SCRIPT FOR PARLIAMENT’S VIRTUAL TOUR 

MATSENO (FLASH INTRO)

Le amogelegile mo Palamenteng ya Aforika Borwa, Palamente ya ngwagakgolo wa 21! 

Palamente e e ka ga batho! 

Ponopele ya rona ke go aga Palamente ya batho e e arabelang ditlhoko tsa batho mme e kgweediwa ke mokgwa wa go lemoga boleng jo bo botoka jwa botshelo go batho botlhe ba Aforika Borwa. 

Ka diporogerama tsa rona, re leka go netefatsa gore merafe e e kgetholotsweng e a tsenyeletswa ka metlha. 

Tiro le poelo ya botlhokwa ya Palamente ke go emela batho le go netefatsa Palamente ka batho fa tlase ga Molaotheo. 

Se se fitlhelelwa ka go fetisa melao, go ela tiragatso ya puso tlhoko, le tsenyeletsa setšhaba mo ditsamaisong tsa Palamente. 

Molaotheo ke molao mogolo wa Rephaboliki mme o baya metheo ya baagi ba ba gololosegileng eo puso e ikaegileng mo maatleng a batho le tshireletsego ya moagi mongwe le mongwe ka go lekalekana. 

E bontsha bleng le mekgwa go busa ka kgololosego ka batho. 



Palamente e dirilwe ka baemedi ba ba tlhophilweng ka kgololosego ba le 400 ba ba bopang Kokoano Bosetšhaba. 

Diporofense di emelwa mo Palamenteng ke Khansele ya Boditšhaba e e dirilweng ke baemedi ba le lesome ka porofense.

Palamente ya rona ya temokerasi e ipela ka hisetori ya kemedi ya basadi.

Ga jaana basadi ba dira 43% ya Maloko.

Go tloga ka 2009, re mo maemong a boraro mo lefatsheng malebana le kemedi ya basadi.

Tebelelo ya kemedi ya basadi mo Palamenteng ke 50%. 

Gape re na le Palamente e e duleng diatla tota!

Palamente ya rona ya ntlha ya temokerasi ka 1994 e tlhophile Moporesitente Nelson Mandela jaaka tlhogo ya naga e le nngwe ya melao ya yona ya ntlha. 

Ka 24 Motsheganong 1994 Moperesitente Mandela o neelane ka puo ya gagwe ya ntlha ya Bosetšhaba mo kopanong ya ntlha ya Palamente e e tlhophilweng ka kgololosego. 

Go tloga fao, Palamente e amogetse Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa ka 1996 mme ya fetisa melao e e fetang sekete e mengwe! 



A o ipaakanyeditse go utolola ditselana tsa Palamente e ya rona? 

Tla re tswelele ka loeto la rona la Palamente ya Aforika Borwa!



Loeto le e ikaegile ka mafelo a le mararo mo Palamenteng, e leng, Kokoano ya bogologolo, Kokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense. 

Tsaya nako go utolola! …



Parliament Street

Se ke Parliament Street. Matlo, e leng Kokoano Bosetšhaba, Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense, ga tsenyeletsa le Tuynhuys di mo seterateng se mo go nang le dikantoro tsa puso le dikantoro tsa lekoko la Palamente. Moporesitente o tsamaya mo Parliament Street go ya kwa tšhembareng ya Kokoano Bosetšhaba go ya go neelana ka puo ya Bosetšhaba ya ngwaga le ngwaga mo kopanong ya matlo a le mabedi a Palamente. Ka nako ya puo ya bosetšhaba, e e tlwaelegileng ka “Pulo ya Palamente”, matlhakore ka bobedi a Parliament Street a nna le Bantlha kedi ba puso go tlotla. 

Slave Lodge 

Slave lodge ke lefelo la kgopolo le ikgopotso. E agilwe ke Khampani ya Dutch East India ka 1679. E ne e dira jaaka setilo sa Khansele ya Kgakololo pele ga kago ya Palamente ya Kapa mme ya dirisiwa jaaka kago ya kantoro ya puso, Kgotlakgolo, Poso mme lwa bofelo jaaka Musiamo wa Setso wa Hisetori.

