YBB e tshwara Khonferense ya dithabathaba ya SARIMA






YBB e tshwara Khonferense ya dithabathaba ya SARIMA

POTCHEFSTROOM  Khonferense ya botlhano ya ngwaga le ngwaga ya SARIMA (Southern African Research and Innovation Management Association), e go neng go tsene dithomeletso di le 110 go tswa kwa mafatsheng a a 15, e ne e tshwerwe ka mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB).

Tlhogo ya Khonferense e ne e le: Research and Innovation Management: Key to Prosperitykapa re ka re Tsamaiso ya Patlisiso le Popontshwa: Senotlolo sa go bulela Bohumi.

Ka puo ya go bula, Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB, o reile dithomeletso tsa kwa mafatsheng jaaka a kwa Ghana, Kenya, Sierra Leone, Kanada, USA le UK gore ene o dumela popontshwa ke mokgwa o montshwa wa go lebelela le go direla pele ka go oketsa boleng.  E nngwe ya mesolatogamaano ya maikaelelo a YBB ke go nna Yunibesiti e ya moeteledipele ka mo Aferika, e e kgweediwang ke lenyora la kitso le popontshwa ga bua Ngaka Theuns Eloff.

Ngaka Eloff o ema nokeng kakanyo ya gore go ithuta go jesa tshedimosetso mme tshedimosetso e isa kwa popontshweng.  Popontshwa e tsala diphetolo mme diphetolo oketsa lebelo la go tsamaisa dithuto mme mo bofelong sediko sa popontshwa e dikologwe.

O okeditse gape ka go re go botlhokwa thata go lebelela mabaka a a botlhokwa a a tlhotlheletsang popontshwa ka mo setheong. Dithulaganyo tsa setheo di tshwanetse go ema nokeng popontshwa mme go tshwanetse go nne le moputso o o oketsang phisego ya popontshwa.

Ditlhogwana tse dingwe tsa Khonferense di ne di le jaaka: Tsamaiso ya patlisiso le Tlhabololo, Tsamaiso go tswa go kakanyong ya akatemi go ya go kgobofatso, Ditiro tse di botoka ka mo patlisisong le mo tsamaisong ya popontshwa le Dithuto tsa pele ka ga tsamaiso ya patlisiso le popontshwa.

Sebui-segolo ka mo khonferenseng se ne se le Moh. Sara Farley, mosolatogammani wa saense le thekenoloji go tswa kwa World Bank, USA. Puo ya gagwe e ne e bidiwa: The global network of science: Tapping into the grid. Kapa re ka re ka Setswana ke Dithulaganyo tsa bogotlhe jwa lefatshe tsa lefatshe: Go itsenya mo teng tsone.

SARIMA e e tlhomeletsweng ka 2002, e dirisana mmogo ka mo kemo nokeng le tlhabololo ya mabaka otlhe a patlisiso le popontshwa.

Setshwantsho:
Khonferense ya SARIMA, e e neng e tshwerwe ke Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e e neng e tsenwe ke dithomeletso di le 110 go tswa go mafatsheng a a 15.




? Trotse mnr Andr Mellet met die trofee wat hy as Ekonoom van die Jaar ontvang het.caption (English):A proud Mr Andr Mellet with the trophy he received as Economist of the Year.   caption setswana: please use setswana caption of pic with article: Economist of the Year

