REPHABOLEKI YA AFORIKA BORWA















MOLAO-KAKANYWA WA BOSIAMISI WA NGWANA















(Jaaka o tlhabolotswe ke Komiti  ya Tiro e e nang le Maikarabelo mo go tsa

Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo

( Kokoano Bosetšhaba)









(Moraba wa Seesimane ke moraba wa semmuso )















(TONA YA BOSIAMISI LE TLHABOLOLO YA MOLAOTHEO)































[B 49D—2002] 						ISBN 978-1-77037-509-3

Palo ya dikhophi tse di gatisitsweng                      ............................... 1 800



                                                  MOLAOTLHOMO





Go tlhoma mokgwa wa tsamaiso ya bosiamisi  e e malebana le bana, ba ba kgatlhanong le molao mme ba latofadiwa ka ditlolomolao, go ya ka fa mokgweng o o botlhokwa wa go tshegetsa Molaotheo le maitlamo a boditšhabatšhaba a Rephaboleki; go neelana ka selekanyo sa bonnye jwa dingwaga tsa go nna le kitso ya bosenyi mo baneng; go neelana ka mokgwa wa go sekisa bana ba ba se nang kitso ya bosenyi, o o sa diriseng tsela ya tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi; go tlhoma dithulaganyo tse di itlhaotseng tsa go bona gore bana ba ba jalo ba ya kwa kgotlatshekelo le go ba golola kgotsa go ba tlhatlhela le go ba baya mo lefelong le le rileng; go tlhoma thulaganyo ya tshekatsheko ya bana; go dira dithulaganyo tsa go tshwarwa ga dipatlisiso pele ga tsheko le go akaretsa mokgwa o o botlhokwa wa go faposa tsheko mo tseleng e e tlwaelegileng ya tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi, mo mabakeng a a tshwanetseng; go dira dithulaganyo tsa dikgotlatshekelo tsa bosiamisi tsa bana tse di tla reetsang ditsheko tsotlhe tsa bana ba dikgetse tsa bona di sa faposiwang mo tshekong; go oketsa ditsela tse di leng teng tsa kotlhao tsa bana ba ba bonweng molato; go tlhoma mokgwa wa kakanyo e e seng bonolo ya go fetolwa ga tiragatso ya bosiamisi mo tsamaisong ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi mabapi le bana ba ba tlotseng molao; le go dira ka dikgetse di tshwana le tsona.  



                                                           MATSENO



MO GO LEMOGENG —	



gore pele ga ngwaga wa 1994, Aforika Borwa, jaaka naga, ga e ise e neele bana ba le bantsi ba yona, segolo-thata bana ba batho-bantsho, tšhono ya go tshela le go itshola jaaka bana, mme ebile gape gore bana bangwe, ka ntlha ya maemo a ba iphitlhelang ba le mo go ona, ba ne  ba iphitlhela ba tlotse molao; 



MME GO GOPOLA LE GO AKANYA gore —



Molaotheo wa Rephaboleki ya Aforika Borwa, wa ngwaga wa 1996, jaaka molao o motona wa Repaboliki, o ne wa  simolola go dirisiwa mo go ageng setšhaba se se tshelelang mo mekgweng ya setemokerasi, tshwanelo ya motho mongwe le mongwe ya go nna le kabelo mo khumong ya naga, tekatekano le ditshwanelo tsa botho tse di botlhokwa le go tlhabolola boleng jwa maphelo a batho ba botlhe ba yona le kgololo ya boleng jwa motho mongwe le mongwe ka tsela e e ka kgonagalang;

Molaotheo, mo ponelongpele ya phokotso ya ditshwanelo tse di botlhokwa mo mabakeng mangwe, o gatelela botlhokwa jwa dikgatlhegelo tsa bana, mme o bo o di beela kwa thoko go di naya tshireletso e e itlhaotseng, go neela bana ba ba tlolang molao tshireletso, gareng ga dingwe, tshwanelo ya—

*	gore ba se tlhatlhelwe, kwa ntle ga fa go lekilwe ka gotlhe gore go se nne jaalo mme go sena se se ka thibelang seno, mme fa ba tlhatlhetswe, e nne lobaka le le khutshwanyane fela, le le matshwanedi;

*   gore ba tsholwe ka tsela le go bewa mo maemong a a tseelang tlhogong

     dingwaga tsa ngwana;

*    go se kopanngwe le bagolo, le go aroganya basimane mo basetsaneng, fa ba tlhatlhetswe;

*	kgotsa go ba baya mo tlhokomelong ya losika, batsadi kgotsa tlhokomelo nngwe; e e maleba;  

*   	go ba sireletsa mo tshwarong-botlhaswa, tlhokomologo, tshotlako kgotsa 

     lonyatso; le

*  	go se ba dirise ditiro tse di ka tsenyang matshelo a bona, thuto, boitekanelo ba tlhaloganyo kgotsa mewa ya bona, kgolo ya thotloetso le go phela mo setšhabeng, mo kotsing, mme

molao wa gajaana o o kwadilweng mo bukeng ya molao, ga o sireletse dikgatlhegelo tsa bana ba ba robang molao ka tsela e e akaretsang dintlha tsotlhe tse di tseelang tlhogong gore bana ba utlwisiwa botlhoko bonolo le gore ba na le ditlhokego tsa bona tse di itlhaotseng;



MME GO DUMELA GORE—

•  go na le bokgoni, didiriswa le taolo e e gagametseng mo Pusong tse di ka

•    tlhokang togamaano e e okeditsweng ya go tsenya tirisong tsamaiso  e ntšha ya 

•   bosiamisi kgatlhanong le bosenyi  ya bana;   



KA JALO MAIKAELELO A MOLAO ONO KE GO—



•  tlhoma tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi, e e leng ya bana ba ba  

      tlotseng molao, go ya ka fa mekgweng ya Molaotheo le ka fa ditsholofetsong

      tsa boditšhabatšhaba, ka, gareng ga  tse dingwe, go tlhoma tsamaiso eno e e 

      botlhokwa e ntšha, ya tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi ya bana, 

      kgonagalo ya go faposa kgetse mo tshekong tse di akaretsang bana ba ba

      tlotseng molao mo tsamaisong ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi, mo  

      mabakeng a a tshwanetseng, fa bana ba, dikgetse tsa bona di sa   

      faposiwang mo tshekong, di tshwanetse go reediwa mo dikgotlatshekelo tsa 

      bana tsa tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi;		

•  katolosa le go diragatsa melao ya go diragatsa bosiamisi, mo tsamaisong ya 

bosiamisi kgatlhanong le bosenyi, ya bana ba ba tlotseng molao, fa go netefatswa gore ba tsaya maikarabelo mo melatong e ba e dirileng;

•  lemoga bonnete jwa ditlolo-molao tsa gajaana mo nageng le tlhokego ya go di      thibela pele di dirwa, ka go dirisa mokgwa o o maleba wa go tlhabolola le go   kopanya bana ba merafe yotlhe ka maikaelelo a go fokotsa kgonagalo ya go      boeletsa tlolo-molao; 

•  lekalekanya dikgatlhegelo tsa bana le tsa setšhaba, ka go tseela tlhogong 

      ditshwanelo tsa batswa-setlhabelo;

•  tlhoma koketso, mo go leng matshwanedi gona, ya mekgwa e e itlhaotseng, 

      mekgwa kgotsa ditsamaiso tse di dirisiwang fa bana ba tlola molao—



      	o  	gore ka kakaretso, go akangwe ka—

 * 	dikgato tsa nako e e fetileng, tse ebile ka dinako dingwe di neng di le              setlhogo, tse di neng dirwa kgatlhanong le bangwe ba bana ba;

 * 	ditla-morago tsa paka-telele tsa mokgwa o o sa sokamang wa bosiamisi kgatlhanong le bosinyi, o o siametseng ditlhokego tsa bana ba ba tlolang molao mo mabakeng a a tshwanetseng; le 

 * 	maitlamo a Aforika Borwa jaaka karolo ya boditšhabatšhaba le kgaolo ya didiriswa tse di mabapi le bana, go ya ka Tumalano ya semmuso ya kwa United Nations e e ka ga Ditshwanelo le Bophelo jo bo siameng jwa  Ngwana;



          	o  	mo mabakeng a a tlhamaletseng, ka go—



* 	tlhatlosa bonnye jwa dingwaga tsa go nna le kitso ya bosenyi mo              baneng;

* 	netefatsa gore ditlhokego tsa ngwana mongwe le mongwe yo o tlolang molao le maemo a gagwe, di a sekasekiwa;

* 	neelana ka mokgwa kgotsa ditsamaiso tse di itlhaotseng tsa go bona gore ba tlhagelela fa pele ga kgotlatshekelo, go gololwa kgotsa go tlhatlhelwa mmogo le go bewa mo lefelong le le rileng la bana;

* 	go tlhoma tsamaiso ya pele-ga-tsheko e e bonolo, ya go tlhoma dipotso, e e tsereganyang mo go konosetseng dikgetse mme seno se le ka fa dikgatlhegelong tsa bana ka go letla phaposo ya dikgetse mo tshekong tse di akaretsang bana, go tswa mo tsamaisong e e tlwaelegileng ya bosenyi, mo mabakeng a a leng matshwanedi;

 * 	tlhopha mongwe yo o tla tsayang tshweetso ya semolao mo dikgetseng tse di akaretsang bana tse di sa faposiwang mo tshekong kwa kgotlatshekelo ya bana; le

 * 	neelano ka methalethale ya dikatlholo tse di maleba tse di siametseng ditlhokego tsa bana.   

 	 

                      

        

      	  










Ka jalo PALAMENTE ya Rephaboleki ya Aforika Borwa e rebola molao jaana:—



TLHAGISO YA DITENG



KGAOLO YA 1



DITLHALOSO, MAIKAELELO LE KAEDI YA DITAOLO TSA MOLAO



1.	 Ditlhaloso

2. 	Maikaelelo a Molao

3. 	Dikaedi tsa ditaolo



KGAOLO YA 2



TIRISO YA MOLAO, KITSO YA TLOLO-MOLAO YA BANA BA BA KA

FA TLASE GA DINGWAGA DI LE 14 LE MABAKA MANGWE A A KA GA

DINGWAGA



KAROLO 1: TIRISO YA MOLAO

4. 	Tiriso ya molao

5. 	Tsela ya go sekisa bana ba ba latofadiwang ka ditlolo-melao 

6. 	Bomasisi jwa ditlolo-molao



KAROLO YA 2: KITSO YA BOSINYI YA BANA BA BA KA FA TLASE

GA DINGWAGA DI LE 14



7. 	Bonnye jwa dingwaga tsa go nna le kitso ya bosenyi

8. 	Go tlholwa ga bonnye jwa dingwaga tsa go nna le kitso ya bosenyi

9. 	Tsela ya go sekisa ngwana yo o dingwaga tse di ka fa tlase ga 10

10. 	Tshweetso ya go tšhutšhisa ngwana yo o nang le dingwaga di le 10 kgotsa go       feta mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 14

11. 	Bosupi jwa kitso ya bosenyi



KAROLO YA 3: TEKANYETSO YA DINGWAGA, TLHOTLHOMISO YA

DINGWAGA LE PHOSO MABAPI LE DINGWAGA

12. 	Maikarabelo a lepodisi fa dingwaga tsa ngwana di sa netefadiwe

13. 	Tekanyetso ya dingwaga e e dirwang ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng batlola-molao go ya kwa kgolegelong

14. 	Tlhotlhomiso ya dingwaga e e dirwang ke magiseterata yo o dirang dipatlisiso        kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana

15. 	Tlhotlhomiso ya dingwaga e e dirwang ke kgotlatshekelo nngwe le nngwe

16. 	Phoso mabapi le dingwaga tsa ngwana yo o latofadiwang ka tlolo-molao



KGAOLO YA 3



KITSISO YA LEKWALO, DITAGAFARA LE TSHWARO



17. 	Ditsela tsa go tlisa ngwana kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga       tsheko

18. 	Kitsiso ya lekwalo ya go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko

19. 	Tagafara

20. 	Tshwaro



KGAOLO YA 4



KGOLOLO KGOTSA TLHATLHELO LE GO BAYA NGWANA MO LEFELONG LE

LE LE RILENG PELE GA KATLHOLO LE MABAKA A A TSHWANANG LE AO

KAROLO 1: KGOLOLO KGOTSA TLHATLHELO



21. 	Tsela e e tshwanetseng go latelwa fa go sekasekiwa kgololo kgotsa tlhatlhelo ya ngwana morago ga go tshwarwa

22. 	Kgololo ya ngwana ka kitsiso ya lekwalo mo tlhokomelong ya motsadi kgotsa       mogolo yo o tshwanetseng  kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao pele a tlhagelela lwa ntlha kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang  pele ga tsheko 

23. 	Tiro ya lepodisi fa le gololela ngwana mo tlhokomelong ya motsadi, mogolo      yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao 

24. 	Kgololelo ya ngwana mo tlhokomelong ya motsadi, mogolo yo o tshwanetseng       kgotsa go mo golola ka boene kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga       tsheko kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi jwa ngwana

25. 	Kgololo ya ngwana ka beili



KAROLO YA 2: PEO MO LEFELONG LE LE RILENG



26. 	Tsela e e latelwang fa go sekasekiwa go bewa ga ngwana mo lefelong le le       rileng

27. 	Ditlhopho tsa go bewa ga ngwana, mo lefelong le le rileng, yo a iseng a gololwe, pele ga go tlhagelela lekgetlho la ntlha kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko

28. 	Tshireletso ya bana ba ba tlhatlhetsweng kwa setokising sa mapodisi

29. 	Go bewa mo lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša 

30. 	Go bewa kwa kgolegelong

31. 	Phoso mabapi le go bewa mo lefelong le le rileng



KAROLO YA 3: MABAKA A A TSHWANETSWENG GO TSEELWA TLHOGONG KE MOREETSA-TSHEKO MABAPI LE TSWELOPELE YA GO

TLHATLHELA LE GO BAYA NGWANA MO LEFELONG LE LE RILENG LE MAEMO A  GO MO TLHATLHELA KWA LEFELONG LA DIPATLISISO TSE DI DIRWANG PELE GA TSHEKO KGOTSA KWA KGOTLATSHEKELO YA BOSIAMISI YA NGWANA



32. 	Mabaka a a tshwanetsweng go tseelwa tlhogong ke moreetsa-tsheko mabapi le tswelopele ya go tlhatlhela le go baya ngwana mo lefelong le le rileng, kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana

33. 	Maemo a go tlhatlhela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana



KGAOLO YA 5

TSHEKATSHEKO YA NGWANA



34. 	Tiro ya modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, ya go sekaseka bana 

35. 	Maikaelelo a tsheka-tsheko

36. 	Go tshola mo sephiring tshedimisetso e e bonweng ka nako ya tsheka-tsheko

37. 	Lefelo kwa tsheka-tsheko e tshwanetsweng go dirwa kwa go lona

38. 	Batho ba ba tshwanetseng go nna teng fa go dirwa tsheka-tsheko

39. 	Dithata le ditiro tsa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong

40. 	Ripoto ya tshekatsheko e e dirilweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong



KGAOLO YA 6



PHAPOSO YA KGETSE MO TSHEKONG E E DIRWANG KE MOTŠHUTŠHISI

MABAPI LE DITLO-MOLAO TSE DI POTLANA



41. 	Phaposo ya tsheko e e dirwang ke motšhutšhisi mabapi le ditlolo-molao tse di kailweng mo Setlhopheng sa 1 sa ditlolo-molao

42. 	Tlhopho ya phaposo ya kgetse mo tshekong e tshwanetswe go dirwa taelo ya       kgotla



KGAOLO YA 7



DIPATLISISO TSE DI DIRWANG PELE GA TSHEKO



43. 	Mokgwa le maikaelelo a dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko

44. 	Batho ba ba tshwanetseng go nna teng kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko

45. 	Go tshola mo sephiring tshedimosetso e go neelanweng ka yona kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko

46. 	Go sa tlhagelele kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko

47.  	Tsamaiso e e mabapi le go tshwarwa ga dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko

48. 	Go busediwa morago ga theetso ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko

49. 	Ditaelo tse di dirwang kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko

51. 	Go fetisediwa ga bana ba ba tlhokang tlhokomelo le tshireletso kwa kgotlatshekelo ya bana



KGAOLO YA 8



PHAPOSO YA KGETSE MO TSHEKONG



51. 	Maikaelelo a phaposo ya kgetse mo tshekong

52. 	Go akanya ka ga phaposo ya kgetse mo tshekong

53. 	Mefuta ya diphaposo tsa kgetse mo tshekong

54. 	Tlhopho ya mofuta wa phaposo ya kgetse mo tshekong

55. 	Maemo a tekanyetso a a dirisiwang mo phaposong ya kgetse mo tshekong

56. 	Neelano le tetla ya semmuso ya diporograma tsa phaposo ya kgetse mo       tshekong le baneelana ka tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong 

57. 	Tlhokomelo ya go bona gore motho o latela ditaelo tsa phaposo ya kgetse mo       tshekong

58. 	Go sa latele ditaelo tsa phaposo ya kgetse mo tshekong

59. 	Ditlamorago tsa semolao tsa phaposo ya kgetse mo tshekong

60. 	Rejisetara ya bana ba go dirilweng taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong,        kgatlhanong le bona

61. 	Kopano ya setlhopha sa balelapa

62. 	Botsereganyi magareng a motswa-setlhabelo le motlola-molao



KGAOLO YA 9



TSHEKO KWA KGOTLATSHEKELO YA BOSIAMISI YA NGWANA



63. 	Dikgotlatshekelo tsa bosiamisi tsa ngwana le tsamaiso ya tsheko e e akaretsang bana

64. 	Go romelwa ga bana ba ba tlhokang tlhokomelo le tshireletso kwa 

	kgotlatshekelo ya bana

65. 	Thuso ya motsadi

66. 	Tekanyetso ya nako mabapi le go busediwa morago ga dikgetse

67. 	Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e ka faposa kgetse mo tshekong



KGAOLO YA 10



GO NTSHIWA GA KATLHOLO



KAROLO 1: KAKARETSO



68. 	Ngwana yo o tshwanetsweng go atlholwa go ya ka Kgaolo eno

69. 	Maikaelelo a katlholo le mabaka a go tshwanetsweng go akangwa ka ga ona

70. 	Ditlamorago tsa tlolo-molao mo go motswa-setlhabelo

71. 	Diriporoto tsa pele go ntshiwa katlholo



KAROLO YA 2: MEFUTA YA KATLHOLO



72. 	Dikatlholo tse di ikaegileng mo setšhabeng

73. 	Dikatlholo tse di busetsang go nna teng ga bosiamisi

74. 	Faene kgotsa dikatlholo dingwe mo boemong jwa faene 

75. 	Dikatlholo tse di akaretsang go nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya lefapha la tsa       tshiamiso

76. 	Katlholo ya kgapeletso ya go nna kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša

77. 	Katlholo ya go romelwa kwa kgolegelong

78. 	Pusetso-morago kgotsa go fegiwa ga katlholo

79. 	Go se latele ditaelo tsa dikatlholo tse di rileng



KGAOLO YA 11



MOEMEDI WA SEMOLAO



80. 	Ditlhokego tse baemedi ba semolao ba tshwanetseng go di diragatsa

81. 	Boemedi jwa semolao kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko

82. 	Mo mabakeng mangwe, ngwana o tshwanetswe go neelwa moemedi wa       semolao yo o duelelwang ke Puso

83. 	Mo mabakeng mangwe, ngwana ga a tshwanela go gana go dirisi ditshwanelo       tsa gagwe tsa go nna le moemedi wa semolao 



KGAOLO YA 12



DIAPHILI LE TLHATLHOBO YA PONO-MOLATO LE DIKATLHOLO DINGWE KA NTLHA YA SENGWE SE SE DIRAGETSENG KA NAKO YA TSHEKO



84. 	Diaphili

85. 	Tlhatlhobo ya dikgetse dingwe ka ntlha ya se se diragetseng ka nako ya tsheko

86. 	Kgololo ka beili fa go santse go letilwe tlhatlhobo ya kgetse ka ntlha ya se se        diragetseng ka nako ya tsheko, kgotsa aphili



KGAOLO YA 13



DIREKOTO TSA PONO-MOLATO LE KATLHOLO



87. 	Go tloswa ga direkoto tsa dipono-molato dingwe le ditaelo tsa phaposo ya kgetse mo tshekong



KGAOLO YA 14

DITLHAGISO KA KAKARETSO

88. 	Melao ya kgotlatshekelo

89. 	Go tlhomiwa ga Mafelo a Bosiamisi jwa Bana le dithata tsa go reetsa dikgetse       tsa teng

90. 	Go fetisediwa ga tshedimosetso mabapi le dingwaga kwa Lefapheng la Ditirelo       tsa Selegae

91. 	Maikarabelo a go latlhegelwa ke lefa ka ntlha ya go latela ditaelo tsa phaposo ya kgetse mo tshekong

92. 	Bana ba ba dirisiwang ke bagolo go dira bosenyi

93. 	Togamaano ya Bosetšhaba ya melao

94. 	Tlhomo ya Komiti ya Motlhakanelwa

95. 	Dikopano tsa Komiti ya Motlhakanelwa

96. 	Maikarabelo, mediro le ditiro tsa Komiti ya Motlhakanelwa

97. 	Melawana, ditaelo, ditaelo tsa bosetšhaba le rejisetara

98. 	Dithulaganyo tsa diphetogo

99. 	Go phimola le go fetola melao

100. 	Setlhogo se se khutshwane le tshimologo





SETLHOPHA SA 1 SA DITLOLO-MOLAO



SETLHOPHA SA 2 SA DITLOLO-MOLAO



SETLHOPHA SA 3 SA DITLOLO-MOLAO



SETLHOPHA SA 4 SA DITLOLO-MOLAO



SETLHPHA SA 5 SA DITLOLO-MOLAO




KGAOLO YA 1



	     DITLHALOSO, MAIKAELELO LE KAEDI YA DITAOLO TSA MOLAO



Ditlhaloso



1. 	Mo molaong ono, kwa ntle ga fa tiriso e tlhalosa ka tsela nngwe—

“amogela maikarabelo” go tewa go amogela maikarabelo a tlolo-molao kwa ntle ga go dumela molato semmuso;

“mogolo” go tewa motho yo o nang le dingwaga di le 18 kgotsa go feta mme ga go akarediwe motho yo o umakilweng mo go molawana wa 4(2);

“mogolo yo o tshwanetseng” go tewa motho mongwe le mongwe yo e leng leloko  la balelapa la ngwana, go akaretsa monnawe yo a leng dingwaga di le 16 kgotsa go feta, kgotsa motlhokomedi yo go umakilweng ka ene mo molawaneng wa 1 wa Molao wa Bana;

“tshekatsheko” go tewa tshekatsheko ya ngwana e e dirwang ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go se ya kwa kgolegelong go ya ka mabaka a Kgaolo 5; 

“ngwana” go tewa motho mongwe le mongwe yo a leng ka fa tlase ga dingwaga 18, mo mabakeng mangwe motho yo a leng dingwaga di le 18 kgotsa go feta mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 21 yo tsheko ya gagwe e tsamaisiwang go ya ka molawana wa 4(2);

 “lefelo la tlhokomelo ya ngwana le moša” go tewa lefelo la tlhokomelo ya ngwana le moša le le umakilwang mo go molawana wa 191 wa “Children’s Act”);

 “kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana” go tewa kgotlatshekelo e e tlhomilweng go ya ka “Criminal Procedure Act”, tsamaiso ya kopo ya beili, go ikarabela mo tatofatsong, tsheko kgotsa katlholo ya ngwana

 “Molao wa Bana” go tewa “Children’s Act” wa 2005 (Molao wa 38 wa 2005));

 “kgotlatshekelo ya bana” go tewa kgotlatshekelo e e tlhomilweng ka fa tlase ga molawana wa 42 wa “Children’s Act”;

 “tirelo ya setšhaba” go tewa go direla mokgatlo wa setšhaba kgotsa tiro nngwe e e leng ya  boleng mo setšhabeng e ngwana a e dirang  kwa ntle ga tuelo;

 “Molaotheo” go tewa Molaotheo wa Rephaboleki ya Aforika Borwa wa 1996;

 “Molao wa Tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi” go tewa “Criminal Procedure Act” wa 1977 (Molao wa 51 wa 1997);

“go tlhatlhelwa” go akaretsa go tswalelelwa ga ngwana kwa lefelong la sepodisi, kwa kgolegelong kgotsa kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša pele a atlholwa, mme a neelwa diporograma tse di umakilweng mo molawaneng wa 191(2)(h) wa “Children’s Act”;

“Molaodi wa Bosetšhaba wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba” go tewa Molaodi wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba yo o tlhopilweng go ya ka molawana wa 13 wa “National Prosecuting Authority Act” wa 1998 (Molao wa 32 wa 1998), yo o dirang go ya ka ditaelo tse di ntshitsweng go ya ka Molao ono ke Molaodi wa Bosetšhaba wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba, fa go tlhokagalang teng kgotsa go ya ka molao mongwe le mongwe wa botšhutšhisi kgotsa go ya ka taelo ya molao o o umakilweng mo go molawana wa 21 wa “National Prosecuting Authority Act” wa 1998;

“phaposo ” go tewa go faposa kgetse e e akaretsang ngwana mo tshekong, go tswa mo tsamaisong e e tlwaelegileng ya kwa kgotlatshekelo mo kgetseng ya bosenyi, ka tsamaiso e e tlhomilweng ke Kgaolo ya 6 le Kgaolo ya 8;

“mofuta wa phaposo ya kgetse mo tshekong” go tewa mofuta o o umakilweng mo go molawana wa 53, mme e akaretsa porograma ya phaposo e e  umakiwang mo go molawana wa 56;

“moneelana ka tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong” go tewa moneelana ka tirelo yo a letleletsweng go ya ka molawana wa 56;

“motlhokomedi wa semolao wa ngwana” go tewa motlhokomedi wa semolao wa ngwana yo a umakiwang mo go molawana wa 1 wa Molao wa Bana;

“kopano ya setlhopha sa balelapa” go tewa kopano e e umakiwang mo molawaneng wa 61;

“moela-tlhoko yo o ikemetseng” , mo lobakeng la molawana wa 65(6), go tewa moemedi yo o tswang mo setšhabeng kgotsa mo mokgatlhong, kgotsa kgotla ya sepodisi ya setšhaba, yo o sa thapiwang leruri ke Puso mme yo leina la gagwe le tlhagelelang mo sekwalweng se se diretsweng lebaka leno, se se tla tsholwang ke magiseterata wa kgaolo nngwe le nngwe; 

“magiseterata yo o dirang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko” go tewa moreetsa-tsheko wa semolao yo o reetsang tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko;

“Mokgatlo wa Neelano ka Thuso ya Semolao” go tewa Mokgatlo wa Neelano ka Thuso ya Semolao o o tlhomilweng ka fa tlase ga molawana wa 2 wa “Legal Aid Act” wa 1969 (Molao wa 22 wa 1969);

“ngaka” go tewa ngaka e e  umakilweng mo molawaneng wa 1 wa “Children’s Act”;

“Molaodi wa Bosetšhaba wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba” go tewa motho yo o tlhophilweng go ya ka molawana wa 10 wa “National Prosecuting Authority Act” wa 1998 (Molao wa 32 wa 1998));

“Lefelo la Tirelo ya Bosiamisi jwa Ngwana” go tewa lefelo le le tlhophilweng go ya ka molawana wa 89;

“ntlu-lefitshwana kgotsa  setokisi sa mapodisi” go tewa lefelo lengwe le lengwe le le dirisediwang jaaka kamogelo kgotsa lefelo la go tlhatlhela motho yo o leng ka fa tlase ga tlhokomelo ya Lefapha la Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa kgotsa yo a tlhatlhetsweng ke Lefapha la Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa mme go akaretsa naga yotlhe, meago le mafelo a a gautshwane le lefelo lengwe le lengwe le le jalo mme a dirisetswa mabapi le se se jalo;

“lepodisi” go tewa leloko la Lefapha la Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa kgotsa la ditirelo tsa sepodisi tsa mmasepala tse di tlhomilweng go ya ka Molao wa Lefapha la Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, 1995 (Molao wa nomoro ya 68 wa 1995) (“South African Police Service Act” wa 1995 (Molao wa 68 wa 1995));

“dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko” go tewa dipatlisiso jaaka di kailwe mo Kgaolong ya 7

“tlhamilweng” go tewa tlhamilweng ka taelo e e dirilweng ka fa tlase ga molawana wa 97;

“moreetsa-tsheko” go tewa magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa molekgotla wa semolao yo reetsang tsheko kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana;

“kgolegelo” go tewa kgolegelo jaaka e tlhalosiwa mo go “Correctional Services Act” wa 1998 (Molao wa 111 wa 1998));

“modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong” go tewa motho yo o tlhophilweng jaaka modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, ka fa tlase ga molawana wa 2 wa “Probation Services Act” wa 1991 (Molawo wa 116 wa 1991));

“tiragatso ya bosiamisi” go tewa tsela e e dirisiwang mo bosiamising e e ikaelelang go akaretsa ngwana yo o tlotseng molao, motswa-setlhabelo, maloko a lelapa a a amegang le maloko a setšhaba, gore mmogo ba buisane ka ga dikutlwiso-botlhoko, ditlhokego le maikarabelo, ka mokgwa wa go amogela maikarabelo, tefo ya tatlhegelo, go tsaya dikgato tsa go thibela tiragalo e e jalo go diragala gape le go rotloetsa itshwarelano; 

“motho yo a leng matshwanedi” go tewa motho yo o nang le maemo a a rileng mo setšhabeng yo o nang le kgolagano e e itlhaotseng le ngwana, yo o supilweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, gore a dire ka fa  ditshwanelo tse di molemo tsa ngwana;

“letshwao la tuelo ya tatlhegelo” go tewa go naya sidiriswa se se neng se le sa ngwana, se se neng se dirilwe kgotsa se rekilwe ke ngwana, kgotsa go neelana ka tirelo nngwe le nngwe mo go motho yo a umakilweng, batho, setlhopha sa batho kgotsa setšhaba, mokgatlo o o neelanag ka dithuso jaaka  letshwao la go supa tuelo ka ntlha ya dikutlwiso-botlhoko tse di tlhodilweng ke ngwana;

“Molao ono” o akaretsa taelo nngwe le nngwe e e dirilweng ka fa tlase ga molawana wa 97;

“botsereganyi magareng a motswa-setlhabelo le motlola-molao” go tewa tsamaiso e e kailweng mo go molawana wa 62.



Maikaelelo a Molao 



2.  Maikaelelo a Molao ono ke—



(a) 	go sireletsa ditshwanelo tsa ngwana jaaka go tlhalosiwa ke Molaotheo

(b) 	thotloetso ya  mowa wa ubuntu mo tsamaisong ya bosiamisi jwa ngwana ka—

 (i)  	thotloetso ya go lemoga seriti le botlhokwa jwa ngwana

 (ii)   	go matlafatsa bana go tlotla ditshwanelo tsa botho le dikgololosego tse di botlhokwa tsa batho ba bangwe ka go ruta bana go tsaya maikarabelo a ditiro tsa bona, le go sireletsa dikgatlhegelo tsa batswa-setlhabelo le setšhaba; 

 (iii)  	go tshegetsa poelano ka mokgwa wa tsela ya tiragatso ya bosiamisi; le

 (iv)  	go akaretsa batsadi, malapa, batswa-setlhabelo le, fa go leng matshwanedi gona, maloko mangwe a setšhaba a a amilweng ke tlolo-molao mo ditsamaisong, go ya ka Molao ono, gore go rotloetswe go tlhakana ga bana ba merafe yotlhe;  

 (c)	go neelana ka maitsholo a a itlhaotseng mo baneng mo tsamaisong ya bosiamisi jwa bana jo bo dirilweng ka maikaelelo a go ba ntsha mo mokgweng wa tlolo-molao, mme seo se ka nna le seabe mo go nneng le setšhaba se se bolokesegileng, le go rotloetsa bana bano go nna bagolo ba ba mosola ba ba latelang molao; 

 (d)  go thibela bana gore ba se ke ba bewa mo maemong a a ka nnang le ditla-morago tse di sa siamang tsa tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi e e tlwaelegileng, ka go dirisa, fa go leng matshwanedi gona, mekgwa, ditsamaiso, ditirelo kgotsa ditlhopho tse di leng matshwanedi mo ditlhokegong tsa bana mme di le go ya ka Molaotheo, go akaretsa tiriso ya phaposo ya kgetse mo tshekong; le

 (e)  go rotloetsa tirisano-mmogo fa gare ga mafapha a puso, le fa gare ga mafapha a puso le a e seng a puso le setšhaba, go netefatsa kopano e e feletseng mo go diragatseng Molao ono.  



Kaedi ya ditaelo



3. Mo tiragatsong ya Molao ono, kaedi ya ditaelo tse di latelang di tshwanetswe go     go akanngwa: 

 (a)	 Ditlamorago tsotlhe tse di tlhagelelang ka ntlha ya tlolo-molao e e dirilweng ke ngwana, di tshwanetse go nna maleba le maemo a ngwana, mofuta wa tlolo-molao le dikgatlhegelo tsa setšhaba.

 (b) 	Ngwana ga a tshwanelwa go tshwarwa ka tsela e e makgwakgwa go feta ka fa mogolo a neng a ka tshwarwa ka teng fa a ne a le mo maemong a jaalo.

 (c) 	Ngwana mongwe le mongwe, ka fa go kgonegang ka teng, o tshwanetse go newa tšhono ya go tsaya karolo mo tsamaisong nngwe le nngwe, segolo-thata tsamaiso e e seng ka fa thulaganyong ebile e le ya dipotsolotso, go ya ka Molao ono, fa e le gore go ka tsewang ditshweetso tse di mo amang.   

(d) 	Ngwana mongwe le mongwe go tshwanetswe ga buisanwa le ene ka mokgwa o o tshwanetseng dingwaga le kgolo ya tlhaloganyo ya gagwe mme go tshwanetswe ga buiwa le ene ebile a letlelelwe go bua ka puo ya tlhopho ya gagwe, ka go dirisa toloki, fa go tlhokagala. 

 (e)	 Ngwana mongwe le mongwe o tshwanetswe go tsholwa ka mokgwa o o akanyang ka ga boleng jwa setso le ditumelo tsa gagwe.

 (f) 	Ditsamaiso tsotlhe go ya ka ga Molao ono, di tshwanetswe go diriwa le go konosediwa kwa ntle ga tiegiso e e sa tlhokagaleng.

 (g)	 Batsadi, bagolo ba ba tshwanetseng le batlhokomedi ba ngwana ba semolao, ba tshwanetse go kgona go thusa bana mo tsamaisong, go ya ka mabaka a Molao ono, mme fa go kgonega, le go tsaya karolo mo ditshweetsong tse di ba amang.

 (h) 	Ngwana yo a tlhokang tshegetso ya ka fa lelapeng kgotsa ditšhono tsa thuto le tiro, o tshwanetse go nna le phitlhelelo e e tshwanang le ya botlhe, ya ditirelo tse di leng teng mme go tshwanetswe ga dirwa ka gotlhe go netefatsa gore bana ba tsholwa ka go lekana fa ba tlotse molao.

(i) 	Ditshwanelo le maikarabelo a bana tse di leng ka fa didirisong tsa boditšhabatšhaba le tsa sedika, go ya ka Kopano ya kwa United Nations e e ka ga Ditshwanelo tsa Ngwana le Setatamente (Charter) sa Aforika ka ga Ditshwanelo le Itekanelo ya Ngwana.





KGAOLO YA 2



TIRISO YA MOLAO, KITSO YA BOSINYI YA BANA BA BA NANG LE       DINGWAGA TSE DI KA FA TLASE GA 14 LE MABAKA MANGWE A A LENG KA

GA DINGWAGA



			   KAROLO YA 1: TIRAGATSO YA MOLAO



Tiragatso ya Molao



4.  (1) Go ya ka fa karolong ya molawana wa (2), Molao ono o diragadiwa mo go motho mongwe le mongwe mo Rephaboleking ya Aforika Borwa yo o latofadiwang ka tlolo-molao mme—

 		(a) a ne a le ka fa tlase ga dingwaga di le 10 ka nako ya tlolo-molao; kgotsa

		(b)	a le dingwaga di le 10 kgotsa go feta, mme a le ka fa tlase ga dingwaga dile 18, fa a ne a—

 (i)   	newa kitsiso ya sekwalwa go ya ka molawana wa 18 kgotsa 22;  

(ii)	newa tagafara go ya ka molawana wa 19; kgotsa

(iii)	tshwarwa go ya ka molawana wa 20,

malebana le tlolo-molao eo,

		(2) Molaodi wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba, ka go nna le dithata, go ya ka ditaelo tse di ntshitsweng ke Molaodi wa Bosetšhaba wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba go ya ka molawana wa 97(4)(a)(i)(aa), mo lobakeng lwa motho yo—

(a)o latofadiwang ka tlolo- molao fa a ne a le ka fa tlase ka dingwaga di le 18; mme

(b) a le dingwaga di le 18 kgotsa go feta, fela a le ka fa tlase ga dingwaga di le 21 ka nako e go buiwang ka ga ene mo go molawana wa (1)(b), a ka ntsha taelo ya gore kgetse e reediwe go ya ka molawana wa 5(2) go fitlha go (4).

		(3) (a) Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi o a diragadiwa mme ka diphetogo tse di ka tlhokegang go ya ka tlhaloso, mo go motho mongwe le mongwe yo a umakiwang mo go molawana ono, kwa ntle fela ga fa Molao ono o letlelela phetolo, tlaleletso kgotsa tumelelo kgotsa ditsamaiso mo lobakeng lwa motho yo o jalo.  

			(b) Mo lobakeng lwa temana ya (a), Setlhopha sa 5 sa ditlolo-molao tsa Molao ono, e e seng karolo ya Molao ono, ga e na dithata ka fa molaong, mme e tshotse tlhaloso e e feleletseng ya kopano le kamego ya Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi le Molao ono. 



Mokgwa o go ka dirwang ka ona ka bana ba ba latofadiwang ka ditlolo-molao 



5.  (1) Ngwana mongwe le mongwe yo o latofadiwang ka tlolo-molao mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 10, o tshwanetswe go romelwa kwa go modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, gore a sekisiwe go ka   molawana wa 9.

	(2) Ngwana mongwe le mongwe yo o dingwaga di le 10 kgotsa go feta, yo a latofadiwang ka tlolo-molao mme a tshwanetse go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko mabapi le tlolo-molao eo, pele ga go tlhagelela lwa ntlha kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, o tshwanetse go sekasekiwa ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, kwa ntle ga fa tshekatsheko e dirilwe go ya ka molawana wa 41(3) kgotsa 47(5). 

(3) Patlisiso e e dirwang pele ga tsheko e tshwarwa mabapi le ngwana mongwe le mongwe yo a tlhalosiwang mo go molawana wa (2) morago ga fa a sena go sekasekiwa, kwa ntle le fa kgetse e—

           (a)	fapositswe mo tshekong go ya ka Kgaolo ya 6;

(b)	akaretsa ngwana yo o nang le dingwaga di le 10 kgotsa go feta mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 14 mo go ka palelwang ke go supa fa a na le kitso ya bosenyi, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 10(2)(b); kgotsa

		(c) 	kgetse e tsholotswe

(4) (a) Kgetse kgatlhanong le ngwana yo a umakiwang mo go molawana wa (2), e ka fetisediwa kwa phaposong ya kgetse mo tshekong—

 (i) ke motšhutšhisi go ya ka Kgaolo ya 6; kgotsa

(ii) kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko go ya ka Kgaolo ya 7.

 		(b) Kgetse nngwe le nngwe e e sa faposiwang mo tshekong go ya ka temana ya (a), e tshwanetse, kwa ntle ga fa kgetse e tsholotswe kgotsa e fetiseditswe kwa kgotlatshekelo ya bana, ya fetisediwa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore a ikarabele mo tatofatsong le go sekiwa ga kgetse go ya ka Kgaolo ya 9.

      		(c) Kgetse mabapi le ngwana yo a umakiwang mo temaneng ya (b), pele ga gore motšhutšhisi a tswalele kgetse ya gagwe, e ka fetisediwa kwa phaposong ya kgetse pele ga tsheko ke kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana go ya ka Kgaolo ya 9.



Go nna masisi ga ditlolo-molao



6. (1) Gore go tle go lemosege gore ditlolo-molao di masisi go le kana kang go ya ka Molao ono, ditlhopha tsa ditlolo-molao di kwadilwe ka tatelano e e latelang, mme di simolola ka setlhopha sa ditlolo-molao tse e leng tse dinnye:

 (a) Ditlolo-molao tse di leng mo Setlhopheng sa 1;

 (b) ditlolo-molao tse di leng mo Setlhopheng sa 2; le  

 (c) ditlolo-molao tse di leng mo Setlhopheng sa 3

	(2) Fa ngwana a latofadiwa ka ditatofatso tse di fetang e le nngwe tse go tlhalosiwang ka tsona mo tsamaisong ya bosinyi, tlolo-molao e e leng yona e e masisi e tshwanetse go nna kaedi ya gore go tsewe dikgato tse di ntseng jang ka ngwana go ya ka Molao ono.

	(3) Fa ngwana a latofadiwa ka ditatofatso tse di fetang e le nngwe tsa tlolo-molao tse di sa tsamaisaneng mo tsamaisong ya bosenyi,  molawana wa (2) ga e dirisiwe.