Ka nako ya Puo ya Bosetšhaba Moporesitente le mokoloko wa gagwe ba feta mo mmateng o mohibidu go tswa mo Slave Lodge go ya kwa Kokoanong Bosetšhabeng go tsenela kopano.  



Marks Building

Marks building e fa thoko ga kago ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense mo Parliament Street. E agilwe ka 1904, Marks building e tsenya makokokgatlhanong le badiredi ba bona. E ne e diriswa ke ntlo ya baemedi mo Palamenteng ya Ditšhembara di le tharo pele ga 1987. Palamente e ya ditšhembara di le tharo ya 1985 e ne e na le ditšhembara tsa basweu, bammala le maintia mme ba ntshitse bantsho. 



Africa House

Africa House e fela fa gare ga dikago tsa palamente fa thoko ga Kokoano Bosetšhaba. E ne e le kantoro kgolo ya Mokomišenara wa MoBoritani, mme jaanong go nna Komiti ya kopanelo ya tsa matlhale le dikantoro tse dingwe tsa Palamente. 



Africa House 2

Inside Africa House ke nngwe ya botaki ba Palamente ba selegae: e tswa mo setlhareng sa Mimosa sa dingwaga di le 350 se se neng sa futswelelwa kwa borwabotlhaba ka 1892. Serwalwa sa Sebui sa Palamente se ne se bolokilwe mo Khaseketeng ka dingwagangwaga.( consider for a pop-up)



Stal Plein

“Stal” ka English e kaya stable. Matseno o tshimologo mo Stalplein, e biditswe go ditale tsa mmusi wa Kapa, e ne e le letlhakore la Tuynhuys mo Company Gardens, e e simolotseng jaaka sediriswa sa VOC e e itseweng gape jaaka Khampani ya Dutch East India mme morago ya dirisiwa ke babusi botlhe ba Kapa. Dikago tse di latelang tsa Palamente di tlile gautshwane fa go ne go agiwa dikarolo tse dintšhwa, go fitlha ka 1988 fa kgaolo e ntšhwa e go leng Kokoano Bosetšhaba e fitlhelela Tuynhuys. Ka nako ya fa Palamente e dula, Moporesitente o dirisa Tuynhuys jaaka kantoro semolao. Tuynhuys e ikemetse ka nosi.



Matseno mo Palamenteng go tswa kwa Roeland Street



Palamente e kaya dilo tse di farologaneng mo bathing ba ba farologaneng. Sefikantswe sa Mogenerala Louis Botha mo matsenong a Palamente mo Roeland Street se tlisa potso: Go diragala eng ka bagaka ba bašwa ba setšhaba? Sefikantswe se ke sa Teropo ya Kapa. Legora la Palamente le tshwailwe ka terata mo Plein Street, le ka Company mo letlhakoreng la bophirima. Matseno a Roeland Street a neela maloko phitlhelelo le mafelo a go paka dikoloi go Maloko a Palamente le badiredi ba Palamente.





Flame of Remembrance             

Ka moletlo wa pulo le ditiragatso tse dingwe tsa Puso, Flame of Remembrance e tuka mo Palamenteng go tlotla botlhe ba ba weleng mo dintweng tse di tsenyeletsang Aforika Borwa. Moporesitente wa Aforika Borwa ke Molaodimogolo wa masole. 


Lefelo la baeng 

Lefelo la baeng le fa posong ya bogologolo, e jaanong e leng karolo ya tikologo ya Palamente. Palamente e amogela baeng go tswa gaufi le kgakala mme baithuti ba amogelegile. Ke go feta baeng ba le 25 000 ba ba etelang Palamente ngwaga nngwe le nngwe. Baeng ba tshwanetse go tlhagisa lokwaloitshupo la semolao pele ba letlwa go tsena mo Palamenteng. Go tlhanasela tota fa e le Puo ya Bosetšhaba (e gape e bidiwang pulo ya Palamente) kgotsa fa Tona ya tsa Matlole e neelana ka puo ya tekanyetsokabo. 

