PUO YA PULO YA PALAMENTE YA MOPORESITENTE
“Go keteka letlotlo la kgololosego ka go matlafatsa kgokagano magareng ga Palamente le Batho”
Tlhakole ke kgwedi ya botlhokwa go Palamente le Maaforika Borwa otlhe. Ke nako ya go lebelela, le go naganela pele le go baya ditlhoko tsa naga kwa godimo. Ngwaga le ngwaga ka Tlhakole go tshwarwa Pulo ya Palamente, fa Moporesitente jaaka tlhogo ya naga a buang le setšhaba.    
Puo ya Pulo ya Palamente ya Moporesitente ke eng?
Puo ya Pulo ya Palamente ke tiragalo ya ngwaga le ngwaga fao Moporositente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa a buang le Palamente le setšhaba. Puo e e direlwa kwa Palamenteng kwa Kokoanotshwaraganelo ya Kokoano Bosetšhaba (NA) le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense (NCOP). E lebelela thata go maemo a ga jaana a sepolotiki le maemo a botshelo a setšhaba. Kopano e bidiwa ke Moporesitente mme e tshwarwa ke Mmusakgotla wa NA le Modulasetilo wa NCOP. Ke nngwe ya dikopano tse di sa tlwaelesegang fao maphata a mararo a puso e leng, Khuduthamaga, e e emelwang ke Moporesitente le Ditona, Boatlhodi, jo bo emelwang ke Moatlhodimogolo wa naga le Peomolao, e e emelelwang ke Maloko a Palamente(MP), mo di kopanang mo lefelong le le lengwe mmogo. Maloko a setšhaba le ona a na le kemedi kwa Puong ya Pulo ya Palamente go nna le seabe mo tiragalong e e tshamekang karolo e e botlhokwa mo go bopeng setšhaba sa rona.
Goreng Puo ya Pulo ya Palamente ya Moporesitente e le botlhokwa? 
Mo puong e, Moporesitente o tlhagisa diphitlhelelo le dikgwetlho tse di itemogetsweng tsa ngwaga o o fetileng le go rulaganya ngwaga o o latelang.Puo e tsenyeletsa merero ya sepolotiki, ikonomi le loago le go tsaya tsia maemo a Aforika Borwa ka kakaretso. E tlhalosa ka ga merero ya selegae ya Aforika Borwa ga mmogo le dikamano tsa yona mo Aforika le moseja. Puo ya Pulo ya Palamente  ke mokgwa o botlhokwa  wa go rwesa Palamente le setšhaba sa Aforika Borwa maikarabelo tebang le se se diragetseng ngwagola le go ama setšhaba go maikaelelo a sepolotiki a ngwaga o o latelang. Puo ya  Pulo ya Palamente gape ke ka ga go keteka le go aga setšhaba sa rona. 
E diragala leng?
Puo ya Pulo ya Palamente go le gantsi e diragala ka Tlhakole. Le fa go le  jalo, fa go na le ditlhopho kakaretso go nna le dipuo di le pedi, e le nngwe go bontsha kopano ya bofelo ya Palamente e e tswang le e nngwe morago ga ditlhopho fao Moporesitente le  Palamente e ntšhwa di amogelwang. Mo go tsweng mo setsong ka Tlhakole 2010, Puo ya Pulo ya Palamente e ne ya tlhagisiwa mo maitseboeng lokgetlo lwa ntlha go naya Maaforika Borwa otlhe tšhono ya go lebelela ditsamaiso le go reetsa puo ya Moporesitente.  Ka ntlha ya phetogo e, palo ya batho ba ba lebeletseng thelebišene e ne ya tlhatlhoga go tswa go dimilione di le pedi go ya go tlhaelo fela go ya go dimilione di le nne. 
Botsayakarolo jwa setšhaba mo Puong ya Pulo ya Palamente ya Moporesitente
Botsayakarolo jwa setšhaba ke karolo e e botlhokwa ya moletlo.Maloko a setšhaba a lalediwa jaaka baeng ba Palamente. Baagi ba Aforika Borwa go tswa Aforika Borwa ka bophara le go tswa kwa porofenseng e nngwe le e nngwe ba tlhama karolo ya Setlhopha sa ba ba potlana le Setlhopha sa Batlhankedi ba Puso ba ba dirang mola go supa Tlotlo. Setlhopha sa Batlhankedi ba Puso ba ba dirang mola go supa Tlotlo, bao ba amogelang Moporesitente mo Palamenteng, e dirwa ke Maaforika Borwa a a tlwaelesegileng. Setlhopha sa ba ba potlana se se dirang mola wa go supa Tlotlo se dirwa ke barutwana go tswa kwa dikolong go ralala naga le go emela bašwa, bao Aforika Borwa e beileng bokamoso ba naga mo go bona. 
