika). O tlhophilwe mo kopanong ya pitsokakaretso fa letsatsi la somerobong le tlhola mo  kgweding ya Seetebosigo.

Rrengaka dr Eloff, o ne a le motlatsa-modulasetulo wa TPAB / HESA mo dingwageng tse pedi tse di fetileng.  Fa letsatsi la ntlha le tlhola mo kgweding ya Ferikgong ka 2008 o ya go tsaya boeteledipele mo go Moprof. Barney Pityana yo a leng Morektoro wa Unisa.

TPAB / HESA e tsaya karolo e e botlhokwa mo go abelaneng ga kitso ya ditsamaiso tse di lolameng, thata-thata mo karolong ya taolo le tsamaiso ya akatemi, ke mafoko a ga Rrengaka dr. Eloff.

O dumela gore boitaolo bone  bo botlhokwa thata. Se se thusa gore taolo ka molao e sa batlege. Taolo ka molao  e ngotla boitaolo le kgololosego ya diyunibesiti. Ke ka moo diyunibesiti di itaole ka botsone mo ditabeng jaaka melawana ya akatemi le dituelo go batsamaisi ba bagolo ba yone.

O dumela gore YBB le yone e tla boelwa ke mosola mo go tlhomeng ga gagwe go nna modulasetulo. Go tla thusa gore yunibesiti e fokelwe ke dikakanyo ebile go tla thusa gape gore e kgone go ipaakanyetsa pele. Se se tla kgonega ka yunibesiti e tlabo e emetswe ke tokololo ya tsamaiso mo TPAB / HESA e leng setlhongwa sa semmuso.

Rrengaka dr. Eloff a re, Golo fa go baya yunibesiti mo maemong a kwa pele a tshedimosetso le a tirisanommogo. Mo letlhakoreng le lengwe yunibesiti e rweswa boikarabelo bo bogolo ka jaanong e le mo pepeneneng mme e tshwanetse ya netefatsa gore tsotlhe tsa yone e leng dithulaganyo le ditsamaiso di nne tsa maemo godimo..

O rile  TPAD / HESA ke felo fa go kopanang batlatsa-mokansaliri teng mme ba suge mathata a thuto e e phagameng mo Aforika-Borwa. Go botlhokwa gore re nne le tshegetso ya Lefapha la Thuto le Tona ya Thuto. Mo malatsing a a fetileng o ne a tshwaela ka ga tswelelopele ya lephata le boeteledipele mo go lone. Thuto e e phagameng e tshwanetse ya tsaya karolo e kgolo mo matlhakoreng otlhe a bophelo mo Aforika-Borwa. Go netefatsa gore tsotlhe tse di diragale re tshwanetse ra baya dipelo tsa rona mo dikutlwanong mo gare ga Lefapha la Thuto, bagwebi le setshaba ka bophara.

Komiti e ntha e e tlhophilweng e e yang go ema Rrengaka dr. Eloff mo nokeng  go tloga letsatsi la ntlha le tlhola mo kgweding ya Ferekgong ka 2008 ke: Moprof. Errol Tyobeka, Morektoro wa Yunibesiti ya Teknoloji ya Tshwane (TUT), e le motlatsa-modulasetulo, Moprof. Loyiso Nongxa, Morektoro wa Yunibesiti ya Witwatersrand, Moprof. Rachel Gumbi, Morektoro wa Yunibesiti ya kwaZulu, Moprof. Vuyisa MazwiTanga, Morektoro wa Yunibesiti ya Teknoloji ya Kaapse Skiereiland, le Rrengaka dr. Saleem Badat, Morektoro wa Yunibesiti ya Rhodes.

Go tsaya bodulasetulo ba ga Rrengaka dr. Eloff bo tla khutla fa go tlhola letsatsi la  masotharongwe mo kgweding ya Sedimonthole 2009.

TPAD / HESA  e tlhomilwe fa  go ne go  tlhola letsatsi la masopedirobedi mo kgweding ya Motsheganong 2005. E emetse diyunibesiti tsotlhe le diyunibesiti tsa teknoloji mo Aforika-Borwa,  tse di leng somamabediraro ka palo.



Setshwantsho: Rrengaka dr Theuns Eloff, Motlatsa-Mokansaliri wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima.

