Palamente ya Aforika Borwa


Palamente e na le dintlo di le pedi 
Kokoanobosethaba (NA), eo e nang le maloko a le  400, le
Khansele ya Bosethaba ya Diporofense (NCOP), eo e nang le baemedi ba le 90.

Khansele ya Bosethaba ya Diporofense

Molaotheo o a re NCOP e emela diporofense go netefatsa gore dikgatlhego tsa diporofense di tsewa tsia mo lephateng la bosethaba la puso. 

E dira seno bogolosegolo ka go tsaya karolo mo tsamaisong ya lekgotlapeomola la bosethaba, le ka go nna le foramo e mo go yona go tshwarwang dingangisano ka dintlha tse di botlhokwa tse di amang diporofense. 

NCOP gape e netefatsa gore matshwenyego a puso selegae a emelwa kwa maemong a a kwa godimo.

Sebopego sa NCOP 

 NCOP e tlhamiwa ke baemedi  ba diporofense tse di tlhophilweng ke makgotlapeomola a diporofense, le baemedi  ba Lekgotla la Dipuso Selegae la Aforika Borwa  (SALGA).

Kemedi  e nngwe le e nngwe ya porofense e na le maloko a le lesome a a bopilweng ke:

baemedi  ba le leruri ba le thataro.
baemedi  ba ba ikgethegileng ba (nakwana )le nne 

Baemedi  be etelelwa pele ke Tonakgolo ya porofense e nngwe le e nngwe, yo o leng mongwe wa baemedi  ba ba kgethegileng.

Fa go tlhokega, Tonakgolo a ka thapa mongwe go tsaya maemo a gagwe.

Kemedi  ya SALGA e tlhophiwa ke komitikhuduthamaga ya yona go tswa mo setlhopheng sa baemedi  ba Makgotla a Puso Selegae mo diporofenseng di le robonngwe.

Baofisiri ba NCOP

NCOP e tlhopha  Batsamaisi go tswa mo gare ga maloko a yona;

Modulasetilo le
Batlatsamodulasetilo ba babedi. 

Baofisiri bano ba tsamaisa tiro ya NCOP le go etelela pele dingangisano, ba netefatsa gore baemedi  ba bua ka kgololosego mme ba ntse ba obamela melao ya Ntlo. 

Motlatsamodulasetilo wa leruri o tlhophiwa go nna  dingwaga di le tlhano fa Ditonakgolo tsa diporofense ba refosana go nna Batlatsamodulasetilo mo ngwageng.

Mosola wa NCOP 

NCOP e tsewa jaaka setheo go fitlhelela pusotshwaraganelo le botsaakarolo mo temokerasing, ga mmogo le go nna pinagare ya tlhaeletsano ya matshwenyego a dipuso selegae le matshwenyego a diporofense kwa maemong a bosethaba.  

NCOP e neelana ka  maikutlo a diporofense di le robonngwe tsa Aforika Borwa le neela gape puso selegae polatefomo ya go tsaya karolo mo dipuisanong tsa go dira molao kwa maemong a boetshaba.


1. Mokgwatsela wa go dira molao

NCOP e leba le go sekaseka, fetisa, tlhabolola, tshwaela le go dira ditlhabololo go, kgotsa go gana molao

E tshwanetse go leba le go sekaseka Melaotlhomo yothe ya bosethaba. 

E ka dira kgotsa ya baakanya Melaotlhomo e e welang ka fa gare ga ejule 4 ya Molaotheo (merero eo  lekgotlapeomolao ya bosethaba le makgotlapeomelao a diporofense di tshwaraganelang maatla a go dira molao) le melaotlhomo e e rileng e e amang diporofense. 

Bontsi jwa tiro ya go dira melao e dirwa ke dikomiti, fela Melaotlhomo yotlhe e tshwanetse go isiwa kwa kokoanong ya NCOP go ka ngangisanwa ka yona le go e boutelwa gore  e a amogelwa kgotsa e a ganwa.

E na le maikarabelo  a semolaotheo go mekamekana le mefuta e le meraro ya Melaotlhomo:

Melaotlhomo e e  sa ameng diporofense:

Melaotlhomo e e sa ameng diporofense ke eo e amanang le ditiro tsa bosethaba, jaaka pabalesego, merero ya kwa ntle, le boatlhodi.

Fa Melaotlhomo e e jalo e fetisetswe ke Kokoanobosethaba, e e isiwa kwa NCOP gore e boutelwe.

Fa NCOP e batla go dira diphetogo mo Molaotlhomong, e boela gape kwa go Kokoanobosethaba, eo e ka amogelang kgotsa ya gana diphetogo.



Melaotlhomo e e amang diporofense ka tlhamalalo:

Dikao tsa Melaotlhomo e e amang diporofense e tsenyeletsa thuto, dipalangwa, le boitekanelo.