Poorthuis, Matseno a setšhaba mo Palamenteng 

Poorthuis e e itseweng gape jaaka Gate House ke matseno go ya kwa kagong ya Kokoano ya bogologolo. Motho o tlhoka go feta mo basireletsing fa a tsena mo teng. Fela mo teng ga matseno ke dimitata tsa ntlha di e 30 tsa Keiskamma Tapestry (see Hotspot).

Lefelo go ya kwa tšhembareng ya Kokoano Bosetšhaba

Morago ga go pagama dikgato go ya mo matsenong a kago ya Kokoano Bosetšhaba, kgato e le nngwe go ya mo boalong ba thaele ya mmabole mo tšhembareng ya Kokoano Bosetšhaba. Matseno a a lebisa kwa matsenong a maloko. Go na le ditepisi di le pedi mo matlhakoreng ka bobedi a matseno a a isang kwa mannong a setšhaba, manno a bophasalatsi, a dipolomate le dikantoro. 

Ka maeto a Puo ya bosetšhaba le ketelo ya naga, mmata o mohibiduo alwa go fitlha kwa matsenong a maloko.

Kokoano Bosetšhaba

Tšhembara e, ke legae la dikopano le dikokoanokopanelo tsa Kokoano Bosetšhaba. Ga jaana, Maloko a le  400 a Palamente a kopanela fa go fetisa melao le go lebelela ditiro tsa Palamente. Moperesitente o nna ka fa mojeng wa wa mmusakgotla, mo setilong se se nang le tlhoro. Lekoko le le busang le nna ka fa mojeng wa mmusakgotla mme makoko kganetso a nna ka fa molemeng. E ne e le mo go yona tšhembara e  ka nako ya tlhaolele Moporedsitente wa maloba FW de Klerk a neng a bega go fediswa ga kiletso ga ANC le ditlhopha tse dingwe tsa sepolotiki. Malatsi a le robongwe morago ga moo, ka di 11 Tlhakole 1990, Nelson Mandela o ne a gololwa go tswa kwa kgolegelong morago ga dingwaga di le 27. Mo moletlong o o neng o tsaya maikutlo ka 1994, Rre Mandela o ne a amogelwa jaaka Moporesitente ya ntlha e e tlhophilweng ka temokerasi.(maybe a link to the speech) 

Sefata se se fa pele ga setilo sa Mmusakgotla se dirisiwa ka nako ya diketelo tsa dipuso kgotsa ke Moporesitente kgotsa Ditona tseo di arabang dipotso. Ka nako ya dingangisano, kgotsa fa maloko a dira dipolelo go le gantsi bat le ba dirise sefata, fela ba ka kitsiso ya tshitshinyo kgotsa ba botsa dipotso le go tlhagisa dintlha tsa taolo ba dutse mo ditilong tsa bona tseo di tsentsweng di maekerofouno. Go na le didiriswa tsa eleketroniki tsa go bouta mo setilong se sengwe le se sengwe go netefatsa  bouto ya mo sephiri, fela lekoko le lengwe le lengwe le kgona go bona gore ke maloko a le makae a bona a a boutetseng kgotsa a a leng kgatlhanong le peomolao. 



Setilo sa Mmusakgotla

Setilo sa Mmusakgotla se beilwe mo polatefomong e e tsholeditsweng kwa bofelong jwa Tšhembara ya Kokoano Bosetšhaba. Mmusakgotla o  laola ditsamaiso tsa Ntlo go tswa fao.



Mmusakgotla wa ntlha wa Palamente ya temokerasi, Ngaka Frene Ginwala o ne a rulagantse gore baeteledipele ba makoko a mannye ba nne le maano fa bankeng e e fa pele, gore batlhophi ba kgone go bona makoko a bona a ba a tlhophileng. Fa go na kokoanokopanelo ya Dintlo, sekao fa go newa Puo ya Pulo ya Palamente ke Moporesitente, go nna le manno a tlaleletso fa fatshe magareng fa dikarolo di le pedi go neela maloko a Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense madulo.



