YBB e thusa go boloka ditlhare tsa diouku






YBB e thusa go boloka ditlhare tsa diouku

POTCHEFSTROOM  Porojeke e e tseneletsweng ke setlhopha sa batlhatlheledi ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, e ka thusa go boloka ditlhare tse di itsegeng tsa diouku mo Seterateng sa Tom mo Potchefstroom.

Moprof. Sarel Celliers , moekholoji wa metseseteropo wa Sekolo sa Disaense tsa Tikologo le Tlhabololo  mo Fakalthing ya Disaense tsa Tlholego mo khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima le batlhatlheledi ba bangwe ba itshwenya ka porojeke e e yang go tsamaya dingwaga di le tlhano go netefatsa maemo a fisioloji ya ditlhare tsa diouku. O ya go tshegetswa ke baithuti ba Thutodimelwa ba dikerii ya matseno le badiri ka ene ba le babedi ebong rrengaka dr Riekert van Heerden le moprof. Gert Kruger.

Ditlhare tsa diouku di bopelwa ke tlhabololo ya metsesetoropo ka di sa tlhole di bona metsi jaaka pele. Mabala a magolo mo go beilweng ditselanathoko teng fa tlase ga ditlhare le go beletsa ga mmu wa teng go dirile gore matlhare a a gogang metsi a fokotsege le go ka gola le go mela ga ditlhare go sa kgonege ka tshwanelo.

Moprof. Sarel Celliers a re:  Morago ga ngwaga o le mongwe fela re setse re lemoga gore go  goga ga metsi go tswa mo matlhareng go setse go fetogile go nna botoka. Se se diragala mo ditshingwana di okeditsweng teng.

A re go bonagala sentle gore ditlhare di tlhaselwa ke malwetse le ditshenekegi  jaaka makeke le dinta tsa matlhare fa di le fa tlase ga kgatelo ya go mela.

Moprof. Cellirs o bona gore ditlhare di ka bolokwa fa go tlile phetogo ya mafelo  mo di melang teng. Se se tla lemogwa fa go yo go  ntshiwa dipheetso tsa patlisiso e ba leng mo go yone malebana le ditlhare.

Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, Mmasapala wa Potchefstroom le batho ba ba ratang poloko ya ditlhare le tikologo ba emane nokeng go boloka ditlhare tse ka di na le kabelo e kgolo mo historing ya toropo.