        KAROLO YA 2: GO NNA LE KITSO YA BOSENYI GA BANA BA BA 

                                   KA FA TLASE GA DINGWAGA DI LE 14                                                           



Bonnye jwa dingwaga tsa go nna le kitso ya bosinyi



7. (1) Ngwana yo o tlolang molao a santse a le ka fa tlase ga dingwaga di le 10, ga a na kitso ya bosenyi mme ga a kitla a sekisediwa tlolo-molao eo, mme o tshwanetse go sekisiwa go ya ka molawana wa 9.

     (2) Ngwana yo a leng dingwaga di le 10 kgotsa go feta mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 14 mme a dira tlolo-molao, o tsewa a sena kitso ya bosenyi go ya ka molawana wa 11.

     (3) Molao o o sa kwadiwang mo dibukeng tsa molao o o mabapi le go nna le kitso ya bosenyi wa bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 14, o a fetolwa jaaka go tlhalosiwa mo molawaneng ono.



Go tlhatlhobiwa ga bonnye jwa dingwaga tsa go nna le kitso ya bosenyi



8. Go tlhotlhomisa bonnye jwa dingwaga tsa go nna le kitso ya bosenyi jaaka bo tlhalosiwa mo go molawana wa 7 bo tshwanetse go okediwa, maloko a Kabinete a a nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, a tshwanetse gore mo lobakeng lo lo sa feteng dingwaga di le tlhano morago ga go tsenngwa tirisong ga molawana ono, a neele Palamente ripoto, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 96(4) le (5).



Mokgwa wa go sekisa ngwana fa a le ka fa tlase ga dingwaga di le 10



9. (1) Fa go na le lebaka le le dirang gore lepodisi le nne le pelaelo ya gore ngwana  yo a naganelwang gore o tlotse molao o ka fa tlase ga dingwaga di le 10, ga a tshwanela go tshwara ngwana, mme o tshwanetse gore ka bonako a ise ngwana kwa—

		(a)   go batsadi ba gagwe kgotsa mogolo yo o tshwanetseng; kgotsa 

(b) 	fa motsadi a se teng, kwa go mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao fa a le teng, mme fa go se ka fa dikgatlhegelong tsa ngwana gore a neelwe motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, o tshwanetse go itsise modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong.

    (2) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, yo o amogelang kitsiso go tswa kwa mapodising go ya ka karolo ya molawana wa (1), o tshwanetse go sekaseka ngwana go ya ka se se umakiwang ke Kgaolo ya 5 e e dirisiwang mo baneng ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 10, ka bonako jo bo ka kgonegang mme fela e se ke ya nna morago ga malatsi a le 7 morago ga go itsesiwe. 

    (3)	(a) Morago ga go sekaseka ngwana go ya ka karolo ya molawana wa (2), modiredi wa tsamaiso e e letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, go ya ka mokgwa o o beilweng, a ka—

 (i)	romela ngwana kwa kgotlatshekelo ya bana go ya ka lengwe le lengwe la mabaka a a beilweng mo go molawana wa 50;

 (ii)	romela ngwana go ya go bona kgakololo kwa go maitseanape kgotsa kalafi ya bothata jwa mmele;

 (iii)	romela ngwana go tsenela porograma e e letleletsweng semmuso mme e tshwanela ditlhokego tsa ngwana yo o ka fa tlase ga dingwaga di le 10;

 (iv)	rulaganyetsa ngwana ditirelo tsa tshegetso;

 (v)	rulaganya kopano, e e tshwanetseng go tsenelwa ke ngwana, motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ebile e ka tsenelwa gape ke motho mongwe le mongwe yo o kgonang go neelana ka tshedimosetso mabapi le kopano e e umakilweng mo karolong ya molawana wa (4); kgotsa

 (vi)	go tsaya tshweetso ya go tsee dikgato.

    (b) Kgato nngwe le nngwe e e tsewang ka fa tlase ga temana ya (a) ga e kae gore ngwana o na le maikarabelo a tiragalo e e dirileng gore go diriwe tshekatsheko.

 (4) Maikaelelo a kopano e e biditsweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, go ya karolo ya molawana wa (3)(a)(v), ke—

 (a)  go thusa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, go batlisisa ka botlalo mabaka otlhe mabapi le ditatofatso kgatlhanong le ngwana; le

 (b)	go kwala togamaano e e tshwanetseng ngwana le mabaka a a tshwanetseng.

 (5) Togamaano e e kwadilweng, e e kaiwang mo karolong ya molawana wa (4)        (b), e tshwanetse ya—

    

 (a) tlhalosa maikaelelo a a tshwanetsweng ke go fitlhelelwa mabapi le ngwana le lobaka le a tshwanetsweng go fitlhelelwa ka lona; 

 (b)	nna le dintlha tsa ditirelo le thuso tse di tla newang ngwana, jaaka go tlhalositswe;

 (c)	tlhalosa maina a batho kgotsa a mekgatlho e e tla neelanang ka ditirelo le thuso, jaaka go tlhalositswe; le

 (d)	go tlhalosa maikarabelo a ngwana le a motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao.

	(6) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go kwala, ka go fa mabaka, ditlamorago tsa tshekatsheko le tshweetso e e dirilweng go ya ka karolo ya molawana wa (3) ka fa go tlhokegang ka teng.

	(7) Fa ngwana a sa latele nngwe ya ditaelo tse a di filweng go ya ka molawana ono, go akaretsa go se latele togamaano e e kwadilweng e e umakiwang mo karolong ya molawana (4)(b), modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa  kgolegelong, o tshwanetse go fetisetsa kgetse kwa kgotlatshekelo ya bana gore go tle go tsewe dikgato kgatlhanong le ene go ya Kgaolo ya 9 ya Molao wa Bana.



Tshweetso ya go sekisa ngwana yo o nang le dingwaga di le 10 mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 14



10. (1) Motšhutšhisi yo o kopilweng go dira tshweetso ya gore ngwana yo a umakiwang mo go molawana wa 7(2) a sekisiwe kgotsa nnyaa, o tshwanetse go akanya ka ga tse di latelang:

(a) Mophato, bokgoni jwa go akanya, mabaka a selegae le a tikologo, dingwaga le bogolo jwa kakanyo, tsa ngwana; 

(b)  mofuta wa tlolo-molao le gore e masisi go le kana kang;

(c)  go amega ga motswa-setlhabelo mongwe le mongwe ka ntlha ya tatofatso ya tlolo-molao 

(d)  dikgatlhegelo tsa setšhaba;

(e)  riporoto ya tshekatsheko e e dirilweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, go ya Kgaolo ya 5

(f)	ditla-morago tsa go tlhoma kitso ya bosinyi go ya ka molawana wa 11, fa e le gore kgetse e tshwanelwa ke go fetisediwa kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, go ya ka Kgaolo ya 7;

(g)	 matshwanedi a go faposa mo tshekong; le 

(h)   lebaka lengwe le lengwe le le matshwanedi

  (2) Fa motšhutšhisi a tsaya tshweetso ka ga ngwana yo o kaiwang mo karolong ya molawana wa (1), gore kitso ya bosenyi—

(a)	 e ka kgona go supiwa go ya ka molawana wa 11, a ka—

          (i)    faposa kgetse mo tshekong go ya ka Kgaolo ya 6 fa ngwana a  

                 latofadiwa ka tlolo-molao e e umakiwang mo go Setlhopha sa 1                                                   

 (ii)	fetisetsa kgetse kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko jaaka go tlhalosiwa go ya ka Kgaolo ya 7; kgotsa

 (b)   fa e le gore kitso ya bosenyi e ka se supiwe go ya ka molawana wa 11, a ka laela gore ngwana a isiwe kwa go modiredi wa tsamaiso e e letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, gore a sekisiwe go ya  molawana wa 9.



Bosupi jwa go nna le kitso ya bosenyi



11. (1) Puso e tshwanetse go supa kwa ntle ga pelaelo epe gore ngwana yo o nang le dingwaga di le 10 mme a le ka fa tlase ga di le 14, o na le kitso ya go kgona go farologanya molemo le bosula le gore ka nako e a neng a itlhophela go dira se a se dirileng, o ne a na le kitso e e jalo.

	(2)  Mo go tseyeng tshweetso mabapi le kitso ya bosenyi ya ngwana yo—

 (a)	 magiseterata yo o dirang dipatlisiso, mo lobakeng la go faposa kgetse mo tshekong; kgotsa

 (b)	fa kgetse e ise e faposiwe mo tshekong, kgotlatshekelo ya ngwana, mo lobakeng lwa go ikarabela mo tatofatsong le tsheko, e tshwanetse go akanya ka ga ripoto ya tshekatsheko e e dirilweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, e e umakiwang mo go molawana wa 40, mmogo le bopaki jotlhe jo bo tlisitsweng fa pele ga magiseterata yo o dirang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, pele kgetse e faposiwa mo tshekong kgotsa pele ga go bonwa molato, go ya ka se se ka diragalang pele, mme bopaki e ka nna jo bo akaretsang ripoto ya tshekatsheko e e kailweng mo karolong ya molawana wa (3).

	(3) Magiseterata yo o dirang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ka fa kopong ya motšhutšhisi kgotsa mmueledi wa ngwana wa semolao, e ka laela gore go dirwe tshekatsheko ya kitso ya bosinyi mabapi le ngwana yo o umakiwang mo karolong ya molawana wa (1), ka tsela e e tshwanetseng, e dirwe jalo ke motho yo o letleletsweng, mme e tshwanetse go akaretsa tshekatsheko ya bokgoni jwa go akanya, maitsholo a go itse molemo le bosula, maikutlo, tlhaloganyo le maemo a ngwana mo setšhabeng. 

	(4) Fa taelo e dirilwe ke magiseterata yo o dirang diplatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana go ya ka fa karolong ya molawana wa (3), motho yo o tlhophilweng go dira tshekatsheko ya ngwana, o tshwanetse go neela magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ripoto e e kwadilweng ya tshekatsheko ya ngwana mo malatsing a le 30 go tloga ka letlha la taelo. 

	 (5) Fa magiseterata yo o dirang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e fitlhela gore kitso ya bosinyi ya ngwana ga e a kgona supiwa kwa ntle ga pelaelo, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi jwa ngwana, fa go le ka fa dikgatlhegelong tsa ngwana, e ka laela gore ngwana a isiwe kwa go modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng  motlola-molao go ya kwa kgolegelong, go tsaya dikgato dingwe go ya ka molawana wa 9. 





KAROLO YA 3: GO LEKANYETSWA GA DINGWAGA, MAITEKO A GO

TLHOTLHOMISA DINGWAGA LE PHOSO KA GA DINGWAGA



Maikarabelo a lepodisi fa go le palaelo ka dingwaga tsa ngwana



12. Fa lepodisi le na le pelaelo ka ga dingwaga tsa motho yo o gopolelwang gore o tlotse molao mme le na le lebaka le le dirang gore le dumele gore—



 (a)	motho a ka nna ngwana yo o ka fa tlase ga dingwaga di le 10, lepodisi le tshwanetse go dira go ya ka fa molawaneng wa 9; kgotsa

 (b)	motho a ka nna ngwana yo o nang le dingwaga di le 10 kgotsa go feta mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 14, kgotsa ngwana yo o nang le dingwaga di le 14 kgotsa go feta mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 18, lepodisi le tshwanetse go tshola motho jaaka ngwana ka go akanya mabaka a—  

 (i)	tshwaro go ya ka Kgaolo ya 3; kgotsa

 (i)	kgololo kgotsa tlhatlhelo go ya ka Kgaolo ya 4, segolo-bogolo molawana wa 27 o o mabapi le ditlhopho tsa go bewa mo lefelong le le rileng kgotsa mo tlhokomelong ya motho yo o rileng pele ngwana a tlhagelela kwa lefelong le go dirwang dipatlisiso kwa go lone, go fitlha modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa ngaka e tlhagisa kakanyo ya yona ka ga dingwaga tsa motho yoo, kgotsa go fitlha maiteko a go tlhotlhomisa dingwaga tsa motho yoo kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, mme morago ga foo lepodisi le tshwanetse go tshola motho go ya kakanyo kgotsa tlhotlhomiso.  



Go lekanyediwa ga dingwaga ka ga modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong 



13. (1) Fa, ka nako ya tshekatsheko ya ngwana go ya ka Kgaolo ya 5, dingwaga tsa ngwana, ka nako ya fa a dira tlolo-molao, di sa netefadiwe, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go lekanyetsa digwaga tsa ngwana mme a tlatse foromo e e jalo.

    	(2) Fa a lekanyetsa dingwaga, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-mola go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go ela tlhoko tshedimosetso nngwe le nngwe e e leng teng, go akaretsa tse di latelang:

 (a)	Maiteko a go tlhotlhomisa dingwaga a a dirilweng ke magiseterata mo nakong e e fetileng go ya ka Molao ono kgotsa go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi kgotsa go lekanyediwa ga dingwaga go ya ka Molao wa Bana;

 (b)	ditatamente tse di dirilweng ke motsadi, mogolo yo o tshwanetseng, motlhokomedi wa ngwana wa semolao kgotsa motho yo mongwe, go akaretsa moeteledi-pele wa sedumedi kgotsa wa setšhaba, o a ka nnang le kitso ka dingwaga tsa ngwana;

 (c)	setatamente se se dirilweng ke ngwana yoo;

 (d)	foromo ya ikwadiso ya sekolo, ripoto ya sekolo, sekwalwa sengwe se se jaaka seo, setifikheiti sa kolobetso kgotsa sa sedumedi se se tshwanang le sona; kgotsa

 (e)	tekanyetso ya dingwaga e e dirilweng ke ngaka

	(3) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go neelana ka tekanyetso ya dingwaga mo foromong e e diretsweng seo, mmogo le dikwalwa dingwe le dingwe tse di tsamaisanang le tsona, kwa go magiseterata yo o dirang dipatlisiso pele ngwana a tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko. 

      (4) Fa go ka tlhagelela bokapi jo bo leng kgatlhanong le joo, ka nako nngwe le nngwe pele ga katlholo, tekanyetso ya dingwaga e e dirilweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go kwa kgolegelong, go ya ka molawana ono, e ka fetolwa mme ga kwalwa tekanyetso nngwe ya dingwaga. 



Maiteko a tlhotlhomiso a a dirwang ke magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana



14. (1) Fa, ka nako ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa ka nako ya tsheko kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, dingwaga tsa ngwana ka nako e a dirang tlolo-molao ka yona di sa netefadiwe, moreetsa-kgetse o tshwanetse go dira maiteko a go tlhotlhomisa dingwaga tsa ngwana.

      (2) Go dira maiteko a go tlhotlhomisa dingwaga tsa ngwana, moreetsa-kgetse a 

             ka—

 (a)	amogela foromo le sekwalwa sengwe le sengwe se modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a neelaneng ka yona go ya ka molawana wa 13(3);

 (b)	kopa sekwalwa sengwe le sengwe se se tlhokegang, tshedimosetso kgotsa setatamente go tswa mo go motho mongwe le mongwe;

 (c)	bitsa motho mongwe le mongwe go tla go neelana ka sekwalwa, tshedimosetso kgotsa ditatamente tse di tlhalosiwang mo go temaneng ya (b); kgotsa

 (d)	fa go tlhokega, a romela ngwana kwa go ngaka, mokgwa o o matshwanedi, gore e lekanyetse dingwaga tsa gagwe.

	      (3)(a) Moreetsa-kgetse o tshwanetse go tsenya dingwaga tse di tlhotlhomisitsweng go ya ka karolo ya molawana wa (1), mo rekotong ya tsheko, go nna tsona dingwaga tsa ngwana.  

 (b) Fa go ka tlhagelela bopaki jo bo kgatlhanong le seo, moreetsa-kgetse o tshwanetse a fetola rekoto gore e supe dingwaga tse di siameng.



Maiteko a tlhotlhomiso a a dirwang ke kgotlatshekelo nngwe le nngwe



15. Fa go na le pelaelo ya gore motho yo o tlhagelelang fa pele ga kgotlatshekelo nngwe o ne a le kwa godimo kgotsa ka fa tlase ga dingwaga di le 18 ka nako e a neng a latofatswa ka tlolo-molao ka yona, kgotlatshekelo e tshwanetse ya—

(a) dira maiteko a go tlhotlhomisa dingwaga tsa motho yoo go ya ka molawana wa 14; mme

(b)  fa go tlhokagala, e fetole rekoto gore e supe dingwaga tse di siameng tsa motho yoo, go ya ka ga molawana wa 16, o o dirang le ka diphetogo tse di tlhokegang go ya ka fa tirisong. 



Phoso mabapi le dingwaga tsa ngwana kgotsa mogolo yo o latofadiwang ka tlolo-molao 



16. (1) Fa ka nako nngwe le nngwe mo tshekong e e leng go ya ka ga Molao ono, moreetsa-kgetse a kgotsofatse go ya ka bopaki jo bo tlisitsweng fa pele ga gagwe gore dingwaga tsa ngwana kgotsa tsa mogolo yo o latofadiwang ka ga tlolo-molao (o go ya ka ga molawana ono a bidiwang motho), di siame, dingwaga di tshwanetse go fetolwa mo rekotong ya tsheko go ya ka molawana wa 14 mme tsheko e tshwanetse go khutlisiwa go ya ka ga—

 	 	(a) Molao ono, fa go fitlhelwa gore motho yo ke ngwana; kgotsa

 (b)	ka “Criminal Procedure Act”, fa go fitlhelwa gore motho yo ke mogolo, kwa ntle ga fa go diragadiwa molawana wa 4(2).

	(2) Fa moreetsa-kgetse a akanya gore phoso e e dirilweng mabapi le dingwaga e ka ne e tlhodile ditlamorago tse di sa siamelang motho ka nako ya tsheko eno, moreetsa-kgetse o tshwanetse go fetisetsa rekoto ya tsheko kwa go tlereke ya Kgotlatshekelo Kgolo e e nang le dithata tsa go reetsa kgetse e e jalo, ka mokgwa o o leng go ya ka ga molawana wa 303 wa Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi, 

    	(3) Go ya ka karolo ya molawana wa (1), fa moreetsa-kgetse a akanya gore phoso e e ka ga dingwaga ga e a tlhola ditlamorago tse di sa siamelang motho ka nako ya tsheko, moreetsa-kgetse o tshwanetse go tswelapele ka tsheko go ya ka ga Molao ono, ka fa dingwageng tsa gagwe, jaaka di fetotswe. 



KGAOLO YA 3



		   KITSISO YA LEKWALO, DITAGAFARA LE GO TSHWARWA



Ditsela tsa go tlisa ngwana kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang  pele ga tsheko





17. (1) Ditsela tsa go tlisa ngwana kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko ke ka—

(a) kitsiso ka lekwalo, jaaka e umakiwa mo go molawana wa 18;

(b) tagafara, jaaka e umakiwa mo go molawana wa 19; kgotsa

(c) go tshwarwa, jaaka go umakiwa mo go molawana wa 20.

      (2) Fa mabaka a letla, lepodisi le tshwanetswe go tsaya kgakololo go tswa go Molaodi wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba kgotsa motšhutšhisi gore a ngwana o tshwanetse go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa nnyaya, mme fa go le jalo, ngwana o tshwanetse go tlhagelela ka tsela e e jang. 



Kitsiso ka lekwalo ka ga go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko



18. (1) Mo lobakeng la ngwana yo o latofadiwang ka tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 1 sa ditlolo-molao, lepodisi le ka naya ngwana kitsiso ka lekwalo go ya ka molawana wa 56 wa “Criminal Procedure Act”, o o fetotsweng ke molawana ono mabapi le bana, le le kopang ngwana go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko. 

     (2)  Molawana wa 56(1)(c) wa “Criminal Procedure Act” o o tlhalosang ka ga go dumela molato le tuelo ya faene, ga o dirisiwe mo lobakeng lwa lekwalo la kitsiso go ya ka Molao ono.

      (3) (a) Lekwalo la kitsiso le tshwanetse go tlhalosa letlha, nako le lefelo le go tla tshwarelwang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, kwa go lone, mme le tshwanetse go newa ngwana, motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, a le teng, mme ngwana le motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ba tshwanetse go netefatsa gore lekwalo le amogetswe ka go saena kgotsa go dira letshwao.    

			(b) Mo mabakeng a a sa tlwaelegang, fa go sa kgonegeng teng gore ngwana a neelwe lekwalo la kitsiso, fa, motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao a se teng, lekwalo la kitsiso le tshwanetse go newa ngwana mme e re ka bonako jo bo ka kgonegang, khophi e newe motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, mme ngwana mmogo le motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ba tshwanetse go netefatsa gore lekwalo le amogetswe ka go saena kgotsa go dira letshwao.

 	(4) Lepodisi, le tshwanetse gore ka tsela e e tshwanetseng—

		(a) fa le neela ngwana, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao lekwalo la kitsiso le tshwanetse go—

 (i)	ba itsise ka tatofatso le mofuta wa yona kgatlhanong le ngwana;

 (ii)	ba itsise ka ga ditshwanelo tse ngwana a nang le tsona;

 (iii)	ba tlhalosetsa tsamaiso e e latelang morago fela ga foo, e ba tshwanetseng go e latela go ya ka ga Molao ono;

 (iv)	lemosa ngwana gore o tshwanetse go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko ka letlha, nako le lefelo tse di kwadilweng mo lekwalong la kitsiso le go nna gone go fitlha a bidiwa; le

 (v)	lemosa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao gore a bone gore ngwana o tlisiwa kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko ka letlha, nako le lefelo tse di kwadilweng mo lekwalong la kitsiso le gore a nne teng go fitlha a bidiwa; le gore 

 (b) morago fela, mme e seng morago ga diura di le 24 morago ga go neela ngwana lekwalo la kitsiso, a itsise modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong.



Tagafara



19. (1) Tagafara e e kwaletsweng ngwana go ya ka molawana wa 54 wa “Criminal

Procedure Act”, yo o tshwanetseng go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, e tshwanetse go tlhagisa letlha, nako le lefelo le go tla tshwarelwang kwa go lone dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.

	(2) (a) Tagafara e tshwanetse go fiwa ngwana mme motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, a le teng, mme ngwana le motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, o tshwanetse go netefatsa gore tagafara e amogetswe ka go saena kgotsa go dira letshwao.

			(b) Mo mabakeng mangwe a a sa tlwaelegang, fa go sa kgonegeng gore ngwana a newe tagafara fa pele ga  motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao a le teng, ngwana o tshwanetse go newa tagafara mme khophi ya tagafara eo, fa mabaka a letla, e tshwanetse ya newa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, mme ngwana mmogo le motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ba tshwanete go netefatsa gore tagafara e amogetswe ka go saena kgotsa ka go dira letshwao.

		(3) Lepodisi, le tshwanetse gore ka tsela e e tshwanetseng—

		 	(a) fa le naya ngwana, motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, tagafara, le—

 (i)	ba itsise ka mofuta wa tlolo-molao e ngwana a latofadiwang ka yona;

 (ii)	ba itsise ka ditshwanelo tse ngwana a nang le tsona;

 (iii)	ba tlhalosetse tsamaiso e e latelang morago fela ga foo, e ba tshwanetseng go e latela go ya ka Molao ono;

 (iv)	lemose ngwana gore o tshwanetse go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, ka letlha, nako le lefelo le le tlhalosiwang mo tagafareng le go nna teng go fitlha a bidiwa; le 

 (iv)	go lemosa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao gore ba tlise ngwana kwa lefelong le go tshwarelwang kwa go lona dipatlisiso tse di dirwng pele ga tsheko ka letlha, nako le lefelo tse di tlhalosiwang mo tagafareng le go nna gone go fitlha ba bidiwa; mme  

		(b) e re ka bonako, le itsise modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, mme e se ke ya nna morago ga diura di le 24



Go tshwarwa



20. (1) Ngwana ga a tshwanelwa go tshwarelwa tlolo-molao e e umakiwang mo go Setlhopha sa 1 sa ditlolo-molao, kwa ntle ga fa go na le mabaka a a gapeletsang go dira jalo, go akaretsa mabaka a a latelang:

 (a)	Fa go na le lebaka le ele dirang gore lepodisi le dumele gore ngwana ga a na aterese ya bonno ya leruri;

 (b)	fa go na le lebaka le le dirang gore lepodisi le dumele gore ngwana o tla tswelapele ka ditlolo-molao, fa a ka se ke a tshwarwa;

 (c)	fa go na le lebaka le le dirang gore lepodisi le dumele gore ngwana a ka nna kotsi mo go motho yo mongwe;

 (d)	fa tlolo-molao e dirwa ka nako eo;

 (e)	fa tlolo-molao e dirilwe mo tlase ga mabaka a a tlhalosiwang mo taelong ya bosetšhaba e e umakiwang mo go molawana wa 97(5)(a)(ii).

	(2) Lokwalo lwa tshwaro le le ntsheditsweng ngwana go ya ka molawana wa 43 wa “Criminal Procedure Act”, le laela gore ngwana a tlisiwe go tla go tlhagelela fa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.  

		(3) Lepodisi le le tshwarang ngwana le tshwanetse gore ka tsela e e tshwanetseng le— 

 (a)	itsise ngwana ka ga mofuta wa tatofatso e a latofatswang ka yona;

 (b)	itsise ngwana ka ga ditshwanelo tse a nang le tsona;

 (c)	tlhalosetse ngwana ka ga ditsamaiso tse di tshwanetsweng go latelwa morago fela ga foo go ya ka Molao ono; le

 (d)	go itsise motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao ka ga go tshwarwa ga ngwana: Fa e le gore lepodisi ga le kgone go ka itsise motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao ka ga go tshwarwa ga ngwanaa, lepodisi le tshwanetse go neela moreetsa-kgetse wa dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, ripoto e e kwadilweng go tlhalosa jalo.  

		(4)(a) Lepodisi, fa go kgonega e ka ne e le le le tshwareng ngwana, le tshwanetse gore ka bonako, mme e seng morago ga diura di le 24 morago ga go tshwarwa, le itsise modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, wa tikologo e ngwana a tshwerweng kwa go yona, ka go go tshwarwa ga ngwana, ka tsela e e tshwanetseng.

			(b) Fa lepodisi le sa kgone go itsise modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, ka ga go tshwarwa ga ngwana, lepodisi le tshwanetse go neela magiseterata yo o dirang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, ripoto e e kwadilweng, le tlhalosa mabaka a gore ke ka ntlha ya eng le sa dira ka fa go tshwanetseng.

	(5) Ngwana mongwe le mongwe yo a tshwarweng mme a nna a tlhatlhetswe, go dirilwe tshekatsheko ya ngwana kgotsa e sa diriwa, o tshwanetse go isiwa ke lepodiosi kwa go magiseterata wa kgotlatshekelo e e nang le dithata tsa go reetsa kgetse e e jalo, gore kgetse e reediwe go ya ka molawana wa 5(2) go fitlha ka (40), ka bonako jo bo ka kgonagalang mme e se ke ya nna morago ga diura di le 48 morago ga go tshwarwa, mo lebakeng leo tiragatso ya molawana wa 50(1)(d) ya “Criminal Procedure Act” e e tlhalosang ka— 

(i)	diura tsa kgotlatshekelo tse di tlwaelegileng;

(ii)	bolwetse jwa fa mmeleng kgotsa seemo sengwe le sengwe sa mmele; le

(iii)	go tshwarwa kwa tikologong e e kwa ntle ga tikologo ya kgotlatshekelo          e e nang le dithata tsa go reetsa kgetse, di a diragadiwa fa go fetile          lobaka lwa diura di le 48.

				  

KGAOLO YA 4



KGOLOLO KGOTSA GO TLHATLHELWA LE GO BEWA MO LEFELONG LE LE RILENG GA NGWANA PELE GA KATLHOLO LE MABAKA A A JALO



		KAROLO YA 1: KGOLOLO KGOTSA GO TLHATLHELWA



Se se tshwanetsweng go elwa tlhoko fa ngwana a tshwanetse go gololwa kgotsa go tlhatlhelwa morago ga go tshwarwa



21. (1) Fa go elwa tlhoko kgololo kgotsa go tlhatlhelwa ga ngwana yo o neng a tshwerwe, se se tshwanetsweng go dirwa pele ke go golola ngwana jaaka go tlhalosiwa mo karolong ya molawana wa (2) le wa (3). 

		(2) Pele ngwana a tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko—

 (a)	lepodisi, mabapi le tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 1 sa ditlolo-molao, fa go le matshwanedi, le tshwanetse go gololela ngwana mo tlhokomelong ya motsadi,mogolo yo o matshwanedi kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao ka go mo naya lekwalo la kitsiso go ya ka molawana wa 18, o buiswa le molawana wa 22; kgotsa 

 (b)	motšhutšhisi, mabapi le tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 1 kgotsa 2 sa ditlolo-molao, a ka laela gore ngwana a gololwe ka beili go ya ka molawana wa 25, o buisiwa le molawana wa 59A wa “Criminal Procedure Act”, mme fa go umakiwa Setlhopha sa 7 mo go molawana wa 59A wa Molao oo, kumako e e jalo e tshwanetswe go tsewa e raya kumako ya Setlhopha sa 2 sa ditlolo-molao, sa Molao ono.

      (3) Moreetsa-kgetse fa ngwana a tlhagelela lekgetlho la ntlha kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa morago ga foo, kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi jwa ngwana, a ka— 

(a)	gololela ngwana mo tlhokomelong ya motsadi, mogolo yo o tswanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao go ya ka molawana wa 24(2)(a), mabapi le tlolo-molao nngwe le nngwe;

(b)	golola ngwana ka boene go ya ka molawana wa 24(2)(b), mabapi le tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 1, kgotsa sa 2 sa ditlolo-molao; kgotsa 

(c)	 fa ngwana a sa gololwa fa a tlhatlhetswe go ya ka temana ya (a) kgotsa (b), a mo golole ka beili go ya ka molawana wa 25. 



Kgololelo ya ngwana mo tlhokomelong ya motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao ka lekwalo la kitsiso pele a tlhagelela lekgetlho lwa ntlha kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko



22. (1) Lepodisi le tshwanetse la gololela ngwana mo tlhokomelong ya motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao go ya ka molawana wa 18, fa ngwana a tlhatlhetswe kwa mapodising mabapi le tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 1 sa ditlolo-molao, le tshwanetse gore ka bonako jo bo ka kgonagalang le gona pele ga gore ngwana a tlhagelele kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko,  le golole ngwana, kwa ntle ga fa— 

 (a)	motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao a sa kgone go ka bonwa kgotsa a se teng mme go tserwe dikgato tse di tlhokegang go batla motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao; kgotsa

 (b)	go na le maemo a a ka nnang kotsi a a ka supang fa ngwana a ka nna kotsi mo go motho mongwe kgotsa mo go ene.

	(2) Fa ngwana a sa gololwa go ya ka karolo ya molawana wa (1), lepodisi le le batlisisang kgetse le tshwanetse go neela magiseterata yo o reetsang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, ka mokgwa o o tlhalositsweng, mabaka a gore ke ka ntlha ya eng ngwana a sa kgona go gololwa, segolo-thata a tlhalosa ka ga mabaka a a umakiwang mo karolong ya molawana wa (1)(a) kgotsa (b). 



Se lepodisi le tshwanetseng go se dira fa le gololela ngwana mo tlhokomelong ya motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao



23. Lepodisi le le gololang ngwana yo o tlhatlhetsweng go ya ka molawana wa 22 mme le bo a mmaya ka fa tlase ga tlhokomelo ya motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, le tshwanetse gore ka nako e le gololang ngwana ka yona, le neele ngwana le motho o le mo gololelang mo tlhokomelong ya gagwe lekwalo la kitsiso go ya ka molawana wa 18. 



Go gololela ngwana mo tlhokomelong ya motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao kgotsa go lolola ngwana ka boena, kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana



24. (1) Fa ngwana yo o tlhatlhetsweng ka ntlha ya tlolo-molao nngwe le nngwe a tlhagelela—

 (a)	kwa lefelong la diplatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko mme tsheko e tshwanetse go busediwa morago, kgotsa kwa bofelong jwa kgetse e e reediwang kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko di khutla, e beelwa go reediwa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi jwa ngwana; kgotsa  

 (b)	kwa kgotlatshekelo ya ngwana mme kgetse e tshwanelwa ke go busediwa morago, moreetsa-kgetse, o tshwanetse gore go ya ka karolo ya molawana wa (2)(b), a akanye ka ga kgololo ya ngwana go ya ka molawana ono. 

	(2) Moreetsa-kgetse a ka golola ngwana yo o umakiwang mo karolong ya molawana wa (1)—

 (a)	mo tlhokomelong ya motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao; kgotsa

 (b)	fa ngwana a latofadiwa ka tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 1 kgotsa sa 2 sa ditlolo-molao, ngwana a ka gololwa ka boena fa seo e le go ya ka fa dikgatlhegelong tsa bosiamisi gore ngwana a gololwe.

     (3) Mo go akanyeng ka gore a go gololwa ga ngwana go ya ka karolo ya molawana wa (2) go tla bo go le ka fa dikgatlhegelong tsa bosiamisi kgotsa nnyaya, moreetsa-kgetse otshwanetse go ela tlhoko dikgakololo tsa ripoto ya tshekatsheko tse di dirilweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, mmogo le mabaka mangwe otlhe a a jalo, go akarediwa—

 (a)	dikgatlhegelo tse di molemo tsa ngwana;

 (b)	gore a ngwana o kile a bonwa molato mo nakong e e fetileng;

 (c)	ntlha ya gore ngwana o na le dingwaga di le 10 kgotsa go feta mme o ka fa tlase ga dingwaga di le 14, mme ka jalo o tsewa a se na kitso ya bosenyi;

 (d)	dikgatlhego le polokesego tsa setšhaba se ngwana a nnang mo go sona; le

 (e)	gore tlolo-molao e masisi go le kana kang.

		(4) Fa moreetsa-tsheko a golola ngwana go ya ka molawana ono, o tshwanetse go mo laela gore a tlhagelele ka letlha le nako tse di rileng le kwa lefelong le le rileng mme a ka baya nngwe kgotsa dingwe tsa ditaelo tsa gore ngwana a—  

 (a)	ye go ipega nako le nako kwa mothong yo o rileng kgotsa kwa lefelong le le rileng;

 (b)	tsene kwa sekolong se se rileng;

 (c)	nne kwa atereseng e e rileng;

 (d)	bewe ka fa tlase ga tlhokomelo ya motho yo o rileng; 

 (e)	se ke a kgoreletsa dipaki dingwe le dingwe, a senya bokaki bongwe le bongwe kgotsa a ikgolaganya le motho mongwe le mongwe kgotsa setlhopha sa batho ba ba umakiwang; kgotsa 

 (f)	latele taelo nngwe le nngwe e moreetsa-kgetse a boneng e le matshwanedi fa tlase ga mabaka ao. 

	(5) Fa ngwana a gololelwa mo tlhokomelong ya motsadi, mogolo yo o matshwanedi kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, moreetsa-kgetse o tshwanetse go laela motsadi, mogolo yo tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, le go lemosa motsadi, mogolo yo o mashwanedi kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao gore a netefatse gore ngwana o tlhagelela ka letlha, nako le kwa lefelong, tse di umakilweng, mme fa taelo e dirilwe go ya ka molawana ono, go netefatsa gore ngwana o dira ka fa taelong eo.

	(6) Fa ngwana a golotswe ka boena, moreetsa-kgetse o tshwanetse go laela ngwana go tlhagelela ka letlha, nako le kwa lefelong tse umakilweng, fa go dirilwe taelo e e jalo go ya ka molawana ono, le go dira ka fa taelong eo. 

 	(7) (a) Fa ngwana a sa tlhagelele ka letlha, nako le kwa lefelong, tse di umakilweng mo karolong ya molawana wa (4) kgotsa (6) kgotsa a sa dire ka fa taelong e e umakilweng mo molawaneng ono, moreetsa-kgetse, fa a lemositswe ka tsela e e matshwanedi, gore ngwana ga a dira jaaka a laetswe, a ka ntsha lekwalo la gore ngwana a ye go tshwarwa kgotsa a ntsha tagafara go ya ka molawana wa 19, gore ngwana a tlhagelele kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana.

			(b) Fa ngwana a tlhagelela fa pele ga moreetsa-kgetse ka lekwalo la tshwaro kgotsa ka tagafara e e umakilwang mo temaneng ya (a), moreetsa-kgetse o tshwanetse a botsa ngwana gore ke ka ntlha ya eng a sa tlhagelela kgotsa a sa dira ka fa taelong kgotsa a sa nna go fitlha a bidiwa, mme a dire tshweetso gore a phoso e ka fa letlhakoreng la ngwana gore a se ke a tlhagelela kgotsa nnyaya.

 (c) fa go fitlhelwa e le gore phoso ga e ka fa letlhakoreng la ngwana, moreetsa-kgetse a ka— 

 (i)	laela gore ngwana a gololwe ka fa tlase ga ditaelo tse di neng didirilwe la ntlha; kgotsa

 (ii)	laela gore ngwana a gololwe ka fa tlase ga taelo nngwe; mme 

 (iii)	fa go tlhokega, a ka dira taelo e e siameng e e tla thusang ngwana le ba lelapa la gagwe go kgona go latela ditaelo tse di neng di dirilwe kwa tshimologong.

 (d) Fa go fitlhelwa e le gore phoso e ka fa letlhakoreng la ngwana, moreetsa-kgetse a ka laela gore ngwana a gololwe ka fa tlase ga ditaelo dingwe kgotsa a dira taelo ya gore ngwana a tlhatlhelwe go ya ka molawana wa 26.

 (e) Motsadi, mogolo yo o matshwanedi kgotsa motllhokomedi wa ngwana wa semolao yo a sa direng go ya ka fa molawaneng wa (5), o molato ka tlolo-molao mme fa a bonwe molato, a ka atlholelwa faene kgotsa go ya kwa kgolegelong lobaka le le sa feteng dikgwedi le tharo.



Kgololo ya ngwana ka beili



25. (1) Kgaolo ya 9 ya “Criminal Procedure Act” e diragadiwa mabapi le kgololo ya ngwana ka beili, kwa ntle ga molawana wa 59 le wa 59A, go ya ka fa go tlhalosiwang ka teng mo go molawana wa 21(2)(b).

    	(2) Kopo ya go golola ngwana ka beili e e umakiwang mo go molawana wa 21(3)(c), e tshwanetswe go elwa tlhoko mo dikgatong di le tharo tse di latelang:

 (a)	Go re a dikgatlhegelo tsa bosiamisi di letla gore ngwana a gololwe ka beili; mme

 (b)	fa go le jalo, go tshwanetswe ga dirwa patlisiso e e kwa thoko ka ga bokgoni jwa ngwana le motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ya gore a ba ka kgona go duela madi a a akanyediwang go nna a beili kgotsa madi mangwe le mangwe a a a ka tshwanelang; mme 

 (c)	fa e ka re fa morago ga patlisiso e e umakiwang mo temaneng ya (b), ga fitlhelwa e le gore ngwana le motsadi, mogolo yo o matshwanedi kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao ba—

 

(i)	palelwa ke go duela madi gotlhelele, moreetsa-kgetse o tshwanetse go baya ditaelo tse di matshwanedi tse di sa akaretseng madi, tsa go gololwa ga ngwana ka beili; kgotsa

 (ii)	kgona go duela madi a a rileng, moreetsa-kgetse o tshwanetse go baya ditaelo tsa go golola ngwana ka beili mme e nne madi a a tshwanetseng mo tlase ga mabaka ao.



                   KAROLO YA 2: GO BEWA MO LEFELONG LE LE RILENG



Se se tshwanetsweng go dirwa fa go akangwa ka ga go baya ngwana mo lefelong le le rileng



26. (1) Morago ga go akanya ka ga mefuta ya go golola ngwana go ya ka Karolo ya 1, go tsewa tshweetso ya gore ngwana o tshwanetse go tlhatlhelwa kgotsa go nna a tlhatlhetswe, lepodisi kgotsa moreetsa-kgetse o tshwanetse go tsaya tshweetso ya go mo tlhatlhela jaaka e le ya bofelo mo go tsotlhe ka fa go ka kgonegang ka teng fa tlase ga mabaka, jaaka go tlhalosiwa mo karolong ya molawana wa (2) le wa (3), mme a simolola ka e e leng ya bofelo mo go tsotlhe e e ka dirang gore a se ke a tlhatlhelwa.

	(2) Pele ngwana a tlhagelela lekgotlho la ntlha kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, mo nakong ya diura di le 48 morago ga go tshwarwa—

 (a)	lepodisi, go ya ka fa dingwageng tsa ngwana le tlolo-molao e a latofadiwang ka yona, le tshwanetse go akanya ka lefelo le ngwana le moša ba bewang kwa go lona go ya molawana wa 27(a); kgotsa

 (b)	fa lefelo le le umakiwang mo temaneng ya (a) le sa tshwanela, lepodisi le tshwanetse go tlhatlhela ngwana kwa seleng ya mapodisi kgotsa kwa lefelong la go tlhatlhela, go ya ka molawana wa 27(b).

	(3) Fa ngwana a tlhagelela lekgetlho la ntlha kgotsa a tlhagelela gape morago ga foo, kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, moreetsa-kgetse o tshwanetse go laela gore ngwana a tlhatlhelwe kwa—

 (a)	lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša go ya molawana wa 29; kgotsa

 (b)	kgolegelong go ya ka molawana wa 30, mo tlase ga mabaka a a  beilweng ke molawana oo.



