
Ntlokokoano Bosethaba

PALAMENTE YA REPHABOLIKI YA AFORIKA BORWA

Palamente e na le Dintlo tse pedi, e leng Ntlokokoano Bosethaba le Lekgotla la Bosethaba la Diporofense.


NTLOKOKOANO BOSETHABA (NA)

Ntlokokoano Bosethaba (NA) e tlhophiwa mo dingwageng di le tlhano mo ditlhopong tsa naga.
Ka nako ya ditlhopho, batlhophi ba tlhopha kemedi e ba e  ratang ka go tlhopha makoko  a sepolotiki a ba a ratang.


TIRO YA NTLOKOKOANO BOSETHABA

Ntlokokoano Bosethaba e laelwa ke molaotheo go:

Tiro ya go thea molao
Nngwe ya ditirokgolo tsa Ntlokokoano Bosethaba(NA) ke go dira melao e naga e busiwang ka yona.
.
Ntlokokoano Bosethaba e romela Melaotlhomo kwa Dikomiting go ntshetswa pele le go buisana.
.
Ntlokokoano Bosethaba e ka amogela,ya gana kgotsa ya busetsa Molaotlhomo morago kwa Dikomiting go tsweletsa dipuisano.

Tiro ya Tekolo
Palamente e na le boikarabelo jwa go sekaseka,go lekola le go baa leitlho ditiro tsa puso kgotsa karolo nngwe le nngwe ya Puso mabapi le tiragatso ya melao,tiragatso ya tekanyetsokabo le kobamelo ya Molaotheo.

Palamente e rwesa Bokhuduthamaga boikarabelo jwa go atlanegisa tekanyetso kabo ka go botsa dipotso tsa Palamente,go nna le dipuisano tsa palamente mabapi le dintlha tse di botlhokwa le ka go tshisinya go boutela ditshitshinyo tsa  dintlha tse di amanang le tiro ya puso.

Tlhopho ya Moporesidente
Ntlokokoano Bosethaba e na taelo ya molaotheo go tlhopha Moporesidente wa Aforika Borwa go tswa mo Malokong a yona.

KAGEGO YA NTLOKOKOANO BOSETHABA

Ntlokokoano Bosetshaba e na le Maloko(MPs) a le 400 a Palamente a a tlhophilweng.
Maloko a   Ntlokokoano Bosethaba a tlhophiwa ka mokgwa wa palo ya kemedi.
Pele go ditlhopho, lekoko lengwe le lengwe le thala lenaane la  bontlhopheng go ya ka go tatelano ya maina .Bontlhopheng bano. ba tlhopiwa go ya ka palo ya diboutu tse lekoko le di gapang mo ditlhophong. Sekai,fa lekoko  le gapa halofo ya diboutu, le tla tsaya halofo ya ditulo mo Ntlokokoano Bosethaba


BATLHANKEDI BA NTLOKOKOANO BOSETHABA

Batlhankedibakaedi
Mo kopanong ya ntlha ya Ntlokokoano Bosethaba ,Maloko a Ntlokokoano Bosethaba a tlhopha Batlhankedibakaedi ba Ntlo.
The Presiding Officers are entrusted to run the affairs of the NA.
Batlhankedibakaedi ba fiwa dithata tsa go tsamaisa merero ya Ntlokokoano Bosethaba.
Mmusakgotla le Motlatsa Mmusakgotla ba Palamente ba tsamaisa dikopano tsa Ntlokokoano Bosethaba.
Ba netefatsa  go re Maloko a Palamente a bua ka kgololosego,fela ba latela melao ya Ntlo.

Badulasetilo ba Ntlo
Melao ya Ntlo e letla Badulasetilo   go thusa Bakaedibatlhankedi   go dira tiro ya bona. Badulasetilo ba solofetswe go tsamaisa dikopano tsa Ntlo.

Ditiro tsa Badulasetilo di akaretsa:
Go gokaganya ditiro tsa dikomiti
Go baakanya dipegelo ka ga molao
Go gokaganya ditiro tsa tekolo tsa Dikomiti
Go neelana ka thuso ya sepolotiki le togamaano go Babusakgotla.

