Palamente le Bokgokaganyi ba khiro ya badiri


BOKGOKAGANYI BA KHIRO YA BADIRI KE ENG?

Bokgokaganyi ba khiro ya badiri ke mokgwa oo motho kgotsa khamphani e  thapang badiri ba nakwana ka go ba neela mongtiro kgotsa khampani e ba e direlang gore motho yoo a ba kgokaganyang kgotsa khamphani eo e ba kgokanyang e iponele madi e le mokgwa wa tefo. Mokgokaganyi wa khiro ya badiri ke motho kgotsa khamphani  e e neelang ka tirelo e.

Bokgokaganyi ba khiro ya badiri bo tshwana fela le se ga jaana se bidiwang Ditirelo tsa Thapo ya Nakwana (TES). Go nnile le kgolo e e bonalang mo seketareng e, naga ka bophara.Nngwe ya dikao tsa bokgokaganyi ba  khiro ya tsa badiri le TES di  tlhageletse mo temothuong gonne balemirui ba batla badiri ba tlaleletso ka nako ya go kotula.. Ka jalo badiri ba ne ba thapiwa le go kobiwa ke molemirui a ikaegile ka ditlhoko tsa bona tsa ditlha. Moragonyana, bakgokaganyi ba khiro ya badiri ba ne ba tsena go neelana ka ditirelo tsa ditlhopha tsa bakgetlhi kgotsa bakotudi. Kgolo e ya ka bonako ya TES mo lefelong la segompieno la tiro e tlhotlhelediwa ke ditopo tsa diphethene tse di oketsegileng tsa thapo tse di etang di fetogafetoga, go amogela, sekao:
Badiri bao ba sa iponatseng  ditirong, mo lebakeng (le le rulaganyeditsweng pele) le le khutshwane kgotsa le le telele 
Diphetogo tsa ditlha tse di tlhotlholetswang ke topo ya dikuno.
Tlhokego e khutshwane ya badiri ba ba nang le bokgoni jo bo sa bonweng bonolo.

Go na le molao o o amang intaseteri ya bokgokaganyi ba khiro ya badiri. Le fa go se ope yo o ka gapeletswang go dirisa bokgokaganyi ba khiro ya badiri, fela go mo setlwaeding go batho bao ba nang le bokgoni jo bo tlhaelang, jaaka badiri ba dipolaseng ba ba dirang ka ditlha, go ka itemogela mathata a go bona tiro kwa ntle ga go dirisa mokgokaganyi wa khiro ya badiri.


KE MOLAO OFE O O AMANG BOKGOKAGANYI BA KHIRO YA BADIRI

Molao o o amang bokgokaganyi ba khiro ya badiri o tsenyeletsa:

Molao wa Dikamano tsa Badiri
Molao wa Maemo a Thapo ya Motheo
Molao wa Tlhabololo ya Bokgoni
Molao wa Phimola keledi ya Malwetsi le Dikgobalo tsa mo tirong


Molao 66 wa 1995 wa Dikamano tsa Badiri.


Molao wa Dikamano tsa Badiri o tlhalosa melawana le maemo a ditirelo tsa thapo ya nakwana. E dira gore go nne le maemo a go tsena mo konterakeng le bakgokaganyi ba khiro ya badiri. Go ya ka Molao o, mokgokaganyi wa khiro ya badiri le moamogedi wa tirelo ka bobedi, ba tshwanetse go dumelana le melao ya tsa badiri. Fela jaaka kgwebo e nngwe le e nngwe, bakgokaganyi ba khiro ya badiri ba ka se kgone go iphaposa mokgwa mongwe le mongwe wa molao wa badiri.

Molao 75 wa 1995 wa Maemo a Thapo ya Motheo


Molao wa Maemo a Thapo ya Motheo (BCEA) o neelana ka bonnye ditlhoko tseo bathapi ba tshwanetseng go di fitlhelela fa ba tsenela konteraka le badiri. Konteraka nngwe le nngwe e e saenilweng magareng ga mothapi le modiri ga e a tshwanela go se obamele BCEA.

 Molao  97 wa 1998 wa Tlhabololo ya Bokgoni

Molao wa tlhabololo ya bokgoni o tlhoka motho mongwe le mongwe kgotsa kgwebo, yo o eletsang go neelana ka ditirelo tsa thapo go ka kwadisiwa. Baneedi ka ditirelo tsa thapo sk. bakgokaganyi ba khiro ya badiri, ba ka kwadisiwa fela fa ba kgona go fitlhelela tse di rileng tse di umakilweng mo Molaong.

Molao 130 wa 1993 wa Phimola keledi ya Malwetsi le Dikgobalo tsa mo Tirong


Go ya ka molao o, badiri ba tshwanetse go phimolwa keledi mabapi le bogole kgotsa kgobalo nngwe le nngwe e ba ka e bonang kgotsa bolwetsi jo ka bo bonang e le ka ntlha ya ditlamorago tsa maikarabelo a ditiro tsa bona. Molao o neelana gape ka phimola keledi e tebang le loso e le ka ntlha ya ditlamorago tsa dikgobalo kgotsa bolwetsi jo bo jalo.