Mefuta ya go bewa ga ngwana yo a iseng a gololwe kwa lefelong le le rileng pele a tlhagelela lekgetlho la ntlha kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko



27. Fa ka nako nngwe le nngwe, pele ngwana a tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, mme a ise a gololwe kwa mapodising kwa a tlhatlhetsweng gona mme a setse a latofaditswe, mo lebakeng la ngwana yo o— 

 (a)(i) dingwaga di le 10 mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 14, ka tlolo-molao nngwe le nngwe; kgotsa

(ii) dingwaga di le 14 kgotsa go feta, ka tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 1 kgotsa sa 2 sa ditlolo-molao, lepodisi le tshwanetse go akanya ka go tlhatlhela ngwana kwa lefelong le le tshwanetseng la tlhokomelo ya ngwana le moša, fa lefelo le le jalo le le teng mme go na le sekgala, kgotsa fa lefelo kgotsa sekgala se se teng, kwa seleng ya mapodisi kgotsa lefelo la tlhatlhelo; kgotsa

 (b) dingwaga di le 14 kgotsa go feta, ka tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 3 sa ditlolo-molao, lepodisi le tshwanetse go tlhatlhela ngwana kwa seleng ya mapodisi kgotsa lefelo la tlhatlhelo.



Tshireletso ya bana ba ba tlhatlhetsweng kwa lefelong la mapodisi 



28. (1) Ngwana yo a tlhatlhetsweng kwa lefelong la mapodisi o tshwanetse go—

 (a)	tlhatlhelwa fa a sa kopaneng le bagolo gona, mme basimane ba se ke ba tlhakana le basetsana;

 (b)	tlhatlhelwa ka fa tlase ga maemo a go tshwanetsweng ga gopola gore bana ke batho ba ba utlwusiwang botlhoko bonolo mme maemo ao a fokotse kotsi e e ka diragalelang ngwana oo, go akaretsa kotsi e e ka tlholwang ke bana ba bangwe;

           (c)   ketelo ya batsadi, bagolo ba ba tshwanetseng, batlhokomedi ba ngwana 

                  ba semolao, babueledi ba semolao, badirela-loago ba ba kwadisitsweng, 

                  badiredi ba tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa 

                  kgolegelong, bathusi ba badiredi ba tsamaiso e e sa letleleleng motlola-

                  molao go ya kwa kgolegelong, baoki, bafatlhosi ba sedumedi le motho 

                  mongwe le mongwe yo o letleletsweng go eta go ya ka fa molaong; 

 (d)	tlhokomelwa ka fa ditlhokegong tse di itlhaotseng tsa bana, go akaretsa neelano ka—

 (i)  tlhokomelo ya tsa maphelo e e tshwanetseng le ya ka bonako mo lobaleng la bolwetsa bongwe le bongwe; le  

 (ii)	dijo, metsi, le tsa marobalo tse di lekaneng.

	 (2)(a) Fa go amogelwa ngongorego go tswa mo ngwaneng kgotsa motho mongwe  ka nako ya go tswarwa kgotsa fa ngwana a le kwa lefelong la go tlhatlhela la mapodisi mabapi le kgobalo nngwe le nngwe e ngwana a e boneng kgotsa maitemogelo a a sa jeseng monate mo ngwaneng, kgotsa fa lepodisi le lemoga gore ngwana o bone dikgobalo kgotsa o nnile le maitemogelo a a sa jeseng monate, ngongorego kgotsa itemogelo e e jalo e tshwanetswe go kwalwa ka mokgwa o o tshwanetseng mme e begiwe kwa go mokomišenara wa seteišene, o o tshwanetseng go bona gore ngwana o amogela thuso ya kalafi e e tlhokegang ya ka bonakonako, fa a kgotsofetse gore go na le mabaka a a latelang: 

 (i)	Fa go na le bopaki jwa kgobalo ya mo mmeleng kgotsa maikutlo a a tlisang go sa iketlang ga tlhaloganyo;

 (ii)	ngwna o bonala a utlwa botlhoko ka ntlha ya kgobalo;

 (iii) fa go na le magatwe a a reng go dirilwe tlolo-molao ya tsa thobalano  le ngwana jaaka e tlhalosiwa mo go di “Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act” wa 2007 (Molao wa 32 wa 2007); kgotsa

 (iv)  go na le mabaka mangwe a a dirang gore ngwana a bone thuso ya kalafi.

		 (b) Fa go dirilwe ripoto e e umakiwang mo temaneng ya (a), ripoto e e jalo e tshwanetswe ya neelwa Mokomišenara wa Bosetšhaba wa Mapodisi ka bonako jo bo ka kgonagalang, ka mokgwa o o tshwanetseng, e tlhalosa—

(i)	mofuta wa kgobalo e ngwana a e boneng, kgotsa gore ngwana o amegile go le kana kang mo maikutlong a a tlisang go sa iketlang ga tlhaloganyo ya gagwe;

(ii) 	tlhaloso ya mabaka a a bakileng kgobalo kgotsa maitemogelo a a tlisitseng maikutlo a go sa iketlang ga tlhaloganyo; le

(iii) 	kgakololo gore a go na le kgato e e ka tsewang.

     			(c) Khophi ya ripoto ya kalafi, fa e le teng, e tshwanetse go tsamaya le ripoto e e umakilwang mo go temaneng ya (b) e e dirilweng ke komišenara wa seteišene, mme khophi e nngwe e tshwanetswe go faelwa ka fa teng ga dokete. 

		(3) Komišenara mongwe le mongwe wa seteišene sengwe le sengwe o tshwanetse go nna le rejisetara e ka fa teng ga yona go tshwanetseng ga kwalwa dintlha, ka fa go tshwanetseng, mabapi le go tlhatlhelwa ga bana botlhe mo seleng ya mapodisi kgotsa mo lefelong la tlhatlhelo mme di kgone go lemosega sentle mo go tsa bagolo.

 	(4) Rejisetara e ka tlhatlhobiwa ke motho mongwe le mongwe yo o ka dumelelwang.



Go bewa kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša



29. (1) Moreetsa-kgetse a ka laela gore ngwana yo o latofadiwang ka tlolo-molao nngwe le nngwe a tlhatlhelwe mo lefelong la ngwana le moša le le tlhalositsweng.

	(2) Fa moreetsa-tsheko a tshwanetse go tsaya tsweetso ya go baya ngwana kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša le le umakiwang mo karolong ya molawana wa (1), o tshwanetse go akanya ka ga mabaka  a a latelang:

 (a)	Dingwaga le tsela ya ngwana ya go akanya jaaka mogolo;

 (b)	gore tlolo-molao eno e masisi go le kana kang;

 (c)	maemo a a kotsi a gore ngwana a ka nna kotsi mo go ene kgotsa mo go motho mongwe le mongwe kgotsa ngwana yo a leng mo lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša;

 (d)	gore lefelo la tlhokomelo ya ngwana le moša le sireletsegile go le kana kang fa motho o akanya ka gore tlolo-molao e ngwana a latofadiwang ka yona e masisi go le kana kang; le

 (e)	go nna teng ga bonno kwa lefelong le le siametseng tlhokomelo ya ngwana le moša.

	(3) Nako le nako fa go tlhokega gore moreetsa-kgetse a dire tshweetso go ya ka karolo ya molawana wa (1), moreetsa-kgetse o tshwanetse go ela tlhoko tshedimosetso e e umakiwang mo go molawana wa 40(2).  

	(4) Fa tshedimosetso e e umakiwang mo karolong ya molawana wa (3), e se teng ka ntlha ya lebaka le le rileng, moreetsa-kgetse a ka kopa ba taolo ya lefelo la tlhokomelo ya ngwana le moša go neelana ka setatamente se se ikanisitweng, se se tlhalositsweng, mabapi le— 

 (a)	go nna teng ga bonno jwa ngwana oo; le 

 (b)	tshedimosetso nngwe le nngwe e e leng teng e e ka ga boleng jwa tshireletso, mekgabiso mmogo le dikarolo tse di botlhokwa tsa lefelo.



Go bewa fa kgolegelong



30. (1) Moreetsa-kgetse a ka laela gore ngwana a nne kwa kgolegelong e e rileng fa—

(a)	kopo ya beili e buseditswe morago kgotsa e gannwe kgotsa fa beili e neilwe mme taelo e le nngwe kgotsa di le dintsi di sa latelwa;

(b)	ngwana a le dingwaga di le 14 kgotsa go feta;

(c)	ngwana a latofadiwa ka gore o dirile tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 3 sa ditlolo-molao;

(d)	tlhatlhelo e tlhokega go ya ka fa dikgatlhegelong tsa tsamaiso ya bosiamisi kgotsa pabalelo kgotsa tshireletso ya setšhaba kgotsa ngwana mongwe yo o tlhatlhetsweng; le

(e)	fa go na le kgonagalo ya gore ngwana fa a ka bonwa molato, a ka newa katlholo ya go ya kwa kgolegelong. 

     (2) Ngwana yo o nang le dingwaga di le 14 kgotsa go feta a ka bewa kwa kgolegelong fa, mo godimo ga mabaka a a umakiwang mo karolong ya molawana wa (1)(a), (c), (d) le (e), Molaodi wa Botšhutšhisi ba Setšhaba kgotsa motšhutšhisi yo o neilweng ke ene tetla ka lekwalo ya go ka dira jalo, a ntsha setifikheiti se se netefatsang gore go na le bopaki jo bo lekaneng go sekisa ngwana ka ntlha ya tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 3 sa ditlolo-molao le gore o latofatsa ngwana ka tlolo-molao eo.

 	(3) Pele go dirwa tshweetso ya go tlhatlhela kgotsa gore ngwana a nne a ntse a tlhatlhetswe kwa kgolegelong, moreetsa-kgetse o tshwanatse go akanya ka ga kgakololo e e mabapi le go baya ngwana kwa lefelong le le rileng, e e leng ka fa teng ga ripoto ya tshekatsheko ya modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, tshedimosetso e e umakiwang mo go molawana wa 40(2) le bopaki bongwe le bongwe jo bo mabapi le seo, jo bo tlisitsweng fa pele ga gagwe, go akaretsa, fa go leng matshwanedi, bopaki mabapi le— 

 (a)	ditshwanelo tsa ngwana tse di molemo;

 (b)	maemo a ngwana a tsa maphelo;

 (c)	ditlolo-molao tse a kileng a bonwa molato ka tsona, diphaposo tsa kgetse mo tshekong mo nakong e e fetileng kgotsa ditatofatso dingwe tse ngwana a iseng a di sekisediwe; 

 (d)	kotsi ya gore ngwana a ka nna kotsi mo go ene, kgotsa mo go motho yo mongwe kgotsa ngwana yo o leng kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša;

 (e)	kotsi nngwe le nngwe e ngwana a ka nnang yona kgatlhanong le pabalesego ya maloko a setšhaba;

 (f)	go latela boleng jo bo tshwanetseng jwa tshireletsego

 (g)	kotsi ya ngwana ya go tshaba kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša;

 (h)	lobaka le ka lona go ka diragalang gore a nne a tlhatlhetswe go fitlha tsheko e fela; 

 (i)	kgoreletso e e ka diegisang ipaakanyo ya mmueledi wa semolao wa ngwana kgotsa tiego ya go bona mmueledi wa semolao e e ka tlisiwang ke go tlhatlhelwa ga ngwana;

 (j)	gore tlolo-molao e e masisi go le kana kang; kgotsa

 (k)	lebaka lengwe le lengwe la a tshwanang le ona.

		(4) Moreetsa-kgetse yo o ntshang taelo ya gore ngwana a tlhatlhelwe go ya ka molawana ono, o tshwanetse go laela gore ngwana a tlisiwe kwa go ene kgotsa kwa kgotlatshekelo nngwe mo letsatsing lengwe le lengwe la 14 gore a lekole taelo.

	(5)(a) Moreetsa-kgetse a ka laela gore ngwana yo o latofadiwang ka tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 1 kgotsa sa 2 sa ditlolo-molao, a tlhatlhelwe kwa kgolegelong mo boemong jwa kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, fa e le gore mo godimo ga mabaka a a umakilweng mo dikarolong tsa molawana wa (1) le wa (3), o fitlhela go na le mabaka a le mantsi a a popota le a a gapeletsang, go akaretsa ditlolo-molao tse di tshwanang le yona tse a kileng a bonwa molato mo go tsona kgotsa tlolo-molao nngwe e iseng e konosediwe kgatlhanong le ngwana, fa fela e le gore ngwana o na le dingwaga di le 14 kgotsa go feta.

	 	(b) Moreetsa-kgetse yo o dirang taelo ya gore ngwana a bewe kwa kgolegelong go ya ka temana ya (a), o tshwanetse go kwala mabaka a a dirileng gore a tsee tshweetso e e jalo mo rekotong ya tsheko. 



Phoso mabapi le go bewa ga ngwana kwa lefelong le le rileng



31. Fa ngwana a beilwe kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, kwa seleng kgotsa lefelo la tlhatlhelo la mapodisi kgotsa kwa kgolegelong, mme motho yo o amogelang ngwana a lemoga gore go dirilwe phoso mabapi le go tshola ngwana kwa lefelong leo, motho yoo o tshwanetse go dira ka fa taelong ya kgotla-tshekelokgotlatshekelo, a bee ngwana mo lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, mo seleng ya mapodisi, mo lefelong la tlhatlhelo kgotsa mo kgolegelong, mme e re ka bonako jo bo kgonegang, fela e se ke ya nna morago ga letsatsi le le latelang la go ya kgotlatshekelo, ka tsela e e tshwanetseng, a romele ngwana kwa go moreetsa-kgetse yo o dirileng taelo e e jalo gore a baakanye phoso.



KAROLO YA 3: MABAKA A A TSHWANETSENG GO AKANGWA KE MOREETSA-KGETSE MABAPI LE GO TSHOLA NGWANA A NTSE A TLHATLHETSWE LE MAEMO A GO MO TSHOLA KWA LEFELONG LE LE RILENG LE MAEMO A TLHATLHELO KWA LEFELONG LA DIPATLISISO TSE DI DIRWANG PELE GA TSHEKO KGOTSA KWA KGOTLATSHEKELO YA NGWANA YA BOSIAMISI



Mabaka a moreetsa-kgetse a tshwanetseng go a akanya mabapi le tshola ngwana a ntse a tlhatlhetswe le go baa ngwana kwa lefelong le le rileng kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana



32. Fa ngwana a tshwanetswe go tlhatlhelwa kgotsa go bewa kwa lefelong la thokomelo ya ngwana le moša go ya ka Karolo ya 1 le ya 2 ya Kgaolo eno, moreetsa-tsheko kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kwa kgotlatshekelo ya ngwana ya bosiamisi, o tshwanetse gore nako le nako fa ngwana a tlhagelela kgotsa nako le nako morago ga fao a— 

 (a)	tlhotlhomise gore a go sa ntse go tlhokega gore ngwana a tlhatlhelwe kgotsa nnyaya le gore go bewa ga ngwana kwa lefelong le le rileng go matshwanedi kgotsa nnyaya;

 (b)	kwala mabaka,  mo rekotong ya tsheko, a go tlhatlhelwa ga ngwana kgotsa a gore ke ka ntlha ya eng ngwana a tshwanetse go nna a ntse a tlhatlhetswe; 

 (c)	akanya ka ga phokotso ya madi a beili, fa go le matshwanedi; 

 (d)	batlisisa gore ngwana o tshotswe sentle kgotsa nnyaya le gore a o beilwe ka fa tlase ga maemo a mantle, fa go le matshwanedi;

 (e)	ka laela gore go dirwe tlhatlhobo kgotsa dipatlisiso mabapi le go tsholwa le maemo a ngwana a leng ka fa tlase ga ona fa a sa kgotsofala gore ngwana o tshotswe sentle le gore o beilwe ka fa tlase ga maemo a mantle, mme a ka dira taelo ya gore go rarabololwe bothata jo bo ntseng jalo;

 (f)	ka kwala mabaka a a dirileng gore a tsee tshweetso e e jalo mabapi le se se ntseng jalo, ka fa rekotong ya tsheko.



Maemo a tlhatlhelo kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana	



33. (1) Ga go na ngwana yo o tshwanetseng go bofiwa ka ditshipi mo maotong fa a tlhagelela fa pele ga lefelo la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, mme dihangaboi tsona di ka dirisiwa fela fa go na le mabaka a a ka dirang gore di dirisiwe.

	(2) (a) Ngwana yo o tlhatlhetsweng kwa seleng ya mapodisi kgotsa lefelo la tlhatlhelo fa a santse a letile go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ga a tshwanela go kopana le bagolo mme o tshwanetswe go tsholwa le go bewa mo maemong a a tshwanetseng dingwaga tsa gagwe.

 (b) Basetsana ga ba tshwanela go kopana le basimane mme ba tshwanetse go nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya mogolo wa mosadi.

 (c) Fa ngwana a tsamaisiwa ka sejanaga go ya kgotsa go tswa kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, kgotsa go tswa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ga a tshwanela go pagama le bagolo: Fa go sa kgonagaleng gore taelo eno e latelwe, lepodisi le tshwanetse gore mo nakong ya diura di le 48, e neele moreetsa-kgetse, ripoto e e mabapi se se jalo mme a tlhalosa mabaka gore ke ka ntlha ya eng taelo e sa latelwa. 



KGAOLO YA 5



TSHEKATSHEKO YA NGWANA



Tiro ya modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kglegelong, ya go dira tshekatsheko ya bana



34. (1) Ngwana mongwe le mongwe yo a latofadiwang ka tlolo-molao o tshwanetswe go sekasekiwa ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, jaaka go tlhalosiwa mo karolong ya molawana wa (2) le wa (3), kwa ntle ga gore tshekatsheko e bo e dirilwe go ya ka molawana wa 41(3).

	(2) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, yo a itsisitsweng ke lepodisi gore ngwana o neilwe lekwalo la kitsiso, tagafara kgotsa gore o tshwerwe, o tshwanetse go dira tshekatsheko ya ngwana pele ga gore a tlhagelele kwa lefelong la dipatlisiso tsa di dirwang pele ga tsheko, mo dinakong tse di kwadilweng mo go molawana wa 43(3)(b).

	(3) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, yo a itsisitsweng ke lepodisi gore ngwana o o ka fa tlase ga dingwaga di le 10 o ne a tshotswe go ya ka molawana wa 9, o tshwanetse go dira dithulaganyo tsa go dira tshekatsheko ya ngwana mo malatsing a le supa morago ga go itsisiwe.



Maikaelelo a tshekatsheko



35. Maikaelelo a tshekatsheko ke go—

 (a)	tlhotlhomisa gore a ngwana a ka bo a tlhoka tlhokomelo le tshireletso gore a tle a romelwe kwa kgotlatshekelo ya bana go ya ka molawana wa 50 kgotsa wa 64;

 (b)	lekanyetsa dingwaga tsa ngwana fa go se na bonnete ka ga tsona;

 (c)	kgobokanya tshedimosetso mabapi le tlolo-molao e ngwana a kileng a bonwa molato ka yona, phaposo ya kgetse mo tshekong e e dirilweng mo nakong e e fetileng kgotsa tlolo-molao e iseng e sekiwe.

 (d)	baakanya dikgakololo tse di mabapi le kgololo kgotsa tlhatlhelo le go bewa mo lefelong le le rileng ga ngwana; 

 (e)	fa go tshwanela, go dira gore go nne le kgonagalo ya go faposa kgetse mo tshekong;

 (f)	mo lobakeng lwa ngwana yo o leng ka fa tlase ga dingwaga di le 10 kgotsa ngwana o a umakiwang mo mo molawana wa 10(2)(b), go batlisisa gore ke magato a fe a a tshwanetsweng go tsewa go ya ka molawana wa 9;

 (g)	mo lobakeng lwa ngwana yo a nang le dingwaga di 10 kgotsa go feta mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 14, go supa kakanyo ya gore a bopaki jwa maitseanape jo bo umakiwang mo go molawana wa 11(3), bo ka tlhokega;

 (h)	tlhotlhomisa gore a ngwana o dirisitswe ke mogolo gore a dire tlolo-molao eo; le 

 (i)	neelano ka tshedimosetso nngwe le nngwe e e mabapi le ngwana e modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng ngwana go ya kwa kgolegelong, a ka e tsayang gore ke e e ka fa dikgatlhegelong tse di molemo tsa ngwana kgotsa ke e e ka tsweletsang-pele maikaelelo a Molao ono o ikemiseditseng go a fitlhelela. 



Go tshola mo sephiring ga tshedimosetso e e bonweng kwa tshekatshekong

36. (1) Tshedimosetso nngwe le nngwe e e bonweng kwa tshekatshekong e tsholwa mo sephiring mme—

 (a)	e ka dirisiwa fela mo mabakeng a Molao ono, go akaretswa le kwa lefelong le go dirwang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko; mme 

 (b)   ga e amogelesege jaaka bopaki mo nakong ya kopo ya beili, go ikarabela mo tatofatsong, mo tshekong kgotsa ka nako ya katlholo, fa ngwana a tlhagelela kwa kgotlatshekelo.	

      (2) Motho mongwe le mongwe yo a sa lateleng taelo ya  molawana wa (1)(a), o molato ka tlolo-molao, mme fa a bonwe molato, a ka atlholelwa faene kgotsa kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dikgwedi di le tharo.



Lefelo le tshekatsheko e tshwanetsweng go dirwa kwa go lona



37. (1) Tshekatsheko ya ngwana e ka dirwa kwa lefelong lengwe le lengwe le le tlhaotsweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, mme e ka akaretsa kamore kwa seteišeneng sa mapodisi, kgotlatshekelo ya magiseterata, dikantoro tsa Lefapha la Katlaatlelo loago kgotsa Lefelo la Bosiamisi la Ngwana.

	(2) Lefelo le le tlhophilweng go ya ka  karolo ya molawana wa (1), le tshwanetse go siamela go se kgorelediwe.



Batho ba ba ka nnang teng kwa tshekatshekong



38. (1) Ngwana o tshwanetse go nna teng fa go dirwa tshekatsheko ya gagwe go ya ka Molao ono.

	(2) Motsadi wa ngwana kgotsa mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, o tshwanetse go nna teng mo tshekatshekong ya ngwana, kwa ntle ga fa a—

(a)  boleletswe ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa lgolegelong, gore a se ke a nna teng; kgotsa 

(b)	sa akarediwa ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, go nna teng ka ntlha ya fa a tlhakatlhakantse, a nyaditse kgotsa a kgoreleditse tshekatsheko kgotsa go le ka fa dikgatlhegelong tse di molemo tsa ngwana kgotsa tsamaiso ya bosiamisi, gore a se ke a nna teng.

	(3) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a ka dumelela batho ba ba lateng go nna teng mo tshekatshekong:

(a)	Moneelana ka tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong;

(b)	mmatlisisi wa mabaka le tshedimosetso

(c)	mongwe le mongwe yo go nneng teng ga gagwe go tlhokagalang mo lobakeng lwa tshekatsheko.

	 (4) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong a ka kopa gore lepodisi le nne teng fa tshekatshekong, fa go na le kotsi ya gore ngwana a ka tshaba kgotsa a nna kotsi mo go modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong.

		(5) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, fa go le matshwanedi, a ka rata go utlwa maikutlo a ngwana mo sephiring, mabapi le go nna teng ga motho mongwe fa tshekatshekong.

 		(6) (a) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao, o tshwanetse go leka ka gotlhe go batla kwa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao a leng kwa teng gore a tle a kgone go konosetsa tshekatsheko ya ngwana mme a ka kopa lepodisi go mo thusa go batla motho yoo.

			(b) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a ka konosetsa tshekatsheko ya ngwana fa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao a se teng, fa sengwe le sengwe se dirilwe go leka go batla motho yoo mme a paletswe ke go fitlhela, kgotsa fa motho yoo a itsisitswe ka ga tshekatsheko mme a se ka a tla.



Dithata le ditiro tsa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kwa tshekatshekong



39. (1)	 Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong o tshwanetse go—

 (a)	tlhalosetsa ngwana maikaelelo a tshekatsheko;

 (b)	itsise ngwana ka ga ditshwanelo tsa gagwe ka tsela e e tlhalosiwang;

 (c)	tlhalosetsa ngwana ka ga ditsamaiso tsa ka bonako tse di tshwanetsweng go latelwa go ka Molao ono; le

 (d)	botsa ngwana gore a o ikaelela go amogela maikarabelo a tlolo-molao eo. 

		(2) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, ka nako nngwe le nngwe ya tshekatsheko ya ngwana, a ka buisana le motho mongwe le mongwe yo o ka neelanang ka ga tshedimosetso e e tlhokegang mo tshekatshekong, go akaretsa motšhutšhisi, lepodisi kgotsa moneelana ka tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong.

		(3) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, ka nako nngwe le nngwe ya tshekatsheko, a ka buisana mo sephiring le motho mongwe le mongwe yo o leng teng. 

		(4) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a ka ya go buisana le motho mongwe le mongwe yo a seng fa lefelong la tshekatsheko, yo o nang le tshedimosetso e e mabapi le tshekatsheko, mme fa go na le tshedimosetso nngwe e e bonweng, ngwana o tshwanetse go itsisiwe ka ga yona.

		(5) Fa ngwana a latofadiwa mmogo le ngwana mongwe kgotsa bana bangwe, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a ka dira tshekatsheko ya bana ka nako e le nngwe fa e le gore seno se mo dikgatlhegelong tsa bana bao botlhe.

      	(6) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go rotloetsa bana go tsaya karolo ka nako ya tshekatsheko.



Ripoto ya tshekatsheko ya modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go kwa kgolegelong



40. (1) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go kwala ripoto ya tshekatsheko ka mokgwa o o tshwanetseng mme e na le dikgakololo mo dintlheng tse di latelang, fa go le matshwanedi:

 (a)	Kgonagalo ya go fetisetsa kgetse kwa kgotlatshekelo ya bana go ya ka molawana wa 50 kgotsa wa 64; 

 (b)	matshwanedi a phaposo ya kgetse mo tshekong, go akaretsa moneelana ka tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong yo o rileng, kgotsa mofuta kgotsa mefuta ya phaposo ya kgetse mo tshekong, jaaka go umakiwa jalo mo go molawana wa 53;

 (c)	kgonagalo ya go gololela ngwana mo tlhokomelong ya motsadi, mogolo yo o matshwanedi kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao kgotsa go golola ngwana ka boena, go ya ka molawana wa 24;

 (d)	fa e le gore go na le kgonagalo ya go tlhatlhela ngwana morago ga go tlhagelela lekgetlho la ntlha kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, lefelo le ngwana a tla bewang kwa go lona kwa lefelong le le tlhalosiwang la tlhokomelo ya ngwana le moša, go ya ka molawana wa 29 kgotsa wa 30;

 (e)	fa ngwana a le ka fa tlase ga dingwaga di le 10, go tlhotlhomisa gore ke magato a fe a a tshwanetsweng go tsewa go ya ka molawana wa 9;

 (f)	kgonagalo ya kitso ya bosenyi ya ngwana fa ngwana a na le dingwaga di le 10 kgotsa go feta mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 14, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 10, mmogo le dikgato tse di tshwanetsweng go tsewa go kgona go ka supa kitso ya bosenyi;

 (g)	gore a go tlhokagala tshekatsheko ya ngwana e e nang le dintlha tsotlhe go kgona go ka akanya mabaka a a umakiwang mo karolong ya molawana wa (3); le 

 (h)	tekanyetso ya dingwaga tsa ngwana, fa di sa netefadiwa, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 13.

      (2) Kgakololo e e umakiwang mo karolong ya molawana wa (1)(d) o o mabapi le go bewa ga ngwana kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, e tshwanetswe go tshegediwa ke tshedimosetso ya gajaana e e tshepagalang, ka foromo e e tshwanetseng, e e tserweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, kwa botsamaising jo bo nang le maikarabelo, jwa lefelo la tlhokomelo ya ngwana le moša, mabapi le— 

 (a)	go nna teng ga bonno jwa ngwana yo go buisanwang ka ga ene; le

 (b)	boleng jwa tshireletso, mekgabiso le dikarolo tse di botlhokwa tsa lefelo.

	(3) Kgakololo e e umakiwang mo karolong ya molawana wa (1)(g) e ka dirwa ka fa tlase ga lebaka kgotsa mabaka a a latelang:

 (a)	Kgonagalo ya gore ngwana a ka nna kotsi mo go ene;

 (b)	lebaka la gore ngwana ke makgetlho a le mantsi a dira ditlolo-molao kgotsa a tshaba; 

 (c)	fa mokgwa o ngwana ka gale a itshotseng ka ona mo setšhabeng o letla gore go dirwe tshekatsheko gape; le

 (d)	kgonagalo ya gore ngwana a ka romelwa kwa porogrameng ya batlola-molao ba thobalano, tiriso-botlhaswa ya diritibatsi kgotsa porograma nngwe ya kalafi e e tseneletseng.

		(4) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao gore a ye kwa kgolegelong, o tshwanetse go supa fa ripotong gore a ngwana o na le maikaelelo a go amogela maikarabelo a tlolo-molao e a latofadiwang ka yona.

		(5) Ripoto e e umakiwang mo karolong ya molawana wa (1) e tshwanetse ya neelwa motšhutšhisi pele ga tshimilogo ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, mme go akangwe ka ga dinako tse di umakilweng mo go molawana wa 43(3)(b).



KGAOLO YA 6



PHAPOSO YA KGETSE MO TSHEKONG E E DIRWANG KE MOTŠHUTŠHISI MABAPI LE DITLOLO-MOLAO TSE DI NNYE



Phaposo ya kgetse mo tshekong ka ga motšhutšhisi pele ga dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko mabapi le ditlolo-molao tse di umakiwang mo Setlhopheng sa 1 sa ditlolo-molao



42. (1) Motšhutšhisi a ka faposa kgetse mo tshekong, e e akararetsang ngwana o a latofadiwang ka tlolo-molao e e umakilweng mo Setlhopheng sa 1 sa ditlolo-molao, mme mo lebakeng leno, a ka tlhopha mofuta mongwe le mongwe wa ntlha wa phaposo ya kgetse mo tshekong jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 53(3) kgotsa kopanyo ya yona fa motšhutšhisi a kgotsofetse—

(a)	gore mabaka a a umakilweng mo go molawana wa 52(1)(a) go fitlha go (d) a diragaditswe; mme 

(b)	mo lebakeng la ngwana yo o nang le dingwaga di le 10 kgotsa go feta mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 14, gore kitso ya bosenyi e ka kgona go ka supetswa go ya ka molawana wa 11.

	(2)  Phaposo ya kgetse mo tshekong e e umakiwang mo karolong ya molawana wa (1) e tshwanetswe go dirwa—

 (a)	go ya ka ditaelo tse di ntshitsweng ke Molaodi wa Bosetšhaba wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba, jaaka go tlhalosiwa jalo mo go molawana wa 97(4)(a)(i)(bb);

 (b)	go ya ka karolo ya molawana wa (3), morago ga tshekatsheko ya ngwana go ya ka Kgaolo ya 5; le

 (c)	pele ga dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, jaaka go tlhalosiwa jalo mo Kgaolo ya 7

	(3) Fa go ise go dirwe tshekatsheko ya ngwana, motšhutšhisi a ka neelana ka tshekatsheko fa go dira jalo go le ka fa dikgatlhegelong tse di molemo tsa ngwana: Fa fela e le gore mabaka a go neelana ka tshekatsheko a kwadilwe ka fa rekotong ke magiseterata ka fa kantorong ya gagwe jaaka go umkiwa mo go molawana wa 42.

 	(4) Fa motšhutšhisi a akanya gore ngwana o tlhoka tlhokomelo le tshireletso jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 150 wa “Children’s Act”, ga a tshwanela go dira phaposo ya kgetse mo tshekong mme o tshwanetse go romela kgetse kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko gore e sekasekiwe go bona gore a e ka romelwa kwa kgotlatshekelo ya bana.

	(5) Mo go kgoneng go tsaya tshweetso ya phaposo ya kgetse mo tshekong kgotsa nnya, motšhutšhisi o tshwanetse go akanya lebaka la gore a ngwana o kile a direlwa phaposo ya kgetse mo tshekong mo nakong e e fetileng kgotsa nnyaya.

	(6) Fa motšhutšhisi a tsaya tshweetso ya go se dire phaposo ya kgetse mo tshekong go ya ka molawana ono, o tshwanetse go dira dithulaganyo ka bonako tsa gore ngwana a tlhagelele kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, le le umakiwang mo go Kgaolo ya 7.



Mofuta wa phaposo ya kgetse mo tshekong e e tshwanetsweng go dirwa ke kgotlatshekelo 



42. (1) Fa kgetse e fapositswe mo tshekong go ya ka molawana wa 41, ngwana, fa go kgonagala le motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ba tshwanetse go tlhagelela fa pele ga magiseterata, ka fa kantorong ya gagwe, gore mofuta wa phaposo ya kgetse mo tshekong, o o dirilweng ke motšhutšhisi, o tle o dirwe taelo ya kgotlatshekelo.

	(2) Molawana wa 58 o a diragadiwa ka diphetogo tse di tlhokagalang go ya ka ona, mo go ngwana o a sa lateleng taelo nngwe le nngwe e e tlhalosiwang mo karolong ya molawana wa (1).



KGAOLO YA 7



	                   DIPATLISISO TSE DI DIRWANG PELE GA TSHEKO



Tlholego le maikaelelo a dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko



43. (1) Dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko—

 (a)	ke tsamaiso ya pele ga tsheko ya melao e e sa gagamalang e go botswang dipotso mo go yona; mme

 (b)	e ka tshwarelwa kwa kgotlatshekelo kgotsa kwa lefelong lengwe le lengwe le le siametseng.

	 

	(2) Maikaelelo a dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko ke go—

 (a)	akanya ka ga ripoto ya tshekatsheko ya modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, mme e tlhalosa— 

 (i)	tekanyetso ya dingwaga tsa ngwana, fa dingwaga di sa itsiwe;

 (ii)	pono ya modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, mabapi le kitso ya ngwana ya bosinyi fa ngwana a na le dingwaga di le 10 kgotsa go feta mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 14, le tshweetso ya gore a go tlhokega tshekatshgeko ya ngwana ya kitso ya bosenyi e e dirrilweng ke motho yo a letleletsweng, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 11(3); le 

 (iii)	gore a go tlhokega tshekatsheko nngwe ya ngwana e e nang le dintlha tsotlhe jaaka go umakiwa mo go molawana wa 40(1)(g);

 (b)	tlhotlhomisa gore a kgetse e ka faposiwa mo tshekong pele ga go ikarabelo mo tatofatsong;

 (c)	supa mofuta o o tshwanetseng wa phaposo ya kgetse mo tshekong, fa go tlhokegang gona;

 (d)	tlhotlhomisa gore a kgetse e tshwanetse go fetisediwa, go ya ka   molawana wa 50, kwa kgotlatshekelo ya bana jaaka go umakiwa mo go molawana wa 42 wa “Children’s Act”;

 (e)	go netefatsa gore tshedimosetso yotlhe e e leng teng mabapi le ngwana, maemo a gagwe le tlolo-molao, di a akanngwa gore go dirwe tshweetso ya phaposo ya kgetse mo tshekong le go bewa ga ngwana mo lefelong le le rileng; 

 (f)	go netefatsa gore dikakanyo tsa batho botlhe ba ba leng teng di tsewa tsia pele tshweetso e tsewa;

 (g)	go rotloetsa go tsaya karolo ga ngwana le motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao; le 

 (h)	go akanya ka kgololo kgotsa go bewa ga ngwana mo lefelong le le rileng, fa go sa ntse go letilwe—

(i)	go konosediwa ga dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko;

(ii)	go tlhagelela ga ngwana kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana; kgotsa

(iii)	go fetisediwa ga kgetse kwa kgotlatshekelo ya bana, fa go leng matshwanedi gona.

		(3) (a) Dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko di tshwanetswe go dirwa mo lebakeng la ngwana mongwe le mongwe yo o latofadiwang ka tlolo-molao, kwa ntle le fa—

 (i)	kgetse e fapositswe mo tshekong ke motšhutšhisi go ya ka Kgaolo ya 6;

 (ii)	ngwana a le ka fa tlase ga dingwaga di le 10; kgotsa

 (iii)	kgetse e tsholotswe.

 (b) Dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, tse di umakiwang mo            temaneng ya (a), di tshwanetswe go dirwa—

 (i)	mo nakong ya diura di le 48 morago ga go tshwarwa ga ngwana,  mme e nna a tlhatlhetswe, jaaka go tlhalosiwa jalo mo go molawana wa 20(5); kgotsa

 (ii)	mo dinakong tse di tlhalosiwang mo lekwalong la kitsiso go ya ka molawana wa 18 kgotsa tagafara go ya ka molawana wa 19.

		(c) Go tlhagelela ga ngwana kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, go tsewa e le go tlhagelela ga gagwe lekgetlho la ntlha kwa kgotlatshekelo e nnye, go ya ka molawana wa 50 wa “Criminal Procedure Act”.



Batho ba ba tshwanetseng go nna teng kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko



44. (1) Batho ba ba latelang, go akaretswa magiseterata yo o reetsang tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko le motšhutšhisi, ba tshwanetse go nna teng kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, go ya ka dikarolo tsa molawana wa (2) le wa (3):

 (a) 	Ngwana;

 (b) 	motsadi wa ngwana, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao; le

 (c) modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong.

	(2) Fa go na le kgonagalo ya gore taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong e ka dirwa, moneelana ka tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, yo o supilweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong,, o tshwanetse go nna teng kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko. 

	(3) Magiseterata yo o reetsang tsheko ya dipatlisiso, go ya ka molawana wa 81, a ka laela motho mongwe le mongwe gore a se ke a tsenela tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, fa e le gore go nna teng ga motho yo o jalo ga go ka dikgatlhegelong tse di molemo tsa ngwana kgotsa fa a nyatsa mokgwa wa dipotsolotso le maikaelelo a dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko. 

	(4) (a) Dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko di ka tswela pele fa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng, motlhokomedi wa ngwana wa semolao kgotsa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a se teng, fa magiseterata yo o reetsang tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, a kgotsofetse gore go dira jalo go ka fa dikgatlhegelong tse di molemo tsa ngwana.  

			(b) Fa magiseterata yo o dirang dipatlisiso a tswela pele kwa ntle ga motsadi wa ngwana, mogolo yo o tshwanetseng, motlhokomedi wa ngwana wa semolao kgotsa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, go ya ka temana ya (a), o tshwanetse go kwala mabaka a tshweetso e e jalo ka fa rekotong ya tsheko.

	(5) Magiseterata yo o dirang dipatlisiso a ka dumelela motho mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego kgotsa yo o ka nnang le seabe mo tshekong, go nna teng.

      (6) Magiseterata wa dipatlisiso a ka kwalela kgotsa a laela gore motho mongwe le mongwe yo go nneng teng ga gagwe go ka tlhokagalang mo lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, a nne teng.



Go tshola mo sephiring ga tshedimisetso e go neelanweng ka yona kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.



45. (1) Molawana wa 154 wa “Criminal Procedure Act”, o o mabapi le phasalatso ya tshedimosetso e e tlhagisang go itsiwe ga ngwana kgotsa paki e e ka fa tlase ga dingwaga di le 18, o a diragadiwa mmogo le diphetogo go ya ka fa tirisong ya ona mo tsamaisong ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko. 

	(2) Tshedimosetso e e neetsweng ke motho mongwe le mongwe kgatlhanong le ngwana kwa lefelong la dipatlisiso tse dirwang pele ga tsheko, ga e a tshwanelwa go dirisiwa mo kopong nngwe le nngwe ya beili, go ikarabela mo tatofatsong, tsheko kgotsa mo ditsamaisong tsa katlholo.



Go sa tlhagelele kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko



46. Ngwana kgotsa motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao yo o laetsweng go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko ka—

 (a)	lekwalo la kitsiso go ya ka molawana wa 18;

 (b)	tagafara go ya ka molawana wa 19;

 (c)	lekwalo sa kitsiso le a le neilweng ke lepodisi go ya ka molawana wa 22, o buisiwa le molawana wa 23;

 (d)	taelo ya moreetsa-kgetse go ya ka molawana wa 24(4), (5) kgotsa 6, kgotsa a gapeletsega go tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, mme a se ke a tlhagelela kwa lefelong la dipatlisiso kgotsa a se ke a nna go fitlha a bidiwa, molawana wa 24(7) le diphetogo tse dileng mo go ona, o tshwanetse go diragadiwa khatlhanong le ene. 



Tsamaiso ya go tshwara ga dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko



47. (1) Magiseterata yo o dirang dipatlisiso o tshwanetse go tsamaisa dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko ka tsela e e se nang melao e e gagametseng, ka go botsa dipotso, go buisana le batho ba ba tlileng kwa dipatlisisong ka maikaelelo a go bona dikarabo ka ga sengwe le go bona tshedimosetso, mme o tshwanetse go nna le rekoto ya tsamaiso e e jalo.

	(2) Kwa tshimologong ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, magiseterata yo o dirang dipatlisiso o tshwanetse gore—

(a) ka tsela e e tshwanetseng—

 (i)	go tlhalosetsa ngwana maikaelelo le mokgwa wa go botsa dipotso mo dipatlisisong tse di dirwang pele ga tsheko;

 (ii)	go itsise ngwana ka ga mofuta wa tatofatso kgatlhanong le ena;

 (iii)	itsise ngwana ka ga ditshwanelo tsa gagwe; le

 (iv)	go tlhalosetsa ngwana ka ga ditsamaiso tse di tshwanetsweng go latelwa morago fela ga foo, go ya ka Molao ono;

			(b) go akanya ka ga phaposo ya kgetse mo tshekong, a tlhotlhomise mo ngwanang gore a o dumela maikarabelo a tlolo-molao, mme fa ngwana— 

 (i)	a sa dumele maikarabelo, ga a tshwanelwa go botswa dipotso mabapi le tlolo-molao e a latofadiwang ka yona ebile ga go na tshedimosetso mabapi le phaposo ya kgetse mo tshekong kgotsa go bonwa molato mo nakong e e fetileng kgotsa tatofatso e e iseng e sekiwe kgatlhanong le ngwana, tse di tshwanetsweng go tlhalosiwa mo dipatlisisong tse di dirwang pele ga tsheko, mme karolo ya  molawana wa (9) (c) mmogo le diphetogo tse di tsamaisanang le ona, o a diragadiwa; kgotsa 

 (ii)	fa a sa dumele maikarabelo, dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko di tswela pele go ya ka Kgaolo eno; le

			(c) go tlhotlhomisa dingwaga tsa ngwana go ya ka molawana wa 14, fa go tlhokagala.  