Dimedigolo
Lekoko lengwe le lengwe  la sepolotiki la  Ntlokokoano Bosethaba le tlhopha Seme Segolo go tsamaisa merero ya lona..
 Dime di tlhokomela Maloko a makoko a tsona.

Moeteledipele wa Ditiro tsa Puso.
Moporesidente o tlhopha Moeteledipele wa Ditiro tsa Puso yo o dirisanang le batlhankedi ba Matlo ka bobedi.
Moeteledipele wa Ditiro tsa Puso o rwala boikarabelo jwa go tlhokomelo dikgatlegelo  tsa Kabinete le Ditiro tsa Palamente.
Moeteledipele wa  Ditiro tsa Puso o netefatsa go re Maloko a Kabinete a dira tiro ya bona ya palamente.


DIKOMITI TSA NTLOKOKOANO BOSETHABA

Bontsi jwa tiro ya Ntlokokoano Bosethaba bo diragatswa kwa Dikomiting.
Dikomiti tsa Ntlokokoano Bosethaba  di bidiwa Dikomoti tsa tiro ya Lefapha.
Tiro ya komiti nngwe le nngwe e amana le lefapha la puso le le maleba. Sekai  Dikomoti tsa tiro ya Lefapha la  Kgwebisano  le Madirelo le dira ka dintlha tsotlhe tse di amanang le lefapha leno.
Komiti nngwe  le nngwe e nale  Modulasetulo go netefatsa tsamaiso ka thelelo.
Dikomoti tsa tiro ya Lefapha di  na le maikarabelo a dipuisanong,dingangisano  le go fetola Melaotlhomo.
Dikomiti di ka tshwara Ditheetso tsa Phatlhalatsa mabapi le molao kgotsa tse di amanang le one. 
Dikomiti gape di na le boikarabelo jwa go baa leitlho le go lekola ditiro tsa mafapha a puso.


GO TSAYA KAROLO GA SETHABA

Go ya ka Molaotheo,Palamente e gapeletsega go akaretsa sethaba go dira molao le ditsamaiso tsa yona.
.
Dikomoti tsa tiro ya Lefapha di gapeletsega go buisana le sethaba go re ba kgone go neelana ka ditshwaelo ka Molaotlhomo go reetsetsa maikutlo a bona mabapi le dintlha tse di botlhokwa tsa naga.
.
Sethaba se rotloediwa go tsaya karolo ka botswapelo  fa Dikomiti di tshwara Ditheetso tsa Phatlhalatsa.

Batho kgotsa ditlhopa ba rotloetswa go neelana ka maikutlo a bona ka mokgwa wa go  kwala kgotsa go bua  ka molomo ka ga  dintlha tse di ba amang.

Sethaba se na le tshwanelo ya go tsaya karolo mo tsamaisong le ditiro tsa Palamente ka go:

	Go tsenela dikopano tsa Dikomoti tsa tiro ya Lefapha.
Go ikgolaganya le Maloko a Palamente  a a dirang mo go  Ntlokokoano Bosethaba go botsa kgotsa go kopa tshedimosetso mabapi le tiro ya bona mo Palamenteng.
  
Go tsenela Ditheetso tsa Phatlhalatsa tse di tshwarwang ke Dikomoti tsa tiro ya Lefapha.
    
Go nna teng mo dipuisanong tsa Ntlo.sk.. Boutu ya Tekanyetso Kabo
    
Go ipelaetsa ka go kwalalela Palamente ka dintlha tse di ba tlhobang boroko.Go ipelaetsa go tshwanetse go nna le tshegetso ya  Leloko la Palamente.


E tlhagisitswe ke  Public Education Office
Parliamentary Communication Services
INSPIRED BY PEOPLE

www.parliament.gov.za
P.O. Box 15, Cape Town, 8000
mogala:	(021) 403 3341
Fekese:	(021) 403 3303

.Tokomane  e,  e tlhagelela  ka maleme otlhe a semolao a Aforika Borwa
