Go keteka Bawa ba Aforika Borwa

Lemorago
Ka 1974, mmuso wa tlhaolele o ne wa tsaya tshwetso ya go busetsa molao o Dr HF Verwoerd a lekileng ntle le go atlega go o tsenya tirisong ka 1953, fa a ne a tshwere potifolio ya thuto. Puso ya nako eo e ne ya gapeletsa molao wa  50/50  gore Aforikanse e tshwanetse go nna puo e e dirisiwang go ruta mmetse, thutoloago le dipalo, fa saense, thuto ya tsa logong, le botaki di rutiwe ka Seesemane. Barutabana le batsadi ke bona ba ntlha go ganana le seo. 

Ka 1975, Diboto di le supa tsa dikolo di ne tsa laela barutabana gore ba se ka ba ruta ka Aforikanse, seo se neng sa lebisa kwa Lefapheng la Thuto Ya Bantsho go leleka badulasetilo ba le batlhano ba Boto.

Ka 1976, letlhoo la tsamaiso ya Thuto ya Bantsho le ne le oketsega. Fa go atamela dikgaruru tsa di 16 tsa Seetebosigo, baithuti ba Soweto ba ne ba kwala moono Re tsena go Ithuta, Re tswa go Direla kwa kgorong e nngwe ya dikolo tse dikgolwane.

Ka Mopitlwe wa ngwaga oo Aforikanse e gapeleditsweng go nna puo ya go ruta e e diriswang kwa dikolong dingwe tsa Soweto,  letlhoo la molao wa 50/50 la simolola go tlhatlhogela kwa godimo. 

Ka di 17 Motsheganong dikolo dingwe di ne tsa rulaganya matsholokgatlhanong, di batla gore Aforikanse e fedisiwe go ka nna puo e go rutiwang ka yona.  

Ka Seetebosigo, dikolo dingwe tsa gana go kwala tlhatlhobo ya thutoloago ka Aforikanse mme ba tshosetsa ka go ngala kgotlhelele go kwalwa ga ditlhatlhobo tsa Seetebosigo. 

Ka Sontaga wa 13 Seetebosigo, go ne ga tshwarwa kopano moo go neng ga swetswa gore go tshwanetse go tshwarwa mogwanto go kgabaganya Soweto ka di 16 le 17 tsa Seetebosigo, o feleletsa ka kopano e kgolo ka Labotlhano, Seetebosigo a le 18. Kwa kopanong ya Sontaga komiti e e bidiwang Komiti-Tiragatso ya Soweto (SAC) e ne ya tlhangwa, e na le maloko a le mabedi go tswa mo sekolong sengwe le sengwe se segolwane mo Soweto. Komiti e ne e tlhophelwa go rulaganya mogwanto o o neng o ikaeletswe wa kagiso.
 
Ka di 13 Seetebosigo SAC le botlhe ba ba neng ba tsenetse kopano ba ne ba dira maikano a go tshola sephiri gore maano a bona a seka a senngwa ke ditlhodi. Mo sebakeng sa malatsi a le mararo ba ne ba phasalatsa kgang le go rebola ditaelo ka potlako ka ga se se dirwang mo letsatsing leo.. 

Mo mosong wa Laboraro, 16 Seetebosigo 1976 , baithuti go kgabaganya Soweto ba ne ba kgobokana kwa mafelong a kopano a feta 12 go ipaakanyetsa mogwanto. Bathusi ba mogwanto ba ne ba ntsha dipolakate tse di kwadilweng  moono ka seatla tse di tshwanang le  Fatshe ka Aforikanse le Aforikanse ke puo ya Semorafe.

Botlhokwa jwa letsatsi la 16 Seetebosigo
Letsatsi le le tlhagisa ntlhakgolo ya go nna kgatlhanong ga bawa ba Aforika Borwa go go simolotseng go sa le gale le go tswelela go fitlhela kwa tshimologong ya temokerasi ka 1994. Dikgaruru tsa kwa Soweto, ke setlhoa sa ditiragalo tsa go nna kgatlhanong ga bawa, ya baka metseletsele ya boipelaetso go ralala naga eo e neng ya kgatelelwa ke mmuso wa tlhaolele . Bontsi ba batho ba ne ba tlhokafala, makgolokgolo a ne a tshwarwa mme bontsi jwa tshaba mo nageng go tsenela mekgatlho ya kgololosego e e ileditsweng kwa botshabelo. Botlhokwa jwa 16 Seetebosigo 1976 bo ikaegile ka tsela e e bontshang go intsha setlhabelo ga motho, maitlamo go kgololosego le go tshela ka boikgantsho ba sethaba.

Gape se, se nnile le tshosometso mo  tlhabololong ya tsamaiso ya thuto e e tlotlang seriti sa motho, dipharologano tsa setso, kgololosego ya go itlhophela le go batla go netefatsa gore go na le phitlhelelo e e lekalekanang. 

Ditiro tsa bawa ba di 70s di nnile le seabe se segolo thata mo go bopeng bokamoso jwa naga ya rona. Bawa jaaka baeteledipele ba isago ba ne ba kgona go ipopela bokamoso le go itlhophela tsela eo ba batlang go e sala morago. Ka go kgona go bonela kwa pele, tiro le go intsha ditlhabelo ga bona ba ne ba oketsa ntwa kgatlhanong le puso ya kgatelelo, se kwa bofelong se neng sa lebisa kwa temokerasing.

