Moithuti yo a gaisitseng ba bangwe, wa MBA o tlhaotswe






Moithuti  yo a gaisitseng ba bangwe, wa MBA o tlhaotswe

POTCHEFSTROOM  Sekolo sa Dithuto tsa Kgwebo  sa Potchefstroom  (PBS)se abetse didikerii tsa palo ya 126 monongwaga.

Mme Jeanette Robberts, mmalatlotlo mogolo wa Kgwebo ya Dikhemikale mo Sasol o tlhaotswe mo kopanong ya kgalalelo a le moithuti yo a gaisitseng botlhe.  O akgotswe ka metlele ya gauta. Mo dithutong tsa gagwe tse do mo tseileng  dingwaga tse tharo o fitlhetse bogare ba diphesente di le 78 mo ditlhatlhobong.
Mme Robberts o tlhaotswe gape a le  moithuti yo o gaisitseng ba bangwe mo dithutong tse di latelang: Tsamaiso-kakaretso, Ekonomi, Tsamaiso  ya Bommalatlotlo le Tsamaiso ya Kumo. Godimoga tsotlhe tse, o  ne a le mongwe wa setlhopha sa baihuti ba ba neng ba begile teko e e gaisitseng tse dingwe.

Rre Petrus van der Walt, Motsamaisi-mogolo wa Ditirelo tsa Sebele tsa Banka mo ENB, o reile a re, tsela ya gago ya tiro mo kgwebong ke leeto le le tsamayang le tswelela pele, ka dinako tse dingwe le tletse ka bodutu mme ka tse dingwe ke tse di itumedisang. O rotloeditse baithuti go dirisa kitso e ba e boneng go bopa bokgoni mo ditirong tsa bone.

Sekolo sa Dithuto tsa Kgwebo mo Potchefstroom (PBS) se gatetse pele ka dikgato tse dikgolo ebile baithuti ba oketsegile ka diphesente di le 30. Sekolo Dithuto tsa Kgwebo mo Potchefstroom (PBS) se ne se  beilwe leitlho le lenthotho mme sa tlhatlhobiwa ka go lebelela kamogelo  ya mananeo a sone go tswa mo  baithuting  ba teng.

Mo patlisisong go ne go  itekantshwa le dikolo tse dingwe tse somepedi tse di ikwadisitseng tsa kgwebo. Sekolo sa Potchestroom (PBS) se tlhaotswe se le se sengwe sa maemogodimo  ke  diitastari tsa Aforika-Borwa.

Moprof Tommy du Plessis, motsamaisi wa Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (PBS), a re , go tsentswe diphetogo tse dintsi go tsholetsa maemo a lenaneo la MBA ya bone. Ba  e tokafaditse, go tloga  nako ele ya dingwaga tse pedi go boela kwa morago fa Lefapha la Thuto  la dira gore dikhoso tsa MBA di ikwadise sea.

A re Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom  (PBS) se leka ka thata go fana ka ditharabololo tsa kgwebo tse di ka disrisiwang le go ka  katisa batsamaisi ba boemogodimo ba boithutelo. Leitlho le beilwe mo go neelaneng  ga khoso e e leng maleba, e e ka dirisiwang mo dikgwebong tsa malatsi a segompieno.




FOTO: Go tswa molemeng Rre. Andile Ncontsa, Tlhogo : Dikamano-bakgatlhegi, Ou Mutual; Mme Jeanette  Robberts (Mothuti yo o gaisitseng ba bangwe); Rre Petrus van der Walt, Motsamaisi-mogolo wa Ditirelo tsa Sebele tsa Banka ya ENB; Moprof. Annette Combrink, Morektoro wa Khampase ya Potchefstroom le Moprof Tommy  du Plessis, Motsamaisi  wa Sekolo sa Kgwebo mo Potchefstroom.