	(3) Tshedimosetso e e latelang e tshwanetswe go tlisiwa fa pele ga magiseterata yo o dirang dipatlisiso:

 (a)	Ripoto ya modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, fa e le teng;

(b)	foromo nngwe le nngwe le lokwalo lengwe le lengwe tse di umakiwang mo go molawana wa 14(2)(a) le (b), fa di le teng, tse di tlhokagalang mo lebakeng la tlhotlhomiso ya dingwaga; 

 (c)	lokwalo lengwe le lengwe le le mabapi le go bonwa molato mo nakong e e fetileng, phaposo ya kgetse mo tshekong le tatofatso e e iseng e sekiwe;

 (d)	ripoto e e mabapi le go tlhatlhelwa ga ngwana kwa lefelong la mapodisi, e e tswang mo lepodising le le batlisisang kgetse go ya ka molawana wa 22(2), fa e tlhokagala; le

 (e)	tshedimosetso nngwe le nngwe e e ka tlhokagalang mo tshekong.

	(4)	 Mo go akanyeng ka tshedimosetso e e umakiwang mo karolong ya molawana wa (3), magiseterata yo o dirang dipatlisiso a ka—

 (a)	kopa go newa makwalo mangwe a a ka tlhokagalang mo tshekong;

 (b)	batla tshedimosetso go tswa mo mothong mongwe le mongwe yo o tsenelang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, go e dirisa mo boemong jwa tshedimosetso e a nang le yona kgotsa go utlwisisa sentle tshedimosetso e a nang le yona; le

 (c)	tsaya dikgato tse di tlhokagalang go tlhotlhomisa bonnete jwa setatamente sengwe le sengwe le go siama ga sengwe le sengwe se se builweng.

	(5) (a) Fa go ise go dirwe tshekatsheko ya ngwana, magiseterata yo o dirang dipatlisiso a ka nna a se ke a dirisa tshekatsheko fa go le ka fa dikgatlhegelong tsa ngwana go dira jalo.

      		(b) Magiseterata yo a sa diriseng tshekatsheko go ya ka temana ya (a), o tshwanetse go kwala mabaka a go tsaya tshweetso e e ntseng jalo mo rekotong ya tsheko.

	(6) Fa dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko di tswela pele kwa ntle ga modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, ripoto ya modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motla-molao go ya kwa kgolegelong e tshwanetse go nna teng kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, kwa ntle ga fa tshekatsheko e sa dirwa go ya ka karolo ya malawana wa (5).

	(7) Go netefatsa gore dikakanyo tsa batho botlhe ba ba leng teng di tsewa tsia pele go dirwa tshweetso ka ga ngwana, magiseterata yo o dirang dipatlisiso o tshwanetse go—

 (a)	rotloetsa ngwana le motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng le motlhokomedi wa ngwana wa semolao, go tsaya karolo;

 (b)	go dumelela ngwana, motsadi wa ngwana, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao kgotsa motho mongwe le mongwe yo o leng teng go botsa dipotso le go tlhagisa dintlha, tse go ya ka magiseterata wa dipatlisiso, di leng tshwanetseng mo lebakeng la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko.

	(8) (a) Fa ngwana a latofadiwa le ngwana yo mongwe kgotsa bana ba bangwe, go ka tshwarwa dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, ka nako e le nngwe fa magiseterata yo o dirang dipatlisiso a kgotsofetse gore seo se tla nna ka fa dikgatlhegelong tse di molemo tsa bana bao. 

     		 (b) fa go dirwa dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko tsa motlhakanelwa go ya ka temana ya (a), go ka dirwa ditshweetso tse di farologaneng mo lebakeng la ngwana mongwe le mongwe.

	(9) Fa motšhutšhisi a supa gore kgetse ga e kitla e faposiwa mo tshekong, magiseterata yo o dirang dipatlisiso o tshwanetse go—

 (a)	amogela netefaletso go tswa mo go motšhutšhisi gore, ka ntlha ya mabaka a kgetse, a a nang le ona, mme morago ga go akanya ka mabaka mangwe a a matshwanedi, go na le bopaki jo bo lekaneng kgotsa lebaka le le dirang gore motho a dumele gore dipatlisiso di ka dire gore go bonwe bopaki jo bo tlhokagalang, gore tsheko e kgone go tsewela pele;

 (b)	kwala netefaletso ya motšhutšhisi mo rekotong ya tsheko;

 (c)	itsise ngwana gore kgetse e fetiseditswe kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore e tle e reetse kgetse go ya ka Kgaolo ya 9.

     (10) Fa magiseterata wa dipatlisiso a ne a reeditse tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko mme a utlwile tshedimosetso nngwe le nngwe e e nang le ditlamorago tse di sa siamang mo go tseeng karolo e e se nang letlhakore go ka tsaya tshweetso ka ga kgetse, magiseterata ga a tshwanela go reetsa ditsheko dingwe tse di latelang, tsamaiso kgotsa tsheko e e leng ka ga mabaka a a jalo. 



Go busediwa morago ga tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko



48. (1) Magiseterata yo o dirang dipatlisiso, go ya ka karolo ya molawana wa (2) le wa (3), a ka busetsa tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko morago lobaka lwa diura di le 48—

 (a)	fa ngwana a tlhatlhetswe mme motšhutšhisi a tlhalosa gore o akanya ka ga phaposo ya kgetse mo tshekong mme fela tshekatsheko ga e ise e dirwe mme e a tlhokega;

 (b)	fa go le botlhokwa go dira taelo ya go—

 (i)	dira gore motho yo o leng botlhokwa a nne teng mo go konosediweng ga dipatlisiso, a tlhagelele kwa dipatlisisong;

 (ii)	bona tshedimosetso e e botlhokwa gore dipatlisiso di konosediwe;

 (iii)	tlhotlhomisa ka ga kakanyo ya motswa-setlhabelo le ka ga go akanya ka ga phaposo ya kgetse mo tshekong;

 (iv)	dira dithulaganyo mabapi le mofuta wa phaposo ya kgetse mo tshekong;

 (v)	bona se se ka dirwang go fapoga tlhatlhelo; kgotsa

 (vi)	go dira tshekatsheko ya ngwana , fa e le gore e ne e sa dirwa mo nakong e e fetileng; kgotsa 

 (c)	mo lebakeng la go dira dipatlisiso dingwe tsa kgetse.

	(2) Tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko e ka busediwa morago gape lobaka lo lo sa feteng diura di le 48, mo godimo ga lobaka lo lo umakiwang mo karolong ya molawana wa (1) fa e le gore go busediwa morago ga tsheko go ka nna le karolo e tona ya kgonagalo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, mme e re fa dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, di ise di konosediwe, kgetse e tshwanetswe go tswalwa go ya ka karolo ya molawana wa  (4) mme motšhutšhisi o tshwanetse go fetisetsa kgetse gore e ye go reediwa kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana go ya ka Kgaolo ya 9.  

	(3) Fa tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko di busediwa morago go ya ka karolo ya molawana wa (1)(c), gore go tle go tswewe setatamente sa go dumela molato kgotsa go dumela ntlha e e rileng ya molato kgotsa go tshwara phareiti ya go supa motho yo o latofadiwang ka gore ke ene a dirileng molato kgotsa go supa dilo tse di tserweng ka nako e molato o neng o dirwa ka yona, magiseterata yo o dirang dipatlisiso o tshwanetse go itsise ngwana gore o na le tshwanelo ya gore motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng, motlhokomedi wa ngwana wa semolao kgotsa mmueledi wa semolao, a ka nna teng mo tshekong eo. 

	(4) Magiseterata yo o dirang dipatlisiso a ka busetsa tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko morago lobaka se se sa feteng malatsi a le 14—

 (a)	fa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, go ya molawana wa 40(1)(g), a ka naya kgakololo ya gore go dirwe gape tshekatsheko ya ngwana e e nang le dintlha tse di feletseng kgotsa fa a ka naya kgakololo e e jalo ka nako e go tshwarwang dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko ka yona, mme magiseterata yo o dirang dipatlisiso a kgotsofetse gore go na la mabaka a a dirang gore go dirwe tshekatsheko e e jalo; kgotsa   

 (b)	gore a amogele lekwalo le le tswang kwa go Molaodi wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba yo o nang le thata ya go faposa kgetse mo tshekong, go ya ka molawana wa 52(3). 

	(5) Tsheko ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko e ka busediwa morago sebaka se se ka bewang ke magiseterata yo o dirang dipatlisiso, fa—

 (a)	ngwana a tlhoka kalafi ya sengaka ya bolwetse, kgobalo kgotsa a na le  letshogo le le tona mo tlhaloganyong, le le bakilweng ke maitemogelo a gagwe mo se se rileng; kgotsa  

 (b)	ngwana a rometswe go ya go dirwa tshweetso ya bolwetse jwa tlhaloganyo kgotsa go sa direng sentle ge tlhaloganyo, go ya ka molawana wa 77 kgotsa wa 78 wa “Criminal Procedure Act”.

	(6) Molawana wa 50(1)(d) wa “Criminal Procedure Act” o diragadiwa mabapi le lobaka lwa diura di le 48, jaaka go umakiwa mo go molawana ono.



Ditaelo tse di dirwang kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko

49. (1) (a) Magiseterata yo o dirang dipatlisiso, go ya ka temana ya (b), a ka dira taelo ya gore kgetse e faposiwe mo tshekong go ya ka molawana wa 52(5). 

        	(b) Magiseterata yo o dirang dipatlisiso, mo lobakeng lwa ngwana yo o nang le dingwaga di le 10 kgotsa go feta, mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 14, a ka dira fela taelo ya gore kgetse e faposiwe mo tshekong, go ya ka temana ya (a), fa a kgotsofetse gore ngwana o na le kitso ya bosenyi.

      (2) Magiseterata yo o dirang dipatlisiso a ka dira taelo ya gore tsheko e fetisediwe kwa kgotlatshekelo ya ngwana ya bosiamisi go ya ka molawana wa 47(9)(c), gore e ye go reediwa teng go ya ka Kgaolo ya 9, mo lobakeng lwa—

 (a)	fa ngwana a sena mmueledi wa semolao, magisetera yo o dirang dipatlisiso o tshwanetse a tlhalosetse ngwana le motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ka ga tiragatso ya molawana wa 82(1), mabapi le go nna le mmueledi;

 (b)	fa ngwana a tlhatlhetswe, magiseterata yo o dirang dipatlisiso o tshwanetse gore morago ga go akanya ka ga se se umakiwang mo go Kgaolo ya 4, a tlhalosetse ngwana ka ga tatofatso e a latofadiwang ka yona letlha, nako le lefelo tsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana kwa a tla tlhagelelang teng, mme o tshwanetse go laela motsadi wa ngwana, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao go nna teng kwa tshekong ka letlha, nako le lefelo tse di beilweng; mme

 (c) 	fa ngwana a sa tlhatlhelwa, magiseterata yo o dirang dipatlisiso—

 (i)	a ka fetola kgotsa a oketsa taelo e e dirilweng go ya ka molawana wa 24(4); mme

(ii)	a laele ngwana le motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, go nna teng kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana ka letlha, nako le lefelo tse di beilweng.



Go isiwa ga bana ba ba tlhokang tlhokomelo le tshireletso kwa kgotlatshekelo ya bana



50. Fa magiseterata yo o reetsang tsheko ya dipatlisiso, a ka lemoga ka nako ya dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko gore—

 (a)	ngwana o tlhoka tlhokomelo le thuso tse di umakiwang mo go molawana wa 150(1) kgotsa wa (2) wa “Children’s Act” , le gore go a tlhokagala gore ngwana a sekisiwe go ya ka molawana wa 155 le wa 156 wa Molao oo; kgotsa 

 (b)	ngwana ga a nne kwa legaeng la gagwe kgotsa kwa lefelong lengwe le le tshwanetseng; kgotsa

 (c)	ngwana o latofadiwa ka tlolo-molao e nnye kgotsa ditlolo-molao tse maikaelelo a tsona e leng go fitlhelela ditlhokego tsa ngwana tsa dijo le bothito, magiseterata yo o dirang dipatlisiso a ka emisa tsheko mme a laela gore ngwana a isiwe kwa kgotlatshekelo ya bana e e umakiwang mo go molawana wa 42 wa Molao oo, le gore ngwana a sekisiwe go ya ka molawana wa 155 le wa 156. 



KGAOLO YA 8



PHAPOSO YA KGETSE MO TSHEKONG



Maikaelelo a phaposo ya kgetse mo tshekong



51. Maikaelelo a phaposo ya kgetse mo tshekong ke go—

(a)	sekisa ngwana, e seng go ya tsela e e tlwaelegileng ya tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosinyi, mo dikgetseng tse di matshwanedi; 

(b)	rotloetsa ngwana go nna le maikarabelo mo tshenyong kgotsa kutlo-botlhoko e e tlhodilweng ke ena;

(c)	fitlhelela ditlhokego tsa ngwana tse di rileng;

(d)	rotloetsa kopano ya ngwana le balelapa la gagwe le setšhaba;

(e)	go neela ba ba amegileng ka ntlha ya tshenyo kgotsa kutlo-botlhoko, tšhono ya go ntsha maikutlo a bona ka fa ba amegileng ka teng;

(f)	tlhotlheletsa neelano ya motswa-setlhabelo ka sesupo sa sengwe se se tla mo tswelang mosola kgotsa go mo neela sengwe jaaka sesupo sa go mo tlhatswa diatla ka ntlha ya tshenyegelo kgotsa botlhoko jo a bo utlwileng;

(g)	rotloetsa poelano magareng a ngwana le motho kgotsa setšhaba se se amilweng ke tshenyegelo kgotsa kutlo-botloko e e tlhodilweng ke ngwana;

(h)	thibela go tsholwa ga ngwana ka tsela e e supang gore ke motho yo o sa siamang le go thibela ditlamorago tse di sa siamang ka ntlha ya go sekisiwa ka fa mokgweng wa  tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi;

(i)	fokotsa kgonagalo ya go boeletsa tlolo-molao;

(j)	thibela ngwana go nna le rekoto ya bosenyi; le 

(k)   rotloetsa seriti le botho jwa ngwana, le kgolo ya go nna le mogopolo wa 

	       gore ke motho yo o botlhokwa, le bokgoni jwa go nna le seabe se se        

	       se se rileng mo setšhabeng. 



Kakanyo ka ga phaposo ya kgetse mo tshekong



52. (1) Morago ga go akanya ka ga tshedimosetso yotlhe e e maleba e go neelanweng ka yona kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, kgotsa ka nako ya tsheko, go akaretsa gore a ngwana o na rekoto ya dikgetse tse di kileng tsa faposiwa mo tshekong, kgetse e ka akangwa go faposiwa mo tshekong fa—  

(a)	ngwana a dumela maikarabelo a tlolo-molao;

(b)	ngwana a sa tlhotlhelediwa ka tsela e e sa siamang gore a dumele maikarabelo;

(c)	go na le bopaki jo bo popota kgatlhanong le ngwana;

(d)	ngwana, mme fa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng, motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ba le teng, mme ba dumela gore kgetse e faposiwe mo tshekong; mme

(e)	motšhutšhisi a supa gore kgetse e ka nna ya faposiwa mo tshekong go ya ka karolo ya molawana wa (2) kgotsa fa Molaodi wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba a supa gore kgetse e ka nna ya faposiwa mo tshekong go ya ka karolo ya molawana wa (3).

	(2)	Motšhutšhisi, mo lebakeng la tatofatso e e umakiwang mo go Setlhopha sa 1 sa ditlolo-molao, fa e le gore kgetse ga e ise e faposiwe mo tshekong go ya ka Kgaolo ya 6, kgotsa mo lebakeng la tlolo-molao e e umakiwang mo go MametleleloSetlhopha sa 2 sa ditlolo-molao, morago ga gore a—  

(a)	akantse ka ga dikakanyo tsa motswa-setlhabelo kgotsa motho mongwe le mongwe yo o nang le dikgatlhegelo mo maemong a motswa-setlhabelo, gore a kgetse e ka faposiwa mo tshekong kgotsa nnyaya, kwa ntle ga fa go sa kgonagale gotlhelele go dira jalo; mme

(b)	a buisane le lepodisi le le dirang dipatlisiso tsa kgetse mme le supa gore kgetse e ka faposiwa mo tshekong.

	(3) (a) Molaodi wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba, ka dithata tse a nang natso, mo lobakeng lwa tlolo-molao e e umakiwang mo go Setlhopha sa 3, a ka supa, ka lekwalo, gore kgetse e faposiwe mo tshekong fa go na le mabaka a a sa tlwaelegang, jaaka go sweditse jalo Molaodi wa Bosetšhaba wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba mo ditaelong tse di ntshitsweng go ya ka molawana wa 97(4)(a)(iii).

     			(b) Molaodi wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba a ka supa fela gore kgetse e faposiwe mo tshekong go ya ka temana ya (a) morago ga fa a—

 (i)	a neetse motswa-setlhabelo kgotsa motho yo o nang le dikgatlhegelo ka tlhamalalo mo maemong a motswa-setlhabelo, fa go le matshwanedi go dira jalo, tšhono ya go tlhagisa kakanyo ya gore a kgetse e faposiwe mo tshekong kgotsa nnyaya, mme fa go le jalo, a tlhagise kakanyo ya gagwe mabapi le mofuta le dintlha tsa mofuta o go akangwang ka ga yona wa go faposa kgetse mo tshekong mmogo le go akaretsa taelo e e ka ga go duela tshenyegelo kgotsa kutlo-botlhoko, kgotsa go neelana ka ga sengwe se se ka tswelang motho mosola kgotsa tirelo, mme a akantse ka ga dikakanyo tse di ntshitsweng; mme 

 (ii)	a ikopanye le lepodisi le le dirang dipatlisiso tsa kgetse.

      		(c) Gore go tle go bonwe taelo e e kwadilweng ya Molaodi wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba go ya ka temana ya (a), magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, e ka busetsa kgetse morago.

      		(d) Go ya ka temana ya (a), Molaodi wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba ga a tshwanela go naya motho yo mongwe thata ya gagwe ya gore a dire tshweetso ya gore a kgetse e ka faposiwa mo tshekong kgotsa nnyaya

	(4) Sesupo sa lekwalo se se umakiwang mo karolong ya  molawana wa (3), se tshwanetse go newa moreetsa kgetse kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana mme se tshwanetse go nna karolo ya rekoto ya tsheko. 

  	(5) Fa motšhutšhisi kgotsa Molaodi wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba a supa gore kgetse e ka nna ya faposiwa mo tshekong go ya ka karolo ya molawana wa (2) kgotsa wa (3), motšhutšhisi o tshwanetse go kopa moreetsa-kgetse kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana go dira taelo ya gore kgetse kgatlhanong le ngwana e faposiwe mo tshekong, go ya ka se se umakiwang ke Kgaolo eno. 

  	(6) Fa moreetsa-kgetse a sa fapose kgetse mo tshekong jaaka go kaiwa mo karolong ya molawana wa (5), o tshwanetse go fetisetsa kgetse kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore e reediwe go ya Kgaolo ya 9.



Mefuta ya phaposo kgetse mo tshekong



53. (1) Go ya ka molawana ono—

 (a)	“taelo ya kgapeletso ya go tsena sekolo” go tewa taelo e e ntshitsweng go ya ka mokgwa o o beilweng, gore ngwana a tsene sekolo letsatsi lengwe le lengwe mo lobakeng lwa paka e e beilweng, mme go nne le motho yo o tlhomile seno leitlho;  

 (b)	“taelo ya nako ya balelapa” go tewa taelo e e ntshitsweng ka mokgwa o o beilweng, gore ngwana a nne le balelapa la gagwe diura tse di beilweng; 

 (c)	“taelo ya maitsholo a mantle” go tewa taelo e e ntshitsweng ka mokgwa o o beilweng, gore ngwana a latele tumalano e e dirilweng fa gare ga gagwe le balelapa la gagwe gore a diragatse maemo a a rileng a maitsholo;

 (d)	“taelo ya ikgolaganyo le dithaka” go tewa taelo e e ntshitsweng ka mokgwa o o beilweng, gore ngwana a ikgolaganye le batho ba e leng dithaka tsa gagwe, ba ba ka nnang le seabe mo maitsholong a mantle a ngwana kgotsa gore ngwana a se ke a ikgolaganya le batho ba ba umakiwang kgotsa dithaka tsa gagwe tse di umakilweng;

 (e)	“taelo ya pego" go tewa taelo e e ntshitsweng ka mokgwa o o beilweng, gore ngwana a ye go ipega kwa mothong yo o tlhalosiwang ka nako kgotsa dinako tse di beilweng go kgontsha motho yoo go ela tlhoko maitsholo a ngwana; mme  

 (f)	“taelo ya tlhokomelo le kaelo” go tewa taelo e e ntshitsweng ka mokgwa o o beilweng, go baya ngwana ka fa tlase ga tlhokomelo le kaelo ya motho yo o nang le kitso mme a neelana ka kaelo kgotsa thaka ya gagwe gore e tlhokomele le go kaela ngwana ka maitsholo a gagwe. 

	(2) Mo go molawana ono, mefuta ya phaposo e ka go ya ka maemo a le mabedi, 

           mme—

 (a)	maemo a ntlha ke a a dirisiwang mo go ditlolo-molao tse di umakiwang mo go Setlhopha sa 1 sa ditlolo-molao; mme

 (b)	maemo a bobedi ke a a dirisiwang mo go ditlolo-molao tse di umakiwang mo go Setlhopha sa 2 le sa 3 sa ditlolo-molao. 

	(3) Mofuta wa maemo a ntlha a phaposo mo tshekong a akaretsa— 

 (a)	go kopa maitswarelo go go dirwang ka molomo kgotsa ka lekwalo mme go lebisitswe kwa go motho yo o rileng kgotsa batho ba ba rileng kgotsa mokgatlho o o rileng;

 (b)	kgalemo ya semolao, e na le ditaelo kgotsa e sena tsona;

 (c)	go bewa ka fa tlase ga taelo ya tlhokomelo kgotsa kaelo;

 (d)	go bewa ka fa tlase ga taelo ya go ipega;

 (e)	taelo ya go tsena sekolo ka kgapeletso;

 (f)	taelo ya go nna le balelapa;

 (g)	taelo ya go ikgolaganya le dithaka;

 (h)	taelo ya maitsholo a mantle;

 (i)	taelo ya go thibela ngwana go eta, kgotsa go ya kwa lefelong le le tlhalositsweng;

 (j)	go romela kwa ba nayang gona dikgakololo kgotsa thuso ya kalafi;

 (k)	go gapeletsega go ya kwa lefelong la dithuto kgotsa lefelo le le tlhalosiwang le e leng la thupello ya tiro e e rileng, thuto kgotsa go ya go alafelwa bolwetse kgotsa kgobalo ya mo mmeleng; 

 (l)	tuelo ya motho mongwe, batho, setlhopha sa batho kgotsa setšhaba, mokgatlho o o neelanang ka thuso ka ntlha ya tatlhegelo e  a e boneng 

 (m)	go busediwa ga sengwe se se rileng mo go motswa-setlhabelo yo o rileng kapa batswa-setlhabelo ba ba rileng ka ntlha ya tlolo-molao, fa e leng gore selo seo se ka busediwa kgotsa sa neelwa mong wa sona;

 (n)	go direla setšhaba ka fa tlase ga tlhokomelo kgotsa taolo ya lekoko kgotsa mokgatlho, kgotsa motho yo o rileng, batho kgotsa setlhopha sa batho se se supilweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motho go ya kwa kgolegelong; 

 (o)	ketleetso ya tiro nngwe kgotsa sengwe se se mosola se se dirwang ke ngwana mme a se direla motswa-setlhabelo yo o rileng kgotsa batswa-setlhabelo ba ba rileng;

 (p)	tuelelo ya tshenyegelo mo go motho yo o rileng, batho, setlhopha sa batho kgotsa setšhaba, mokgatlho o o  abelanang ka dithuso kgotsa mokgatlho wa loago kgotsa setheo kwa ngwana kgotsa balelapa la gagwe ba ka kgonang  go fitlhelela seno; mme 

 (q)	kwa go se nang motho yo o tlhalosiwang, batho kgotsa setlhopha sa batho ba ba newang tuelo ya tshenyegelo; ketleetso ya tiro kgotsa  sengwe se se mosola, go duela ditshenyegelo tsa setšhaba, mokgatlho o o abelanang ka dithuso kgotsa mokgatlho wa loago kgotsa setheo.

   	(4) Mofuta wa maemo a bobedi a phaposo ya kgetse mo tshekong o akaretsa—

 (a)	maemo a ntlha a phaposo mo tshekong a a umakilweng mo karolong ya molawana wa (3)(j) go fitlha go (q);

 (b)	kgapeletso ya go ya kwa lefelong le le rileng la thuto kgotsa lefelo thupello ya tiro e e rileng, thuto kgotsa kalafi ya bolwetse jo bo rileng kgotsa kgobalo ya mo mmeleng, e e ka akaretsang paka kgotsa dipaka tsa go nna kwa teng nakwana; 

 (c)	go romelwa go ya go newa kalafi e e tseneletseng ya bolwetse kgotsa kgobalo ya mo mmeleng kgotsa go kgona go rarabolola mathata a a tlhalositsweng e le ona a a dirang gore ngwana a iphitlhele a tlotse molao, mme go ka akaretsa paka kgotsa dipaka tsa go nna kwa teng nakwana; le 

 (d)	go bewa ka fa tlase ga tlhokomelo ya modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, mo tlase ga mabaka a a ka akaretsang go thibela ngwana go etela mafelo a a leng ka kwa ntle ga tikologo ya magiseterata e ngwana a nnang mo go yona ka tlwaelo, kwa ntle ga go bona pele tumelelo e e kwadilweng ya modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong.  

    	(5) (a) Fa go tlhophiwa mofuta wa phaposo mo tshekong go tswa mo maemong a ntlha jaaka go umakiwa mo karolong ya molawana wa (3) mabapi le ngwana yo o—

(i)	ka fa tlase ga dingwaga di le 14, taelo ga e a tshwanela go feta lobaka lwa dikgwedi di le 12, fa go na le nako e e beilweng; 

(ii)	le dingwaga di le 14 kgotsa go feta, taelo, go ya ka temana ya (b), ga e a tshwanela go feta lobaka lwa dikgwedi di le 24, fa go na le nako e e beilweng.

      		(b) Taelo e e fetang paka e e umakilweng mo temaneng ya (a) e ka dirwa, mme fa go le jalo, mabaka a go feta paka e e umakilweng a tshwanetswe go kwalwa mo rekotong ya tsheko.

      (6) (a) Fa go tlhophiwa phaposo ya kgetse mo tshekong go tswa mo maemong a bobedi jaaka go umakiwa mo karolong ya molawana wa (4) mabapi le ngwana yo o— 

(i)	ka fa tlase ga dingwaga di le 14, taelo ga e a tshwanela go feta lobaka lwa dikgwedi di le 24, fa go na le nako e e beilweng;

 (ii)	nang le dingwaga di le 14 kgotsa go feta, taelo, go ya ka temana ya (b), ga e a tshwanela go feta lobaka lwa dikgwedi di le 48, fa go na le nako e e beilweng.

     	(b) Taelo e e fetang lobaka le le umakiwang mo go temana ya (a) e ka dirwa, mme fa go le jalo, mabaka a go feta paka e e umakilweng a tshwanetswe go kwala mo rekotong ya tsheko.

   	(7) Magiseterata yo o umakiwang mo go molawana wa 42, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e ka laela ngwana go tlhagelela kwa kopanong ya setlhopha sa balelapa, go ya ka molawana wa 61 kgotsa mo botsereganying jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao, go ya ka molawana wa 62, ka letsatsi, nako le lefelo tse di beilweng, kgotsa go laelo mofuta mongwe le mongwe wa go diragatsa bosiamisi mo mabakeng a a tshwanetseng mo boemong jwa mefuta ya phaposo ya kgetse mo tshekong e e umakiwang mo karolong ya molawana wa (3) kgotsa wa (4), kgotsa mmogo le nngwe ya mefuta ya phaposo ya kgetse mo tshekong e e umakilweng mo karolong ya molawana wa (3) le wa (4). 



Tlhopho ya mofuta wa phaposo ya kgetse mo tshekong



54. (1) Mabaka a a latelang a tshwanetswe go akanngwa fa go tlhophiwa mofuta wa phaposo ya kgetse mo tshekong:

 (a)	Tlhopho ya phaposo ya kgetse mo tshekong e tshwanetse go nna mo maemong a a tshwanetseng go ya ka molawana wa 53;

 (b)	setso, bodumedi le puo tse ngwana a tsaletsweng mo go tsona;

 (c)	maemo a thuto, bokgoni jwa go kgona go tlhaloganya le mabaka a ka fa gae le a tikologo;

 (d)	tekanelo ya mofuta o o go neilweng kgakololo mo go ona kgotsa o o tlhophilweng mabapi le maemo a ngwana, mofuta wa tlolo-molao le dikgatlhegelo tsa setšhaba; le

 (e)	dingwaga le ditlhokego tsa kgolo ya ngwana.

    	(2) (a) Mo lobakeng lwa tlolo-molao e e umakiwang mo go Setlhopha sa 1 sa ditlolo-molao, mefuta ya diphaposo tsa kgetse mo tshekong jaaka di tlhagelela mo go molawana wa 53(3), di a dira mme di ka dirisiwa mmogo. 

     		(b) Mo lobakeng lwa tlolo-molao e e umakiwang mo go Setlhopha sa 2 sa ditlolo-molao le sa 3, mefuta ya phaposo ya kgetse mo tshekong e e tlhagelelang mo go molawana wa 53(4), e a dira mme e ka dirisiwa mmogo, mmogo le nngwe le nngwe kgotsa e le dintsi ya mofuta ya ntlha, fa go tshwanetseng. 

    	(3) Mo godimo ga mefuta ya phaposo ya kgetse mo tshekong e e tlhagelelang mo go molawana wa 53, motšhutšhisi, go ya ka molawana wa 41(1), magiseterata yo o dirang dipatlisiso, go ya ka molawana wa 49(1)(a), kgotsa moreetsa-kgetse kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, go ya ka molawana wa 67(1)(a), morago ga go akanya ka ga tshedimosetso yotlhe e e leng teng, a ka dira phaposo ya kgetse mo tshekong ya motho o o rileng, fa go le matshwanedi, e e fitlhelelang ditlhokego tsa  phaposo ya kgetse mo tshekong go ya ka molawana wa 51, mme fa go leng matswanedi teng, maemo a e leng ona a bonnye a a tlhagelelang mo go molawana 55.  



Tekanyetso ya maemo a boleng e e dirisiwang mo phaposong ya tsheko



55. (1) Mefuta ya diphaposo tsa kgetse mo tshekong, gore di lepalepane le maikaelelo a phaposo ya kgetse mo tshekong, di tshwanetse bopiwa ka tsela e e tla dirang gore go nne le tekatekanyo magareng a maemo a ngwana, mofuta wa tlolomolao le dikgatlhegelo tsa setšhaba, mme—

 (a)	ga di a tshwanela go tshola ngwana ka tsela e e seng matshwanedi, e e ka utlwisang ngwana botlhoko kgotsa e e ka tlholang kotsi mo mmeleng kgotsa mo tlhaloganyong ya ngwana;

 (b)	e nne e e matshwanedi mo dingwageng le mo mokgweng wa ngwana wa go akanya jaaka mogolo;

 (c)	e seke ya kgoreletsa go ya sekolong ga ngwana;

 (d)	e seke ya bopega ka tsela e e sa akaretseng bana ba bangwe ka ntlha ya tlhokego ya didiriswa, matlole kgotsa ka tsela e nngwe; mme

 (e)	e lemoge le go tlhaloganya maikutlo a maemo a motswa-setlhabelo.

	(2)	Diporograma tsa phaposo ya kgetse mo tshekong di tshwanetse gore, mo go tlhokagalang teng, di—  

(a)	neela tshedimosetso e e mosola ka ga bokgoni jwa go dira tiro sentle; 

(b)	akaretse ntlha ya go diragatsa gape bosiamisi, e maikaelelo a yona e leng go busetsa dikgolagano mo maemong a mantle morago ga se se diragetseng, go akaretsa kgolagano le motswa-setlhabelo;  

(c)	akaretse ntlha e maikaelelo a yona e leng go netefatsa gore ngwana o tlhaloganya gore maitsholo a gagwe a ama batho ba bangwe jang, go akaretsa batswa-setlhabelo ba tlolo-molao, mme e ka akaretsa tuelo ya tshenyegelo kgotsa tatlhegelo; 

(d)	neelanwe kwa lefelong le ngwana a tla kgonang go le fitlhelela;

(e)	bopiwe ka tsela e di tla tshwanelwang ke go dirisiwa mo mabakeng a a farologaneng le mo go ditlolo-molao tse di farologaneng;

(f)	bopiwe ka tsela e e tla dirang gore go dira ga tsona go kgone go lekanyediwa;

(g)	rotloediwe le go dirisiwa ka maikaelelo a go di dirisa ka go lekana le go fitlhelelwa mo nageng yotlhe, go ntse go akangwa ka ditlhokego tse di itlhaotseng le maemo a bana mo dinageng-selegae le ditlhopha tse di bokoa mme di utlwisiwa botlhoko bonolo mo mmeleng le mo tlhaloganyong; le 

(h)	go akaretsa, fa go tlhokega, batsadi, bagolo ba ba tshwanetseng kgotsa batlhokomedi ba bana ba semolao.



Neelano le tetlelelo ya semmuso ya diporograma tsa phaposo ya kgetse mo tshekong le Baneelana ka tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong



56. (1) Go ya ka molawana wa 98(2), motšhutšhisi, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ba ka romela kgetse e e fetiseditsweng kwa phaposong ya tsheko, go ya kwa diporogrameng tsa phaposo ya kgetse mo tshekong, le kwa go moneelana-ka-tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, e e setseng e neilwe tetlelelo ya semmuso go ya ka molawana ono mme e na le setifikheiti sa nnete sa tetlelelo, se se umakilweng mo karolong ya molawana wa (2)(e).  

   (2) (a) Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsa katlaatlelo loago, mmogo le maloko a Kabinete a a nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, thuto, ditirelo tsa tshiamiso, polokego le tshireletso mmogo le maphelo, ba tshwanetse go—

 (i)	dira togamaano ya melao ya bokgoni jwa go tlhaloganya le go dira mo dikarolong tsotlhe tsa Puso le mo mekgatlhong e e seng ya puso, go tlhoma, go tshola mo maemong a le mangwe le ntshetso-pele ya diporograma tse di dirisiwang mo phaposong ya kgetse mo tshekong;  

 (ii)	go tlhoma le go tshola mo maemong a le mangwe tsamaiso ya tetlelelo ya semmuso, jaaka e beilwe, ya diporograma tse di dirisetswang phaposo ya kgetse mo tshekong le baneelana-ka- tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong; le 

 (iii)	go netefatsa go nna teng ga didiriswa go kgona go tsenya mo tirisong diporograma tsa phaposo ya kgetse mo tshekong, jaaka ka fa go tshwanetseng ga nnaka teng. 

     	(b) Tsamaiso ya tetlelelo ya semmuso e e umakiwang mo temaneng ya (a)(ii), e tshwanetse go nna le— 

 (i)	mokgwa o o dirisiwang wa go sekaseka diporograma tsa phaposo ya kgetse mo tshekong go netefatsa gore di ka go ya ka fa maemong a bonnye jo bo umakiwang mo go molawana wa 55;

 (ii)	mokgwa o o dirisiwang wa go sekaseka diteng tsa diporograma tsa phaposo ya kgetse mo tshekong, go netefatsa gore di supa kgato e e nang le bokao ebile e e lekanetseng mo tshenyegelong kgotsa kutlobotlhoko e e tlisitsweng ke ditlolo-molao tse di dirilweng ke bana, go fitlhelela maikaelelo a phaposo ya kgetse mo tshekong;

 (iii)	didiriswa tsa go ela tlhoko diporograma tsa phaposo ya kgetse mo tshekong le baneelana-ka-tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, mabapi le bokgoni jwa bona go neelana ka tirelo e e nang le boleng go fitlhelela maikaelelo a phaposo ya kgetse mo tshekong le bokgoni jwa bona go rotloetsa kobamelo ya ditaelo tsa phaposo ya kgetse mo tshekong;  

 (iv)	dikgato tsa go tlosa, mo melaong ya tsamaiso, diporograma tsa phaposo ya kgetse mo tshekong le baneelana-ka-tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, fa go leng matshwanedi gona.

     	(c)   Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a katlaatlelo loago le 

                  tshwanetse gore—

  

 (i)	pele Molao ono o tsengwa tirisong, le kwale togamaano ya melao le tsamaiso ya melao e e tla dirisiwang mo tetlelelong ya semmuso jaaka go umakiwa mo temaneng ya (a)(i) le (ii) kwa Palamenteng;

 (ii)	dikgwedi di le tharo morago ga go kwala togamaano ya melao le tsamaiso ya melao e e tla dirisetswang tetlelelo ya semmuso kwa Palamenteng, a phasalatse kitsiso mo kuranteng e go kwalwang Melao mo go yona, a laletsa go dikopo tsa tetleleo ya semmuso ya diporograma tsa phaposo ya kgetse mo tshekong le baneelana-ka- tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, jaaka go tlhalosiwa ka fa go tshwanetseng ga diragala ka teng mo togamaanong ya melao le tsamaiso ya melao tse di dirisetswang tetla ya semmuso jaaka go umakiwa mo temaneng ya (i), mme dikopo di tshwanetse go tlisiwa mo lobakeng la dikgwedi di le nne go tloga ga letlha leno la phasalatso;

 (iii)	mo lobakeng la dikgwedi di le nne go tloga ka letlha la go tswalelwa ga dikopo tse di umakiwang mo karolong ya  temana ya (ii), go netefatsa gore dikopo tsotlhe tse di amogetsweng di a akanngwa le go tsaya tshweetso ka ga tsona, mme se se lebeletsweng segolo thata e le go fetsa ka dikopo mabapi le diporograma tsa phaposo ya kgetse mo tshekong le baneelana-ka-tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong tse di neng di le teng ka nako ya tshimilogo ya Molao ono. 

 (d) Morago ga go fela ga dinako tse beilweng, tse di umakiwang mo temaneng ya (c), dikopo tsotlhe tsa tetlelelo ya semmuso, tshwanetse go dirwe ka tsona ka mokgwa le mo dinakong tsa khutliso,tse di beilweng mo togamaanong ya melao le melao ya tsamaiso, tse di dirisetswang tetlelelo ya semmuso.   

 (e) Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo go tsa tlhabololo ya katlaatlelo loago, le tshwanetse la ntsha setifikheiti sa tetlelelo ya semmuso ka fa go tshwanetseng ka teng, mo go porograma nngwe le nngwe le mo go moneelana-ka- tirelo mongwe le mongwe wa phaposo ya kgetse mo tshekong yo o letleletsweng semmuso go ya ka molawana ono. 

 (f) Setifikheiti sa tetlelelo sa semmuso se se umakiwang mo temaneng ya (e), se dira sebaka sa paka e e fitlhelelang mo dingwageng di le nne go tloga ka letlha la tetlelelo ya semmuso.

 (g) Tsamaiso ya boleng jwa tiisetso e tshwanetswe go dirwa ka mokgwa o o beilweng mabapi le porograma e e letleletsweng semmuso ya phaposo ya kgetse mo tshekong le moneelana ka tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong.

 	(3) (a) Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo go tsa tlhabololo ya katlaatlelo loago, le tshwanetse go phasalatsa dintlha tsa porograma nngwe le nngwe le tsa moneelana ka tirelo mongwe le mongwe yo a letleletsweng kgotsa yo o ntshitsweng mo melaong ya tsamaiso, go ya ka molawana ono mo Kuranteng e e kwalang Melao mo lobakeng lwa malatsi a le 30 morago ga go newa tetlelelo ya semmuso kgotsa go ntshiwa mo melaong ya tsamaiso.	 

     	(b) Molaodi-Kakaretso: Tlhabololo ya Katlaatlelo loago, o tshwanetse gore morago fela ga phasalatso nngwe le nngwe e e umakiwang mo temaneng ya (e), a neela khopi ya phasalatso—

 (i)	batsayakarolo ba ba tshwanetseng, ba ba welang ka fa tlase ga tikologo e a nang le dithata mo go yona; le

 (ii)	Molaodi-Kakaretso: Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, yo o tshwanetseng go phatlalatsa phasalatso mo go batsaya-karolo ba ba tshwanetseng, ba ba tsayang karolo mo tsamaisong ya Molao ono. 



Go ela tlhoko gore taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong e a latelwa



57. (1) Fa go dirwa taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, magiseterata yo o umakiwang mo go molawana wa 42, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, e tshwanetse go tlhopha modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa motho mongwe yo o matshwanedi, go ela tlhoko gore ngwana o latela taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong.