Tšhembara ya Kokoano Bosetšhaba ya bogologolo



Tšhembara ya Kokoano Bosetšhaba ya bogologolo e ne e dirisiwa ke Palamente go tloga ka go tlhamiwa ga Palamente ka 1910,  go fitlhela ka puso ya ntlha ya temokerasi e tlhopiwa ka 1994. Ka 1994 Palamente ya nako eo e ne ya tlhatlhamololwa mo Tšhembareng e: tiro e e bontshang bofelo jwa kgethololo, le melao ya yona. Ka 1961 Aforika Borwa e ne ya tlogela Commonwealth go nna Rephaboliki. Dikgwedi di le nne morago ga Aforika Borwa e sena go tlogela Commowealth, Dimitri Tsafendas a bolaya  Tonakgolo, Ngaka Hendrick Verwoerd ka go mo tlhabela moo a neng a dutse teng. 



Tšhembara e jaanong e dirisediwa ditheetso tsa setšhaba, go fetisa melao le tiro ya tebelelo ya Palamente. Gape e dirisiwa jaaka lefelo la kopanelo tebang le diseminara, ditlhopha le dikomiti le dikopano tsa khokhase ya ANC le Ditheetso tsa Setšhaba.


Lefelo la bojelo la Kokoano Bosetšhaba la bogologolo



Phaposi ya bojelo ya Kokoano Bosetšhaba ya bogologolo e ne e le karolo ya kago ntlha ya 1885, e dira jaaka Tšhembara ya Kokoano ya Peomolao ya Kapa. Morago ga got lhamiwa ga Palamente ka 1910, Tšhembara ya Kokoano Bosetšhaba e ne ya tlalelediwa. Tšhembara ya puso ya Kapa e ne ya nna lefelo la bojelo jwa maloko le baeng. Tonakgolo ya Boritane Harold MacMillan o dirile puo ya gagwe ya “Wind of Change” fano ka 1960, a bona bonelapele boipuso jwa dikoloni tsa Borithane mo Aforika.



Matseno a Khansele ya Bošetshaba ya Diporofense

Matseno a Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e ne e itsege jaaka Queen’s Hall mme e ne e reletswe ka Kgosigadi Elizabeth mme leina le le ne la bolokwa go fitlhela ka 1961. Ka 1961 e ne ya bidiwa Gallery Hall fa Aforika Borwa e nna Rephaboliki.



Boalo jwa mo matsenong ke boalo jo bo tlwaelegileng jwa thaele ya seramiki e e nang le pethene eo e neng e itsege ka motlha wa Victorian. 



Tšhembara ya NCOP

Eno ke Tšhembara ya NCOP, nngwe ya ditlhangwa tse di botlhokwa go gaisa mo hisetoring ya molaotheo wa Aforika Borwa, eo e neelang baagi ba diporofense tsotlhe kemedi mo Palamenteng. Peomolao eo e amang diporofense e ngangisanelwa le go swediwa mo tšhembareng e. NCOP e na le maloko a le 10 go tswa go porofense e nngwe le e nngwe- maloko a le 6 a leruri le kemedi di le nne tse di kgethegileng.



Mo tšhembareng e, malokoa nna go ya ka Porofense tsa bona le go bouta jaaka karolo ya porofense. Batlhophi ba na le bouto e e farologaeng go tlhopha maloko a diporofense di le Dipeomolao tsa Porofense di le robonngwe, mo dingwageng tse dingwe le tse dingwe di le tlhano, ka letsatsi la ditlhopho tsa bosetšhaba. Porofense e nngwe le e nngwe e na le letshwao la yona la naga le le bontshiwang mo tšhembareng ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense. 



Tafole ya tlhoro ya Moporesitente NCOP



Fa Moporesitente a tsenela kopano kwa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense, o nna fa moleng o o fa pele kwa mojeng wa modulasetilo, mo setilong se go setilweng matshwaokakaretso a naga mo go sona. 



