YBB e tlotla Coetzee ka kabelo ya dikerii ya bongaka ya tlotlo






YBB e tlotla Coetzee ka kabelo ya dikerii ya bongaka ya tlotlo


POTCHEFSTROOM  Tiro ya go go bulela botlhe tsela ka mo tlhogong ya dijo tsa setso tsa boapei jwa Aferika e nnile senotlolo se se ileng sa bulela kamogelo ya dikerii ya bongaka ya tlotlo go Renata Coetzee e e tlileng go abelwa mo khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela mo nakong e e tlang.

Dikerii ya bongaka ya tlotlo e ke ya ntlha e e tlileng go abelwa mongwe go tloga ka kopano ya diyunibesiti dingwaga tse nne tse di fetileng.

Moh. Coetzee o itlhaotse mo go ba bangwe ka tiro ya gagwe ya mo tikologong ya dijo le basaense jwa dijo, mme gape go apeela batho ba bantsi mo Aferika-Borwa.  Tiro ya gagwe e ile ya diragatsa go rekota le go kwala mekgwa ya go apaya le dijo tsa setso mo lefatsheng la rona.
Gape o dirile tiro e kgolo-kgolo ka go kgwebofatsa dijo tsa setso ka diporokerama tse di farologaneng tsa tlhabololo go fokotsa botlhoki le go maatlafatsa basadi ba kwa mafelong a magae.

Moh. Coetzee o ile a dira patlisiso ya bosaense ka tiro ya go gatsela dijo go ka di dirisa ka mo disepetleleng le ka mo diyunibesiting. Patlisiso e ile ya diriwa ka tirisanommogo le WNNR mme o ile a tsamaya maeto a a bophara go ya kwa USA, Boritane, Jeremane, Holane le kwa Norowei go ka kgona go batlisisa mekgwa ya go gatsela dijo tse di omileng le tse di se nang metsi a a kwa tlase.
Moh. Coetzee o ile a amogela dikabelo tse dintsi tsa porofehenale ka tiro ya gagwe mo go nang le tse di tshwanang le kabelo ya Cordon Blue ya go tswa kwa Boapeelong jwa Silwood ka patlisiso ya dijo tsa setso mo Aferika-Borwa, Metlele ya Mokhansele ya Yunibesiti ya Pretoria le gape kabelo ya tlotlo go tswa go Setheo sa Atshe ya go apaya.

O ile a kwala dibuka tse dintsi tse di farologaneng mme o thusitse gore go diriwe diporokerama tsa thuto tse di fetang 60 tsa mokgwa wa go apaya dijo le kotlo tsa thelebihene. Ka patlisiso ya gagwe e e bophara Coetzee o dirile gore go ratiwe dijo tsa mo Aferika le Aferika Borwa mo lefatsheng ka bophara.




 Renata Coetzee

