‘Keteko ya Kgwedi ya Baša’
Setlhogo: “Palamente e tshwenyegang ka go tsweletsa pele tlhabololo ya baša go ka fitlhelela kgololosego ya ikonomi.”
“Hisetori ya rona e kgoreleditse baša go tsaya maikarabelo ba le bannye. Ba fetogile balwela kgololosego fa ba ne ba tshwanetse go tshameka, kgotsa ba le kwa sekolong. Jaanong baša ba Aforika Borwa ba lebagane le dikgwetlho tse di masisi thata ka lebaka la dingwaga tsa go tingwa ditšhono, dithulano le dithuto tse di sa tsamayang ka tolamo. Bopelokgale le boineelo di tlile go nna botlhokwa  mo go  fenyeng dikgwetlho le gore baša ba rona ba natefelwe ka botlalo ditshiamelo tse temokerasi e ba tsholetseng tsona.” (Nelson Mandela, 15 Seetebosigo 1997) 
Botlhokwa jwa June 16
June 16 e ne ya itsisiwa go nna letsatsi la khunologo la setšhaba ke puso ya temokerasi ya Aforika Borwa morago ga 1994. Seno ke go gopola mogwanto wa baša o diragetseng ka Seetebosigo 1976. Kgwedi yotlhe e beetswe thoko go ka keteka kgaratlho ya baša ba Aforika Borwa kgatlhanong le puso ya tlhaolele. 
E bontsha setlhoa sa ntwa ya go nna kgatlhanong ga baša ba Aforika Borwa, eo e simolotseng ka 1976 e be e tswelela go fitlhela kgorogo ya temokerasi ka 1994. 
Kgaratlho eno ya baša e ne ya dira gore go nne le tlhabololo ya thuto e tlotlang seriti sa botho, ditso tse di farologaneng, le kgololosego ya go tlhopha, mme e leka gore go nne le tekatekano. 
Baša ba dingwaga tsa 1970 ba nnile le seabe se segolo mo go bopeng isago ya naga ya rona.
Ba tswelela go tshameka karolo e botlhokwa mo setšhabeng, ebile puso ya temokerasi e ineetse go tlhabololo ya baša, jaaka baeteledipele ba isago le balebeledi ba kgolosego e re e fentseng ka natla.
Dikgwetlho tse di lebaganeng le Baša
Baša ba gompieno ba lebagane le dikgwetlho di le dintsi tse di tsenyeletsang:
botlhokatiro jo bo kwa godimo
lehuma 
bosenyi 
malwetsi le ditshwaetsano
go tlhoka bokgoni
go tlhoka go fitlhelela ditirelo tsa motheo.
Baša ba amilwe thata ke HIV/AIDS. Baša le malapa a eteletsweng pele ke bana a ntse a nna mantsi ka ntata ya go swa ga batsadi ke malwetsi a tsamaisanang le HIV/AIDS, jaaka TB.
Ditšhono tse di leng teng gore Baša
Ka Puo ya Pulo ya Palamente ya gagwe, Moperesitente Jacob Zuma o ne a itsisa gore 2011 ke ngwaga wa go tlhama ditiro. O ne a bua gore maano a go tlhama ditiro a tshwanela go ka ikaelela go thusa tlhabololo ya baša.
Go thusa go ka bua ka botlhokatiro, puso e thusa ka go neela bathapi ba ditheo tsa poraefete madi gore ba rotloetsege go thapa baša ba ba se nang maitemogelo. 
Dintlha tsa thuto, bokgoni le tlhabololo ya dikgwebopotlana tsa baša di tlhageletse thata mo tekanyetsokabong ya ga Tona ya Matlotlo Pravin Gordan, mo ngwageng wa ditšhelete wa 2011/2012. 