Bawa ba tsweletse go tshameka karolo e e botlhokwa mo sethabeng mme puso ya temokerasi e itlamile mo go tlhabololeng ga bawa, bao e leng bajaboswa jwa kgololosego eo re e fentseng ka thata. Dikgatlhego tsa bawa jaanong di tshegediwa ke Lephata la Tsweletso ya Bawa(YDA) le le sa tswang go tlhomiwa go tsena mo boemong jwa Khomiene ya Bawa le Letlole la Bawa la Umsobomvu, jaaka lephata la puso go arabela merero ya bawa.

Dikgwetlho tsa Bawa
Bawa ba gompieno ba lebaganwe le dikgwetlho di le dintsi tse di tsenyeletsang palo e e kwa godimo ya botlhokatiro, bohuma le bosenyi. Botlhokatiro bo itemogelwa go bawa ba ba farologaneng, go tswa mo go ba ba nang le marematlou go ya go dialogane go tswa kwa ditheong tse dikgolwane tsa thuto. 

Bawa ba Aforika Borwa gape ba lebaganwe ke kgwetlho e e tlisiwang ke malwetsi a thobalano le ditshwaetso, go tsenyeletsa le HIV/Aids. 

Bawa le matlo a a eteletsweng pele ke bana a oketsega ka ntlha ya dintsho tsa batsadi e le ditlamorago tsa malwetsi a a amanang le HIV/AIDS, jaaka TB.

Kgwetlhokgolo e e lebaganeng naga e eme mo go direng bawa go nna le kitso ya gore ke bomang, go itse hisetori le go ba rotloetsa go nna ba le boikanyego go naga ya bona. Go lebeletswe kgatlhego e e bontshitsweng ke bawa mo ditlhophong tsa bone tsa temokerasi, seno ke ntwa e e setseng e fentswe.

Dithono tsa Bawa

Puso e ya temokerasi e beile maphata jaaka Lephata la Bosethaba la Tsweletso ya Bawa (NDA) eo e neilweng taolelo go mekamekana le merero ya bawa, go tswa mo pholising go ya go tsweletso. Maikarabelo a Lephata le, a rwelwe ke Tona mo Lefapheng la Moporesitente. NDA ke Lephata le le tlhomilweng ke puso go araba ka tlhamalalo dikgwetlho tsa ikonomi tse bawa ba lebaganeng le tsona, mme jaaka Lephata la tsweletso ka matlole, e ikaeletse go tlhoma lefelo la go tlhama ditiro, tsweletso ya bokgoni, le go abelana ka bokgoni go bawa ba Aforika Borwa.

Botlhokwa le kelotlhoko ya thuto di bontshitswe ke lebaka la gore Thuto ya Motheo le Thuto e e Tswelelang di na le Ditona tse di farologaneng, go netefatsa gore dipotifolio tsa bona di bona tshegetso.

Maikarabelo a Palamente mo Tlhabololong ya Bawa
Palamente e na le dikomiti tse di jaaka Komiti e e ka ga Basadi, Bana, le Batho ba ba nang le Dikgwetlho ya Kokoano Bosethaba, le Komiti e e ka ga Basadi, Bana le Batho ba ba nang le Dikgwetlho ya Khansele ya Bosethaba ya Diporefense, eo e batlang go mekamekana le merero ya bawa. Dikomiti di rwele maikarabelo a go lebelela merero ya bawa mme e tshwanetse go mekamekana le molao o o amang bawa.

Palamente mo palogotlheng ya yona ya go dira melao, e fetisitse melao e le mentsi jaaka Molao wa Matlafatso ya Bantsho ka Bophara mo Ikonoming, 2003, Molao wa Tsweletso ya Bokgoni 1998, le Molao wa Tekatekano wa Thapo 

Palamente mo tirong ya yona ya go ela maemo tlhoko, e lebelela tsenyotirisong ya melao e e fetisitsweng e e tsenyeletsang eo e rulaganyeditsweng bawa ba naga.

Ka fao Bawa ba Aforika Borwa ba ka tsayang karolo mo Palamenteng
Go dira gore Palamente e fitlhelelwe, go na le lenaneo le le bidiwang  Molelwane wa Maloko moo bawa ba kopanang le Maloko a Palamente ka bongwe ka merero e e botlhokwa mo go bona. Ba ka nna ba dira gore mantswe a bona a utlwagale ka go dira ditshwaelo tsa molomo kgotsa ka go di kwala. 

Bawa ba dira karolo ya sethaba eo e ka tsenelang  Dikopano tsa Dikomiti moo bontsi jwa tiro ya Palamente bo dirwang gona, mme gape ba ka tsenela dikopano tsa Ntlo go ka lebelela, go ikhumisa le go imatlafatsa.

Palamente e na le ditiro tse di farologaneng tse di lebisitsweng maphata a a farologaneng, sekao. Palamente ya Bawa ( eo e tshwarwang ka nako ya Kgwedi ya Bawa) moo  merero e e botlhokwa go bawa e sekasekiwang mme ke moo botsaakarolo e leng jwa bawa fela, le ditsamaiso e le tse di lebisitsweng go bona. 

Molaotheo o gapeletsa Palamente go tsenyeletsa sethaba mo ditiragalong le ditsamaisong tsa yona, fa go le jalo bawa jaaka karolo ya sethaba ba lalediwa go le gantsi go tsaya karolo mo mananeong a Palamente, jaaka ditheetso tsa Sethaba, Puo ya Moporesitente ya pulo ya Palamente le maiteko a mangwe a ka nnang teng le mananeo a botsaakarolo jwa sethaba. 

Produced by the Public Education Office
Parliamentary Communication Services
INSPIRED BY PEOPLE

www.parliament.gov.za
P.O. Box 15, Cape Town, 8000
Mogala:	(021) 403 3341
Fekese:	(021) 403 3303

Phamfolete e e gona ka dipuo di le 11 tsa semmuso tsa Aforika Borwa.
