Tsamaiso ya dibasari tsa YBB e abetswe selefara ka matsetseleko a yone






Tsamaiso ya dibasari tsa YBB e abetswe selefara ka matsetseleko a yone

Yunibesiti ya Bokone-Bphirima e amogetse setifikeite sa selefara go tswa kwa Thulaganyong  ya Thuso ya  Madi go Baithuti ya Sethaba (Seesemane:NSFAS). E se abetswe ka e ne e  tlhokometse tsamaiso ya dibasari ka tsela e e itumedisang.

Rre  Danie Hefer, Tlhogo: Tshegetso ya Ditirelo tsa Dithelete o amogetse kabelo e mo boemong ba YBB,  mo ba neng ba kopane  teng mo khonferenseng ya NSFAS kwa motseng wa  Kapa.

Rre Hefer a re:  Ke la ntlha ofisi ya rona e amogela setifikeisti sa mofuta o mo Kopanong mo go neng go ngathiwa dijo tsa maemo godimo. Le fa go ntse jaana, re itumetse,  mme re a  itse gore ofisi ya rona ya dibasari e ne e  tlhola e dira ka matsapa a magolo mo dingwageng tse di fetileng. ebile e ne e tlhola e amogela ditebogo tsa go re: Lo dirile sentle !

Tshegetso ya Ditirelo tsa Dithelete e dira tiro e go tswa mo Ofising ya Setheo mme e rwele boikarabelo ba dibasari le tsamaiso ya tsone ba dikhampse ka boraro ba tsone tsa YBB. Tsamaiso ya sekgwamo sa NFSAS e thusitse baithuti ba palo ya 2500 mo 2006. Kabelo ya go tswa mo Yunibesiting ya dithelete tsa NFSAS,  e e  lebileng  baithuti ke R52, 021,000 mo ngwageng wa 2007.

NSFAS ke thulaganyo ya Mmuso, e e tsamaisang matlole a a abetsweng ke Rramatlotlo go tshegetsa baithuti ba ba nang le bokgoni. Bone ba ba sa kgonweng go ka tshegetswa ke batsadi ba bone go ba  duelela dithuto tsa bone. Ke Thulaganyo ya Kadimo ya Dithelete tsa Dibasari. Fa ba dira ka bonatla mme ba falola ba ka kgaolelwa diphesente di le 40 ya ditshenyegelo tsa teng. Dithenyegelo tse di salang di tshwanetse tsa duelwa ke moithuti ka tsadiso ya diphesente di le 7.  Pele thulaganuo e ne e itsege e le Tefsa.

Mo go neng go kopanetsweng dijo teng, Yunibesiti ya Johannesburg e bone setifikeeti sa gauta fa Yunibesiti ya KwaZULU-Natal e amogetswe sa koporo.




Mo malatsing a a fetileng, Rre Danie Hefer  o amogetse Setifikeiti sa selefara mo boemong ba YBB mo kopanong ya Thulaganyo ya Thuso ya Madi go Baithuti ya Setshaba (Seesemane:NFSAS). O na le Mme Naledi  Pandor Tonakgolo ya Thuto le rre. Sipho M Pityana, moeteledipele wa Khansele ya NFSAS.