Maaforika Borwa a a itsegeng go le gantsi a lalediwa go nna karolo ya ditiragalo.  Ba tsewa go tswa mo diporofenseng mme ke batho ba ba neetseng go le gontsi mo nageng.
Puo ya Pulo ya Palamente ya Moporesitente le tiro ya ela maemo tlhoko ga maikarabelo a Palamente
Puo ya Pulo ya Palamente ke karolo e e botlhokwa ya go ela maemo tlhoko ga tiro ya Palamente le go tsaya maikarabelo. Teko ya nnete ya temokerasi ke boleng jo Palamente e ka netefatsang gore puso e rwele maikarabelo a batho. Go ela maemo tlhoko ga ,maikarabelo a Palamente ke tiro e e neetsweng Palamente ke Molaotheo go ela tlhoko le go lebelela ditiro tsa puso.  Palamente e filwe taolelo ya go lebelela maphata otlhe  a Puso go tsenyeletsa le tseo tse di kwa maemong a porofense le a selegae gore e tle e :
Dire puso go rwala maikarabelo a madi a baduelalekgetho
Dira ditiro tsa puso go tlhagelela e seng ka bofitlha le
Oketsa tshepho ya setšhaba go puso.
Fa e diragatsa tiro ya go ela maemo tlhoko ga maikarabelo a Palamente e tsepamisa mogopolo mo go:
Melao e tsenngwatirsong jang
Ditekanyetsokabo di dirisitswe jang le
Gore a mafapha a dipuso a tsamaisiwa ka nonofo.
Tiro ya go ela maemo tlhoko ga maikarabelo a Palamente a tlhoka tsamaiso e e nonofileng ya mafapha a puso go kgontsha go tlhabolola thebolo ya ditirelo le go fitlhelela boleng jwa botshelo jo bo botoka go baagi botlhe. 
Mo Puong ya Pulo ya Palamente  Moporesitente o tsaya mokibo wa setšhaba le go tlhagisa maikaelelo a pholisi le tse di  tla kgonwang go rebolwa tebang le ngwaga o o kwa pele. Ke kgatlhanong le maikaelelo le tse di kgonwang go rebolwa tse gore Tona ya Matlotlo a itsise Tekanyetsokabo tebang le ngwaga o o latelang, go le gantsi kwa bokhutlong jwa Tlhakole. Maikaelelo a pholisi le tse di kwa setlhoeng go rebolwa di dira motheo wa seo puso e tla tshwanelang go se dira mo ngwageng o o latelang. Ke tshupetso eo Palamente e tshwarang puso go rwala maikarabelo go batho, go seo e se rebolang, le gore madi a a neetsweng a dirisitswe jang.
Go diragala eng morago ga Puo ya Pulo ya Palamente ya Moporesitente?
Morago ga Puo ya Pulo ya Palamente e sena go diriwa, e ngangisanelwa ke dintlo tse pedi tsa Palamente. Makoko a sepolotiki a na le tšhono go tshwaela le go botsa dipotso ka ga merero e e builweng mo puong. Dintlha tse di tshwenyang di a tlhagisiwa le mafelo a a nang le botlhokwa mo setšhabeng a bewa kwa godimo.Setšhaba se lalediwa go tsenela le go ela tlhoko dingangisano jaaka go direga ka dikopano tsotlhe tsa Palamente. Moporesitente le ena o araba dintlha le dipotso tse di tlhagisitsweng go tswa mo ngangisanong. 
Thitokgang ya monongwaga ya Palamente ke eng?
Thitokgang ya Palamente ya 2011 ke “Go keteka letlotlo la kgololosego ka go matlafatsa kgokagano magareng ga Palamente le Batho”. Ngwaga le ngwaga Palamente e supa thitokgang eo e tlhamiwang go ya ka tshepho e  e lolameng ya Palamente. Puso ya nnete ya temokerasi e batla go bona taolo ya yona go tswa mo bathong, ka ditlhopho tsa ka gale le botsaakarolo jo bo tswelelang jwa setšhaba mo ditsamaisong tsa go laola.Thitokgang e rotloetsa temogo ya botsaakarolo, kemedi le temokerasi ya molaotheo, fao baagi ba amegang mo mererong ya go dira melao le go ela maemo tlhoko ga maikarabelo a Palamente. E matlafatsa karolo ya Palamente, eo e leng go emela batho le go netefatsa puso ka batho ka fa tlase ga Molaotheo.Tiro ya Palamente le ya Maloko a yona e tshwanetse go tsepa mo go matlafatseng kgokagano magareng ga batho le dikemedi tse ba di itlhophetseng. Katlego ya Palamente e ikaegile mo botsaakarolong jo bo bonalang jwa baagi botlhe ba Aforika Borwa go neela ka kaedi go tiro ya Maloko a Palamente (MP) ao ba itlhophetseng le go setheo..