	(2) Fa ngwana a sa latele taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa motho yo o tlhophilweng go ya ka karolo ya molawana wa (1), o tshwanetse go itsise, ka tsela e e tshwanetseng, magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ka lekwalo gore ngwana ga a latela taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong.  

    	(3) Fa magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, a lemoga gore, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa motho yo tlhophilweng go ya ka karolo ya molawana wa (1) ga a dira tiro ya go ela tlhoko gore ngwana o latela taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, kgotsa ga a ka a istise magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore ngwana ga a latela taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, magiseterata, magisetera yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, e tshwanetse go batlisisa gore ke ka ntlha ya eng modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa motho yo o tlhophilweng, a sa dira ka fa a neng a tshwanetse go dira ka teng, mme fa go fitlhelwa gore phoso ke ya modiredi wa tsamaiso ya e e sa letleleleng motlolamolao go ya kwa kgolegelong kgotsa ke ya motho yo o tlhophilweng—

 (a)	mo lobakeng lwa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa motho mongwe yo o thapilweng ke Puso, magiseterata, magiseterata yo dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, e tshwanetse go itsise botsamaisi ka ga phitlhelelo ya gagwe, gore bo tle bo tseye dikgato tse di tlhokegang; kgotsa

 (b)	mo lobakeng lwa motho yo o sa thapiwang ke Puso, magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, e tshwanetse go itsise Molaodi-Kakaretso: Tlhabololo ya Katlaatlelo Loago.

    	(4) Tsamaiso e e tlhalosiwang mo go molawana wa (3) ga e thibele tharabololo nngwe mo molaong mongwe.

    	(5) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa motho yo o matshwanedi yo o umakiwang mo karolong ya molawana wa (1), o tshwanetse gore fa ngwana a latetse ditaelo tsa phaposo ya kgetse mo tshekong, sentle, a neele motšhutšhisi yo o tshwanetseng ripoto e e jalo.



Go se latele taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong



58. (1) Fa ngwana a sa latele taelo nngwe le nngwe ya phaposo ya kgetse mo tshekong, magiseterata yo o umakiwang mo go molawana wa 42, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, morago ga go itsisiwe ka seno, ka mokgwa o o beilweng, ba ka ntsha lekwalo la tshwaro ya ngwana kgotsa ngwana a ka ntshetswa tagafara go ya ka molawana wa 19, gore a tlhagelele fa pele ga magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana. 

    	(2) Fa ngwana a tlhagelela fa pele ga magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana mabapi le lekwalo la tshwaro le le ntshitsweng kgotsa tagafara, magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ba tshwanetse go batlisisa mabaka a a dirileng gore ngwana a seke a latela taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong mme ba dire tshweetso ya gore go sa lateleng taelo ke phoso ya ngwana kgotsa nnyaya. 

    	(3) Fa go fitlhelwa e le gore go sa lateleng ga taelo ga se phoso ya ngwana, magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ba ka— 

 (a)	tswela pele ka mofuta o o jalo wa phaposo ya kgetse mo tshekong kgotsa go se na mabaka a a fetotsweng;

 (b)	oketsa kgotsa go diragatsa mofuta mongwe wa phaposo ya kgetse mo tshekong; kgotsa

 (c)	dira taelo e e matshwanedi e e tla thusang ngwana le balelapa la gagwe go latela mofuta wa phaposo ya kgetse mo tshekong o o neng o dirisiwa mo tshimologong, mme go na le mabaka a a fetotsweng kgotsa a a okeditsweng, kgotsa a se yo. 

	(4) Fa go fitlhelwa e le gore go se latele taelo ke ka ntlha ya phoso ya ngwana— 

 (a)	motšhutšhisi, fa e le gore kgetse e ne e fapositswe mo tshekong ke motšhutšhisi go ya ka molawana wa 41 (1) kgotsa kgetse e fapositswe mo tshekong kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko go ya ka molawana wa 49(1), a ka tsaya tshweetso ya go tswela pele ka kgetse, mme go tla diragadiwa molawana wa 49(2) le dipohetogo tse di tlhokagalang go ya ka bokao;

 (b)	kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, mo lobakeng la fa kgetse e ne e fapositswe mo tshekong ke kgotlatshekelo go ya ka molawana wa 67, e ka kwala go dumela maikarabelo ga ngwana jaaka go dumela ntlha e e rileng, jaaka go umakiwa mo go molawana wa 220 wa “Criminal Procedure Act”, mme e tswele pele ka tsheko; kgotsa 

 (c)   	motšhutšhisi kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, fa kgetse e sa ye kwa tshekong, ba tshwanetse go tsaya tshweetso nngwe ya mofuta wa phaposo ya kgetse mo tshekong, o o tlhokang go tseelwa matsapa a magolo go feta mofuta wa phaposo ya kgetse mo tshekong o o neng o tlhophilwe pele. 



Ditlamorago tsa semolao tsa phaposo ya kgetse mo tshekong 



59. (1) (a) Fa kgetse e fapositswe mo motšutšhisi mo tshekong go ya ka Kgaolo ya 6, kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele kgetse e ya kwa tshekong go ya ka Kgaolo ya 7, kgotsa e fapositswe mo tshekong ke kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana go ya ka Kgaolo ya 9, mme taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong e latetswe sentle, tsheko e ka se ke ya tshwarwa gape go ya ka bopaki jo bo tshwanang le jona.

     	(b) Taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong ga e reye gore go na le rekoto ya tlolo-molao e e umakiwang mo go “Criminal Procedure Act”.

    	(2) Tsheko ya poraefete go ya ka molawana wa 7 wa “Criminal Procedure Act”, ga e a tshwanelwa go dirwa kgatlhanong le ngwana o kgetse ya gagwe e fapositsweng mo tshekong go ya ka Molao ono.



Rejisetara ya bana e go dirilweng taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong 



60. (1) Molaodi-Kakaretso: Tlhabololo le Katlaatlelo Loago, mmogo le Molaodi-Kakaretso: Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo mmogo le Mokomišinara wa Bosetšhaba wa Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Brwa, ba tshwanetse go dira le go tlhokomela rejisetara, jaaka go tlhalositswe, ya bana ba go dirilweng taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong kgatlhanong le bona go ya ka Molao ono, e e tshwanetseng go akaretsa—

 (a)	dintlha tsa ngwana mongwe le mongwe;

 (b)	dintlha tsa tlolo-molao e go dirilweng taelo ya phaposo ya kgetse mo 

           tshekong ka ga yona;

(c)	mofuta wa phaposo kgotsa mefuta ya phaposo ya kgetse mo tshekong 

                      jaaka e tlhalosiwa mo taelong ya phaposo ya kgetse mo tshekong; le

(d)		dintlha tsa ngwana tse di ka ga go latela taelo ya phaposo ya kgetse 

           mo tshekong. 

   (2) Maikaelelo a rejisetara ke go tshola rekoto ya dintlha tse di umakilweng mo karolong ya molawana wa (1) mabapi le dikgetse tsa bana tse di fapositsweng mo tshekong ya semolao ya tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosinyi go ya ka Molao ono—

 (a) gore e kgone go fitlhelelwa ke—

 (i)	modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong fa a dira tshekatsheko ya ngwana go ya ka Kgaolo ya 5;

 (ii)	mapodisi fa ba dira tiro ya bona go ya ka Kgaolo ya 3 kgotsa ya 4; kgotsa

 (iii)	bareetsa-dikgetse, botsamaisi jwa botšhutšhisi jwa bosetšhaba jo bo umakiwang mo go molawana wa 4 wa “National Prosecuting Authority Act” wa 1998 (Molao wa 32 wa 1998) kgotsa maloko mangwe a kgotlatshekelo, fa go akangwa ka ga phaposo ya kgetse mo tshekong go ya ka Kgaolo ya 6, kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko go ya ka Kgaolo ya 7, le ka nako ya tsheko kwa kgotlatshekelo ya bana go ya ka Kgaolo ya 9; le

		(b) gore go tseregangwe mo dipatlisiso tse di dirwang go bona gore phaposo ya kgetse mo tshekong e dira sentle le go bona gore phaposo ya kgetse mo tshekong e tsaya letlhakore le le feng.

    	(3) Rejisetara e tshwanetswe go lebelelwa fela ke batho kgotsa mekgatlo e e tlhokang tshedimosetso e maikaelelo a yona a tlhalosiwang mo karolong ya molawana wa (2), jaaka go kailwe.



Kopano ya setlhopha sa balelapa



61. (1) (a) Kopano ya setlhopha sa balelapa ke tsamaiso e e seng ya semmuso e maikaelelo a yona e leng go kopantsha nngwana yo o latofadiwang ka tlolomolao le motswa-setlhabelo, ba engwe nokeng ke bamalapa a bona le batho bangwe ba ba tshwanetseng, kopano e e tsenetswe ka batho ba ba umakiwang mo karolong ya molawana wa (3)(b),  mme mo go yona go dirwa togamaano ya gore ngwana o tla baakanya jang ditlamorago tse di tlhodilweng ke tlolomolao.

     		(b) Kopano ya setlhopha sa balelapa e dirwa fa fela motswa-setlhabelo mmogo le ngwana ba dumela gore e nne teng.

    	(2) Fa ngwana a tswetswe ke taelo ya go tlhagelela kwa kopanong ya setlhopha sa balelapa, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong yo o tlhophilweng ke magiseterata yo o umakilweng mo go molawana 42, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, tshwanetse gore mo malatsing a le 21 morago ga go dirwa ga taelo, go bitswe kopano ka go—  

 (a)	ka go baya letlha, nako le lefelo le kopano e tla tshwarelwang kwa go lona; le

 (b)	go tsaya dikgato go netefatsa gore batho botlhe ba ba ka tsenelang kopano, ba itsisiwe go sa le nako ka ga letlha, nako le lefelo la kopano. 

	(3) (a) Kopano ya setlhopha sa balelapa e tshwanetswe go tsereganngwa ke motsereganyi wa kopano ya lelapa, mme e ka nna modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa moneelana-ka-tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong yo a umakilweng mo go molawana wa 56(1).

      		(b) Kopano ya setlhopha sa balelapa e ka tsenelwa ke batho ba ba latelang:

 (i)	Ngwana le motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao;

 (ii)	motho mongwe le mongwe yo o kopilweng ke ngwana;

 (iii)	motswa-setlhabelo wa tlolo-molao e go tweng e dirilwe, motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, fa go tlhokagala, le motho mongwe le mongwe yo o  tlhophiwang ke motswa-setlhabelo go ka mo tshegetsa;

 (iv)	modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, fa e le gore ga se ene motsereganyi wa kopano ya setlhopha sa balelapa;

 (v)	motšhutšhisi;

 (vi)	lepodisi lengwe le lengwe;

 (vii)	leloko la setšhaba sa fa ngwana a nnang teng ka tlwaelo, yo motsereganyi wa kopano ya setlhopha sa balelapa a ka bonang go le matshwanedi gore a nne teng; le

 (viii)	mongwe le mongwe yo o letleletsweng ke motsereganyi wa setlhopha sa balelapa go tsenela kopano.

	(4) Fa kopano ya setlhopha sa balelapa e ka se ke ya kgona go tshwarwa ke letlha, nako le lefelo kwa e neng e beetswe go nna kwa teng, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go bitsa kopano nngwe, mo malatsing a le 21 go tloga ka letlha le kopano e neng e tshwanetswe go tshwarwa ka lona, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana ono.

	(5) Batsaya-karolo mo kopanaong ya setlhopha sa balelapa ba tshwanetse go sala morago tsamaiso e e ba dumalaneng ka yona le gona ba ka dumalana le togamaano mabapi le ngwana, go ya ka karolo ya molawana wa (6).

	(6) Togamaano e e umakiwang mo karolong ya molawana wa (5)—

			(a) e ka akaretsa—

 (i)	tiriso ya mofuta mongwe le mongwe o o leng mo go molawana wa 53(3); kgotsa

 (ii)	kgato nngwe le nngwe e e leng matshwanedi mo go ngwana, balelapa la gagwe, mabaka a a tlwaelegileng, a a tsamaisanang le melawana e e leng mo go Molao ono; mme

 (b) e tshwanetse—

 (i)	ya tlhalosetsa ngwana ka ga maikaelelo le lobaka le a tshwanetseng go fitlhelelwa ka lona; 

 (ii)	go nna le dintlha tsa ditirelo le thuso e e tshwanetseng ya newa ngwana le motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao;

 (iii)	e tlhalose ka ga batho kgotsa mekgatlo e e tshwanetseng go neelana ka ditirelo le thuso;

 (iv)	e tlhalose maikarabelo a ngwana le a motsadi wa ngwana, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao;

 (v)	e tlhalose maikaelelo a a leng ka ga ngwana le ka ga motsadi wa ngwana, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao;

 (vi)	e akaretse mabaka mangwe a a leng ka ga thuto, tiro, boitapoloso le tsa maphelo a ngwana jaaka di tlhokagala; mme 

 (vii)	a akaretse mokgwa wa go ela tlhoko togamaano.

	(7) (a) Motsereganyi wa setlhopha sa balelapa oi tshwanetse go kwala dintlha le mabaka a togamaano nngwe le nngwe e go dumalanweng ka yona kwa kopanang ya setlhopha sa balelapa mme a neye ngwana, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa motho yo a umakiwang mo go molawana wa 57(1), khophi ya rekoto.

         (b) Fa kopano e sa diragale kgotsa fa ngwana a sa latele togamaano e go dumalanweng ka yona kwa kopanong ya setlhopha sa balelapa, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao kgotsa motho, o tshwanetse go itsise magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana ka lekwalo, mme molawana wa 58 o tla diragadiwa.

	(8) Fa batsaya-karolo mo setlhopheng sa kopano ya balelapa ba sa fitlhelele tumalano ya togamaano, kopano e tshwanetswe go tswalwa mme modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong o tshwanetse go busetsa kgetse kwa go magiseterata, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, gore go tle go sekasekiwe mofuta mongwe wa phaposo ya kgetse mo tshekong.

    	(9) Tshedimosetso e ngwana a e neileng kwa kopanong ya setlhopha sa balelapa, ga e a tshwanelwa go dirisiwa mo tshekong nngwe le nngwe e e ka ga mabaka a tshwana le ona.



Botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao



62. (1) (a) Botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao go tewa tsamaiso e e seng ya semmuso e maikaelelo a yona e leng go kopanya ngwana yo o latofadiwang ka tlolo-molao le motswa-setlhabelo, mo go dirwang gona togamaano ya gore ngwana o tla baakanya jang ditlamorago tsa tlolo-molao.

      		(b) Botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao bo ka dirwa fa fela motswa-setlhabelo le ngwana ba dumela gore bo dirwe.

    	(2) Fa ngwana a laetswe gore a tlhagelele kwa botsereganying jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao, molawana wa 61(2), (4), (5), (6), (7), (8) le (9) o a diragadiwa mmogo le diphetogo tse di leng ka fa tlhalosong ya ona.

    	(3) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, yo o tlhophilweng ke magiseterata yo o umakilweng mo go molawana wa 42, magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, e tshwanetse go bitsa botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao.

	(4) Botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao, bo tshwanetse jwa tseregangwa ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong kgotsa moneelana-ka-tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong yo o umakiwang mo go molawana wa 56(1), o a tla etelelang pele tsamaiso e e tshwanetseng go latelwa kwa botsereganying.





KGAOLO YA 9



TSHEKO KWA KGOTLATSHEKELO YA BOSIAMISI YA NGWANA



Dikgotlatshekelo tsa ngwana le ditsheko tse di akaretsang bana



63. (1) (a) Ngwana mongwe le mongwe yo kgetse ya gagwe e rometsweng kwa kgotlatshekelo ya ngwana go ya ka molawana wa 49(2), o tshwanetse go tlhagelela kwa kgotlatshekelo e e nang le dithata tsa go reetsa kgetse e e jalo go ya ka Kgaolo eno. 

      		(b) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e tshwanetse go dira go ya ka  “Criminal Procedure Act”, mabapi le go ikarabela mo tatofatsong le mo tshekong ya batho ba ba latofadiwang, jaaka e okeditswe kgotsa e fetotswe go ya ka Kgaolo eno le Kgaolo ya 10.

    		(2) Fa ngwana le mogolo ba latofadiwa mmogo mo tshekong e le nngwe ka mabaka a a tshwanang go ya ka melwana ya 155, 156 le 157 ya “Criminal Procedure Act”, kgotlatshekelo e tshwanetse go diragatsa— 

(a)	Molao ono mo lobakeng la ngwana; le 

(b)	“Criminal Prcedure Act” mo lobakeng la mogolo.

    		(3) Pele ga maikarabelo mo tatofatsong kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, moreetsa-kgetse o tshwanetse gore, go ya ka mokgwa o o tshwanetseng a—

 (a)	 itsise ngwana ka ga mofuta wa ditatofatso tse a latofadiwang ka tsona;

 (b)	 itsise ngwana ka ga ditshwanelo tsa gagwe; mme

 (c)	a tlhalosetse ngwana ka ga ditsamaiso tse di tshwanetsweng go latelwa go ya ka Molao ono.

  	(4) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ka nako ya tsheko, e tshwanetse go netefatsa gore dikgatlhegelo tse di molemo tsa ngwana di tshwanetswe go elwa tlhoko, mme go fitlha foo—

 (a)     e ka bona tshedimosetso go tswa mo go motho mongwe le mongwe yo a amegang mo tshekong; 

 (b)	e tshwanetse gore mo dikgatong tsotlhe tsa tsheko, segolo-bogolo ka nako ya go ganetsa ngwana ka dipotso, e netefatse gore tsheko e matshwanedi mme ga e mafega le gona e siametse dingwaga le go tlhaloganya ga ngwana.

     (5) Ga go motho yo a tshwanetseng go nna teng ka nako nngwe le nngwe ya tsheko kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, kwa ntle fela fa go nna teng ga gagwe go tlhokagala mabapi le tsheko ya kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana kgotsa fa moreetsa-kgetse a mo neile tetla ya gore a nne teng.

	(6) Molawana wa 154(3) wa “Criminal Procedure Act” o a diragadiwa mmogo le diphetogo tse di tlhokegang go ya ka tlhaloso mabapi le phasalatso ya tshedimosetso. 



Go romelwa ga bana ba ba tlhokang tlhokomelo le tshireletso kwa kgotlatshekelo ya bana



64. Fa moreetsa-kgetse kwa kgotlatsheko ya bosiamisi ya ngwana, ka nako ya tsheko, a lemoga gore ngwana ke ngwana yo o tlhokang tlhokomelo le tshireletso tse di umakilweng mo go molawana wa 50, kgotlatshekelo e tshwanetse go dira go ya ka fa se molawana o se rayang.



Kemonokeng ya batsadi



65. (1) Go ya ka karolo ya molawana wa (2) le wa (5), ngwana o tshwanetswe go engwa nokeng ke motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, mo tshekong kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana.

	(2) Fa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao a sa kgone go bonwa morago ga go tsaya matsapa a a leng matshwanedi, mme tiego nngwe gape e ka kgoreletsa dikgatlhegelo tse di molemo tsa ngwana kgotsa tsamaiso ya bosiamisi, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e ka ntsha taelo ya gore ngwana a se thusiwe ke motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao.

    	(3) Motsadi wa ngwana, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao yo o laetsweng ke magiseterata go ya ka molawana wa 49(2), gore a nne teng kwa tshekong, o tshwanetse go nna teng kwa tshekong, kwa ntle fela ga fa a boleletswe gore a se ke a nna teng go ya ka karolo ya molawana wa (5). 

    	(4) Fa motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao a sa itsisiwe gore a nne teng jaaka go umakiwa mo karolong ya  molawana wa (3), kgotlatshekelo ya ngwana, ka nako nngwe le nngwe ya tsheko, e ka kwalela kgotsa ya laela gore motsadi, mogolo yo o tshwanetsng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, a kwalelwe gore a nne teng mo tshekong.

	(5) Motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, yo a laetsweng go nna teng jaaka go umakiwa mo karolong ya molawana wa (3) kgotsa yo o kwaletsweng lekwalo go ya ka karolo ya molawana wa (4), a ka dira kopo kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore e letlelelwe gore a se ke nna teng kwa tshekong, mme fa moreetsa-kgetse wa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana a letlelela motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, o tshwanetse go dira jalo ka lekwalo.

	(6) Fa ngwana a sa thusiwe ke motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao mme ngwana a kopa thuso, moreetsa-kgetse a ka tlhopha moela-tlhoko yo o ikemetseng, ka mokgwa o o tshwanetseng, gore a thuse ngwana.

	(7) Fa se se kaiwang ke karolo ya molawana wa (3) se sa diragadiwe, tsamaiso e e umakiwang mo go molawana wa 24(7)(e) e a diragadiwa, mmogo le diphetogo tse di tlhokegang go ya ka fa tlhalosong.



Nako e e letleletsweng ya go busetsa tsheko kwa morago



66. (1) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e tshwanetse go konosetsa ditsheko tsotlhe tsa bana ka bonako jo bo ka kgonagalang mme e netefatse gore tsheko ga e busediwe kwa morago makgetlho a le mantsi go ya ka Molao ono. 

	(2) Fa ngwana—

 (a)	a tlhatlhetswe kwa kgolegelong, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, pele tsheko e simolola, ga e a tshwanela go busetsa tsheko morago lobaka lo lo fetang malatsi a le 14 ka nako e le nngwe;

 (b)	a tlhatlhetswe kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, pele ga tshimilogo ya tsheko, ga e a tshwanelwa go busetsa tsheko morago lobaka lo lo fetang malatsi a le 30 ka nako;

(c)	golotswe, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, pele ga tshimilogo ya tsheko, ga e a tshwanela go busetsa tsheko morago lobaka lo lo fetang malatsi a le 60 ka nako e le nngwe. 

       (2) Molawana wa 50(6)(d) wa “Criminal Procedure Act” o diragadiwa fa                ngwaneng yo kopo ya gagwe ya beili e iseng e konosediwe.          



Kgotla-tshekeloKgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e ka faposa kgetse mo tshekong 



67. (1) (a) Kgotla-tshekeloKgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, nako nngwe le nngwe pele kgetse ka fa letlhakoreng la motšhutšhisi e konosediwa, e ka dira taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong kgatlhanong le ngwana, go ya ka molawana wa 52(5).

      		(b) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e dirang taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, e tshwanetse go busetsa tsheko eo kwa morago, fa go santse go letilwe go bona gore ngwana o latela taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong mme e tla laela ngwana gore fa a sa latele taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, seo se ka dira gore go kwalwe gore o dumela go tsaya maikarabelo fa tsheko e tswela pele jaaka go umakiwa mo go molawana wa 58(4)(b). 

	(2) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, morago ga go amogela ripoto go tswa go modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, e e tlholosang fa ngwana a latetse taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong sentle, mme fa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e kgotsofetse gore ngwana o latetse taelo, e ka dira taelo ya gore tsheko e emisiwe.





				


KGAOLO YA 10



GO NTSHIWA GA KATLHOLO



KAROLO YA 1: KAKARETSO



Ngwana yo o tshwanetsweng go atlholwa go ya ka Kgaolo eno



68. Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e tshwanetse gore morago ga go bona ngwana molato, e ntshe katlholo go ya ka Kgaolo eno.



Maikaelelo a katlholo le mabaka a a tshwanetsweng go elwa tlhoko



69. (1) Mo godimo ga mabaka mangwe le mangwe a katlholo, maikaelelo a katlholo, go ya ka Molao ono, ke go—

 (a)	rotloetsa ngwana go tlhaloganya ditlamorago le go nna le maikarabelo a tshenyo kgotsa kutlobotloko e a e tlhodileng;

 (b)	rotloetsa maikutlo a motho yo o rileng a a tlisang tekatekanyo mo magareng a maemo a ngwana, mofuta wa tlolo-molao le dikgatlhegelo tsa setšhaba;

 (c) 	rotloetsa kamogelo ya ngwana ka balelapa le setšhaba;

 (d)	netefatsa gore tlhokego nngwe le nngwe ya tlhokomelo, kaelo, maitsholo kgotsa ditirelo tsa di leng karolo ya katlholo, di thusa ngwana mo tsamaisong ya kamogelo; mme

 (e)	go romelwa kwa kgolegelong e le yona tsela ya bofelo e e ka dirisiwang mme e le fela lobaka lo lo khutshwane le le matshwanedi.

    	(2) Go rotloetsa maikaelelo a katlholo a a umakiwang mo karolong ya molawana wa (1) le go rotloetsa pusetso ya bosiamisi, dikatlholo di ka dirisiwa ka go kopanngwa.

    	(3) Fa go akangwa ka ga go neela katlholo e e akaretsang kgapeletso ya ngwana ya go nna mo lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša go ya ka molawana wa 76, o o neelanang ka porograma e e umakiwang mo go molawana wa 191(2)(j) wa “Children’s Act”, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, mo godimo ga mabaka a a umakilweng mo karolong ya molawana wa (4) mabapi le go isa kwa kgolegelong, e tshwanetse go akanya ka ga tse di latelang: 

 (a)	Gore a tlolo-molao ke e e masisi fa e supang gore ngwana o na le setlwaedi sa mediro e e tlholang tshenyegelo kgotsa kutlobotlhoko;

 (b)	gore a tshenyegelo kgotsa kutlobotlhoko e e tlhodilweng ke tlolo-molao e supa fa katlholo ya go romela kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, ke yona katlholo e e matshwanedi;

 (c)	tshenyegelo kgotsa kutlobotlhoko e e tlhodilweng ke tlolomolao, e ka arogangwa go ya ka fa go se tlhokomeleng ga ngwana mo go tlholeng tshenyegelo kgotsa kutlobotlhoko; le 

 (d)	gore a ngwana o tlhoka tirelo e go neelanwang ka yona kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša. 

    	(4) Fa go akangwa ka ga go neelana ka katlholo e e akaretsang go romelwa kwa kgolegelong go ya ka molawana wa 77, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e tshwanetse go ela tlhoko mabaka a a latelang:

(a)   The seriousness of the offence, with due regard to—

 (i) the amount of harm done or risked through the offence; and

(i) bogolo jwa tshenyegelo kgotsa kutlo-botlhoko e e dirilweng ka ntlha

     ya tlolomolao; le 

 (ii) go se tlhokomeleng ga ngwana ka go tlhola tshenyegelo kgotsa

     kutlobotlhoko;

 (b)	tshireletso ya setšhaba;

 (c)	bogolo jwa go amega ga motswa-setlhabelo ka ntlha ya tlolomolao;

 (d)	go se latele ga mekgwa mengwe e e seng ya go nna mo lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša; fa e le teng; le 

 (e)	keletso ya go tshola ngwana a le ka kwa ntle ga kgolegelo.



Go amiwa ga motswa-setlhabelo ke tlolo-molao



70. Mo lobakeng lwa molawana ono,setatamente sa kamego ya motswa-setlhabelo go raya setatamente se se ikanisitsweng se se dirilweng ke motswa-setlhabelo kgotsa motho yo a letleletsweng ke motswa-setlhabelo go dira setatamente mo boemong jwa gagwe, mme se supa ditlamorago tsa mmele, tlhaloganyo, go tshela mmog le batho kgotsa maemo a tsa madi, tse di dirilweng ke tlolomolao mo go motswa-setlhabelo.

    	(2)	Motšhutšhisi, fa a tlisa bopaki kgotsa a neelana ka mabaka pele ga katlholo, a ka akanya ka ga dikgatlhegelo tsa motswa-setlhabelo wa tlolomolao le ditlamorago tsa tlolomolao mo go motswa-setlhabelo, mme fa go kgonegang teng, a neele kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana setatamente sa motswa-setlhabelo sa ditlamorago, jaaka go tlhalosiwa mo karolong ya molawana wa (1).  

      (3) Fa diteng tsa setatamente sa motswa-setlhabelo sa ditlamorago di sa ganediwe, setatamente sa motswa-setlhabelo sa ditlamorago se amogelwa jaaka bopaki fa go neelanwa ka sona.



Diripoto tsa pele ga katlholo



71. (1) (a) Kgotlatshekelo ya ngwana e e ntshang katlholo go ya ka temana ya (b), e tshwanetse go kopa ripoto ya pele ga katlholo e e kwadilweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, pele katlholo e ntshiwa.

     		(b) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e ka dira kwa ntle ga ripoto ya pele ga katlholo fa ngwana a bonwe molato ka tlolomolao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 1 sa ditlolo-molao kgotsa fa go kopa ripoto go ka tlhola tiego e e sa tlhokegeng ya go konosediwa ga kgetse ya ngwana, mme kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e atlholang ngwana, ga e a tshwanela go ntsha katlholo e e akaretsang go romelwa ga ngwana ka kgapeletso kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, e e neelanang ka porograma e e tlhalosiwang mo go molawana wa 191(2)(j) wa Molao wa Bana kgotsa kgolegelo, kwa ntle fela ga fa ripoto ya pele ga katlholo e amogetswe.  

    	(2) Modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, o tshwanetse go konosetsa ripoto ka bonako jo bo ka kgonegang mme e seng morago ga dibeke di le thataro morago ga letlha le ripoto e kopilweng ka lona.

    	(3) Fa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a naya kgakololo ya gore ngwana a atlholelwe go romelwa kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša e e neelanang ka porograma e e umakiwang mo go molawana wa 191(2)(j) wa Molao wa Bana, kgakololo e tshwanetse go tshegediwa ke tshedimosetso e e leng teng, e e tshepagalang, e e amogetsweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlolamolao go ya kwa kgolegelong, go tswa mo mothong yo o tlhokometseng lefelo leo, mabapi le go nna teng ga bonno jwa ngwana yoo. 

    	(4) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e ka ntsha katlholo nngwe kwa ntle ga e go dirilweng kgakololo ka ga yona mo ripotong ya pele ga katlholo, mme fa seo se diragala, e tshwanetse go kwala mabaka mo rekotong ya tsheko, gore ke ka ntlha ya eng e ntsha katlholo e sele.   



KAROLO YA 2: MEFUTA YA KATLHOLO



Dikatlholo tse di ikaegileng mo setšhabeng



72. (1) Katlholo e e ikaegileng mo setšhabeng ke katlholo e e letlang ngwana go sala mo setšhabeng mme e akaretsa nngwe le nngwe ya mefuta e e umakiwang mo go molawana wa 53, jaaka mefuta ya katlholo, kgotsa kopanyo ya tsona le katlholo e e akaretsang go nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya ba tshiamiso, e e umakiwang mo go molawana wa 75.

    	(2) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e ntshitseng katlholo e e ikaegileng mo setšhabeng go ya ka karolo ya molawana wa (1), e tshwanetse go—

 (a) kopa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong yoo go ela tlhoko gore a ngwana o latela taelo e a e neilweng le go naya kgotlatshekelo ripoto, ka mokgwa o o tshwanetseng, ya gore o dira jang, le go supa gore o latela taelo; le 

 (b) go lemosa ngwana gore fa a sa latele taelo ya katlholo, seo se ka dira gore a tliswe gape kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore go tle go dirwe dipatlisiso go ya ka molawana wa 79.



Dikatlholo tse di supang go diragadiwa ga bosiamisi



73. (1) Kgotlatshekelo ya ngwana e e boneng ngwana molato ka tlolomolao, e ka fetisetsa kgetse kwa—

 (a)	 kopanong ya setlhopha sa balelalapa go ya ka molawana wa 61;

 (b)	botsereganying jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao go ya ka molawana wa 62; kgotsa

 (c)	tsamaisong nngwe le nngwe ya go busetsa bosiamisi, e e leng go ya ka tlhaloso ya go busediwa ga bosiamisi.

    	(2) Fa e amogela dikgakololo go tswa kwa kopanong ya setlhopha sa balelapa, botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao kgotsa tsamaiso nngwe le nngwe ya go busediwa ga bosiamisi, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, e ka ntsha katlholo, ka go netefatsa, go fetola kgotsa go tsenya mo boemong jwa dikgakololo.

    	(3) Fa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e sa dumalane le mabaka a togamaano e e dirilweng kwa kopanong ya setlhopha sa balelapa, botsereganyi jwa motswa-setlhabelo le motlola-molao, kgotsa tsamaiso nngwe ya go busediwa ga bosiamisi, kgotlatshekelo e ka ntsha katlholo nngwe e e leng go ya Kgaolo eno mme e bo e kwala mabaka mo rekotong ya tsheko gore ke ka ntlha ya eng e ntshitse katlholo eo mo boemong jwa togamaano.

    	(4) A child justice court that has imposed a sentence in terms of subsection (2) must—

	(4) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e ntshitseng katlholo go ya ka karolo ya molawana wa (2), e tshwanetse go—

 (a)	kopa modiredi wa tsamaiso e e sa letlelelng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, go tlhokomela gore ngwana o latela taelo ya katlholo e e umakilweng mo karolong ya molawana wa (2), le go naya kgotlatshekelo ripoto ya kgatelo-pele, ka mokgwa o o tshwanetseng, mme e supa gore taelo e a latelwa; le

 (b)	laela ngwana gore fa a sa latele taelo ya katlholo, a ka tlisiwa gape fa pele ga kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore go dirwe dipatlisiso go ya ka molawana wa 79.



Faene kgotsa dikatlholo dingwe boemong jwa faene



74. (1) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e boneng ngwana molato o o tshwanetsweng ke faene, e tshwanetse gore pele e ntsha faene e— 

 (a)	batlisise ka ga bokgoni jwa ngwana, batsadi ba gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, go kgona go duela faene, e ka nna ka gangwe fela kgotsa ka dipaka tse di farologaneng; le 

 (b)	akanye ka gore a fa ngwana a ka palelwa ke go duela faene, seno se ka dira gore ngwana a romelwe kwa kgolegelong.

	(2) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e ka akanya ka go ntsha nngwe ya dikatlholo tse di latelang mo boemong jwa faene: 

 (a)	Letshwao la tuelo ya tshenyegelo mo go motho yo o rileng, batho, setlhopha sa batho kgotsa setšhaba kgotsa mokgatlho o o neelanang ka dithuso;

 (b)	tuelo ya go lefa motho yo o rileng, batho, setlhopha sa batho kgotsa setšhaba, kgotsa mokgatlho o o neelanang ka dithuso;

 (c)	maikarabelo a ngwana a go neelana ka tirelo e e rileng kgotsa sengwe se se ka tswelang motho yo o rileng mosola, batho, setlhopha sa batho kgotsa setšhaba kgotsa mokgatlho o o neelanang ka dithuso: Fa fela e le gore maikarabelo a go neelana ka tirelo e e rileng, e ka nna katlholo e e newang ngwana yo o nang le dingwaga di le 15 kgotsa go feta; kgotsa

 (d)	mofuta mongwe le mongwe wa katlholo o kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e akanyang gore o matshwanedi mo mabakeng ao.

     	(3) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e ntshitseng katlholo go ya ka molawana ono, e tshwanetse go—

 (a)	kopa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-moalo go ya kwa kgolegelong, go tlhokomela gore ngwana o latela taelo ya katlholo le go naya kgotlatshekelo ripoto ya kgatelopele, ka mokgwa o o tshwanetseng, le go supa fa ngwana a latela taelo; le 

 (b)	go laela ngwana gore fa a sa latele taelo ya katlholo, go ka dira gore ngwana a tlisiwe gape fa pele ga kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore go tle go dirwe dipatlisiso go ya ka molawana wa 79



Dikatlholo tse di akaretsang go nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya baditshiamiso



75. Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e boneng ngwana molato, e ka ntsha katlholo e e akaretsang go nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya baditshiamiso—



(a)	mo lobakeng lwa ngwana yo o nang le dingwaga di le 14 kgotsa go feta, go ya ka molawana wa 276(1)(h) kgotsa (i) wa “Criminal Procedure Act”; kgotsa

(b)	mo lobakeng lwa ngwana yo o nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga 14, goya ka molawana wa 276(1)(h) wa “Criminal Procedure Act”.



Katlholo ya kgapeletso ya go nna kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša



76. (1) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e boneng ngwana molato ka tlolo-molao, e ka mo atlholela ngwana go nna kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša ka kgapeletso, le le neelanan g ka porograma e e umakiwang mo go molawana wa 191(2)(j) wa “Children’s Act”.

     	(2) Katlholo e e umakiwang mo karolong ya molawana wa (1), go ya ka karolo ya molawana wa (3), e ka ntshiwa lobaka lo lo sa feteng dingwaga di le tlhano kgotsa lobaka lo lo sa feteng letlha le ka lona ngwana yo a tshwarang dingwaga di le 21, go tla ya ka letlha le le leng gaufi mo go ona.

    	(3) (a) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e boneng ngwana molato ka 

                tlolomolao—

(i)	e e umakiwang mo Setlhopheng sa 3 sa ditlolo-molao; le 

(ii)	o e reng fa o dirilwe ke mogolo, go ne go ka tshwanela go mo naya katlholo ya go ya kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dingwaga di le lesome, fa go na le mabaka a a utlwagalang ebile a gapeletsa, mo godimo ga katlholo e e leng go ya ka karolo ya molawana wa (1), e ka atlholela ngwana katlholo ya go ya kgolegelong mme katlholo e e jalo ngwana a ka e dira morago ga go konosetsa lobaka lo lo leng go ya ka karolo ya molawana wa (2). 

     		(b) Yo e leng tlhogo ya lefelo la tlhokomelo ya ngwana le moša kwa ngwana a atlholetsweng go ya kwa go lona go ya ka karolo ya molawana wa (1), fa ngwana a konosetsa katlholo eo, o tshwanetse go neelana ka ripoto e e leng go ya ka mokgwa o o tshwanetseng, kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e ntshitseng katlholo kwa teng, mme a na le dikakanyo tsa gagwe mabapi le maikaelelo a a leng matshwanedi a katlholo e e umakiwang mo go molawana wa 69, a a fitlheletsweng mmogo le kgonagalo ya go busetsa ngwana mo setšhabeng kwa ntle ga gore a ye kwa kgolegelong lobaka le lengwe gape.

     		(c)  Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, morago ga go akanya ka ga ripoto le mabaka mangwe a a matshwanedi, fa e kgotsofetse gore go ka fa dikgatlhegelong tsa bosiamisi go dira jalo, e ka— 

 (i)	netefatsa katlholo le lobaka lwa go nna kwa kgolegelong le le ntshitsweng kwa tshimologong, mme e re morago fela ga foo, ngwana a tlosiwe kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša mme a isiwe ka bonako kwa kgolegelong e e umakiwang; 

 (ii)	tsenye katlholo nngwe mo boemong jwa katlholo eo, e kgotlatshekelo e akanyang gore e matshwanedi mo tlase ga mabaka ao; kgotsa

(iii)	laela gore ngwana a gololwe, mo tlase ga ditaelo kgotsa kwa ntle ga ditaelo.

      		(d) Fa katlholo e netefaditswe go ya ka pharakerafo ya (c)(i), lobaka lwa katlholo le ngwana a le ntseng kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, le tshwanetswe go akangwa fa go akangwa ka gore ngwana a gololwe ka parola go ya ka Kgaolo ya VII ya “Correctional Services Act” wa 1998 (Molao wa 111 wa 1998).

     (4) (a) Ngwana yo o atlhotsweng go ya ka molawana ono, o tshwanetswe go isiwa kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša le le umakiwang mo taelong, ka mokgwa o o tshwanetseng, mme e se ke ya nna morago ga kgwedi e le nngwe morago ga go dirwa ga taelo.

      		(b) Fa go dirwa taelo e e umakiwang mo karolong ya molawana wa (1),  kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e tshwanetse go—

 (i)	tlhalosa lefelo le ngwana a tshwanetsweng go amogelwa kwa go lona, mme go ntse go akangwa ka tshedimosetso e e bonweng ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-malao go ya kwa kgolegelong, yo a umakiwang mo go molawana wa 71(3);

 (ii)	dira gore taelo e itsisiwe ba ba tshwanetseng, ka mokgwa o o tshwanetseng;

 (iii)	naya ditaelo tsa kwa ngwana na tshwanetsweng go bewa gona lobaka lo lo rileng pele a amogelwa kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, le le tlhalosiwang go ya ka taelo, mme gona e nne kwa lefelong lengwe la tlhokomelo ya ngwana le moša, le le umakiwang mo go molawana wa 191(2)(h) wa “Children’s Act”, mme e se ke ya nna kwa seleng ya mapodisi kgotsa kwa lefelong la tlhatlhelo; le 

 (iv)	go laela modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, go tlhokomela motsamao wa ngwana go ya kwa lefelong le le tlhalosiwang go ya ka taelo, go ya ka go latela taelo, mme le go begela kgotlatshekelo ka lekwalo fa ngwana a amogetswe kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana la moša.

     		(c) Fa tshedimosetso e e umakiwang mo go molawana wa 71(3), e se teng, ka ntlha ya lebaka lengwe le lengwe, moreetsa-kgetse a ka kopa modiri o o nang le  maemo a Molaodi kgotsa a a kwa godimo kwa Lefapheng la Tlhabololo le katlaatlelo loago le le dirang ka mabaka a bana mo lefelong la tlhokomelo ya bana, go neelana ka tshedimosetso e e jalo, mabapi le go nna teng ga bonno jwa ngwana yoo.

     		(d) Fa moreetsa-kgetse a atlhotse ngwana go ya ka molawana ono, o tshwanetse go dira gore kgetse e nne kwa kgotlatshekelo lobaka lwa kgwedi e le nngwe, mme o tshwanetse gore fa kgetse e tlhagelela gape, a dire dipatlisiso gore a ngwana o ne a amogetswe kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša.

