Motlhatlheledi yo montha wa YBB o tlhotlheletsa dikakanyo tsa go bopa.






Motlhatlheledi yo montha wa YBB o tlhotlheletsa dikakanyo tsa go bopa.

POTCHEFSTROOM  Tsela e nngwe e baakatemi ba Yunibesiti ya Bokone Bophirma ba busetsang kitso ya bone mo setshabeng ke go kwala dibuka. Baakanyetsi ba ditshwantsho le batho ba bangwe ba ba bopang dilo ba ka boelwa ke mosola go tswa mo bukeng ya ga Mmengaka dr.  Hanri de la Harpe. Buka ya teng ke e e tswileng mo malatsing a a fetileng  CREATIVE INTELLIGENCE: the designer's creativity handbook.

Mmengaka Dr. De la Harpe ke motlhatleledi-mogolo mo Sekolong sa Baakanyetsi Ditshwantsho mo khampaseng ya Potchefstroom. Motswedi wa buka ya gagwe ke dithuto tse a neng a di tseneletse go bona dikerii ya bongaka ya gagwe. Buka e e tshwaelwa  e le kaedi e o ka e dirisang ka bowena go bona tshedimosetso ka ga tiro ya go bopa sengwe, e ka dirisiwa le mo dikhosong tsa dithuto tse di phagameng tsa maemo a boraro.
Mo thesising e a e weditseng, e e leng motheo wa buka ya gagwe, Mmengaka Dr. De la Harpe  o akanyeditse thutatsela e e tlhaolesegileng. E thusa go tsweletsa pele go bopa ga dilo ka tsela  e e tlhamaletseng mo katisong ya kakanyetso-ditshwantsho mo yunibesiting. Mo bukeng go fiwa ditshitshinyo tse di tlhalositsweng ka dikao le ditshwantsho. E nngwe ya tsone ke  ya go tsamaisa kakanyetso ya popo ya dilo ka mokgwa o o nonofileng. Poelo e e botlhokwa ya buka ke dithekeniki tsa go bopa dilo le dikakanyo tsa teng, tse di tla thusang baithuti le baakanyetsi ba boithutelo go boloka nako, ka dikakanyo di setse di le fa pele ga bone.

Rrengaka dr. Piet Muller, motlhatlhobi wa PhD. o bona buka e le ya mabulaatsela e e yang go nna le tlhotlheletso mo dithutong tsa kakanyetso-botshwantshi le mo go tsamaiseng ga mafelo a dikakanyetsopele.



 Ngaka Dr. Hanri de la Harpe.

