Nel ke moamogedi wa ntlha wa Kabelo ya Huberte Rupert






Nel ke moamogedi wa ntlha wa Kabelo ya Huberte Rupert

POTCHEFSTROOM  Moporof. Werner Nel, motlhatlheledi wa moopedi wa mo Sekolong sa Mmino mo khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o ne a tlotliwa ke Akatemi ya Saense le Diatshe ya Aferika-Borwa ka Kabelo ya Huberte Rupert ya mmino kwa kelasiki.

Moporof. Nel ke moamogedi wa ntlha wa kabelo e e tlotliwang e e tlhometsweng ngwaga e e fetileng.  Ngwaga e go ne go lebeletswe thata tiro ya maemo a a kwa godimo ka mo go ruteng ga batsweretshi ba kelasiki - mme ka mo go moporofesara ya wa YBB  baopedi ba mofuta wa kelasiki. Ene o tseile karolo mo katisong ya baopedi ba batsha mo Aferika Borwa mo dingwageng tse di 30 tse di fetileng mme o ntse a tswelela go tsaya karolo e e sa kgoneng go bewa tlhotlhwa.

Khomiti ya go Kgetha ya Akatemi ya Aferika Borwa ya tiragatso ya diatshe ba ne ba ela tlhoko gore moporof. Nel le ene o ntse a le yo mongwe wa baopedi wa moeteledipele wa dikhonsarata le diopera Mo Aferika Borwa.   Boiphediso jwa gago bo simolotse ka kwa Gelsenkirchen, kwa Jeremane. O ne a tshameka a le moanelwa wa moeteledipele mo dikhonsarateng tse dintsi tsa go bua le go opela opera mo dipopong tsa babopi ba bagolo ba ba itsiweng lefatshe la bophara mme o ikitsisitse go botlhe ka a ne a opela dipina tsa Sejeremane le tsa Seaferikanse.

Moporof. Nel gape o amogetse tlotlo ka baithuti ba gagwe. Bangwe ba bone ba setse ba dirile ka mo matlong a diopera tse di itsiwang tse di kgolo mme ba setse ba fenste dikabelo tse dintsi ka mo Aferika Borwa le ka kwa moseja. Mo go bone re ka bala baopedi ba ba latelang jaaka: Kobie van Rensburg (Munich, Jeremane), Sally du Randt, Erica Eloff, Andr Howard (Stellenbosch), Jacques Imbrallo, Wilhelm Theunissen (Wales), Mandie de Villiers (Oslo, Norway), Tina Tshupane (London), Ernst Labuschagne (Zrich, Switzerland) le Chris Mostert (St.Gallen, Switzerland). Imbrallo ke yo mongwe wa ba ba 25 ba ba neng ba kopilwe go tsenelela Kgaisano ya Moopedi wa Lefatshe wa Cardiff e e tla tshwariwang fela ka nakwana -  e e tla tsenwang ke Moporof.Nel.

Moporof.Nel gape o rutile le baopedi ba mmino o o ratiwang jaaka Rina Hugo le Charl van Heyningen. Ka 2001, Mokete wa Diatshe wa Aardklop o ile wa mo fa kabelo go mo abela tlotlo ka matsapa le tiro ya gagwe ka mo mminong, thata opera, mo Aferika Borwa. Ene gape ke moatlhodi yo mogolo yo o batliwang thata ka mo dikgaisanong tsa go opela mo Aferika Borwa le mo lefatsheng ka bophara.

Kabelo ya Huberte Rupert e tlhometswe ka 2006 mme e amogela madi a yone go tswa mo Setheong sa Rupert(Rupert Foundation). Kabelo e tla abelwa ka 22 Seetebosigo 2007 ka nako ya Moletlo wa Dikabelo wa Akatemi kwa Tshwane.





Moporof. Werner Nel, motlhatlheledi wa moopedi o ne a tlotliwa ke Akatemi ya Saense le Diatshe ya Aferika-Borwa ka Kabelo ya Huberte Rupert ya mmino wa kelasiki.

