Opela pina






Mekgothana e e didimetseng mo Yunibesithing ya Bokone-Bophirima e tla tloga e nna selo sa nako e e fetileng fa go swetswa ka ga pina ya Yunibesithi e nthwa. Thulaganyotsela ya go batla pina ya setheo e simolotswe ka Seetebosigo, go na le baemedi go ralala Yunibesithi yotlhe mme ba tlhophilwe go nna phanele ya go ka swetsa ka ga pina e e matshwanedi. Go ne ga nna ditherisano tse di tseneletseng le bakgatlhegedi ba ba farologaneng mme e rile morago ga dipuisano le go akanya go go tseneletseng gammogo le go opela go go rileng, ga kwalwa dikakanyo di le mmalwa.

Dikakanyo tse di ne tsa diragadiwa ke setlhopha sa tiro go panele e e neng e akareditse batlhami, bakwadi ba dinnoto le bagakolodi go tswa kwa dikhampaseng tsotlhe. Ba ne jaanong ba thala lenane le le khutshwane la ditsela tse pedi. Batlhami ba ba farologaneng jaanong ba tla nolofatsa ditsela tse pedi tse. Go ya ka Awie van Wyk, ditshitsinyo tse ntle tsa mongwe wa batlhami di ne tsa tlhagisiwa kwa setlhopheng sa tiro, mme di tla tsenngwang mo pineng e. Re tla laletsa baithuti le badiri go tswa kwa dikhampaseng tsotlhe go reetsa dipina tse (le go opela mmogo le ba bangwe fa ba batla) mme morago go tla tsewa tshwetso ya bofelo.