Bontsi jwa Melaotlhomo e ka itsisiwe kwa NCOP ke nngwe ya Dintlo tse pedi; fela go na le Melaotlhomo e e tshwanetseng go simolola kwa Kokoanobosethaba.
Fa go boutelwa Melaotlhomo e kwa NCOP, porofense e nngwe le e nngwe e na le boutu e le nngwe.

Fa go na le go sa dumelane magareng ga NA le NCOP ka ga Molaotlhomo o o amang diporofense, Molaotlhomo o tla romelwa kwa Komiting Tsereganyo.


Melaotlhomo  e e tlhabololang Molaotheo:

Fa Molaotlhomo o tlhabolola kgotsa o fetola molaotheo o o amang diporofense ka tlhamalalo, bonnye diporofense di le thataro mo go di le robonngwe mo NCOP di tshwanetse go dumela.

Fa Molaotlhomo o o tlhabololang molaotheo o sa ame diporofense ka tlhamalalo molaotheo o tlhoka NCOP go ngangisana ka Molaotlhomo (kwa ntle le go bouta) pele o ka fetela kwa NA go boutelwa.


2. Mosola ya go ela maemo tlhoko

Go ela maemo tlhoko ke thata ya semolaotheo e e neyang Palamente ( go tsenyeletsa Makgotlapeomolao a Diporofense) go netefatsa le go ela tlhoko ditiro tsa puso.

NCOP ela maemo tlhoko  maphata a bosethaba a amang diporofense le dipuso selegae.

NCOP e ka kopa leloko la Kabinete, moofisiri mo pusong ya  boetshaba kgotsa mo pusong ya porofense go nna gona mo kopanong ya Khansele kgotsa ya komiti ya Khansele.

Baemedi  ba NCOP ba ka botsa ditona tsa Kabinete dipotso tseo di tshwanetseng go arabiwa kwa NCOP.

NCOP kgotsa nngwe ya dikomiti tsa yona di ka amogela diphetiene, kemedi  kgotsa ditlhagiso go tswa go ditheo kgotsa batho bangwe le bangwe ba ba nang le kgatlhego.

NCOP e etela baagi go ela maemo tlhoko le go netefatsa gore ba bona tshedimosetso ka tlhamalalo ka ga ditlhoko le dikgwetlho tsa batho. 


Dikomiti tsa NCOP
Dikomiti tsa  NCOP di bidiwa Dikomiti tse di kgethegileng, sekao, Komiti e e kgethegileng ya tsa Dintlo, Ditiro tsa Sethaba le Dipalangwa. 

Komiti e nngwe le e nngwe e sala morago tiro ya mafapha a a rileng a puso. Komiti gape e ngangisana le go tlhabolola Melaotlhomo, le go rulaganya ditheetso tsa phatlhalatsa fa go na le ntlha e e amang sethaba.

Dikomiti di ka bitsa mongwe le mongwe go neela ka bopaki kgotsa go tlhagisa ditokomane, mme ba ka kopa setheo kgotsa motho mongwe le mongwe go neelana ka pego go bona.

Fa go setse go tshwerwe dingangisano tsa molaotlhomo ke komiti, o isiwa kwa NCOP gore o boutelwe.

Kemedi  nngwe le nngwe ya porofense e na le boutu e le nngwe go tlhopha mo boemong jwa porofense ke moeteledipele wa kemedi .


Mosola wa Maloko a Sethaba mo eleng maemo tlhoko

Maloko a sethaba a ka nna le seabe se se mosola mo go eleng maemo tlhoko ka go netefatsa gore puso e arabela ditlhoko tsa batho. Tseno ke dingwe tsa ditsela tse di ka dirisiwang:

1. Dira Tshwaelo
Tshwaelo go komiti ya Palamente ke tsela nngwe ya go dira gore lentswe la gago le utlwagale kwa Palamenteng. 
Ka go dira tshwaelo, o na le thono ya tshosometso ya maikutlo a maloko a komiti ba ba buisanang le go ngangisana ka karolo e e rileng ya molao pele o ka wediwa.
2. Phetiene:
Phetiine ke tsela ya go tlisa ngongorego kgotsa go tlhagisa ntlha ya matshwenyego a sethaba go Palamente gore e tsaye dikgato go ya ka dithata tsa yona.
Tshwanelo ya go neelana ka phetiine go Palamente ke tshwanelo ya moagi mongwe le mongwe wa naga mme e gona le mo Molaotheong wa rona. 
Motho mongwe le mongwe, ditlhopha kgotsa mokgatlho o na le tshwanelo ya go neelana ka phetiene go Palamente.
3. Ikgolaganye le Leloko la Palamente
Maloko a sethaba a ka ikgolaganya le bo MP mo dikantorong tsa kgaolotlhopo go kgabaganya naga kgotsa Palamente fa o batla go iponela tshegetso ya bona ka ntlha e e go tshwenyang kgotsa fa o tlhoka thuso ka bothata jo bo rileng. 