DINGWE TSA DINTLHAKGOLO MABAPI LE BOKGOKAGANYI BA KHIRO YA BADIRI

Bakgokaganyi ba khiro ya badiri ba bua fa bona e se bathapi, fela e le baamogedi ba ditirelo ba bona e le bona bathapi sk. balemi. Ka fa letlhakoreng le le lengwe dikhamphani tse di dirisang ditirelo tsa bakgokaganyi ba khiro ya badiri ba bua fa bakgokaganyi e le bona bathapi. Seno se bakile go etsaetsega mo go badiri bao ba iphitlhelang ba le mo gare ga ditlhakantsuke tse.
Badiri ba ba thapiwang ka go dirisa bakgokaganyi ba khiro ya badiri, ba ka iphitlhela ba le mo kotsing e kgolwane fa ba ka gobala mo tirong. Ke mang yo o tla rwalang maikarabelo a dintlha tse di amanang le boitekanelo le pabalesego le phimola keledi ya dintlha tse di amanang le se?
Le fa e le gore bokgokaganyi ba khiro ya badiri bo neelana ka dithono tsa tiro go badiri ba nakwana, ditshwanelo tsa tiro ya nakwana di ka tlhola go tlhaela fa di bapiswa le ditshwanelo tse badiri ba leruri ba nang natso jaaka maikhutso, megolo le phenene.
Badiri ba nakwana ka gale ba lopiwa go saena tumelano ya gore fa o sa dire ga o duelwe mme e na le ditshwanelo tsa tiro tse di tlhaelang go na le tsa badiri ba leruri.

LETSHOLO LA TSIBOSO YA DITIRO TSE DI AMOGELESEGANG: LE TSENYELETSA ENG?

Mokgatlho wa Bodithabathaba wa Badiri (ILO) le maloko a ona ba tlhamile kakanyo ya ditiro tse di amogelesegang. Maloko a tsenyeletsa dipuso, mekgatlho ya badiri le bathapi. ILO e tshegeditse Lenaneo la Ditiro tse di amogelesegang go tloga ka 1999. Maikaelelo a Lenaneo ke go tsweletsa morero wa tlhabologo le go lwantsha bohuma.

Maikaelelo a ditiro tse di amogelesegang ke:

modiri mongwe le mongwe a bone lotseno leo le mo letlang go nna le botshelo jo bo botoka.
thono e e lekalekanang ya tlhabololo ya motho.
megatlo ya badiri e tla letlelelwa go latlhela tlhware legonnyana mo mererong ya tsa tiro.

Lenaneo la ditiro tse di amogelesegang le fitlhelelwa ka maikaelelo a le mane a togamaano

Go tlhama ditiro.
Go lemoga le go sireletsa ditshwanelo kwa tirong.
Go atolosa tshireletso ya loago, k.r.g go banna le basadi ba nne le tiro e e babalesegileng le go duelelwa tiro e ba e dirileng.
Go tsweletsa puisano le tharabololo ya dikgotlhang, k.g.r go dira gore mekgatlho ya badiri e tshameke karolo e e botlhokwa mo go efogeng dikgotlhang tsa mo tirong.


Ke diintaseteri dife tse di amilweng thata ke bokgokaganyi ba khiro ya badiri?

Diintaseteri tse di amilweng thata ke bokgokaganyi ba khiro ya badiri ke:

Kago
Bathusi ba mo matlong
Badiri ba dipolase
Go tshwara ditlhapi
Dijo le dino
Tshipi le enjinere
Intaseteri ya dikoloi
Borekisi

Palamente le bokgokaganyi  ba khiro ya badiri

Go ya ka karolo ya Palamente ya go tsamaisa merero e e kwa setlhoeng sa sethaba, Palamente e ka rata go utlwa dikakanyo tsa baamegi, go tsenyeletsa le mekgatlho ya badiri, sethaba le bakgokaganyi ba khiro ya badiri ka ga bokgokaganyi ba khiro ya badiri.

Nna karolo ya sona!

Tsenela ditheetso mme o reediwe, kgotsa romela ditshwaelo tsa gago go: The Committee, Albertina Kakaza.
P O Box 15, Parliament, Cape Town, 8000 kgotsa Mogala (021) 403 3765, Fekese: 086 694 3529


PONELOPELE

Go aga palamente e nonofileng ya batho, e tsibogelang ditlhoko tsa batho tse di kgweediwang ke maikaelelo a temogo ya botshelo jwa boleng jo bo tokafetseng jwa batho botlhe ba Aforika Borwa.

E tlhagisitswe ke Kantoro ya Thuto ya Sethaba, Ditirelo tsa Tlhaeletsano tsa Palamente.

E rotloeditswe ke batho

Etela webosaete ya Palamente ya rona www.parliament.gov.za, Nomoro ya mogala :021 403 2911, Fekese: 021 403 3817 