    		(e) Fa ngwana a ise a amogelwe kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, moretsa-kgetse o tshwanetse go dira dipatlisiso mme a tseye kgato e e matshwanedi, e e ka reng morago ga go akanya ka bopaki jo bo kwadilweng, a akaretse go neelana ka katlholo nngwe mo boemong jwa e e neng e ntshitswe, kwa ntle ga fa ngwana a atlhotswe go ya ka karolo ya molawana wa (3).

     		(f) Fa moreetsa-tsheko a fitlhela e le gore go se amogelweng ga ngwana ke ka ntlha ya phoso ya modiredi mongwe wa puso, o tshwanetse go fetisetsa khophi ya diphitlhelelo tsa gagwe kwa go batsamaisi ba lefapha leo gore ba tseye dikgato tse di tlhokegang.



Katlholo ya go ya kwa kgolegelong



77. (1) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana—

       		(a) ga e a tshwanela go ntsha katlholo ya go ya kwa kgolegelong mo ngwaneng yo o ka fa tlase ga dingwaga di le 14, ka nako e a newang katlholo ka yona ka ntlha ya tlolomolao; mme

      		(b) fa e atlhola ngwana yo o nang le dingwaga di 14 kgotsa go feta, ka nako e a atlholelwang tlolomolao, e tshwanetse go dira jalo fela fa katlholo ya kwa kgolegelong e le yona fela e e leng matshwanedi mme e nne nako e khutshwanyane fela.

    	(2) E ka ne molao mongwe o tlhalosa ka tsela e nngwe, fela ngwana yo o neng a le dingwaga di le 16 kgotsa go feta, ka nako e a neng a dira tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 2 sa ditlolo-molao tse di leng mo go “Criminal Law Amendment Act” wa 1997 (Molao wa 105 wa 1997), o tshwanetse gore fa a bonwa molato, a atlholwe go ya ka molawana wa 51 wa Molao o o jalo.    

       (3) Ngwana yo o nang le dingwaga di le 14 kgotsa go feta, ka nako e a newang katlholo ka yona ka ntlha ya tlolo-molao, mme yo a ka se keng a atlholwa go ya ka fa karolong ya molawana wa (2), a ka newa fela katlholo ya go ya kwa kgolegelong fa a bonwe molato ka tlolo-molao e e umakiwang mo go—

 (a)	Setlhpha sa 3;

 (b)	Setlhopha sa 2, fa go na le mabaka a le mantsinyana ebile a a gapeletsang gore go newe katlholo ya go ya kwa kgolegelong; kgotsa

 (c)	Setlhopha sa 1, fa ngwana a na le rekoto ya ditlolo-molao tse a kileng a bonwa molato ka tsona mme go na le mabaka a le mantsinyana ebile a gapeletsa gore go newe katlholo ya go ya kwa kgolegelong.

      (4) Ngwana yo a umakiwang mo karolong ya molawana wa (3) a ka newa katlholo ya go ya kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dingwaga di le 25. 

	(5) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e ntshang katlholo, e tshwanetse go balela kwa pele lobaka lwa kgolegelo ka palo ya malatsi a ngwana a a ntseng kwa kgolegelong kgotsa kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, pele a newa katlholo.

     (6) Go latela maikarabelo a boditšhabatšhaba a Rephaboleki, ga go na molao kgotsa katlholo ya go ya kwa kgolegelong e e newang ngwana, go akaretsa katlholo ya go ya kwa kgolegelong lobaka lwa botshelo jotlhe, o o tshwanetseng go ganela, go thibela kgotsa go fokotsa kgonagalo ya go golola ngwana pele ga nako, ngwana yo o atlholetsweng katlholo ya go ya kwa kgolegelong.



Go busetswa morago kgotsa go fegiwa ga go ntshiwa ga katlholo



78. (1) Go ya ka molawana wa 77(2), molawana wa 297 wa “Criminal Procedure Act”, o dira mo mabakeng a go busetswa morago kgotsa go fegiwa ga go ntshiwa ga katlholo ke kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, go ya ka Molao ono.

	(2) Mo godimo ga molawana wa 297 wa “Criminal Procedure Act”, dilo tse di latelang di tsewa e le mabaka:

(a)	Go diragatsa kgotsa go latela mofuta mongwe le mongwe o o umakiwang mo go molawa wa 53(3)(a) go fitlha go (m), (q) le (7) ya Molao ono; le

(b)	tlhokego ya gore ngwana kgotsa motho mongwe yo o neilweng dithata ke kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, gore o tshwanetse go tlhagelela gape kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, ka letsatsi kgotsa matsatsi a a tla bewang ke kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, gore go tle go lebelelwa ripoto ya tswelopele nako le nako.  

       (3) Kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e e buseditseng morago go ntshiwa ga katlholo go ya ka  molawana wa (1) ka lengwe kgotsa mangwe a mabaka, e tshwanetse go kopa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao yo o dirang ka kgetse e, gore a tlhokomele go bona gore ngwana o latela ditaelo tse a di neilweng mme a neele kgotlatshekelo ripoto ya tswelopele e e supang gore ngwana o latela ditaelo. 



Go se latele dikatlholo dingwe



79. (1) Fa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, a begela kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana gore ngwana ga a latela taelo ya katlholo e e ikaegileng mo setšhabeng e e ntshitsweng go ya ka molawana wa 72, kgotsa katlholo ya go busetsa bosiamisi e e ntshitsweng go ya ka molawana wa 73, kgotsa a sa duela faene, go busetsa s se neng se tserwe ka nako ya tlolo-molao kgotsa tuelo ya tshenyegelo kgotsa kutlo-botlhoko e e kwadilweng mo go molawana wa 74, ngwana, ka mokgwa o o matshwanedi, a ka tlisiwa kwa kgotlatshekelo ya ngwana ya bosiamisi e e neng e ntshitse katlholo ya kwa tshimologong, gore go tle go dirwe dipatlisiso tsa gore ke ka ntlha ya eng ngwana a sa latela taelo.

	(2) Fa e le gore morago ga go konosetsa dipatlisiso, go fitlhelwa e le gore ngwana o reteletswe ke go ikobela katlholo e e kailweng mo karolwaneng (1), kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana e ka tiisetsa, tokafatsa kgotsa go fetola katlholo eo.





KGAOLO YA 11



KEMEDI YA SEMOLAO



Ditlhokego tsa baemedi ba semolao ba tshwanetseng go di obamela



80. (1) Moemedi wa semolao yo a emelang ngwana o tshwanetse go— 

 (a) go letlelela ngwana, ka fa go kgonegang ka teng, gore a mmolelele ka boena se se diragetseng mabapi le kgetse;

 (b)  tlhalosetsa ngwana ditshwanelo tsa gagwe le se a tshwanetseng go se dira mo tsamaisong e e leng go ya ka Molao ono, ka tsela e e tshwanetseng dingwaga le go gola ga tlhaloganyo, tsa ngwana;   

 (c) rotloetsa phaposo ya kgetse mo tshekong, fa go tlhokagalang teng, mme a se ke a tlhotlheletsa ngwana go dumela maikarabelo; 

 (d) netefatsa gore tshekatsheko, dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko, tsheko kgotsa ditsamaiso dingwe le dingwe tse ngwana a amegang mo go tsona, di konosediwa kwa ntle ga tiego le go seka kgetse ka mokgwa o o netefatsang gore dikgatlhegelo tse di molemo tsa ngwana ke tse di leng botlhokwa thata ka dinako tsotlhe; le

 (e) supa maitsholo a maemo a a kwa godimo a a siameng le a seporofešenale.

    	(2) (a) Fa moreetsa-kgetse, ka nako nngwe le nngwe ya tsheko go ya ka Molao ono, a ka akanya gore moemedi wa semolao o dirile sengwe se se leng kgatlhanong le karolo ya molao wa (1), o tshwanetse gore a kwale ka se se sa mo itumediseng ka tsela ya go dira taelo e e akaretsang kgato ya e e ka tsewang e le ya go siamisa taelo ya semmuso e e ka dirang gore sengwe se siamisiwe.

(b) Moreetsa-kgetse yo o dirileng taelo nngwe le nngwe e e umakiwang mo temaneng ya (a), o tshwanetse go bolelela tlereke ya kgotlatshekelo go itsise—

(i)	mokgatlho wa babueledi ba semolao o o umakiwang mo go molawana wa 56 wa “Attorneys Act” wa 1979 (Molao wa 53 wa 1979);

(ii)	fa moemedi wa semolao a thapilwe ke Mokgatlho o o neelanang ka  Thuso ya Semolao, Boto; kgotsa 

(iii) fa e le mmueledi-motona wa semolao, mokgatlho o mmoeledi-         motona wa semolao yo a leng leloko la ona.



Kemedi ya semolao kwa dipatlisisong tse di dirwang pele ga tsheko



81. Ga go na sepe mo Molaong ono se se thibelang ngwana go nna le moemedi wa semolao kwa dipatlisisong tse di dirwang pele ga tsheko.



Mo mabakeng mangwe, ngwana o tshwanetswe go newa moemedi wa semolao yo o duelwang ke Puso



82. (1) Fa ngwana a tlhagelela kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana go ya ka Kgaolo ya 9 mme a na moemedi wa semolao yo o tlhophilweng ke ena, a duelwa ke ena, moreetsa-kgetse o tshwanetse go romela ngwana kwa Mokgatlhong wa Neelano ka Thuso ya Semolao gore mokgatlho ono o tle o sekaseke kgetse jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 3B(1)(b), wa “Legal Aid Act” wa 1969 (Molao 22 wa 1969). 

	(2) Ga go a tshwanelwa go tsaya maikarabelo a ngwana mo tatofatsong e a ikarabelang mo go yona, go fitlhela ngwana yo a umakiwang mo karolong ya molawana wa (1), a newa tšhono e e lekaneng ya gore a bone moemedi wa semolao kgotsa go fitha a newa moemedi wa semolao.



Ngwana ga a tshwanela gore ga a batle moemedi wa semolao mo mabakeng mangwe



83. (1) Ga go na ngwana yo a tlhagelelang kwa kgotla-tshekelokgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, yo o tshwanetseng gore ene ga a batle moemedi wa semolao.

 	(2) Fa ngwna yo a umakiwang mo karolong ya molawana wa (1)a sa batle go nna le moemedi wa semolao kgotsa a gana go tlhalosetsa moemedi wa semolao yo a mo neilweng, ka ga kgetse, kgotlatshekelo e tshwanetse go kwala jalo mo rekotong ya tsheko mme moemedi wa semolao o tshwanetse go tlhophelwa ngwana, go ya ka Kaedi ya Thuso ya Semolao e e umakiwang mo go molawana wa 3A wa “Legal Aid Act” wa 1969, (Molao wa 22 wa 1969), yo o ka thusang ngwana ka mokgwa o o tshwanetseng. 



KGAOLO YA 12



DIAPHILI LE GO ROMELWA GA KGETSE GO YA GO TLHOLWA MABAPI

LE GO BONWA MOLATO LE DIKATLHOLO DINGWE



Diaphili



84. (1) Aphili e e dirwang ke ngwana kgatlhanong le go bonwa molato, katlholo kgotsa taelo jaaka go tlhalosiwa mo go Molao ono, e tshwanetswe go kwalwa le go dira ka yona go ya ka Kgaolo ya 30 le ya 31 tsa “Criminal Procedure Act”: Fa fela e le gore ngwana, ka nako e a neng a dira tlolo-molao e a latofadiwang ka yona o ne a le—

(a) ka fa tlase ga dingwaga di le 16; kgotsa 

(b) dingwaga di le 16 kgotsa go feta mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 18 mme a atlholetswe mofuta mongwe le mongwe wa katlholo ya go ya kwa kgolegelong mme katlholo e sa fegiwa yotlhe, 



a ka kwala aphili kwa ntle ga go dira kopo ya go dira aphili go ya ka molawana wa 309B wa Molao o o jalo fa aphili e dirilwe kwa kgotlatshekelo e nnye ebile e le go ya ka molawana wa 316 wa Molao o o jalo mo lobakeng lwa aphili e e dirwang kwa Kgotlatshekelo Kgolo: Fa fela gape e le gore molawana wa 302(1)(b) wa Molao o o jalo wa diragadiwa mabapi le ngwana yo o dirang aphili kgatlhanong le go bonwa molato, katlholo kgotsa taelo jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 302(1)(a) wa Molao o o jalo. 

	(2) Ngwana yo a umakiwang mo karolong ya molawana wa (1), o tshwanetse go itsisiwe ke moreetsa-kgetse ka ga ditshwanelo tsa gagwe mabapi le go dira aphili le ka ga kemedi ya semolao le ka ga tsamaiso e e siameng ya go diragatsa ditshwanelo tseno.



Go romelwa ga kgetse go ya go tlholwa ka nako ya fa go na le sengwe se se sa siamang se se diragetseng ka nako ya tsheko



85. (1) Se se tlhalosiwang ke Kgaolo ya 30 ya “Criminal Procedure Act” fa go dirwa ka ga go tlholwa ga tsamaiso ya kgetse ya bosenyi kwa dikgotlatshekelo tse di nnye mabapi le bana ba ba bonweng molato go ya ka Molao ono: Fa e le gore ka nako ya go dirwa ga tlolo-molao, ngwana o ne a le— 

(a)  ka fa tlase ga dingwaga di le 16; kgotsa

(b)  dingwaga di le 16 kgotsa go feta mme a le ka fa tlase ga dingwaga di le 18, mme a atlholetswe katlholo ya mofuta mongwe le mongwe wa go ya kwa kgolegelong e e neng e sa fegiwa yotlhe, kgotsa katlholo nngwe le nngwe ya kgapeletso ya go nna kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša, le le neelanang ka porograma e e tlhalosiwang mo go molawana wa 191(2)(j) wa “Children’s Act”, 

katlholo e tshwanetse go romelwa go ya go tlholwa ke Moatlhodi wa Kgotlatshekelo Kgolo e e nang le dithata tsa go dira jalo, go ya ka molawana wa 304 wa “Criminal Procedure Act” , le fa katlholo e ka nna e kana kang.

	(2) karolo ya molawana wa (1) ga e dirisiwe fa aphili e kwadilwe go ya ka molawana wa 84. 



Kgololo ka beili fa go santse go letilwe aphili kgotsa gore kgetse e ye go tlholwa 



86. Nako le nako fa go akangwa ka ga go gololwa ga ngwana, fa go santse go letilwe—

(a) 	go tlholwa ga katlholo jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 307 wa “Criminal Procedure Act”; kgotsa 

(b) 	aphili kgatlhanong le katlholo jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 309(4) le wa 316 wa “Criminal Procedure Act”, 

molawana wa 25 wa Molao ono, o o dirang ka ga go gololwa ga bana ka beili, o a dira.



KGAOLO YA 13



DIREKOTO TSA GO BONWA MOLATO LE DIKATLHOLO



Go tlosiwa ga direkoto tsa ditaelo tsa go bonwa molato le tsa diphaposo tsa kgetse mo tshekong



87. (1) (a) Fa kgotlatshekelo e bona ngwana molato ka tlolo-molao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 1 kgotsa sa 2 sa ditlolomolao, go bonwa molato le katlholo di wela kwa thoko mme ga e nne rekoto ya go bonwa molato ya ngwana yo, mme rekoto ya bosenyi ya ngwana yo, e tshwanetse gore, go ya ka karolo ya molawana wa (2), (3) le (5), ka kopo e e kwadilweng ke ngwana, motsadi wa gagwe, mogolo yo o matshwanedi kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao (yo a bitswang fano gore ke modirakopo), ka tsela e e tshwanetseng, e tshwanetse go tlosiwa morago ga lobaka lwa— 

 (i)	dingwaga di le tlhano di se na go feta, morago ga letlha la go bonwa molato mo lobakeng lwa tlolomolao e e umakiwang mo Setlhopheng sa 1 sa ditlolomolao; kgotsa

 (ii)	dingwaga di le 10 di se na go feta, morago ga letlha la go bonwa molato  mo lobakeng lwa Setlhopha sa 2 sa ditlolomolao, kwa ntle ga gore e re mo lobakeng loo, ngwana a bo a bonwa molato ka tlolomolao e e tshwanang le yona kgotsa e e masisi go feta yona.  

 (b) Fa go na le ngangisano kgotsa pelaelo gore tlolomolao nngwe e ngwana a bonweng molato mo go yona mo nakong eo e tshwana le yona kgotsa e masisi go feta e go nang le rekoto ya yona, go tla dirisiwa kakanyo ya leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi.

	(2) Molaodi-Kakaretso: Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, fa a sena go amogela lekwalo la kopo ya modirakopo yo o umakilweng mo  ya molawana wa (1), o tshwanetse go ntsha setifikheiti sa tloso, a laela gore go bonwa molato le katlholo ya ngwana di tloswe, fa ene Molaodi-Kakaretso a kgotsofetse gore ngwana o latela mofuta wa taelo e e tlhalosiwang mo karolong ya molawana wa (1).

	(3) Le fa go ya ka karolo ya molawana wa (1), leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, morago ga go amogela lekwalo la kopo ka foromo e e tshwanetseng, le ka ntsha setifikheiti se se tshwanetseng sa tloso, go laela gore go bonwa molato le katlholo ya ngwana di tloswe, kgotsa fa a kgotsofetse gore go na le mabaka a a sa tlwaelegang, a a letlang tloso, fa, mo lebakeng la ngwana—

 (a) lobaka lwa dingwaga di le tlhano, le le umakiwang mo karolong ya molawana wa (1)(a)(i); kgotsa

		(b) lobaka lwa dingwaga di le 10, le le umakiwang mo karolong ya (1)(a)(ii), le ise le fele, fa leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi le kgotsofetse gore ngwana o latela mofuta wa taelo e e tlhalosiwang mo karolong ya molawana wa (1).

	(4) Modira-kopo yo a ntsheditsweng setifikheiti sa tloso jaaka go tlhalosiwa mo karolong ya molawana wa (2) kgotsa wa (3), o tshwanetse gore, ka tsela e e matshwanedi, a neele moeteledipele wa Lefelo la Rekoto ya Bosenyi ya Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, gore go dirwe ka yona go ya ka karolo ya molawana wa (5).

	(5) (a) Moeteledipele wa Lefelo la Rekoto ya Bosinyi la Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa kgotsa yo mogolo kgotsa batho ba ba mo maemong a Molaodi kgotsa go feta, ba ba thapilweng kwa lefelong leo, ba tshwanetse go tlosa rekoto ya bosinyi ya ngwana fa modira-kopo a mo neetse setifikheiti sa tloso jaaka go tlhalosiwa mo karolong ya molawana wa (2) kgotsa wa (3).

(b) Moeteledipele wa Lefelo la Rekoto ya Bosenyi la Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, o tshwanetse gore, go ya ka kopo ya modira-kopo, ka lekwalo, a netefatse gore rekoto ya bosinyi ya ngwana e tlositswe.

 (c) Motho mongwe le mongwe yo—

 (i)	kwa ntle ga tetla ya setifikheiti sa tloso jaaka go tlhalosiwa mo go molawana ono; kgotsa

 (ii)	ka maikemisetso kgotsa ka go se tlhokomele sentle, a tlosa rekoto ya bosinyi ya ngwana mongwe le mongwe, o molato ka tlolo-molao, mme fa a bonwe molato, a ka duedisiwa faene kgotsa a romelwa kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dingwaga di le 10 kgotsa tsona faene mmogo le go isiwa kgolegelong.

	(6) Molaodi-Kakaretso:Tlhabololo ya Katlaatlelo Loago, o tshwanetse gore, ka mokgwa o o tshwanetseng, e tlose rekoto ya taelo ya phaposo nngwe le nngwe mo tshekong e e dirilweng mabapi le ngwana go ya ka Molao ono, ka letlha le ngwana a tshwarang dingwaga di le 21, kwa ntle ga fa ngwana a bonwe molato ka tlolomolao nngwe pele ga letlha leo kgotsa fa a sa latela taelo eno ya phaposo ya kgetse mo tshekong.



KGAOLO YA 14



TSE DI TLHALOSIWANG KA KAKARETSO



Melao ya kgotlatshekelo



88. (1) Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, morago ga go akanya ka ga ditshitshinyo tse di dirilweng ke Boto ya Melao ka ga Melao ya Dikgotlatshekelo, e e tlhamilweng ke molawana wa 2 wa Boto ya Melao ka ga Melao ya Dikgotlatshekelo, 1985 (Molao wa 107 of 1985), a ka dira le go tsenya tirisong melao mabapi le lebaka lengwe le lengwe la Molao ono.	

 	(2) Molao mongwe le mongwe o o dirilweng go ya ka karolo ya molawana wa (1), pele o phasaladiwa mo Kuranteng ya Melao, o tshwanetse go letlelelwa ke Palamente.



Go tlhomiwa ga Mafelo a Bosiamisi la Ngwana le dithata tsa ona



89. (1) Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, mmogo le maloko a Kabinete a a nang le maikarabelo mo go tsa tlhabololo ya katlaatlelo loago, polokego le tshireletso le ditirelo tsa tshiamiso, ba ka tlhoma mafelo a a tla bidiwang Mafelo a Bosiamisi a Ngwana.

	(2) Leloko lengwe le lengwe la Kabinete le le umakiwang mo karolong ya molawana wa (1), le na le maikarabelo a go neelana ka didiriswa le ditirelo mo mafapheng a bona ka go farologana jaaka ba dumalane, go kgontsha Lefelo la Bosiamisi la Ngwana go dira sentle. 

	(3) Maikaelelo a Lefelo la Bosiamisi la Ngwana ke go rotloetsa tirisano-mmogo magareng ga mafapha a puso, le magareng a mafapha a puso le mekgatlho e e seng ya puso le setšhaba, go netefatsa tirisano-mmogo ya ona le tirelo ya bona botlhe mo go tsenyeng Molao ono mo tirisong. 

	(4) Lefelo la Bosiamisi la Ngwana le tshwanetse go nna le kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana mme e ka akaretsa—

		(a)	dikantoro tse di tla dirisiwang ke Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa;

(b) 	dikantoro tse di tla dirisiwang ke badiredi ba tsamaiso e e sa letleleleng motlolamolao go ya kwa kgolegelong;

 (c)	didiriswa go ka kgona go baya bana nakwana, fa go santse go letilwe go konosediwa ga dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko;

 (d)	dikantoro tse di tla dirisiwang ke moemedi wa semolao wa ngwana;

 (e)	dikantoro tse di tla dirisiwang ke batho ba ba kgonang go neelana ka ditirelo tsa phaposo le thibelo ya kgetse mo tshekong; 

 (f)	dikantoro tse di tla dirisiwang ke batho ba ba letleletsweng go batla balelapa la ngwana;

 (g)	dikantoro tse di tla dirisiwang ke batho ba ba kgonang go neelana ka tlhokomelo ya tsa tshiamiso;

(h)	kgotlatshekelo ya bana; le 

 (i)	sediriswa sengwe le sengwe.

	(5) (a) Lefelo lengwe le lengwe la Bosiamisi la Ngwana le tshwanetse go tlhoma komiti ya tsamaiso, e e nang le badiri ba maemo a a kwa godimo ba Lefapha la Bosiamisi le Ntshetsopele ya Molaotheo, Ntshetsopele ya Katlaatlelo loago le Ditirelo tsa Tshiamiso mmogo le Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa, Boto ya Neelano ya Thuso ya Semolao le mafapha mangwe a a tsamaisanang le ona a puso.

 (b) Komiti-tsamaiso e ka laletsa batho kwa dikopanong tsa yona, fa go tlhokega, go tla go thusa ka tsa setegeniki, tshegetso le kgakololo.

 (c)  Komiti-tsamaiso e e umakilweng mo temaneng ya (a), e tshwanetse go kopana gangwe mo dikgweding di le tharo.

     (6) Mabapi le karolo ya molawana wa (1), leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, ka kitsiso mo Kuranteng ya Molao, e ka—

 (a)	tlhalosa ditikologo tse Lefelo la Bosiamisi la Ngwana le dirang mo go tsona, mme eka nna le palo e e rileng ya ditilogo, dika-ditikologo kgotsa ditikologo dingwe le dingwe tse di tlhomilweng go ya ka molawana wa 2 wa “Magistrates’ Courts Act” wa 1944 (Molao wa 32 wa 1944);

 (b) 	oketsa kgotsa ya fokotsa ditikologo tsa Lefelo lengwe le lengwe la Bosiamisi jwa Ngwana; le 

 (c) 	gogela morago kgotsa go fetola kitsiso ka fa tlase ga karolo ya molawana.



Go romelwa ga tshedimosetso e e ka dingwaga kwa Lefapheng la Ditirelo tsa Selegae



90. (1) Fa magiseterata yo o dirang dipatlisiso, kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana kgotsa kgotlatshekelo nngwe le nngwe e dira tshweetso ka ga dingwaga jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 14 kgotsa 15 mme fela e sa tshegediwe ke setifikheiti sa matsalo, lokwalo-itshupo kgotsa phasepoto, khophi ya rekoto ya tshweetso e tshwanetse go fetisediwa kwa Lefapheng la Ditirelo tsa Selegae, go akanya ka ga go neela motho yoo, lokwalo-itshupo.

    (2) Lefapha la Ditirelo tsa Selegae, le tshwanetse go begela gape magiseterata yo o dirang dipatlisiso kgotsa kgotlatshekelo ya bosiamisi ya ngwana, modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong, ngwana le motsadi wa gagwe, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ka mokgwa o o beilweng ke leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, mmogo le leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsa kwa lefapheng la ditirelo tsa selegae, gore dingwaga di kwadisitswe. 



Maikarabelo a semolao a go latlhegelwa ke lefa ka ntlha ya go latela taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong



91. Molawana wa 297A wa “Criminal Procedure Act”, o a dira mmogo le diphetogo tse di tlhokegang go ya ka fa tlhalosong, mo lobakeng lwa go latlhegelwa ke lefa ga motho mongwe le mongwe ka ntlha ya phoso ya semolao e e dirilweng ke ngwana ka nako e a neng a diragatsa taelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong go ya ka Molao ono. 



Bana ba ba dirisiwang ke bagolo go dira melato



92. Fa modiri mongwe le mongwe wa kwa kgotlatshekelo kgotsa modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlola-molao go ya kwa kgolegelong a ka itse gore ngwana o dirisitswe ke mogolo gore a dire molato o o umakilweng mo Setlhopheng sa 1 kgotsa sa 2 sa “Criminal Procedure Act”, mogolo yoo, o tshwanetswe go ya go begwa kwa Tirelong ya Sepodisi sa Aforika Borwa, gore go tle go akangwe ka go mo sekisa jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 141(1)(d), o buisiwa le molawana wa 305(1)(c), wa “Children’s Act”, mme lebaka la gore mogolo o na le seabe, le tshwanetswe go akangwa fa ngwana a tshwanetsweng go tsholwa ka teng mo tsamaisong ya bosiamisi ya ngwana.  



Togamaano ya melao ya bosetšhaba



93. (1) Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, le tshwanetse gore, morago ga go buisana le maloko a Kabinete a a nang le maikarabelo a tsa polokego le tshireletso, ditirelo tsa tshiamiso, tlhabololo ya katlaatlelo-loago, thuto le pholo, ba tshwanetse go dumalana ka togamaano ya melao ya bosetšhaba, e e mabapi le mabaka otlhe a go tlhalosiwang ka ona mo go Molao ono, gore go tle go—

 (a)	nne le tsela e e tshwanang, e e dirisiwang mme e le ya kutlwano, go tswa mo mafapheng otlhe a puso, ditokololo tsa puso le makala, ka go dira ka dikgetse tse di leng ka bosiamisi jwa ngwana;

 (b)	kaela tiriso le tsamaiso ya Molao ono;

 (c)	rotloetsa tirisano-mmogo le puisano le mafapha a e seng a puso le 

                      setšhaba, go netefatsa gore go nne le tirisano-mmogo mo go     

                      natlafatseng tsamaiso ya bosiamisi ya ngwana; le

 (d)	tlhabolola tirelo mo bathong jaaka e bonelwa kwa pele mo go Molao ono ka go tlhabolola togamaano ka didiriswa tse di leng teng.

      (2) Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo go tsa tsamaiso ya bosiamisi, letshwanetse gore— 

 (a)	mo dikgweding di le pedi morago ga tshimologo ya Molao ono, le simolole go dirisa le go kwala dintlha tse di botlhokwa tsa togamaano ya melao kwa Palamenteng;

 (b)	phasalatsa togamaano ya molao mo Kuranteng ya Molao gore batho ba ntshe dikakanyo tsa bona ka ga yona mo dikgweding di le pedi morago ga fa e sena go tshitshingwa kwa Palamenteng;

 (c)	tlhola togamaano ya molao mo dingwageng di le tharo morago ga phasaladiwa mo Kuranteng ya Molao, le bonnye, gangwe fela morago ga dingwaga di le tlhano morago ga foo; le 

 (d)	go tlisa diphetogo mo togamaanong ya molao fa di tlhokega, mme fa go le jalo, diphetogo tseo di tshwanetswe go tshitshingwa kwa Palamenteng mme di phasaladiwe mo Kuranteng ya Molao gore batho ba ntshe dikakanyo tsa bona, jaaka go tlhalosiwa mo go temana ya (b).



Go tlhomiwa ga Komiti ya Motlhakanelwa



94. (1) Go tlhomiwa fano Komiti e e bediwang Komiti ya Motlhakanelwa ya Bosiamisi ya Ngwana.

	(2) Komiti ya Motlhakanelwa e tshwanetse go nna le—

 (a)	Molaodi-Kakaretso: Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, yo e leng modula-setulo wa Komiti;

 (b) 	Molaodi wa Bosetšhaba wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba

 (c) 	Mokomišinara wa Bosetšhaba wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa;

 (d)	Mokomišinara wa Bosetšhaba wa Ditirelo tsa Tshiamiso;

 (e)	Molaodi-Kakaretso: Tlhabololo ya Katlaatlelo Loago;

 (f)	Molaodi-Kakaretso: Thuto; le 

 (g)	Molaodi-Kakaretso: Pholo

	(3) Leloko la Komiti ya Motlhakanelwa, le ka tlhopha modiri wa maemo a kwa godimo ka fa Lefapheng la lona go nna moemedi go tsenela kopano ya Komiti mo boemeng jwa gagwe. 

	(4) (a) Komiti ya Motlhakanelwa e tshwanetse go tlhopha mongwe wa maloko a yona jaaka motlatsa modulasetulo wa Komiti ya Motlhakanelwa, mme fa modula-setulo a se teng, motlatsa modulasetulo o tsena mo legatong la modulasetulo.

(b) Fa modula-setulo le motlatsa modulasetulo ba se teng, maloko a a leng teng mo kopanong a tshwanetse go tlhopha motho mo go bona yo o tla tsamaisang kopano. 

	(5)  Kopano ya Motlhakanelwa e ka laletsa—

 (a)	baemedi go tswa mo mekgatlhong e e seng ya puso le mo setšhabeng mo dikopanong tsa yona ka maikaelelo a go tlisa tirisanommogo magareng a puso le setšhaba mo go tsenyeng tirisong ga Molao ono; le 

 (b)	batho mo dikopanong tsa yona, fa go tlhokagala, ka thuso ya setegeniki, tshegetso le kgakololo.



Dikopano tsa Komiti ya Motlhakanelwa



95. Komiti ya Motlhakanelwa e tshwanetse go—

 (a) kopana bonnye gabedi mo ngwageng mongwe le mongwe, ka letlha le nako le kwa lefelong le le tlhophilweng ke modulasetulo; le

 (b) begela leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo tsamaisong ya bosiamisi, ka lekwalo, mo lobakeng la kgwedi e le nngwe morago ga kopano nngwe le nngwe.



Maikarabelo le ditiro tsa Komiti ya Motlhakanelwa



96. (1) Komiti ya Motlhakanelwa e na le maikarabelo a tlhabololo ya togamaano ya bosetšhaba ya melao ya bosetšhaba, e e umakiwang mo go molawana wa 93(1), e e tshwanetseng go akaretsa—

 (a)	go tsengwa tirisong ga dilo tse di leng botlhokwa le maano a a leng mo go togamaano ya bosetšhaba ya melao;

 (b)	tekanyetso ya tswelopele mo dikatlegong tsa maikaelelo a togamaano ya bosetšhaba ya melao;

 (c)	netefatso ya gore mekgatlho e e farologaneng ya puso e diragatsa ditiro le maikarabelo, tse di potlana, tse ba di abetsweng go ya ka togamaano ya bosetšhaba ya melao le Molao ono; 

 (d)	go ela tlhoko ga go tsengwa tirisong ga togamaano ya bosetšhaba ya melao le Molao ono;

 (e)	go tlhomiwa ga mokgwa wa tsamaiso e e tlhakanetsweng ya tshedimosetso, go kgontsha go elwa tlhoko sentle, tshekatsheko ya letlhakore le maemo a fetogelang kwa go lona le go tsaya karolo mo mabakeng a mangwe, go neela tshedimosetso ka ga go tlisiwa ga bana mo tsamaisong ya bosiamisi ya ngwana le go neelana ka dingwe tse di tsamaisanang le bontsi mmogo le boleng jwa dilo tse di tsamaisanang le mabaka kgotsa tshedimosetso, gareng ga tse dingwe, go—                  

 (i)	tshwarwa kgotsa mekgwa ya go tlisa motho kwa tshekong ya bosinyi;

 (ii)	tshekatsheko;

 (iii)	dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko;

 (iv)	phaposo ya kgetse mo tshekong;

 (v)	bana ba ba letileng tsheko;

 (vi)	beili le go isiwa kwa lefelong la tlhokomelo ya ngwana le moša;

 (vii)	ditsheko

 (viii)	katlholo;

 (ix)	diaphili le go tlholwa ga kgetse; 

 (x)	ditlolomolao tsa thobalano tse di dirilweng ke bana;

 (xi)	bana ba ba se nang kitso ya bosenyi jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 7(1); le

 (xii) lebaka lengwe le lengwe le le tsamaisanang le tse di jalo.

	(2)	Komiti ya Motlhakanelwa e ka gakolola leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo tsamaisong ya bosiamisi mabapi le diphetogo tse di mo togamaanong ya bosetšhaba ya melao. 

	(3) Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo tsamaisong ya bosiamisi, le tshwanetse gore, morago ga go buisana le maloko a Kabinete a a nang le maikarabelo mo go tsa pabalesego le tshireletso, ditirelo tsa tshiamiso, tlhabololo ya katlaatlelo loago, thuto le maphelo—

 (a)	mo lobakeng la ngwaga morago ga tshimilogo ya Molao ono, a neele Palamente diripoto tse di tswang mo Lefapheng kgotsa mo mokgatlhong mongwe le mongwe, o o umakilweng mo go molawana wa 94(2), fa Molao ono o tsengwa tirisong; mme 

 (b)	ngwaga mongwe le mongwe morago ga foo, a neele Palamente diripoto tseo.

     (4) Gore Palamente e tlhole bonnye jwa dingwaga tsa kitso ya bosinyi, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 8, Komiti ya Motlhakanelwa e tshwanetse gore, mo lobakeng lo lo sa feteng dingwaga di le tlhano morago ga tshimilogo ya Molao ono, e neele leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo tsamaisong ya bosiamisi, ripoto, e e tlhalosang tse di latelang:

 (a)	Dipalopalo tsa mefutafuta ya bana ba ba latofadiwang ka tlolomolao le ditlolomolao tse ba di dirileng:

 (i)	Bana ba ba nang le dingwaga di le 10 ka nako e ba neng ba dira tlolomolao;

 (ii)	bana ba ba nang le dingwaga di le 12 ka nako e ba neng ba dira tlolomolao;

 (iii)	bana ba ba nang le dingwaga di le 12 ka nako e ba neng ba dira tlolomolao;

 (iv)	bana ba ba nang le dingwaga di le 13 ka nako e ba neng ba dira tlolomolao;

 (b)	dikatlholo tse di atlholetsweng bana mo mefutafuteng e e umakilweng mo taelong ya (a), fa ba ne ba bonwe molato;

 (c)	palo ya bana ba ba umakiwang mo temaneng ya (a), ba dikgetse tsa bona di sa yang kwa tshekong, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 10(b), mo mabakeng a gore motšhutšhisi a ne a akanya gore kitso ya bosenyi e ka se ke ya kgona go ka supiwa le mabaka a tshweetso e e jalo;

 (d)	palo ya bana ba ba umakiwang mo temaneng ya (a), ba dikgetse tsa bona di reediwang go ya ka molawana wa 11, go ka ne go reeditswe bopaki jwa moitseanape, le ditlamorago tsa kgetse nngwe le nngwe mabapi le patlisiso ya kitso ya bosenyi; 

 (e)	tshekatsheko ya dipalopalo tse di umkiwang mo ditemaneng tsa (a) go fitlha go (d); le

 (f)	kgakololo e e ikaegileng mo tshekatshekong ya gore a bonnye jwa dingwaga tsa kitso ya bosenyi, di tshwanetse go sala e ntse e le dingwaga di le 10 jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 7(1) kgotsa gore a bonnye jwa dingwaga tsa kitso ya bosenyi di tshwanetse go tlhatlosiwa.

	(5) Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, fa le amogela ripoto e e umakilweng mo karolong ya molawana wa (4), le tshwanetse go neeela Kabinete ripoto gore e e dumelele, mme morago ga foo, e e neele Palamente go akanya ka ga yona.



Melawana, ditaelo, ditaelo tsa bosetšhaba le rejisetara



97. (1) Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo go tsa tsamaiso ya bosiamisi, morago ga dipuisano, fa go leng matshwanedi gona, le maloko a Kabinete a a nang le maikarabelo mo go tsa tlhabololo ya katlaatlelo loago, polokego le tshireletso, thuto, ditirelo tsa tshiamiso le maphelo, le ka dira melawana mabapi le lebaka lenngwe le lenngwe le le leng go ya ka fa tlhokegong kgotsa ka fa tetlelelong ya Molao ono, go tlhalosiwa ke molawana kgotsa lebaka lengwe le lengwe le le tlhokegang kgotsa le le bonako go tlhalosa, gore go tle go fitlhelelwe maikaelelo a Moloao ono.   

	(2) Melawana e e umakiwang mo karolong ya molawana wa (1), e tshwanetse go bewa fa pele ga Palamente gore e tle e e letlelele. 

	(3) Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo go tsa tsamaiso ya bosiamisi, le tshwanetse gore ka kitsiso mo Kuranteng ya Molao, le—

 (a)	tlhotlhomise batho kgotsa mofuta kgotsa maemo a batho ba ba nang le bokgoni go dira tshekatsheko ya kitso ya bosenyi ya ngwana e e umakiwang mo go molawana wa 11(3); mme

 (b)	mmogo le leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo go tsa matlotlo, le tlhotlhomise ditulelo tsa tshegetso le megolo ya batho bao.

	(4) (a) Molaodi wa Bosetšhaba wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba, morago ga puisano le leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo go tsa tsamaiso ya bosiamisi, le tshwanetse go ntsha ditaelo—



 (i)	mabapi le mabaka otlhe a a leng botlhokwa kgotsa bonako go ka neelana ka ona gore go fitlhelelwe maikaelelo a Molao ono, go akaretsa phaposo ya kgetse mo tshekong, bonnye jwa selekanyo se se dirisiwang fao le mabaka a a tshwanetseng go akangwa fa go tlhophiwa mofuta wa phaposo ya kgetse mo tshekong, mme segolobogolo tse di latelang:

 (aa)  Dikgetse tsa phaposo mo ditshekong tsa balatofadiwa, ba, go ya ka nako e e umakiwang mo go molawana wa 4(1)(b), ba ne ba le dingwaga di le 18 kgotsa go feta mme ba le ka fa tlase ga dingwaga di le 21, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 4(2); le

 (bb) phaposo ya dikgetse mo tshekong ka ga motšhutšhisi, mabapi le ditlolomolao tse di nnye pele go dirwa dipatlisiso tsa pele ga tsheko go ya ka Kgaolo ya 6;

 (ii)	mabapi le tsela e dikgetse di tshwanetsweng go dirwa ka tsona fa go lemogilwe phoso ka ga dingwaga morago ga fa kgetse e fapositswe mo tshekong jaaka go umakiwa mo go molawana wa 16; le

 (iii)  tlhotlhomiso ya mabaka a a sa tlwaelegang mo kgetseng e e ka faposiwang mo tshekong, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 52(3).

(b) Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo mo go tsa tsamaiso ya bosiamisi, le tshwanetse go neela Palamente ditaelo tse di ntshitsweng go ya ka molawana ono gore e di letlelele, pele di phasaladiwa mo Kuranteng ya Molao. 

		(c) Ditaelo tse di ntshitsweng lwa ntlha, di tshwanetse go isiwa kwa Palamenteng pele Molao ono o similola go dira.

(d) Taelo nngwe le nngwe e e ntshitsweng go ya ka molawana ono, e ka fetolwa kgotsa ya gogelwa morago.

(e) Molaodi wa Bosetšhaba wa Botšhutšhisi jwa Setšhaba o tshwanetse go tlhama dirutwa tsa katiso, tse di tshwanetseng go— 

 (i)	akaretsa katiso mo ditaelong tse di umakiwang mo karolong ya molawana ono;

 (ii)	akaretsa katiso ya batho e e ba thusang go tlhaloganya ka ga bosiamisi jwa ngwana; le

 (iii)	go dira kgonagalo le go rotloetsa tiriso ya maitsholo a a tshwanang a a solofetsweng, maemo le ditsamaiso, go netefatsa gore batšhutšhisi botlhe ba kgona go dira ka dikgetse tsa bosiamisi jwa ngwana, ka tsela e e matshwanedi, go dira sentle kwa ntle ga go senya nako le ka kelotlhoko le go tlhaloganya maikutlo a batho ba bangwe.

