Moprof wa YBB o abelwa poreisi ya Disaense tsa Kalafo ke Akatemi ya Aforika Borwa






Moprof wa YBB o abelwa poreisi ya Disaense tsa Kalafo ke Akatemi ya Aforika Borwa


POTCHEFSTROOM - Moprof Est Vorster, Mokaedi wa  Africa Unit for Transdisciplinary Health Research (AUTHeR) mo Fakalting ya Disaense tsa Boitekanelo mo khampaseng ya Potchestroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima  o ya go amogela Poreisi ya Havenga ya Disaense tsa Kalafo go tswa mo Akateming ya Bosaense le Botsweretsi. O tla akgolwa ka poreisi mo Ntlolehalahaleng la Sanlam mo Yunibesiting ya Pretora

Moprof. Nico Malan wa Sekolo sa Fisioloji, Phepo le Disaense tsa Tiriso ya dilo tsa mo gae mo khampaseng ya Potchefstroom a re: Gase sesupo sa bokgoni ba maemo fela. Ke go mo lebogela le matsapa a a ileng a a tsaya go ribola ga kitso ya  go fepa ga batho. Re mo lebogela maemo a a ileng a a tsaya mo gae le mo bodithabathabeng.

Moprof.  Vorster o gatisitse palo e e fetang makgolo a le mabedi ya diathikele mo dimakasining tsa bosaense. O ne a etetse pele le baithuti ba somamabedisupa  ba ba weditseng dithuto tsa bone tsa bongaka. Fa re balela dilo tsotlhe tse re mmona a le motho yo a neng a tseela tiro ya gagwe matsapa, a e wetsa ka kelkotlhoko le ka maemogodimo a bobatlisisi.

Ke tokololo ya dikomiti tse di malwa tsa bodthabathaba le ditlhopha tse di lekang go tsweletsa pele phepo ya batho mo lafatsheng ka bophara go tokafatsa boitekanelo jwa bone. O setse a tlhomilwe ga raro mo Thulaganyong ya Boitekanelo ya Lefatshe (TBL / WGO) le mo Thulaganyong ya Dijo le Bolemirui (TDB ka SeesemaneFAO). Ke gantsi ba mo laletseng go nna mmui kgotsa moeteledipele wa dikopano mo gae le mo lefatsheng ka bophara. Ditaletso tse ke bopaki ba gore boitseanape jwa gagwe ke  bo bo tseneletseng le gore o dirile patlisio ya maemo malebana le phepo le fisioloji mo Aforika Borwa.

Poreisi ya Havenga ke sekgele se se tlotlang ngwaga le ngwaga boitseanape ba dipatlisiso mo disaeneng tsa tlholego le mo botekeniking. E abelwa mo dirutweng di le robedi ka tefosano. Tsone ke: Thuto dipalo, fisika, dithuto tsa bongaka (ngwaga wa ntlha) thuto ya dikhemikale, boenjineri,  thuto ya go aga (ngwaga wa bobedi), geoloji le disaense tsa bolemirui (ngwaga wa boraro).

Se se batliwang ke batlhatlhobi fa ba tlhatlhoba batsayakarolo sa ntlha ke dikgatiso tsa diathikele mo dmakasining tsa bosaense le patlisiso. Sa bobedi ba beile leitlho mo go tsweletseng pele ga puo ya Aforikanse go rotloetsa thuto ya dirutwa ka  leleme la Aforikanse.




Foto: Moprof. Est Vorster