Tona ya Matlotlo o buile gore dithuso tsa ditšhelete tsa baithuti di tlile go okediwa gore baša ba bantsi ba kgone go fitlhelela kwa dikholetšheng tsa tsweletso ya dithuto le ikatiso, go ka tlhabolola bokgoni. Madi a mantsi a ne a tsengwa go Letlole la Bosetšhaba la Bokgoni, leo le tlamelang ikatiso ya babatlatiro.
Mananeo a mangwe a puso a tsenyeletsa:
Lenaneo la Bosetšhaba la Ditirelo tsa Baša kwa Magaeng, le dirilwe ke lefapha la Tlhabololo ya Magae le Thebolelo ya Lefatshe go ka thusa baša gore ba nne le bokgoni jo bo ntšhwa go ka nna le mosola kwa ba nnang teng. 
Lenaneo la Bosetšhaba la Ikatiso ya Baša ya Boapei, le dirilwe ke lefapha la Bojanala, go neela baša bokgoni, kitso le maitemogelo gore ba kgone go bona ditiro tsa leruri kwa intastering ya kamogelabaeng le bojanala.
Lenaneo la Tlhabololo ya Bobetli, le dirilwe ke Lefapha Bosetšhaba la Ditiro tsa Setšhaba go ka tlhabolola bokgoni jwa baša ba ba mo lephateng la tsa go aga.
Puso ya temokerasi e setse e tlhamile Setheo sa Bosetšhaba sa Tlhabololo ya Baša (NYDA), seo e leng gore se neetswe dithata ke molao go ka mekamekana le dintlha tsotlhe tse di amang baša, go tloga kwa pholising go ya kwa tlhabololong. 
NYDA e tlhamilwe ke puso go ka tsibogela ka gangwe dikgwetlho tsa ikonomi tse di lebaganeng le baša, mme jaaka Setheo se se tlhabololang ka matlole, se thusa ka tšhono ya go tlhama ditiro, tlhabololo ya bokgoni, le neelano ya bokgoni go baša ba Aforika Borwa.
Karolo ya Palamente go Tlhabololo ya Baša 
Go tsweletsa pele setlhogo: “Palamente e kgathalelang e tlhatlhosa tlhabololo ya baša go ka fitlhelela kgololosego ya ikonomi,” Palamente e dirile matlhale a farologaneng go ka mekamekana le dintlha tse di amang baša. 
Palamente e na le dikomiti tse di latelang tse di mekamekanang le dintlha tsa baša:
Komiti ya Palamente ya Ntlo Bosetšhaba ya Basadi, Bana le Batho ba ba nang le Dikgwetlho
Komiti ya Palamente ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense ya Basadi, Bana le Batho ba ba nang le Dikgwetlho. 
Dikomiti tseno di na le maikarabelo a go okamela kgang tsa baša mme e tshwanela go mekamekana le molao o amang baša.
Palamente e na le maano a farologaneng ao a lebaganeng le maphata a farologaneng, sekao,  Palamente ya Baša (e tshwarwa ka Kgwedi ya Baša) moo go sekasekiwang kgang tse di amang baša. Ke baša fela ba tsayang karolo, mme ditsamaiso di neelwa bone. 
Molaotheo o pateletsa Palamente go ka tsenyeletsa setšhaba go ditiro le ditsamaiso tsa yone, ka jalo baša jaaka karolo ya setšhaba ba lalediwa gangwe le gape go ka tsaya karolo mo maanong a Palamente, jaaka Ditheetso tsa Setšhaba, Puo ya Moperesitente ya Pulo ya Palamente le mananeo a mangwe ao setšhaba se tsayang karolo go ona. 
Ba ka nna ba dira gore mantswe a bone a utlwagale ka go neelana ka dingongorego tse di kwadilweng kgotsa ka molomo.  
Baša ke karolo ya setšhaba seo se ka tsenelang Dikopano tsa Dikomiti moo e leng gore ditiro tse dintsi tsa Palamente di a diragala, mme baša ba ka tsenela dikopano gore ba lebelele, ba ikhumise le go imaatlafatsa.
“Palamente ya Baša: E tsaya maikarabelo a isago”