	(5) (a)  Mokomisenara wa Bosetšhaba wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, morago ga puisano le Balaodi-Kakaretso: Tlhabololo ya Katlaatlelo Loago, Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le Thuto le Mokomišinara wa Bosetšhaba wa Dutirelo tsa Tshiamiso, o tshwanetse go ntsha ditaelo tsa bosetšhaba tse di laolang—

 (i)	go nna teng le thuso ya motsadi, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, fa ngwana a dira setatamente sa go dumela molato fa pele ga magiseterata, a dumela ntlha nngwe ya molato, ka nako e go supiwang dilo tse di rileng kgotsa batho ba ba rileng;

 (ii)	dintlha tsotlhe tse di ka ga go tshwarwa ga ngwana tse di sa direng go ya ka molawana wa 20 mme tse go ya ka kakanyo ya Mokomisinara wa Bosetšhaba, di tlhokang go laolwa gore go molawana ono o kgone go dira sentle, go akaretsa mabaka a e leng a kgapeletso a a letlang go tshwarwa mo mabakeng a ditlolo-molao tse di umakilweng mo Setlhopheng sa 1 sa ditlolo-molao le ditsamaiso tse di tshwanetsweng go latelwa fa go itsisiwe motsadi wa ngwana, mogolo yo o tshwanetseng kgotsa motlhokomedi wa ngwana wa semolao, ka ga go tshwarwa ga ngwana;

 (iii)	mabaka otlhe a a ka ga go neelwa tagafara, a a sa direng go ya ka molawana wa 19 mme e le a, go ya ka kakanyo ya Mokomišinara wa Bosetšhaba, a tlhokang taolo gore molawana oo, o kgone go dira sentle;

 (iv)	mabaka otlhe a a ka ga lekwalo la kitsiso le le newang ke lepodisi, a a sa direng go ya ka molawana wa 18 le 23, mme a go ya ka kakanyo ya Mokomišinara wa Bosetšhaba, a tlhokang taolo gore molawana oo, o kgone go dira sentle;

 (v)	mabaka otlhe a a ka ga tshireletso ya bana ba ba tlhatlhetsweng kwa lefelong la mapodisi, a a sa direng go ya ka molawana wa 28, mme go ya ka kakanyo ya Mokomišinara wa Bosetšhaba, e le a a tlhokang taolo gore molawna oo, o kgone go dira sentle;

 (vi)	mabaka otlhe a a ka ga go tshola bana le maemo a bona fa ba sa ntse ba tlhatlhetswe kwa seleng ya mapodisi, kwa lefelong la dipatlisiso tse di dirwang pele ga tsheko kgotsa kwa kgotlatshekelo, tse di sa direng go ya ka molawana wa 28 le wa 33, mme go ya ka kakanyo ya Mokomišinara wa Bosetšhaba, e le a a tlhokang taolo gore molawana oo, o kgone go dira sentle, go akaretsa tumelelo ya itshidillo e e lekaneng le go isiwa le go busiwa ga bana kwa kgotlatshekelo;

(vii)	mabaka otlhe a a ka ga go batla motsadi wa ngwana, mogolo yo o matshwanedi kgotsa motlhokomedi wa ngwana go tla go nna teng kwa go dirwang gona tshekatsheko, jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 38(6), gore molawana oo, o kgone go dira sentle;

 (viii)	mokgwa o mapodisi a tshwanetseng go neelana ka ripoto jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 22(2); le

 (ix)	go ntshiwa ga setifikheiti se se tlosang rekoto ya bosenyi ya ngwana, e e umakiwang mo go molawana wa 87(5)(b).

(b)  Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a pabalesego le tshireletso 

      le tshwanetse go—

 (i)	neela Palamente ditaelo dingwe le dingwe tsa bosetšhaba jaka go tlhalosiwa mo karolong ya molawana ono; mme

 (ii)	morago ga malatsi a le 30, le a phasalatse mo Kuranteng ya Molao.

(c)  Ditaelo tsa ntlha tse di ntshiwang, di tshwanetswe go neelwa Palamente pele Molao ono o tsengwa tirisong. 

		(d)  Ditaelo dingwe le dingwe tse di ntshiwang go ya ka fa karolong ya molawana ono, di ka fetolwa kgotsa tsa gogelwa morago.

(e)  Mokomišinara wa Bosetšhaba wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa o tshwanetse go dira dirutwa tsa katiso tse di tshwanetseng go—

 (i)	akaretsa katiso mabapi le ditaelo tsa bosetšhaba e e tlhalosiwang mo karolong ya molawana ono;

 (ii)	akaretsa katiso ya batho e e ba thusang mabapi le bosiamisi jwa ngwana; le

 (iii)	go dira kgonagalo le go rotloetsa tiriso e e tshwanang ya mokgwa wa maitsholo, maemo le ditsamaiso, go netefatsa gore mapodisi otlhe a kgona go dira ka dikgetse tsa bosiamisi jwa ngwana ka tsela e e matshwanedi, e e dirang sentle kwa ntle ga go senya nako le  kelotlhoko, le go naganela maikutlo a batho ba bangwe.

	(6) (a) Molaodi-Kakaretso: Tlhabololo ya Katlaatlelo Loago kgotsa motho mongwe le mongwe yo o neilweng dithata ke ene, o tshwanetse go kwala rejisetara jaaka e tlhalosiwa, ya bana ba go dirilweng tshweetso ebile e kwadilwe ke modiredi wa tsamaiso e e sa letleleleng motlolamolao go ya kwa kgolegelong, go ya ka molawana wa 9(6).

 (b)  Rejisetara e e umakilweng mo temaneng ya (a) e tshwanetse go 

       akaretsa tse di latelang:

(i)	dintlha tsa ngwana mongwe le mongwe

(ii)     dintlha tsa tlolomolao mabapi le tshweetso e e dirilweng;

(iii)  	tshweetso e e neng e dirilwe mabapi le ngwana; le 

(iv)    dintlha tsa ngwana tsa go latela tshweetso, fa go tlhokega.

 (c) Ga se batho botlhe ba ba tshwanetseng go bona rejisetara, jaaka go tlhalosiwa, mme e tshwanetse ya nna fela batho kgotsa mekgatlho e e batlang tshedimosetso gore ba nne le rekoto, go ela tlhoko le go dira dipatlisiso.

	(7) Mo lobakeng lwa molawana wa 29, Molaodi-Kakaretso: Tlhabololo ya Katlaatlelo Loago, o tshwanetse gore nako le nako, a neela Molaodi-Kakaretso: Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le Mokomišinara wa Bosetšhaba wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, tshedimosetso yotlhe mabapi le—

(a) kwa mafelo a tlhokomelo ya ngwana le moša a leng teng mo 

      Aforika Borwa;

(b) mekgabiso le ditebego tsa lefelo lengwe le lengwe; le

(c) maemo a tshireletso a a leng mo lefelong lengwe le lengwe.

      (8) Balaodi-Kakaretso: Tlhabololo ya Katlaatlelo Loago le Maphelo mmogo le Mokomišinara wa Ditirelo tsa Tshiamiso, ba tshwanetse gore mongwe le mongwe a dire dirutwa tsa katiso tse di tshwanetseng gore di—

 (i)	Akaretse katiso mo dintlheng tse di tlhokagalang jaaka go tlhalosiwa mo go Molao ono;

 (ii)	akaretse katiso e e dirang gore batho ba dire se se kgonagalang mabapi le bosiamisi jwa ngwana; le 

 (iii)	neelano le thotloetso ya tiriso ya maitsholo a a tshwanang ebile a a solofetsweng, maemo le ditsamaiso, go netefatsa gore badiri botlhe mo mafapheng a bona, ba kgona go dira ka dikgetse tsa bosiamisi jwa ngwana ka tsela e e matshwanedi, e e dirang sentle kwa ntle ga go senya nako le ka kelotlhoko le go tlhaloganya maikutlo a batho ba bangwe 

	(9)  Ditaelo kgotsa ditaelo tsa bosetšhaba tse di tlhalosiwang mo go molawana ono, di tshwanetse go netefatsa gore go tsewa dikgato tse di lekaneng kgatlhanong le modiri mongwe le mongwe yo o sa direng tiro e a e neilweng go ya ka Molao ono.

	(10) Fa go tlhokega gore Palamente, go ya ka Molao ono, e letlelele nngwe ya melawana, ditaelo kgotsa ditaelo tsa bosetšhaba, Palamente e tshwanetse go dira jalo mo dikgweding di le thataro morago ga gore di bewe fa pele ga Palamente, fa go sa dirwe jalo, di tla tsewa gore di letleletswe ke Palamente. 



Dithulaganyo tsa diphetogo tsa maemo go ya go a mangwe



98. (1) Ditsheko tsotlhe tse mo go tsona bana ba latofadiwang ka tlolomolao, tse di neng di tlhatlhetswe pele ga go simolola ga Molao ono, mme di sa konosediwa pele ga go simolola ga Molao ono, di tshwanetse go tswela pele mme di konosediwe ka gotlhe e kete Molao ono ga o ise o letlelelwe.

	(2) Porograma nngwe le nngwe ya phaposo ya kgetse mo tshekong le moneelana ka tirelo ya phaposo ya kgetse mo tshekong, tse di neng di le teng ka nako e Molao ono o neng o simolola, di ka tswela pele go dira go fitlha go itsisiwe ka ga tshweetso e e mabapi le go tsenngwa tirisong ga yona jaaka go tlhalosiwa mo go molawana wa 56(2)(c)(iii). 

	(3) Melawana ya ntlha e e umakiwang mo go molawana wa 97(1), e tshwanetse go kwalwa ka tatelano kwa Palamenteng gore e tle e e letlelelwe pele ga letlha la 1 Sedimonthole 2009, mme e tshwanetse go letlelelwa pele Molao ono o simolola, mme fa go sa nne jalo, e tla tsewa gore e letleletswe ke Palamente.



Go phimola kgotsa go fetola melao



99.  (1) Melao e e umakilweng mo go Setlhopha sa 4, e a phimolwa kgotsa e a fetolwa go fitlha ka fa go tlhagisitsweng ka teng mo kholomong ya boraro ya Setlhopha seo.

	(2) (a) Leloko la Kabinete le le nang le maikarabelo a tsa tsamaiso ya bosiamisi, le ka fetola ditlhwatlhwa tse di tlhotlhomisitsweng mo go Setlhopha sa 1, 2 le 3 sa Molao ono mo Kuranteng ya Molao.

(b) Tlhwatlhwa nngwe le nngwe e e fetotsweng e tlhalosiwa mo temaneng ya (a), pele ga phasalatso mo Kuranteng ya Molao, e tshwanetswe go newa le go letlelelwa ke Palamente.



Setlhogo se se khutshwane le tshimilogo



100. Molao ono, o bidiwa “Child Justice Act”, 2008, mme o simolola go tsengwa tirisong ka kgwedi ya Moranang ngwaga wa 2010, kgotsa letlha lengwe le lengwe pele ga foo, le le beilweng ke Moporesidente ka go itsise batho semmuso mo Kuranteng ya Molao.












SETLHOPHA SA 1 SA DITLOLOMOLAO



(Melawana 6(1)(a), 10(2)(a)(i), 18(1), 20(1), 21(2)(a) le (b) le (3)(b), 22(1), 24(2)(b), 27(a)(ii), 30(5)(a), 41(1), 52(2), 53(2)(a), 54(2)(a), 71(1)(b), 77(3)(c), 87(1)(a)(i), 92 le 99(2)(a))





1. 	Bogodu, e ka ne e le ka fa molaong o o sa kwalwang kgotsa go ya ka molao o o kwadilweng, go amogela thoto e e utswitsweng o itse gore e utswitswe kgotsa bogodu ka tsela ya maaka, mo madi a a akarediwang a sa fete R2 500.

2. 	Tsietso, go tshosetsa motho gore a go neye sengwe, go dira khophi ya lokwalo kgotsa madi ka maikaelelo a go tsietsa mongwe le go tlhalosa sengwe ka mafoko kgotsa tlolo-molao e e umakiwang mo go “Prevention and Combating of Corrupt Activities Act” wa 2004 (Molao wa 12 wa 2004), mo madi a a akarediwang a sa fete R1 500.

3.	Go senyetsa motho thoto ya gagwe ka swele, mo madi a a akrediwang a s fete R1 500.

4.	Go tlhasela motho mme a sa ntshiwa kotsi e e masisi.

5.	Go dira setatamente sa maaka.

6. 	Go nyatsa taelo ya kgotlatshekelo.

7.	Maitsholo kgotsa puo e e utlwisang motho botlhoko kgotsa e e supang go tlhoka tlhompho mo Modimong kgotsa bodumeding.

8.    Go dira sengwe se se sa siamang go nna se se sa siamang thata.

9.    Go utlwisa maikutlo a mongwe botlhoko.

10. 	Go bua kgotsa go kwala sengwe se se sa siamang ka motho mme se utlwisa motho yo o jalo botlhoko 

11.	Go tsena mo lefelong kwa ntle ga tetla

12.	Maitsholo a go akangwang gore a tlhola ketsaetsego mo go tsa thobalano mme a sa amogelesege mo mothong mongwe.

13. 	Go tsaya karolo mo ditirelong tsa thobalano mo bathong ba ba nang le dingwga di le 18 kgotsa go feta, jaaka go umakiwa mo go molawana wa 11 wa “Criminal Law (Sexual Offences and related Matters), Act” wa 2007 (Molalo wa 32 wa 2007).

14. 	Thobalano magareng a motho le phologolo, e e umakiwang mo go molawana wa 13 wa “Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act” wa 2007.

15.	Ditiro tsa tumalano ya thobalano le bana (petelelo go ya ka molao o o kwadilweng) le ditiro tsa thobalano e e seng ka fa tumalanong le bana bangwe (go tlhasela motho ka tsa thobalano go ya ka molao o o kwadilweng), tse di umakilweng mme di le go ya ka molawana wa 15 le wa 16 wa “Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act” wa 2007, ka go latelana.

16.	Tlolo-molao nngwe le nngwe e e leng ka ga go tshola diritibatsi tse di sa dumelelwang ke molao, kwa ntle ga tlolomolao e e umakiwang mo go Item ya 17 ya Setlhopha seno, mo bontsi jo bo akarediwang bo sa feteng R500 ka tlhwatlhwa.

17.	Tlolo-molao nngwe le nngwe e e kwadilweng mo molaong, e bogolo jwa kotlhao jo bo beilweng ke molao, e le go romolwa kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dikgwedi di le tharo kgotsa faene ya lobaka loo, e e badilweng go ya ka “Adjustment of Fines Act” wa 1991, (Molao wa 101 wa 1991). 

19.	Morero wa go dira tlolo-molao, go tlhotlheletsa motho go dira tlolo-molao kgotsa maiteko a go dira tlolo-molao nngwe le nngwe e e umakiwang mo Setlhopheng seno.



SETLHOPHA SA  2 SA DITLOLOMOLAO

	

(Melawana ya 6(1)(b), 21(2)(b) le (3)(b), 24(2)(b), 27(a)(ii) le (b), 52(2),

53(2)(b), 54(2)(b), 77(3)(b), 87(1)(a)(ii), 92 le 99(2)(a))



1. 	Bogodu, e ka ne e le go ya ka molao o o sa kwalwang kgotsa molao o o kwadilweng, go amogela thoto e e utswitsweng ka kitso ya gore e utswitswe, bogodu ka tsela ya go bua maaka, mo madi a a akarediwang a feta R2 500. 

2.	Tsietso, go tshosetsa motho gore a go neye sengwe, go dira khophi ya lokwalo kgotsa madi ka maikaelelo a go tsietsa mongwe le go tlhalosa sengwe ka mafoko kgotsa tlolo-molao e e umakiwang mo go “Prevention and Combating of Corrupt Activities Act” wa 2004 (Molao wa 12 wa 2004), mo madi a a akarediwang a sa fetang R1 500.

3.	Go kgothosa, e seng  ka go dirisa sebolai.

4.	Go senyetsa motho thoto ya gagwe ka swele, mo madi a a akarediwang a sa feteng R1 500.

5. 	Go tlhasela motho, mo go akaretsang go ntsha dikgobalo tse di kotsi.

6. 	Tiriso-dikgoka ya fa phatlhalatseng.

7. 	Go bolaya e se ka maikemisetso.

8.	Go fisa ntlu ya motho.

9. 	Go thuba mo tlung, e ka ne e le go ya ka molaong o o sa kwadiwang kgotsa o o kwadilweng, ka maikemisetso a go dira tlolo-molao.

10.	Go tshelela motho botlhole.

11.	Go baya ngwana mo maemong a a ka dirang gore a dire tlolomolao.

12.	Go gapa motho ka dikgoka.

13.	Go tlhasela motho ka tsela ya thobalano, go tlhasela motho ka tsela ya thobalano e a akanyang gore go siame go dira jalo kgotsa go itlhasela ka tsela ya thobalano e o akanyang gore go siame go dira jalo, tse di umakilweng mo go melawana ya 5, 6 le 7 ya “Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act” wa 2007 (Molao wa 32 wa 2007), ka go latelana ga yona, mo motho a sa ntshiwang dikgobalo tse di masisi.

14.	Go gapeletsa kgotsa go dira gore batho ba ba nang le dingwaga di le 18 kgotsa go feta ba lebe ditlolomolao tsa thobalano, ditiro tsa thobalano kgotsa go ikgotsofatsa ka tsa thobalano ka bowena, jaaka go umakiwa mo go molawana wa 8 wa “Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act’wa 2007.

15.	Go letlelela kgotsa go dira gore ngwana a lebe dibuka kgotsa dibidiyo tsa batho ba ba sa aparang kgotsa ba ba dirang thobalano, jaaka go umakilwe mo go molawana wa 10 le wa 19 wa “Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act” wa 2007, ka go latelelana ga yona.

16.	Thobalano fag are ga batho e leng losika le thobalano le setopo, jaaka go umakiwa mo go molawana wa 12 le wa 14 wa “Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act” wa 2007, ka go latelana ga yona.

17.	Go bontsha motho mongwe dirwe tsa thobalano, phatlha ya marago kgotsa matsele a mosadi (“go bontsha dirwe tsa thobalano tsa monna”), jaaka go umakiwa mo go molawana wa 9 kgotsa wa 22 wa “Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act” wa 2007.

18.	Tshwenya setopo sa motho yo o tlhokafetseng kgotla go tshwenya lebitla.

19.	Go kgoreletsa tsamaiso ya bosiamisi.

20.	Tlolo-molao nngwe le nngwe e e umakilweng mo go molawana wa 1 kgotsa 1A wa “Intimidation Act” wa 1982 (Molao wa 72 wa 1982).

21.	Tlolo-molao nngwe le nngwe e e leng ka ga ditiro tsa bosinyi tse di dirwang ke setlhopha sa batho, e e umakiwang mo go Kgaolo ya 4 ya “Prevention of Organised Crime Act” wa 1998 (Molao wa 121 wa 1998).

22.	Sengwe le sengwe se se kgatlhanong le molawana wa 2 wa “Animals Protection Act”  wa 1962 (Molao wa 71 wa 1962).

23.	Tlolo-molao nngwe le nngwe e e leng ka ga go tshola diritibatsi tse di sa letlelelwang ke molao, tse di bakang tlwaelo mo mmeleng wa motho fa a di dirisa, kwa ntle ga tlolo-molao nngwe le nngwe e e umakiwang mo go Item 24 ya Setlhopha, tse di akarediwang mme di feta R500 fela di sa fete R5 000 ka tlhwatlhwa.

24.	Tlolo-molao nngwe le nngwe ya molao o o kwadilweng, mo bogolo jwa kotlo jo bo beilweng ke molao e le go romelwa kwa kgolegelong lobaka lo lo sa feteng dikgwedi di le tharo mme ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano kgotsa faene mo lobakeng leo, e badilwe go ya ka “Adjustment of Fines Act” wa 1991 (Molao wa 101 wa 1991).

25. Morero mongwe le mongwe wa go dira tlolo-molao, go tlhotlheletsa motho go dira tlolo-molao nngwe le nngwe e e umakiwang mo Setlhopheng seno.





SETLHOPHA SA 3 SA DITLOLOMOLAO



(Melawana ya 6(1)(c), 30(1)(c), (2) le (5)(a), 52(3)(a), 53(2)(b), 54(2)(b), 76(3),

77(3)(a) le 99(2)(a))



1.	Tlolo-molao e e ka nnang kotsi go Naga.

2.	Go dirisa mantswe a a ka dirang gore batho ba tsogele puso kgatlhanong.

3.	Polao

4.	Go tshosetsa motho gore a go neya sengwe.

5.	Go gapa motho ka dikgoka.

6.	Go kgothosa—

		(a) mo go sa dirisiwang sebolai teng; kgotsa

 		(b) mo go akaretsang go tsaya mmotokara

7. 	Petelelo kgotsa petelelo e motho a akanyang gore go siame fa a betelelwa ka tsela e e ntseng jalo, jaaka e umakiwa mo go molawana wa 3 le wa 4 wa “Criminal Law Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act” wa 2007 (Molao wa 32 wa 2007), ka go latelana ga yona.

8.	Go tlhasela motho ka tsa thobalano, go tlhasela motho ka tsa thobalano mme a kanya gore go siame go amega mo go se se jalo kgotsa go letla go itlhasela ka bo-wena mo go tsa thobalano ka kakanyo ya gore go siame go amega mo se se jalo, tse di umakilweng mo go molawana wa 5, 6 le wa 7 wa “Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act” wa 2007, ka go latelana ga yona, go akaretsa go ntsha dikgobalo tse di masisi.

9. 	Tiriso e e botlhaswa ya bana mo go tsa thobalano, go ruta bana ka tsa thobalano gore ba tle ba tsee karolo mo go tsona le go dirisa bana mo ditirong tsa go nna ba sa apara le go amega mo go tsa thobalano, tse di umakiwang mo go molawana wa 17, 18 le wa 20 wa “Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act” wa 2007, ka go latelana ga yona.

10.	Go baya mo phatlalatseng kgotsa go dira gore go bewe mo phatlalatseng phonokerafi ya bana e e umakiwang mo go molawana wa 19 wa “Criminal Law  (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act” wa 2007, fa e le gore maikaelelo a go baya jalo mo phatlalatseng e le go rotloetsa—

(a)	tshotlako ya bana ka tsa thobalano kgotsa go katisetsa bana mo go tsa thobalano, jaaka go umakiwa mo go molawana wa 17 kgotsa 18 wa “Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act” wa 2007, ka go latelana ga yona; kgotsa

(b)	go dirisa ngwana mo go tsa phonokerafi ya bana kgotsa go bona sengwe ka tsela efe kapa efe, go tswa mo phonokerafing ya bana, jaaka go tlhalosiwa ke molawana wa 20 wa (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act, 2007.

11. 	Go dira gore bana ba lebe ditlolo-molao tsa thobalano ka go ba dira gore ba akanye gore go siame go dira jalo, jaaka go umakilwe mo go molawana wa 21 wa “Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act” wa 2007.

12.	Tshotlako ka tsa thobalano ya batho ba ba sa nnang sentle mo tlhaloganyong, katiso ya batho ba ba sa nnang sentle mo tlhaloganyong, go baya mo phatlalatseng kgotsa go dira gore batho ba ba sa nnang sentle mo tlhaloganyong ba bone phonokerafi, kgotsa go dirisa batho ba ba sa nnang sentle mo tlhaloganyong, go bona sengwe go tswa mo go seo, jaaka go umakilwe mo go molawana wa 23, 24, 25 le 26 wa “Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act” ka 2007, ka go latelana ga yona.

13.	Go gweba ka batho ka maikaelelo a go ba dirisa tsa thobalano, jaaka go umakiwa mo go molawana wa 71(1) le go tsaya karolo ka go gweba ka batho ka maikaelelo a tsa thobalano, jaaka go umakilwe mo go molawana wa 71(2) wa “Criminal Law (Sexual Offences and Related Matters) Amendment Act” wa 2007. 

14.	Tlolo-molao nngwe le nngwe e e umakiwang mo go Karolo ya 1, 2 le ya 3 tsa Kgaolo ya 2 ya “Protection of Constitutional Democracy against Terrorist and Related Activities Act” wa 2004 (Molalo wa 33 wa 2004).

15.	Tlolo-molao nngwe le nngwe e e ka ga— 

 (a)	go dira madi ka tsela e e seng ka fa molaong, jaaka go tlhalosiwa mo go Kgaolo ya 2; kgotsa

 (b)	madi a a bonwang ka tsela e e seng ka fa molaong, e e tlhalosiwang mo go Kgaolo ya 3, ya “Prevention of Organised Crime Act” wa 1998 (Molao wa 121 wa 1998).

16.	Polao ya batho ka mogoso, ditlolo-molao kgatlhanong le batho le ditlolo-molao tsa ntwa, tse di umakiwang mo go Tsenyeng tirisong ga “Implementation of the Rome Statute of the International Criminal Court Act” wa 2002 (Molao wa 27 wa 2002).

17.	Tlolo-molao nngwe le nngwe ya molao o o ka ga—

(a)	go gweba kgotsa go tsenya dikolo, dithunya, dithuthupi kgotsa dibolai dingwe ka bonweenwee mo nageng; 

(b)	go tshola dithunya, dithuthupi kgotsa dibolai tse di seng mo molaong.

18.	Tlolo-molao nngwe le nngwe e e umakiwang mo go molawana wa 13(f) wa “Drugs and Drug Trafficking Act” ka 1992 (Molao wa 140 wa 1992).

19.	Tlolo-molao nngwe le nngwe e e masisi fa go tweng tlolo-molao e ne e dirwa ke motho, setlhopha sa batho, kgwebo kgotsa setlhopha sa batho se dirisanang mmogo go fitlhelela maikaelelo a a rileng mmogo le leano la sephiri le le dirwang ke batho ba ba rerang go dira sengwe se se seng mo molaong. 

20.	Tlolo-molao nngwe le nngwe e e leng go ya ka molao mongwe le mongwe o o leng ka ga go tshola, go se ka fa molaong, diritibatsi tse di bakang tlwaelo mo mmeleng fa di dirisiwa, kwa ntle ga tlolomolao e e umakiwang mo go Item 21 

21.	Tlolo-molao nngwe le nngwe e e kwadilweng mo molaong, fa bogolo jwa kotlo jo bo beilweng go ya ka molao e leng go romela kwa kgolegelong lobaka lo lo fetang dingwaga di le tlhano kgotsa faene mo boiemong jwa lobaka loo, e badilwe go ya ka “Adjustment of Fines Act” wa 1991 (Molalo wa 101 wa 1991).

22.	Morero mongwe le mongwe wa go dira tlolo-molao, go tlhotlheletsa motho kgotsa batho go nna kgatlhanong le puso kgotsa maiteko a go dira tlolomolao e e umakilweng mo Setlhopheng seno.






SETLHOPHA SA 4 SA DITLOLOMOLAO



(Molawana wa 99(1))



Nomoro le        ngwaga        

 wa molao
 
    Setlhogo se se     

       khutshwane
 
         Boleng jwa tloso le phetolo
 

 
Molao wa 8 wa 1959
 
Wet op Korrektiewe Dienste, 1959


 
Go phimolwa ga molawana wa 29.
 

 
Molao wa 71 wa 1968
 
Wet op Gevaarlike Wapens, 1968




 
Molawana wa 4 wa sekwalwa se a fotolwa ka go tsenya mo boemong jwa karolo ya molawana wa (2) ya karolo ya molawana o o latelang: 

 

“(2) Ondanks andersluidende wetsbepalings, word daar met geen persoon ten opsigte van wie die oplegging van gevangenisstraf ingevolge subartikel (1) verpligtend is, kragtens artikel [290 of] 297 van die Strafproseswet, 1977, gehandel nie.”.


 

 
Molao wa 51 wa 1977
 
Strafproseswet, 1977




 
(a) Go fetolwa ga molawana wa 7 wa sekwalwa sa Molao wa tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosinyi ka go o tsenya mo boemong jwa karolo ya molawana wa (1) wa karolo ya molawana o o latelang:



 ‘‘ (1)	In 'n geval waar 'n [prokureur-generaal] Direkteur van Openbare Vervolgings weier om weens 'n beweerde misdryf te vervolg, kan—

(a) 'n private persoon wat by die geskil in die verhoor 'n wesenlike en besondere belang bewys wat uit benadeling ontstaan wat hy persoonlik ten gevolge van die pleging van bedoelde misdryf gely het;

(b)	'n eggenoot, indien bedoelde misdryf ten opsigte van sy eggenote gepleeg is;

(c)	die eggenote of kind of, indien daar geen eggenote of kind is nie, 'n naasbestaande van 'n oorledene, indien die oorledene se dood na bewering deur bedoelde misdryf veroorsaak is; of

(d)	die wettige voog of kurator van 'n minderjarige of kranksinnige, indien bedoelde misdryf teen sy pupil gepleeg is, 

behoudens die bepalings van artikel 9 en artikel 59(2) van die “Child Justice Act”, 2008, hetsy persoonlik of deur 'n regsverteenwoordiger, 'n vervolging ten opsigte van so 'n misdryf instel en voortsit in 'n hof wat bevoeg is om daardie misdryf te bereg.”.



(b) Phetolo ya molawana wa 38 mo go molawana o o latelang:



‘‘Metodes waarop aanwesigheid van beskuldigde in hof verkry word

38.	(1) [Die] Behoudens artikel 4(2) van die “Child Justice Act”, die metodes waarvolgens die aanwesigheid van 'n beskuldigde wat 18 jaar of ouer is in 'n hof vir die doeleindes van sy of haar verhoor verkry word, is inhegtenisneming, dagvaarding, skriftelike kennisgewing en by akte van beskuldiging ooreenkomstig die betrokke bepalings van hierdie Wet.

	(2)	Die metodes waarvolgens die aanwesigheid van ‘n beskuldigde wat onder die ouderdom van 18 jaar is, by ‘n voorlopige ondersoek of “child justice court” verkry word is daardie metodes beoog in artikel 17 van die “Child Justice Act”, 2008.”.



(c) Go fetolwa ga molawana wa 50 ke go phimolwa ga karolo ya molawana wa (4) le (5).



(d) Go fetolwa ga molawana wa 55—

(i)   ka go tsenya mo boemeng jwa karolo ya molawana wa (1) wa karolo ya molawana o o latelang:



‘‘(1) Behoudens artikel 4(2) van die “Child Justice Act”, 'n [Beskuldigde] beskuldigde wat 18 jaar of ouer is en wat ingevolge artikel 54 gedagvaar word om by strafregtelike verrigtinge te verskyn en wat versuim om by die plek en op die datum en op die tyd te verskyn wat in die dagvaarding vermeld is of wat versuim om by bedoelde verrigtinge aanwesig te bly, is aan 'n misdryf skuldig en strafbaar met die straf in subartikel (2) voorgeskryf.’’; le

(ii)   ka go tsenya karolo e e latelang ya  

      molawana wa karolo ya (1):



‘‘(1A) Die bepalings van artikel 46 van die “Child Justice Act”, 2008, is van toepassing op ‘n beskuldigde wat onder die ouderdom van agttien jaar is en wat versuim om te verskyn by ‘n voorlopige ondersoek ingevolge ‘n dagvaarding wat kragtens daardie Wet uitgevaardig is.’’.



(e) Go phimolwa ga molawana wa 71.



(f) Go fetolwa ga molawana wa 72—



(i)    ka go tsenya mo boemong jwa ona karolo ya matseno ya karolo ya molawana wa (1)  ya matseno a karolo e e latelang:



      ‘‘(1) Behoudens artikel 4(2) van die “Child Justice Act”, [Indien] indien 'n beskuldigde wat agttien jaar of ouer is ten opsigte van 'n misdryf in bewaring is en 'n polisiebeampte of 'n hof die beskuldigde ten opsigte van daardie misdryf ingevolge artikel 59 of 60, na gelang van die geval, op borgtog kan vrylaat, kan bedoelde polisiebeampte of bedoelde hof, na gelang van die geval, in plaas van borgtog en indien die misdryf, in die geval van bedoelde polisiebeampte, nie 'n in Deel II of Deel III van Bylae 2 bedoelde misdryf is nie—“; le

(ii)   ka go tlosa temana ya (b) ya karolo ya molawana wa (1) le temana ya (b) ya karolo ya molawana wa (2).



(g) Go fetolwa ga molawana wa 73 ka go tsenya molawana o o latelang mo boemong jwa karolo ya molawana wa (3):



‘‘(3)	['n Beskuldigde wat onder die ouderdom van agtien jaar is, kan deur sy ouer of voog by strafregtelike verrigtinge bygestaan word, en 'n] Bykomend tot die bepalings van artikels 3(g), 38(2), 44(1)(b) en 65 van die “Child Justice Act”, 2008, met betrekking tot die bystand van ‘n beskuldigde wat onder die ouderdom van agttien jaar is deur sy of haar ouer of ‘n gepaste volwassene by strafregtelike verrigtinge, kan ‘n beskuldigde wat, na die oordeel van die hof, die bystand van iemand anders by strafregtelike verrigtinge nodig het, [kan,] met die toestemming van die hof, by bedoelde verrigtinge aldus bygestaan word.”.



(h) Go tloswa ga molawana wa 74.



(i) Go fetolwa ga molawana wa 153—



(i)   ka go tsenya karolo ya molawana o o latelang mo boemong jwa karolo ya molawana wa (1):



      ‘‘(1) [Indien] Bykomend tot die bepalings van artikel 63(5) van die “Child Justice Act”, 2008, indien dit aan die hof blyk dat dit in strafregtelike verrigtinge wat voor daardie hof hangende is, in belang van die veiligheid van die Staat of van die goeie orde of van die openbare sedes of die regspleging sal wees dat bedoelde verrigtinge agter geslote deure gehou word, kan die hof gelas dat die publiek of 'n kategorie daarvan nie by sulke verrigtinge of enige deel daarvan teenwoordig mag wees nie.”; le

(ii) ka go tlosa karolo ya molawana wa (4).



(j) Go tsenya mo boemong jwa molawana wa 211, molawana o o latelang:



‘‘Getuienis tydens strafregtelike verrigtinge van vorige veroordelings 

    211. Behalwe waar hierdie Wet of die “Child Justice Act”, 2008, uitdruklik anders bepaal of behalwe waar die feit van 'n vorige veroordeling 'n bestanddeel is van 'n misdryf waarvan 'n beskuldigde aangekla word, is getuienis nie by strafregtelike verrigtinge ten opsigte van 'n misdryf toelaatbaar om te bewys dat 'n beskuldigde by sodanige verrigtinge voorheen weens 'n misdryf, hetsy in die Republiek of elders, skuldig bevind is nie, en geen beskuldigde, indien as 'n getuie opgeroep, word gevra of hy of sy aldus skuldig bevind is nie.”.



(k) Go tloswa ga molawana wa 254.



(l) Go fetolwa ga molawana wa 276A ka go tsengwa ga karolo ya molawana wa (1) le wa (2) e e latelang mo boemong jwa yona: 



   ‘‘(1) Straf word, behoudens die bepalings van artikel 75 van die “Child Justice Act”, 2008, slegs kragtens artikel 276(1)(h) opgelê—

(a)	nadat 'n verslag van 'n proefbeampte of 'n korrektiewe beampte voor die hof geplaas is; en

(b)	vir 'n bepaalde tydperk wat nie drie jaar te bowe gaan nie, of in die geval van 'n skuldigbevinding aan enige misdryf bedoel in die Wysigingswet op die Strafreg (Seksuele Misdrywe en Verwante Aangeleenthede), 2007, vir 'n bepaalde tydperk van hoogstens vyf jaar.

     (2)	Straf word, behoudens die bepalings van artikel 75 van die “Child Justice Act”, 2008, slegs kragtens artikel 276(1)(i) opgelê—

(a)	indien die hof van oordeel is dat die misdryf die oplegging regverdig van gevangenisstraf, met of sonder die keuse van 'n boete, vir 'n tydperk van hoogstens vyf jaar; en

(b)	vir 'n bepaalde tydperk wat nie vyf jaar te bowe gaan nie.”.



(m) Go phimolwa ga molawana wa 290.



(n) Go phimolwa ga molawana wa 291.



(o) Go fetolwa ga molawana wa 297—



(i)   ka go tlosa karolo ya molawana wa (1A); le

(ii)  ka go tsenya mafoko a a latelang mo boemong jwa mafoko a a latelang karolo ya temana ya (ii) ya temana ya (a) ya karolo ya molawana wa (9):



‘‘en so 'n hof, hetsy hy, in die geval van 'n ander hof as 'n hof met gelyke of hoër regsbevoegdheid, anders saamgestel is al dan nie as wat hy ten tyde van bedoelde uitstel of opskorting was, kan dan, in die geval van subparagraaf (i), 'n bevoegde vonnis oplê [wat, waar die betrokke persoon onder die ouderdom van een-en-twintig jaar is, ook 'n bevel ingevolge die bepalings van artikel 290 kan insluit,] of, in die geval van subparagraaf (ii), die opgeskorte vonnis ten uitvoer lê.”.



(p) Go fetolwa ga molawana wa 302 ka go tsenya mo boemeng jwa temana (i) ya karolo ya molawana wa (1)(a) e e latelang:



    ‘‘(i) wat, in die geval van gevangenisstraf (met inbegrip van aanhouding in 'n [verbeteringskool soos in artikel 1 van die Wet op Kindersorg, 1983 (Wet 74 van 1983), omskryf] ‘child and youth care centre‘ wat ‘n program beoog in artikel 191(2)(j) van die “Children’s Act”, 2005 (Wet No. 32 van 2005), aanbied), 'n tydperk van drie maande te bowe gaan, indien opgelê deur 'n regterlike amptenaar wat nie die substantiewe rang van landdros of hoër vir 'n tydperk van sewe jaar beklee het nie, of wat 'n tydperk van ses maande te bowe gaan, indien opgelê deur 'n regterlike amptenaar wat die substantiewe rang van landdros of hoër vir 'n tydperk van sewe jaar of meer beklee het;’’.



 (q) Go fetolwa ga molawana wa 309 ka go tsenya mo boemeng jwa temana (a) ya karolo ya molawana wa (1) ya temana e e latelang:



‘‘(a) [Iemand] Behoudens artikel 84 van die “Child Justice Act”, 2008, kan iemand wat deur 'n laer hof aan 'n misdryf skuldig bevind is (met inbegrip van iemand wat na skuldigbevinding ontslaan is) [kan], behoudens verlof om te appelleer wat ingevolge artikel 309B of 309C toegestaan word, teen so 'n skuldigbevinding en teen 'n gevolglike vonnis of bevel na die Hoë Hof appelleer wat regsbevoegdheid het[: Met dien verstande dat-

	(i) indien daardie persoon, ten tyde van die pleging van die misdryf-

		(aa)	onder die ouderdom van 16 jaar was; of

		(bb)	minstens 16 jaar oud was, maar onder die ouderdom van 18 jaar was en nie deur 'n regsverteenwoordiger ten tyde van skuldigbevinding in die streekhof bygestaan is nie; en

		(cc)	tot enige vorm van gevangenisstraf gevonnis is soos in artikel 276(1) beoog wat nie in die geheel opgeskort is nie; of

    (ii) indien daardie persoon tot lewenslange gevangenisstraf deur 'n streekhof kragtens artikel 51(1) van die Strafregwysigingswet, 1997 (Wet 105 van 1997), gevonnis is, kan hy of sy sodanige appèl aanteken sonder om aansoek te doen om verlof ingevolge artikel 309B]: Met dien verstande [voorts] dat die bepalings van artikel 302(1)(b) van toepassing is ten opsigte van 'n persoon wat 'n appèl behoorlik teen 'n skuldigbevinding, vonnis of bevel soos in artikel 302(1)(a) beoog, aanteken.’’.



 (r) Go fetolwa ga molawana wa 309B ka go tsenya mo boemeng jwa temana ya (a), karolo ya molawana wa (1) ya temana e e latelang: 



    ‘‘(a) Behoudens artikel 84 van die “Child Justice Act”, 2008, moet ‘n beskuldigde ['n Beskuldigde, behalwe 'n persoon beoog in die eerste voorbehoudsbepaling by artikel 309(1)(a),] wat 'n appèl teen 'n skuldigbevinding of 'n gevolglike vonnis of bevel van 'n laer hof wil aanteken, [moet] by daardie hof aansoek doen om verlof om teen die skuldigbevinding, vonnis of bevel te appelleer.”.



(s) Go fetolwa ga molawana wa 309D ka go o tsenya mo boemong jwa temana ya (a) ya karolo ya molawana wa (1) ya temana e e latelang:



     ‘‘(a) 'n Beskuldigde, behalwe ‘n kind beoog in die “Child Justice Act”, 2008, [beoog in die eerste voorbehoudsbepaling by artikel 309(1)(a) of] wat in die stadium wanneer hy of sy skuldig bevind of gevonnis word, nie verteenwoordig is nie, moet deur die voorsittende beampte van sy of haar regte ten opsigte van appèl en regsverteenwoordiging en van die korrekte prosedures om aan vermelde regte uitvoering te gee, ingelig word.’’.



(t) Go fetolwa ga molawana wa 316—



(i) ka go tsenya mo boemong jwa temana ya (a),

    temana e e latelang ya karolo ya molawana wa (1):



‘‘(a) Behoudens artikel 84 van die “Child Justice Act”, 2008, 'n [Beskuldigde, behalwe 'n persoon beoog in paragraaf (c),] beskuldigde wat aan 'n misdryf deur 'n Hoë Hof skuldig bevind is, kan by daardie hof aansoek doen om verlof om te appelleer teen sodanige skuldigbevinding of teen 'n gevolglike vonnis of bevel.’’; le



    (ii)  ka go tlosa temana ya (c) ya karolo ya 

          molawana wa (1).