Setšhaba se ka tsaya karolo jang mo Palamenteng?
Go amega mo ditsamaisong tsa moletlo wa Puo ya Pulo ya Palamente ke nngwe ya tsela  eo setšhaba se ka nnang le seabe ka teng mo Palamenteng ya bona. Go na le ditsela tse dingwe tsa go tsaya karolo mo Palamenteng mme tseno di tsenyeletsa go bouta mo ditlhophong, go ikwadisa mo mokgatlhong wa sepolotiki, go ngoka le go tsenela ka go ithaopa mokgatlho o e seng wa puso, go ikgolaganya le bo MP, go dira ditshwaelo le go romela diphethišene go Palamente.
Palamente e itlamile mo go fitlhelelweng ke setšhaba sa Aforika Borwa ka go tlhama ditšhono tebang le kamego le botsaakarolo jwa botlhe: banna le basadi, ba ba rutegileng kgotsa nnyaa, ba ba dirang kgotsa ba sa dire, ba ba itekanetseng le batho ba ba nang le bogole, ba ba humanegileng (bogolosegolo kwa metseselegae e e humanegileng), le ditlhopha tse dingwe tse di ikaeletsweng: go kgobokana le go tlhagisa maikutlo a bona mo mererong e e amanang le ditlhoko tsa bona tsa motheo. Mananeo a a kgethegileng jaaka Kokoano ya Batho, Go isa Palamente kwa Bathong le Palamente ya Bašwa ke di polatefomo tsotlhe tse di ikaeletsweng go buisana le setšhaba go reetsa dikakanyo tsa bona ka ga se se botlhokwa thata mo go bona.  Palamente e batla go oketsa kamego le botsaakarolo jwa setšhaba ka go tsamaisana le thitokganmg ya monongwaga “Go keteka letlotlo la kgololosego ka go matlafatsa kgokagano magareng ga Palamente le Batho”.
A o eletsa go etela Palamente?
Kantoro ya Thuto ya Setšhaba e neelana ka diketelo tse di sa duelelweng tsa Palamente le tšhono go setšhaba go lebelela dingangisano ba le mo mannong a botlhe a Kokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense. Dithulaganyo gape di ka dirwa gore setšhaba se kopane le Maloko a Palamente le go tsenela ditheetso tsa setšhaba kgotsa dikopano tsa Komiti. Fa o sa kgone go tla mo Palamenteng, o ka etela www.parliament.gov.za mme wa itemogela leetotebo la Palamente go tswa kwa karolong e nngwe le e nngwe ya lefatshe.
Go bona tshedimosetso go ya pele ikgolaganye le:
Ikgolaganye le:	Nhlanhla Mrwerwe
Mogala:		(021) 403 2266
Fekese			(021) 403 3817 / 403 3303
E-meile:		nmrwerwe@parliament.gov.za 
DINTLHA TSA KA BONAKO 
Puo ya Pulo ya Palamente (SONA) gape e tla tshwarwa mo maitseboeng ka di 10 Tlhakole 2011.
SONA e kgaoganngwa ka dikarolo di le tharo. Ya ntlha ke botsaakarolo jwa setšhaba fa Batlhankedi ba Puso ba ba supang Tlotlo ba amogela Moporesitente le baeng ba gagwe fa ba tsamaya mo mmetseng o mohibidu. Seno se latelwa ke moletlo wa puso o o tsenyeletsang  go gelebetega ga dithunya tse 21- e le sesupo sa tlotlo le go fofa ga difoufane tsa Lebotho la Sesole sa mo moweng tse di ralalang lefaufau mme ya bofelo e nne puo eo e leng kgale e emetswe ya Moporesitente.
Maloko a Sesole sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa (SANDF) ba dira tsela ya mola eo Moporesitente a e dirisang go ya Palamenteng.
Batlhankedi ba Sesole ba ba dirang mola go supa Tlotlo le bona ba tsaya karolo mo moletlong mme bente ya sesole e tshameka pina ya bosetšhaba ya Aforika Borwa.
Go gebeletega ga dithunya tse 21- e le sesupo sa tlotlo go Tlhogo ya Naga, folaga ya bosetšhaba, Tlhogo ya Naga ya setšhaba se sele, leloko la losika la bogosi le le busang le Tlhogo ya pele ya Naga.
PONELOPELE
Go aga Palamente batho eo e tsibogelang ditlhoko tsa batho ebile e e kgweediwang ke go eletsa go bona matshelo a Maaforika Borwa a tokafetse.
