Tirelo ya go toloka  YBB e gatetse kwa pele






Tirelo ya go toloka  YBB e  gatetse kwa pele

Moprof.  Marlene Verhoef, Daerektara  ya Bokaedi ba Maleme mo Setheong, wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima le rre Johan Blaauw, tlhogo ya Tirelo ya Maleme ba ya go tshwarela karolo ya Mokgatlho wa Barutabana ba Aforika Borwa kwa Ermelo mo Mpumalanga  kopano ya maatlafatso. Ba ya go bala pego mo kopanong  ka ga bokgoni ba tirelo ya go ka toloka mo dikolong. Kopano e ya go nna teng fa Seetebosigo a tlhola letsatsi la somerobong.

Pego e e bakilwe ke e nngwe ya diporojeke mo go tse pedi tse di simolotsweng go thusa ditlhopha tsa ka kwa ntle. Ke diporojeke tsa Bokaedi ba Maleme tsa YBB. Ba tshwargane le diporojeke tse pedi, e nngwe mo Sekolong se se Phagameng sa Frikkie Meyer kwa Thabazimbi le e nngwe gape mo Kholetsheng ya Bolemirui mo Potchefstroom. Mo sekolong sa Frikkie Meyer mo Thabazimbi go rutiwa ka Seaforikanse mme go tolokiwa ka seesemane. Serutwa ke Thuto ya Dikomphutara go baithuti ba gerata ya somenngwe

Porojeke e simolotse fa tlhogo ya sekolo rre Deon Azar o ne a etetse kopano e e neng  e tshwaretswe botlhe mo YBB. Mo kopanong e Lefapha la Bokaedi ba Maleme ba ne ba tolokela batlakopanong. Ke mo a lemogileng gore tsela e ya ga tsamya ka maleme e tla tlela sekolo sa gagwe mosola.

Maikaelelo ka porojeke e ya maiteko mo sekolong sa Frikkie Meyer mo Thabazimi ke go netefatsa gore go na le ditsela dife tsa go ka tolokela barutwa le gore seabe sa botoloki ke sefe mo thutong. Se ya go thusa jang fa barutwa ba maleme a le mnatsi a kopanetse thuto ga rialo  ke Moprof. Verhoef.

Re Azar yo a yang go nna teng mo kopanong ya maatlafatso le Moprof. Verhoef le rre Blaauw o tlhalosa tirelo e ka tsela e e latelang: Ke dumela gore mokgwa o wa go toloka o ka thusa go rarabolla mathata a a lebaganeng le bolemibontsi mo thutong. Mokgwa o,  o tla tshegetsa barutabana mo dikolong tsa kwa tlase le mo dikolong tse di phagameng.

Mo porojekeng ya maiteko mo Kholetsheng ya Bolemirui mo Potchefstroom, go tolokelwa dikhoso tsotlhe tsa ngwaga wa ntlha le dirutwa tse dingwe mo ngwageng wa bobedi go tloga mo tshimologong ya ngwaga. Mo ngwageng o o tlang tirelo e, e ya go fetisetswa mo dirutweng  tsotlhe. Puo e e dirisiwang ke motlhatlheledi e tla baka puo e go tla tolokiwang mo go yone. Go raya gore dirutwa tse dingwe di tla tswelela ka puo ya Seaforikanse fa tse dingwe di tla tswelela ka puo ya seesemane mme tsa tolokiwa.

Mo YBB go dirisiwa mokgwa wa go tolokela mongwe ke mongwe mme go dirisiwe le batoloki ba ba leng mo katisong mo dikopanong tsa dithuto. Ka palo go na le 25 ya batoloki le palo ya 20 ya batshegesti mo khampaseng ya Potchefstroom. Mo Potchefstroom go tolokelwa dikopano tsa dithuto tsa palo ya 300 fa kwa Vaal Triangle go tolokiwa ke batoloki ba bane mo dikopanong tsa dithuto tsa palo ya 30.
Gone jaanong jaana go lebelelwa gore go ntse jang mo Khampaseng ya kwa Mafikeng.



Foto:  Rre Johan Blaauw, tlhogo ya Tirelo ya Maleme le Moprof Marlene Verhoef, Daerektara: Bokaedi ba Maleme Setheo, YBB.