Manno a a fa godimo a NCOP



 Lefelo la manno a a kwa godimo a NCOP ka gale a dirisiwa ke Batlotlegi le setšhaba fa ba tsenela Palamente. 



Sekano sa Naga

Sekano sa naga a Aforika Borwa ke letshwao le legolo le le bonalang la Puso. Fa gare ga letshwao go bonala porotea e kgolo, lelomo la setšhaba, le le bontshang tumelano ya ditso tsotlhe, le naga e oketsega jaaka setshaba. Mo godimo ga porotea ke mmamolongwana ka maphuka a a emeletseng, le letsatsi le tlhatlhoga. Ditsebe tsa mabele di bontsha monono wa mmu, fa manaka a tlou a bontsha botlhale, thata le boikanyego. 





Sekano sa Naga 2

Kwa bogareng, thebe e bontsha tshireletso ya Maaforika Borwa, kwa tlase ga thebe ke molamu, eo e beilweng go netefatsa tshireletso ya kagiso go na le go bontsha ntwa. Mo gare ga thebe go na le ditshwantsho tsa batho ba Makhoi, baagi ba pele ba lefatshe.  Tshedimosetso e tserwe go tswa go ditshwantsho mo Linton Stone, sekao se se itsegeng lefatshe ka bophara sa botsaki jwa letlapa jwa Aforika Borwa. Moono wa sekano sa naga se kaya “ batho ba ba faroloaneng tshwaraganang”, kgotsa “batho ba ba farologaneng ba kopana mmogo,” ka puo ya Makhoisane ya batho ba /Xam: !ke e:/xarra//ke  (provide link to parliamentary website for audio pronunciation?)

Matseno a Kgosigadi a kago ya NCOP

Matseno a kgosigadi a kwa moagong wa ntlha wa Palamente ya Kapa eo e neng ya tlhongwa semolao ka 1885.E ne e neela ka phitlhelelo go ya go tšhembara, gaufi le matseno a Company Gardens. Company Gardens e tlhamile leina la yona go tswa go Khampani ya Dutch East India Company eo ka 1652 e neng ya romela Jan le Maria Van Riebeeck kwa Kapa. Dikago tse dintšhwa di tsa tlaleletswa go meago ya Palamente morago ga dikoloni di le pedi tsa Borithane ( Kapa le Natala) le di Rephaboliki tsa pele tsa Maburu ( Teransefala le Foreisetata) di sena go tlhama Palamente ya Aforika Borwa ka 1910.





Bobeelobuka (kwa ntle ga matseno a kago ya NCOP)

Bobeelobuka bo ka fa ntle ga matseno a kago ya NCOP. Ka 1857 bobeelobuka jwa botlhokwa bo ne jwa tlhomiwa go tswa go kokoanyo ya dibuka tse di neng di dira kwa Kokoano Peomolao ya Kapa ya bogologolo le khansele ya Peomolao. Ka 1910, ka go tlhamiwa ga Palamente, dikokoanyo tse din e tsa nna Bobeelobuka jwa Palamente.  Ka 1919, dibuka tse di sa bonweng bonolo, ditshwantsho, dimmepe le ditlhangwa din e tsa tsenngwa, gore kwa bofelong tsa nna Kokoanyo e e kgethegileng. 



Go feta dingwaga di le 150 go nnile le ditlaleletso tse di kgatlhisang go bobeelobuka jo jwa botlhokwa, go tsenyeletsa kokoanyo ya Sidney Mendelssohn. Ka 1917, o ne a abelana ka kokoanyo ya gagwe ya Africana eo e nang le dilo di le 7 000 go Palamente. Go na le ditlhogo dingwe di le 200 000 mo bobeelobuka, go tsenyeletsa e direkoto tsa botlhokwa tsa pele tsa Aforika Borwa le Aforika.  



Dithalwa tsa Palamente 

Fa gare ga dithalwa tse di tlhagisitsweng mo leboteng la mosiamo ke ditiro tsa motaki wa seketšhe, Francois Le Valliant. E ne e le motsamai wa Mofora yo o tsamaileng maeto go kgabaganya Kapa bophirima le bokone magareng ga 1781 le 1784. 

