﻿Lookwane la Bio le tshelwa mafura






Lookwane la Bio le tshelwa mafura


POTCHEFSTROOM - Moporof. Sanette Marx wa sekolo sa Boenjineri jwa Khemikale le Minerale o bone katlego e kgolo ka a beilwe setulong sa bobedi sa patlisiso ya lookwane la bio.(Lookwane le le diriwang ka go dirisa dimedi jaaka gongwe mmopo le sonobolomo)

O thapilwe ke SANERI(South African Energy Resource Institute) mme thapo e e raya gore o tshwanetse go rulaganya le go etelela pele patlisiso ya bio-etanolo ka mo sekolong.
Moporof. Marx ngwaga le ngwaga o amogela madi a kana ka R1.5 melione dingwaga tse tlhano tse di latelang mme gape mo godimo ga se o amogela R500 000 ya dibasari tsa baithuti.  Se se raya gore go tshwanetse gore go nne le tirisanommogo e e feteletseng magagreng a babatlisisi ba Khampase ya Mafikeng gore go tlhomamisiwe gore baithuti ba ba neng ba tlogetswe kwa morago le bone ba kgone go bona thsono ya go ka tsenelela mo patlisisong e ya maemo a a kwa godimo.
Maikaelelo a magolo a patlisiso ya gagwe ke go tlhomimisa kapa go lemoga gore ke kumo efe ya tlhaka kapa tse di salang morago ga thobo tse di ka dirisiwang go ka dira etanolo e e lekaneng ya go ka arabela ditlhokego tsa maatla a mo lefatsheng la rona. Mo patlisisong ya ngwaga e e fetileng go ne ga tla dipatente tse 3 tse di kopetsweng kwadiso mme gape ga batlisiswa mefuta e e farologaneng ya go ka dira etanolo, buthanolo le gongwe disele.




Moporof. Sanette Marx ka mo laboratoriamong ya gagwe e jaanong e tlileng go tokofatswa gagolo morago ga kabelo ya SANERI.