Mebala ya metsi e rekota maeto a.



Dikokoanyo tsa dithalwa le ngwaoboswa di bolokilwe mo Palamenteng, tsa kwalwa mo tokomaneng le go bolokwa ke kantoro ya dithalwa ya Palamente mme di setšhaba se ka di fitlhelela go ka di bona. Dikokoanyo di botlhokwa le go nna le boleng jwa hisitori, fela di emele batho botlhele botaki jwa naga e. Palamente e lwela go nna kemedi mo go bontsheng botaki jo bo emelang Maaforika Borwa otlhe. Mefuta e mentšhwa le e e farologaneng e a tlhaolwa go bontshiwa go dira botaki jwa Palamente karolo ya leeto, go na le bokhutlo. 



Metsantsabetso ya Keiskamma  

Metsatsanbetso ya Keiskamma e emela bataki ba le bantsi, go na le motaki a le nosi. Phetogo e e bonalang ya malejoa mo Aforika Borwa e tshwerwe ke Metsantsabetso ya Keiskamma mo diferwaneng tsa moago wa Kokoano Bosetšhaba ya Bogologolo. Metsantsabetso e e tlhalosang hisetori ya kgaratlho ya Aforika Borwa e dirilwe ke bomme go tswa kwa Kapa Botlhaba, mme e tsenyeletsa ditshwantsho go tswa go pampiritshedimosetso ya ditlhopho e newa batlhophi ba Maaforika Borwa ka ditlhopho tsa ntlha tsa temokerasi. 



Kgetse ya tlhagiso fa pele, kwa matsenong a KARATA A GAUTA 2  



Serwalwa sa gauta se se neetsweng Palamente ka 1963 ke ditšhembara tsa dimmaene tsa Teransefala le Foreisetata e emetswe ke serwalwa sa batho. Mo godimo ga serwalwa sa batho ke buka e e butsweng (e e emelang Molaotheo), ka moropa o o biletsang baemedi ba setšhaba kwa indaba. 



Tlhagiso ya dikgetse kwa godimo 

Dilo di le mmalwa le dikgetse di tlhagisitswe mo karolong e e golaganyang kago ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense. Molao o o saenilweng go setlela Aforika Borwa ka 1910 o tlhagisitswe fao, ka letshwao la bogosi, fela jalo le ka Molao wa 1961 wa go setlela Rephaboliki ya Aforika Borwa. 



Tlhagiso ya dikgetse kwa godimo 

Setilo se se neng se diriswa ke Sebui sa Palamente ya Kapa mme morago ke Kokoano Bosetšhaba

Serwalo sa bogologolo se se tlhagisitsweng se tshwana le se se dirisiwang mo ntlong ya Commons kwa Engelane. Se se neng se bewa mo teretleleng ya Tafole ya Kokoano Bosetšhaba. 



 Tlhagiso ya dikgetse kwa godimo 

Mo lefelong le go na le dikgetse di le mmalwa tse di tlhagisitsweng tse di nang le:

Pina ya bosetšhaba

Pina ya bosetšhaba e e kwaletsweng Aforika Borwa ke CJ Langenhoven  “Die Stem”, e tlhagisitswe fa, fa thoko ga manaane a tlotla a bao tsa suleng mo dintweng tse pedi tsa lefatshe, ka maina a masole a bantsho a kwetswe kwa morago mo dibukeng tsa kgopolo 

Kgetse ka diwiki

Diwiki tsa babusakgotla le badiredibagolwane mo ditafoleng tsa Kokoano Bosetšhaba di ne tsa fedisiwa ka Ferikgong 1987 morago ga kopano ya dikomiti ka melao e e leng teng le ditaelo - le fa wiki e ne ya rwalwa lwa bofelo ka 1994. 

DIKGETSE TSE DINTSI TSE DI TLHAGISITSWENG

Matlapana go tswa ngweding, ka Moperesitente wa Aforika Borwa Richard Nixon le ona a tlhagisitswe. 