 (u) Go tsengwa molawana o o latelang mo boemong jwa molawana wa 337:



 ‘‘Skatting van persoon se ouderdom  

337. Indien die ouderdom van iemand in strafregtelike verrigtinge ter sake is en daar geen of onvoldoende getuienis daaromtrent by die verrigtinge beskikbaar is, kan die voorsittende regter of regterlike amptenaar, bykomend tot die bepalings van artikels 14 tot 16 van die “Child Justice Act”, 2008, die ouderdom van daardie persoon volgens sy of haar voorkoms of op grond van enige beskikbare inligting skat, en die aldus geskatte ouderdom word geag die juiste ouderdom van daardie persoon te wees, tensy—

(a)	later bewys word dat bedoelde skatting 	onjuis was; en

(b)	die beskuldigde by bedoelde verrigtinge 	regtens nie skuldig bevind kon gewees 	het 

        weens die ten laste gelegde misdryf 	indien die juiste ouderdom bewys was 	nie.”.


 

 
Molao wa 116 wa 1991
 
Wet op Proefdienste, 1991




































































 
(a) Go fetolwa ga molawana wa 1 wa Molao wa Afrikaans wa Wet op Proefdienste 116 wa 1991 ka go tsenya tlhaloso e e latelang mo boemeng jwa tlhaloso ya “assessering”:



“’assessering’ 'n proses van ontwikkelingsgerigte beoordeling of evaluering van 'n persoon, die gesinsomstandighede van die persoon, die aard en omstandighede van die beweerde pleeg van 'n misdryf, die gevolge daarvan op die slagoffer, die houding van die beweerde oortreder met betrekking tot die misdryf en enige ander tersaaklike factor, en, in die geval van ‘n kind, ook ‘n “assessment” soos beoog in die “Child Justice Act”, 2008 ;”.

 

(b) Go fetolwa ga molawana wa 1 ka go tsengwa tlhaloso ya “afwending” ka tlhaloso e e latelang:



‘‘’afwending’ afwending van die formele hofproses met of sonder voorwaardes en, in die geval van ‘n kind, ook “diversion” soos beoog in die “Child Justice Act”, 2008;”.



(c) Go fetolwa ga molawana wa 1 ka go tsenya mo boemong jwa tlhaloso ya “afwendingsprogram” ka tlhaloso e e latelang:



     ‘‘’afwendingsprogram’ 'n program teen die agtergrond van die familie en gemeenskap— 

(a)	ten opsigte van 'n persoon wat na 	bewering 'n misdryf gepleeg het; 

(b)	wat daarop gerig is om daardie persoon 	weg te hou van die formele hofproses 	en 

       in die geval van ‘n kind ook ‘n “diversion

       programme” soos beoog in die “Child

       Justice Act”, 2008;”.



(d) Go fetolwa ga molawna wa 1 ka go tsenya mo boemong jwa ona tlhaloso ya “familiegroepkonferering”, tlhaloso e e latelang:



"familiegroepkonferering" 'n byeenkoms saamgeroep deur 'n proefbeampte as 'n afwendings- of strafopsie om 'n herstellende geregtigheidsrespons op te stel na aanleiding van die oortreding en, in die geval van ‘n kind, ook ‘n “family group conference” beoog in die “Child Justice Act”, 2008;”.



(e) Go fetolwa ga molawana wa 3(e) le (f) ka go tsenya mo boemong jwa “verbeteringskool” fa go tlhagelela tlhaloso e e reng “’child and youth care centre’ wat ‘n program beoog in artikel 191(2)(j) van die “Children’s Act”, 2005 (Wet No. 32 van 2005), aanbied”. 



(f) Go fetolwa ga molawana wa 4 ka go tsenya mo boemong jwa ona, karolo ya molawana wa (3) wa karolo e e latelang:



‘‘(3) (a) Indien 'n proefgeval, behalwe ‘n proefgeval wat onderhewig is aan die bepalings van die “Child Justice Act”, 2008, versuim om die voorwaardes waarop hy onder die toesig van 'n proefbeampte gestel is, na te kom, kan 'n proefbeampte by 'n landdros of vrederegter skriftelik aansoek doen om die uitreiking van 'n lasbrief tot die inhegtenisneming van daardie proefgeval.

	(b) Indien 'n lasbrief bedoel in paragraaf (a) uitgereik word, kan die betrokke proefgeval deur 'n vredesbeampte soos omskryf in artikel 1 van die Strafproseswet, 1977 (Wet 51 van 1977), in hegtenis geneem word en word daar met hom gehandel ooreenkomstig die bepalings van artikel 50 van genoemde Wet, en daarop is die bepalings van artikel 276A(4) van genoemde Wet mutatis mutandis van toepassing. 

	(c) Indien ‘n proefgeval wat onderhewig is aan die bepalings van die “Child Justice Act”, 2008, versuim om die voorwaardes waarop hy of sy onder die toesig van ‘n proefbeampte gestel is, n ate kom, is die bepalings van artikels 24(7) en 58 van daardie Wet van toepassing.”.



 (g) Go tloswa ga molawana 4B.


 

 
Molao wa 13 wa 2004
 
Wet op Maatskaplike Bystand, 2004


 
Go fetolwa ga ditlhaloso tsa “pleegkind” le  “pleegouer” tse di leng mo go molawana wa 1, ka go fetolwa ga tlhaloso ya “artikel 290 van die Strafproseswet, 1977” ka tlhaloso ya “artikel 72 of 76 van die “Child Justice Act”, 2008”.




 

 
Molao wa 111 wa 1998
 
Wet op Korrektiewe Dienste, 1998




 
Go fetolwa ga molawana wa 43 wa sekwalwa ka go tsenya mo karolo ya molawana o o latelang mo boemong jwa karolo ya molawana wa (4):



“(4)	Die Kommissaris mag, in oorleg met [die Direkteur-Generaal van die Departement van Welsyn] ‘n provinsiale hoof van onderwys, of ‘n provinsiale hoof van welsyn, na gelang van die geval, 'n gevonniste kind oorplaas na 'n [verbeteringskool] “child and youth care centre” wat ‘n program beoog in artikel 191(2)(j) van die “Children’s Act”, 2005 (Wet No. 32 van 2005), aanbied [soos voorsien in die Wet op Kindersorg, 1983 (Wet 74 van 1983),] en vanaf die datum van sodanige oorplasing sal die bepalings van artikel [290 van die Strafproseswet] 76 van die “Child Justice Act”, 2008, van toepassing wees.”.



(b) Go fetolwa ga—

(i)   molawana wa 50(1); le

(ii)  molawana wa 52(2)(b), 

      ka go tsenya mo boemong jwa ona mafoko ano “artikel  71 van die Strafproseswet’’ nako le nako fa e tlhagelela mo thulaganyong ya mafoko ano a ‘‘artikel 24(4)(d) of 26 van die “Child Justice Act”, 2008’.



(c) Go fetolwa ga molawana wa 51 ka go tsenya mo boemong jwa temana ya (e) ya karolo ya molawana wa (1), wa temana e e latelang: 

 ‘‘(e) diegene wat onder die toesig van 'n korrektiewe beampte geplaas is ingevolge artikel[s] 62(f)[, 71, 290(1)(a) en 290 (3)] van die Strafproseswet of artikel 24(4)(d), 75 of 76 van die “Child Justice Act”, 2008.”.


 

 
Molao wa 38 wa 2005
 
Children’s Act, 2005
























 
(a) Go fetolwa ga molawana wa 167 ka go tsenya mo boemong jwa temana ya (b), karolo ya molawana wa (1) wa temana e e latelang:



‘‘(b) inakekelwa esikhungweni esinakekela izingane nentsha emuva komyalo wenkantolo ngokwalo Mthetho [noma ngokoMthetho Wenqubo kumacala oBugebengu ka 1977 (uMthetho ongunombolo 51 ka 1977], isigaba 29 noma iSahluko 10 so- “Child Justice Act” ka 2008;”

le

(b) go fetolwa ga molawana wa 191 ka go tsenya mo boemong jwa temana ya (j) ya karolo ya molawana wa (2), temana e e latelang:



 ‘‘(j) ukwamukela, ukuthuthukisa nokuqapha izingane ngokomyalelo—

(i) ophume ngaphansi [koMthetho weNqubo yamaCala obunGebengu, ka 1977 (Umthetho ongunombolo 51 ka 1977)] kwesigaba 29 noma iSahluko 10 so-“Child Justice

Act” ka 2008;

(ii)ophume ngaphansi kwesigaba 156(1)(i) obeka ingane esikhungweni sokunakekela izingane nentsha esihlinzeka uhlelo lokunakekela okuphephile; noma 

(iii) ophume ngaphansi kwesigaba 171 odlulisela ingane ekunakekelweni kwenye indawo;
 

 


		

 
SETLHOPHA SA 5 SA DITLOLOMOLAO



(Molawana wa 4(3)(b))



TLHATLHOBO YA SEMMUSO YA MAEMO A MOLAO WA TSAMAISO YA TSHEKOTSHENYO LE KGOLAGANO YA YONA LE THE MOLAOKAKANYWA WA BOSIAMISI WA BANA



Ditlhaloso tsa mafoko



Setlhopha seno, se tlhalosa ka botlalo kopano le kamano magareng Molao wa Tsamaiso ya Tshekotshenyo, 1977 le Molao wa Bosiamisi wa Bana, 2008. Se neelana ka kaedi mo go batho ba ba tsayang karolo mo tirisong ya “Child Justice Act”. Setlhopha seno ga se karolo ya Molao le gona ga se na dithata tsa molao. Se diretswe fela go kaela le go tlhalosa sentle ditsamaiso tse di leng mo Melaong eno ka bobedi.



Setlhopha seno se tshwanetswe go bonwa go ya ka fa mokgweng wa gore Molao wa Bosiamisi wa Bana o tlisa di tsamaiso di le mmalwa tse di ntšha, tse di sa bonagaleng go tswa mo tlhalosong ka botlalo. Mo go sa kwalwang sepe teng, mo Kholomong ya boraro, go supa dikarolo tsa Molao wa Tsamaiso ya Tshekotshenyo (“Criminal Procedure Act”) (CPA) e e iseng e amiwe ke Molao wa Bosiamisi wa Bana (“Child Justice Act”) (CJA), mme e e leng gore e tla dirisiwa mo lobakeng lwa bana. 



Go feta foo, molawana wa 4 wa Molao wa Bosiamisi wa Bana, o tlhalosa gore Molao wa Tsamaiso ya Tshekotshenyo, e dirisiwa mo lobakeng lwa bana, kwa ntle ga fa Molao wa Bosiamisi wa Bana e tlhalosa ka ga ditsamaiso tse di farologaneng tsa go fetolwa le go tlaleletsa. 



Nomoro ya Karolo
 
Setlhogo sa karolo ya Molao wa Tsamiso ya Bosenyi (Criminal Procedure Act) 


 
Ka moo o angwang ke Molao wa Bosiamisi wa Ngwana (Child Justice Act) (CJA)


 

 
1
 
Ditlhaloso


 

 

 
6
 
Maatla a go gogela kgetse morago kgotsa go emisa tshekiso


 

 

 
7
 
Botšhotšhisi jwa poraefete ka setifikeiti sa nolle prosequi


 
Karolwana (1) e tlhabolotswe ke ke Setlhopha 4 CJA (ntlha (a) ka fa tlase ga ditlhabololo tsa CPA)


 

 
8
 
Botšhotšhisi jwa poraefete ka fa tlase ga tshwanelo ya semolao


 

 

 
9
 
Tshireletso ka motšhotšhisi wa poraefete 


 

 

 
10
 
Botšhotšhisi jwa poraefete ka ka leina la motšhotšhisi wa poraefete 


 

 

 
11
 
Go retelelwa ga motšhotšhisi wa poraefete go tlhagelela


 

 

 
12
 
Mokgwa wa go tsamaisa Botšhotšhisi jwa poraefete ka 


 

 

 
13
 
Mmueledi-kakaretso a ka tsereganya mo botšhotšhising jwa poraefete ka 


 

 

 
14
 
Ditshenyegelo malebana le tsamaiso


 

 

 
15
 
Ditshenyegelo tsa Botšhotšhisi jwa poraefete 


 

 

 
16
 
Ditshenyegelo balatofadiwa mo botšhotšhising jwa poraefete ka 


 

 

 
17
 
Ditshenyegelo tsa lekgetho


 

 

 
18
 
Tlhaloso ya thata ya go simolola botšhotšhisi


 

 

 
19
 
Tshomarelo go ya ka dithata tse di rileng tse di rebolwang ke melao e mengwe


 

 

 
20
 
Puso e ka tsaya dilwana tse di rileng


 

 

 
21
 
Dilwana tse di ka tsewang ka fa tlase ga tetla ya phuruphutso


 

 

 
22
 
Mabaka a sengwe se ka tsewang ntle le tetla ya phuruphutso


 

 

 
23
 
Go phuruphutswa ga batho ba ba tshwerweng le go tseelwa dilo


 

 

 
24
 
Go phuruphutswa ga mafelo


 

 

 
25
 
Maatla a sepodisi go tsena mo mafelong go malebana le tshireletso ya Puso kgotsa tlolomolao efe fela
 

 

 
26
 
Go tsena mo lefelong ka maikaelelo a go bona bopaki


 

 

 
27
 
Go kganela go tsena kgotsa go gana go phuruputswa


 

 

 
28
 
Phuruphutso e e fosagetseng ke tlolomolao, le go duelelwa ditshenyegelo 


 

 

 
29
 
Phuruphutso e tshwanetse go dirwa ka mokgwa o o botho le ka tolamo


 

 

 
30
 
Go latlhwa ke mapodisi ga sengwe se se neng se tserwe


 

 

 
31
 
Go latlhwa ga sengwe fa go se kgetse ya bosenyi e e tsweleditsweng kgotsa fa se sa tlhokege mo tsamaisong ya tsa bosenyi


 

 

 
32
 
Go latlhwa ga sengwe fa kgetse ya bosenyi e tsweleditswe mme go duetswe faene ya go ipona molato
 

 

 
33
 
Selwana se se tshwanetseng go fetisediwa kwa kgotlatshekelo mo lebakeng la tsheko


 

 

 
34
 
Go latlhwa ga sengwe morago ga tshimololo ya kgetse ya bosenyi


 

 

 
35
 
Go latlhegelwa ke selwana go Puso


 

 

 
36
 
Go latlhwa ga sengwe se se maleba mo tlolomolaong e e dirilweng ka kwa ntle ga Rephaboliki


 

 

 
37
 
Dithata malebana le dikgatiso le tebego ya mmele wa molatofadiwa


 

 

 
38
 
Mekgwa ya go dira gore molatofadiwa a tlhagelele kwa kgotlatshekelo


 
Tokafaditswe ke Setlhopha 4 CJA

(ntlha (b) ka fa tlase ga ditokafatso tsa CPA) Karolo 17 CJA e a dira


 

 
39
 
Mokgwa le tsamaiso ya go tshwarwa


 

 

 
40
 
Go tshwarwa ke motlhankedi wa kagiso ntle le lekwalo


 

 

 
41
 
Leina le aterese ya batho ba ba rileng le thata ya go tshwarwa ke motlhankedi wa kagiso ntle le lekwalo


 

 

 
42
 
Go tshwarwa ke motho wa poraefete ntle le lekwalo 
 

 

 
43
 
Lekwalo la tshwaro le ka rebolwa ke magiseterata kgotsa moatlhodi


 
E buisiwe le karolo 20(2)

CJA
 

 
44
 
Go diragadiwa ga makwalotshwaro


 

 

 
45
 
Go tshwarwa ka thata thelekerafa


 

 

 
46
 
Go se rwale maikarabelo a tshwaro e e fosagetseng


 

 

 
47
 
Batho ba poraefete ba thusa mo go tshwareng fa ba biditswe


 

 

 
48
 
Go roba mo lefelong ka maikaelelo a go tshwara


 

 

 
49
 
Tiriso ya maatla go tshwarwa


 

 

 
50
 
Tsamaiso morago ga tshwaro
 
* Dikarolwana (4) le (5) to

Di phimolwe ke Setlhopha 4 CJA

(item (c) ka fa tlase ga ditokafatso tsa CPA) *Karolwana

(1)(d) e e kailweng mo karolong

20(5) CJA *Karolo e e kailweng mo temaneng43(3)(c) CJA

*Karolwana (1)(d) e e kailweng mo karolong 48(6) CJA *Karolwana

(6)(d) e e kailweng mo karolong

66(2)


 

 
51
 
Go inaya naga le go thusa go inaya naga pele ga go tlhatlhelwa, le dikotlhao tsa teng
 

 

 
52
 
Go bolokwa ga dithata tse dingwe tsa tshwaro


 

 

 
53
 
Go bolokwa ga dithata tsa molao wa selegae le maikarabelo
 

 

 
54
 
Disamonse jaaka mokgwa wa go netefatsa go nna teng ga molatofadiwa kwa kgotlatshekelo ya magiseterata


 
E buisiwe le karolo 19(1)

CJA


 

 
55
 
Go palelwa ga molatofadiwa go tlhagelela ka disamonse
 
Karolwana (1) e tokafaditswe ka Setlhopha4 CJA (ntlha (d) ka fa tlase ga ditokafatso tsa CPA)


 

 
56
 
Kitsiso e e kwadilweng jaaka mokgwa wa go netefatsa go nna teng ga molatofadiwa kwa kgotlatshekelo ya magiseterata


 
E buisiwe le karolo 18(1)

le (2) CJA


 

 
57
 
Go ipona molato le go duela faeno ntle le go tlhagelela kwa kgotlatshekelo


 
E buisiwe le karolo 18(2)

CJA


 

 
58
 
Tiragatso ya beili
 
E buisiwe le karolo 25

CJA


 

 
59
 
Beili pele ga go tlhagelela lwa ntlha ga molatofadiwa kwa kgotlatshekelo e e kwa tlase


 
E buisiwe le karolo 25(1)

CJA


 

 
59 A
 
Mmueledi-kakaretso a ka letla go ntsha ka beili


 
E buisiwe le karolo

21(2)(b) le 25(1) CJA


 

 
60
 
Kopo ya beili ya molatofadiwa kwa kgotlatshekelo
 
E buisiwe le karolo25

CJA


 

 
62
 
Kgotlatshekelo e ka tsenya dipeelo tse dingwe tsa beili


 

 

 
63
 
Tokafatso ya dipeelo tsa beili


 

 

 
63A
 
Kgololo kgotsa tokafatso ya dipeelo tsa beili ya molatofadiwa ka ntlha ya maemo a kgolegelo


 

 

 
64
 
Ditsamaiso malebana le beili le dipeelo di tshwanetse go kwadiwa ka botlalo


 

 

 
65
 
Boikuelo kwa kgotlatshekelong e e kwa godimo tebang le beili


 

 

 
65A
 
Boikuelo ka mmueledi-kakaretso kgatlhanong le tshwetso ya kgotlatshekelo ya go golola molatofadiwa ka beili


 

 

 
66
 
Go palelwa ga molatofadiwa go ikobela dipeelo tsa beili


 

 

 
67
 
Go palelwa ga molatofadiwa go tlhagelela
 

 

 
67A
 
Maikarabelo a bosenyi a motho yo o leng mo beiling ka ntlha ya go retelelwa go tlhagelela kgotsa go ikobela dipeelo tsa beili


 

 

 
68
 
Go phimolwa ga beili


 

 

 
68A
 
Go phimolwa ga beili ka kopo ya molatofadiwa


 

 

 
69
 
Go duelwa ga madi a beili ke motho wa boraro


 

 

 
70
 
Go busiwa ga madi a beili


 

 

 
71
 
Bana ba ka bewa mo kgolegelong e e babalesegileng kgotsa ka fa tlase ga tlhokomelo fa ba golotswe ka beili kgotsa go tsholwa mo kgolegelong
 
* E phimolwe ke Setlhopha

4 CJA (item (e) ka fa tlase ga ditokafatso tsa CPA) *Karolo

27 CJA e a dira


 

 
72
 
Molatofadiwa a ka gololwa ka tsiboso mo lebakeng la beili


 
Dikarolo (1) le (2)

Di tokafaditswe ke Setlhopha 4 CJA

(ntlha (f) ka fa tlase ga ditokafatso tsa CPA) Ditemana 22 le 24

CJA di a dira


 

 
72A
 
Go phimolwa ga go gololwa ka tsiboso


 

 

 
73
 
Molatofadiwa o tshwanelwa ke thuso morago ga go tshwarwa le mo ditsamaisong tsa bosenyi 


 
Karolwana (3) e tokafaditswe ke

Setlhopha 4 CJA (ntlha (g) ka fa tlase ga ditokafatso tsa CPA)


 

 
74
 
Motsadi kgotsa motlhokomedi wa molatofadiwa yo o ka fa tlase ga dingwaga tse somerobedi a ka tsenela ditsamaiso


 
* Go phimolwa ke Setlhopha

4 CJA (ntlha (h) ka fa tlase ga ditokafatso tsa CPA) *Dikarolo

3(g), 38(2), 44(1)(b) le 65

CJA di a dira


 

 
75
 
Tshosobanyo ya tsheko le kgotlatshekelo ya tsheko


 

 

 
76
 
Letlhare la ditatofatso le bopaki jwa rekoto ya kgetse ya bosenyi


 

 

 
77
 
Bokgoni jwa molatofadiwa jwa go ka tlhaloganya ditsamaiso


 
Go kailwe mo karolong

48(5)(b) CJA


 

 
78
 
Bolwetse jwa tlhaloganyo kgotsa bogole jwa tlhaloganyo le maikarabelo a bosenyi 


 
Go kailwe mo karolong

48(5)(b) CJA


 

 
79
 
Setlhopha sa ditlhotlhomiso le pegelo ka fa tlase ga dikarolo 77 le 78


 

 

 
80
 
Molatofadiwa a ka sekaseka tatofatso


 

 

 
81
 
Momagano ya ditatofatso 
 
E buisiwe le karolo 6(2)

le (3) CJA


 

 
82
 
Ditatofatso di le mmalwa tse di tshwanetseng go fediswa ke kgotlatshekelo e le nngwe


 

 

 
83
 
Tatofatso fa go seng bonnete jwa mofuta wa tlolomolao e e dirilweng


 

 

 
84
 
Diteng tsa tatofatso


 

 

 
85
 
Go gana ditatofatso


 

 

 
86
 
Kgotlatshekelo e ka laela gore tatofatso e tokafadiwe


 

 

 
87
 
Kgotlatshekelo e ka laela go isiwa ga dintlha


 

 

 
88
 
Tlhaelo ya tatofatso e fediswa ke bopaki


 

 

 
89
 
Katlholo e e fetileng e se go kaiwe mo tatofatsong


 

 

 
90
 
Tatofatso e se tsepame, kgotsa go nna tlogelo e e sa siamang, go se akarediwe, tlamelo, maipato kgotsa tlhaloso


 

 

 
91
 
Tatofatso ga e a tshwanela go tlhalosa mokgwa kgotsa tsela ya tiragalo


 

 

 
92
 
Ditlogelo kgotsa dilo tse dingwe tse di seng botlalo ga di a tshwanela go koafatsa tatofatso


 

 

 
93
 
Alibi le letlha la tiragalo kgotsa tlolomolao


 

 

 
94
 
Tatofatso e ka tshitshinya tiragatso ya tlolomolao mo mabakeng a a farologaneng


 

 

 
95
 
Melao e e dirang mo ditatofatsong tse di rileng


 

 

 
96
 
Go bolelwa ga leina la setlamo, bodirelo kgotsa semphato mo tatofatsong


 

 

 
97
 
Go bolelwa ga maina a beng ba thoto mo tatofatsong


 

 

 
98
 
Tatofatso ya polao kgotsa polao e se ka maikaelelo fa e kaya ntlha ya polao


 

 

 
99
 
Tatofatso e e amanang le setlankana e lekane fa e kaya setlankana seo ka leina


 

 

 
100
 
Tatofatso e e kayang bogodu e ka kaya tlhaelo ka kakaretso


 

 

 
101
 
Tatofatso e e amanang le bopaki jwa maaka


 

 

 
102
 
Tatofatso e e amanang le go wa ga setlamo


 

 

 
103
 
Tatofatso e e kayang maikaelelo a tsietso ga e a tshwanela go kaya kgotsa go supa maikaelelo ao malebana le motho yo o rileng kgotsa go tlhagisa mong wa thoto kgotsa go tlhalosa dintlha tsa tsietso


 

 

 
104
 
Go kaiwa mo tatofatsong ga ntlha e e ganwang ga go botlhokwa


 

 

 
105
 
Molatofadiwa go ikopela mo tatofatsong


 

 

 
105A
 
Ditumalano tsa go kopa le dikatlholo
 

 

 
106
 
Dikopo


 

 

 
107
 
Nnete le phasalatso go tswela setšhaba mosola mo ntlheng ya go nyatsa e tshwanetse go kopiwa ka tsela e e kgethegileng


 

 

 
108
 
Dintlha tse di tlhagisitsweng ke kopo ya go tshekiso


 

 

 
109
 
Molatofadiwa a gana go kopa


 

 

 
110
 
Molatofadiwa a tliswa fa pele ga kgotlatshekelo e e se nang taolo


 

 

 
111
 
Tona a ka ntsha tsheko go e isa kwa taolong ya mmueledi-kakaretso yo  mongwe


 

 

 
112
 
Go ipona molato


 

 

 
113
 
Tshiamiso ya go ipona molato


 

 

 
114
 
Go romelwa ga molatofadiwa ke kgotlatshekelo ya magiseterata go atlholwa ke kgotlatshekelo ya sedika morago ga go ipona molato
 

 

 
115
 
Go se ipone molato le tsamiso malebana le dintlha


 

 

 
115A
 
Go romelwa ga molatofadiwa go seka kwa kgotlatshekelo ya sedika


 

 

 
116
 
Go romelwa ga molatofadiwa go atlholwa ke kgotlatshekelo ya sedika morago ga tsheko kwa kgotlatshekelong ya magiseterata


 

 

 
117
 
Go romelwa kwa kgotlatshekelo e e kwa godingwana mo kgetseng e e kgethegileng


 

 

 
118
 
Go se nne teng ga motlhankedi wa boatlhodi morago ga go se ipone molato 
 

 

 
119
 
Molatofadiwa go ikopela kwa kgotlatshekelo ya magiseterata ka taelo ya mmueledi-kakaretso


 

 

 
120
 
Letlhare la ditatofatso le bopaki jwa rekoto 


 

 

 
121
 
Go ipona molato


 

 

 
122
 
Go se ipone molato


 

 

 
122A
 
Molatofadiwa go kopa kwa kgotlatshekelo ya magiseterata mo tatofatsong e e tla sekelwang kwa kgotlatshekelo ya sedika


 

 

 
122B
 
Letlhare la ditatofatso le bopaki jwa rekoto


 

 

 
122C
 
Go ipona molato


 

 

 
122D
 
Go se ipone molato


 

 

 
123
 
Mmueledi-kakaretso a ka laela gore tlhatlhobo ya paakanyo e dirwe


 

 

 
124
 
Ditsamaiso tse di tlang pele ga tlhatlhobo ya paakanyo go nna karolo ya rekoto ya tlhatlhobo ya paakanyo 
 

 

 
125
 
Mmueledi-kakaretso a ka laela gore tlhatlhobo ya paakanyo e dirwe kwa lefelong le le rileng
 

 

 

 

 

 

 
126
 
Tsela e e tshwanetseng go latelwa ke magiseterata kwa tlhatlhobong ya paakanyo 


 

 

 
127
 
Go bidiwa gape ga dipaki morago ga fetolwa ga tsheko go nna tlhatlhobo ya paakanyo 
 

 

 
128
 
Go tlhatlhojwa ga dipaki tsa botšhotšhisi kwa tlhatlhobong ya paakanyo 


 

 

 
130
 
Tatofatso go bewa kwa bokhutlong jwa bopaki jwa tshekiso


 

 

 
131
 
Molatofadiwa go ikuela mo tatofatsong


 

 

 
132
 
Tsamaiso morago ga boikuelo


 

 

 
133
 
Molatofadiwa a ka neela bopaki kwa tlhatlhobong ya paakanyo 


 

 

 
134
 
Molatofadiwa a ka bitsa dipaki kwa tlhatlhobong ya paakanyo 
 

 

 
135
 
Go gololwa ga molatofadiwa morago ga go konosetsa tlhatlhobo ya paakanyo 


 

 

 
136
 
Tsamaiso malebana le bopaki kwa tlhatlhobong ya paakanyo 


 

 

 
137
 
Magiseterata go fetisetsa rekoto ya tlhatlhobo ya paakanyo go mmueledi-kakaretso


 

 

 
138
 
Tlhatlhobo ya paakanyo e ka tswelediwa fa pele ga batlhankedi ba ba farologaneng ba boatlhodi


 

 

 
140
 
Tsamaiso fa molatofadiwa a tlile go atlholwa


 

 

 
141
 
Tsamaiso fa molatofadiwa a tlile go sekisiwa


 

 

 
142
 
Tsamaiso fa mmueledi-kakaretso a ganang go sekisa


 

 

 
143
 
Molatofadiwa a ka sekaseka tlhatlhobo ya paakanyo mme o tshwanetse go newa khopi ya yona


 

 

 
144
 
Tatofatso kwa kgotlatshekelo e e kwa godingwana e ka tlhatlhelwa fa e le tatofatso-semmuso
 

 

 
145
 
Tsheko kwa kgotlatshekelo e e kwa godingwana ka moatlhodi a na le kgotsa a se na le basekaseki
 

 

 
146
 
Mabaka a tshwetso ya kgotlatshekelo e e kwa godingwana mo tshekisong ya bosenyi


 

 

 
147
 
Loso kgotsa go retelelwa ga mosekaseki


 

 

 
149
 
Go fetolwa ga manno mo kgotlatshekelo e e kwa godingwana morago ga tatofatso-semmuso e sena go tlhatlhelwa
 

 

 
150
 
Motšhotšhisi a ka bua le kgotlatshekelo le go tlhagisa bopaki
 

 

 
151
 
Molatofadiwa a bua le kgotlatshekelo le go tlhagisa bopaki
 

 

 
152
 
Ditsamaiso tsa bosenyi di dirwe mo kgotlatshekelo e e bulegetseng botlhe


 

 

 
153
 
Mabaka a mo go ona ditsamaiso tsa bosenyi di ka direlweng mo kgotlatshekelong e e bulegetseng botlhe


 
* Karolwana (4) e philolwe ke Setlhopha 4 CJA (ntlha (i)

ka fa tlase ga ditokafatso tsa

CPA) *Karolwana (1) e tokafaditswe ke Setlhopha4 CJA


 

 
154
 
Kganelo ya phasalatso ya tshedimosetso e e rileng e e amanang le ditsamiso tsa bosenyi


 
Kailweng mo dikarolong 45(1)

le 63(6) CJA


 

 
155
 
batho ba ba golaganngwang le tlolomolao e e tshwanang ba ka sekiwa mmogo
 

 

 
156
 
Batho ba ba dirieng ditlolomolao tse di farologaneng ka nako e le nngwe mo lefelong le le lengwe ba ka sekisiwa mmogo
 
Kailweng mo karolong63(2)

CJA


 

 
157
 
Kgolagano ya balatofadiwa le pharologano ya ditsheko
 
Kailweng mo karolong 63(2)

CJA


 

 
158
 
Ditsamaiso tsa bosenyi go tswelela molatofadiwa a le teng


 

 

 
159
 
Mabaka a mo go ona ditsamaiso tsa bosenyi di ka tswelelang pele molatofadiwa a se teng


 

 

 
161
 
Paki go naya bopaki ka molomo


 

 

 
162
 
Paki go tlhatlhobiwa ka fa tlase ga maikano
 

 

 
163
 
Tumelo ka fa tlase ga maikano


 

 

 
164
 
Bopaki jo seng ka fa tlase ga maikano bo amogelega leng 
 

 

 
165
 
Maikano, tumelo kgotsa tsiboso e ka dirwa ke kgotsa ka moranodi kgotsa motsereganyi
 

 

 
166
 
Go bodiwa le go botsolotswa ga dipaki


 

 

 
167
 
Kgotlatshekelo e ka botsolotsa paki kgotsa motho yo o leng teng
 

 

 
168
 
Kgotlatshekelo e ka sutisetsa ditsamaiso go letlha le lengwe


 

 

 
169
 
Kgotlatshekelo e ka sutisetsa ditsamaiso go lefelo le lengwe
 

 

 
170
 
Go retelelwa ga molatofadiwa go tlhagelela morago ga go fetisiwa kgotsa go nna a le teng


 

 

 
170A
 
Bopaki ka batsereganyi


 

 

 
171
 
Bopaki ka go laelwa


 

 

 
172
 
Matlhakore a ka botsolotsa dipaki


 

 

 
173
 
Bopaki ka go laelwa ke karolo ya rekoto ya kgotlatshekelo
 

 

 
174
 
Molatofadiwa a ka gololwa fa kgetse e tswalelwa tsheko


 

 

 
175
 
Botšhotšhisi le letlhakore le le sireletsang le ka bua le kgotlatshekelo kwa bokhutlong jwa bopaki


 

 

 
176
 
Katlholo e ka siamisiwa


 

 

 
177
 
Kgotlatshekelo e ka fetisa tshwetso ya bofelo


 

 

 
178
 
Go tshwarwa ga motho yo o dirang tlolomolao mo kgotlatshekelo le go ntshiwa ga motho yo o kgoreletsang ditsamaiso mo kgotlatshekelo
 

 

 
179
 
Tsamaiso ya go dira gore dipaki di tle


 

 

 
180
 
Go isiwa ga subpoena


 

 

 
181
 
Tuelelopele ya ditshenyegelo tsa dipaki


 

 

 
182
 
Paki go tswa kgolegelong


 

 

 
183
 
Paki go tswelela go itsise sepodisi gore e kwa kae 
 

 

 
184
 
Paki e e tla se tlhageleleng le paki e e ikgatholosand disamonse


 

 

 
185
 
Go tshwarwa ga paki
 

 

 
186
 
Kgotlatshekelo e ka romelela paki subpoena 


 

 

 
187
 
Paki go tsenela ditsamaiso le go nna e le teng
 

 

 
188
 
Go retelelwa ga paki go tla le go nna e le teng


 

 

 
189
 
Dithata tsa kgotlatshekelo malebana le paki e e sa ikobeleng ditaelo


 

 

 
190
 
Tatofatso kgotsa tshegetso ya go ikanyega ga dipaki


 

 

 
191
 
Tuelo ya ditshenyegelo tsa dipaki


 

 

 
192
 
Paki nngwe le nngwe e na le bokgoni e bile e patelesega ntle le fa e tlogetswe


 

 

 
193
 
Kgotlatshekelo e tla swetsa ka bokgoni jwa dipaki


 

 

 
194
 
Go se kgone ka ntlha ya maemo a tlhaloganyo


 

 

 
195
 
Bopaki jwa tsheko ka monna kgotsa mosadi wa molatofadiwa


 

 

 
196
 
Bopaki jwa molatofadiwa le monna kgotsa mosadi boemong jwa molatofadiwa
 

 

 
197
 
Ditshwanelo tsa molatofadiwa fa a ya go naya bopaki


 

 

 
198
 
Ditshwanelo tse di tlhagelelang ka ntlha ya kemo ya lenyalo


 

 

 
199
 
Ga go paki e e patelediwang go araba potso e monna kgotsa mosadi wa paki a ka e ganang
 

 

 
200
 
Paki ga e sirelediwe kgatlhanong le go ka araba potso e e tlhagisang maikarabelo a selegae a yona


 

 

 
201
 
Thata ya modiri wa tsa molao


 

 

 
202
 
Thata ya tshenolo ka ntlha ya pholisi ya botlhe kgotsa kgatlhegelo ya botlhe
 

 

 
203
 
Paki e sirelediwa kgatlhanong le go araba potso e e ka mo golaganyang


 

 

 
204
 
Bopaki jo bo ka golaganyang ka paki mo tshekong


 

 

 
205
 
Moatlhodi, magiseterata wa kgotlatshekelo ya sedika kgotsa magiseterata a ka tsaya bopaki jwa tlolomolao e e kaiwang


 

 

 
206
 
Molao mo dikgetseng di sa tlhaloswang


 

 

 
207
 
Go boloka ditlamelo tse di rileng mo melaong e mengwe


 

 

 
208
 
Katlholo e ka latelang mo bopaking jwa paki e le nngwe


 

 

 
209
 
Katlholo e ka latela boipolelo jwa molatofadiwa


 

 

 
210 
 
Bopaki jo bo seng maleba ga bo amogelege


 

 

 
211
 
Bopaki mo tsamisong ya bosenyi jwa dikatlholo tse di fetileng


 
Tokafaditswe ke Setlhopha 4 CJA

(ntlha (j) ka fa tlase ga ditokafatso tsa CPA)


 

 
212
 
Bopaki jwa dintlha tse dingwe ka afitafiti kgotsa setifikeiti


 

 

 
212A
 
Bopaki jwa dintlha tse dingwe ka afitafiti ya motho yo o kwa nageng ya boditšhaba
 

 

 
212B
 
Bopaki jwa dintlha tse di sa ganweng


 

 

 
213
 
Bopaki jwa setatamente se se kwadilweng ka tumelelo


 

 

 
214
 
Bopaki jo bo rekotilweng kwa tlhatlhobong ya paakanyo jo bo amogelegang kwa tshekong mo mabakeng a a rileng


 

 

 
215
 
Bopaki jo bo rekotilweng kwa tshekong e e fetileng bo amogelega kwa tshekong ya morago mo mabakeng a a rileng


 

 

 
217
 
Go amogelega ga boipolelo jwa molatofadiwa 


 

 

 
218
 
Go amogelega ga dintlha tse di ribolotsweng ka boipolelo jo bo amogelegang
 

 

 
219
 
Boipolelo ga bo amogelege kgatlhanong le jo bongwe


 

 

 
219A
 
Go amogelega ga kamogelo ka molatofadiwa


 

 

 
220
 
Dikamogelo
 
Kailwe mo karolong

58(4)(b) CJA


 

 
221
 
Kamogelego ya direkoto dingwe tsa kgwebisano kgotsa kgwebo 


 

 

 
222
 
Tiragatso ya ditlamelo tse dingwe tsa Civil Proceedings Evidence Act, 1995, mo tsamaisong ya bosenyi,  jo bo amanang le bopaki jo bo mo ditlankaneng


 

 

 
224
 
Kitsiso ya melao le dintlha tse dingwe tse di phasaladitsweng
 

 

 
225
 
Bopaki jwa matshwao kgotsa tebego ya mmele wa molatofadiwa


 

 

 
226
 
Bopaki jwa go nne le thobalano magareng ga balekane bo a amogelegA


 

 

 
227
 
Bopaki jwa semelo


 

 

 
228
 
Bopaki jwa mokwalo o o ganwang


 

 

 
229
 
Bopaki jwa dinako tsa tlhabo ya letsatsi le go phirima ga letsatsi


 

 

 
230
 
Bopaki le go lekana ga bopaki jwa go thapiwa mo kantorong ya setšhaba


 

 

 
231
 
Bopaki jwa tshaeno ya motlhankedi wa tirelopuso


 

 

 
232
 
Sengwe se ka netefadiwa mo bopaking ka mokgwa wa setshwantsho sa sona
 

 

 
233
 
Bopaki jwa ditlankana tsa botlhe


 

 

 
234
 
Bopaki jwa ditlankana tsa semmuso
 

 

 
235
 
Bopaki jwa ditsamaiso tsa boatlhodi


 

 

 
236
 
Bopaki jwa go tsenngwa ga dilo mo direkotong tsa dibuka le ditlankana tsa dibanka


 

 

 
236A
 
Bopaki jwa go tsenngwa ga dilo mo direkotong tsa dibuka le ditlankana tsa dibanka kwa dinageng tse di kwa ntle ga Rephaboleki


 

 

 
237
 
Bopaki mo tatofatsong ya go nyala o ntse o le mo nyalong e nngwe 


 

 

 
238
 
Bopaki jwa kamano mo tatofatsong ya thobalano le wa losika


 

 

 
239
 
Bopaki mo tatofatsong ya polao ya lesea kgotsa go fitlha pelego


 

 

 
240
 
Bopaki mo tatofatsong ya go amogela dithoto tse di utswitsweng


 

 

 
241
 
Bopaki jwa katlholo e e fetileng mo tatofatsong ya go amogela dithoto tse di utswitsweng


 

 

 
242
 
Bopaki mo tatofatsong ya lenyatso 


 

 

 
243
 
Bopaki jwa go amogela madi kgotsa thoto le tlhaelo ka kakaretso mo tatofatsong ya bogodu


 

 

 
244
 
Bopaki mo tatofatsong ya e e amanang le dikano le ditempe


 

 

 

 

 

 

 
245
 
Bopaki mo tatofatsong e e nang le kemedi e e fosagetseng


 

 

 
246
 
Dikakanyo malebana le ditlankana tse di rileng


 

 

 
247
 
Dikakanyo malebana le go tlhokega ga batho bangwe mo Rephaboleking


 

 

 
248
 
Kakanyo ya gore molatofadiwa o na le thutego e e rileng kgotsa o dirile mo maemong a a rileng


 

 

 
249
 
Kakanyo ya go retelelwa ke go duela lekgetho kgotsa go romela tshedimosetso e e malebana le lekgetho


 

 

 
250
 
Kakanyo ya go tlhoka thata


 

 

 
251
 
Sediriswa se se sa tlanngwang setempe se se amogelwang mo ditsamisong tsa bosenyi


 

 

 
252
 
Molao mo dikgetseng tse di tlhageleleng


 

 

 
252A
 
Thata ya go dirisa dirai le ditiro tsa go iphitlha le go amogelega ga bopakijo bo bonweng jalo
 

 

 
253
 
Go bolokwa ga ditlamelo tse di kgethegileng mo melaong e mengwe


 

 

 
254
 
Kgotlatshekelo e ka romela balatofadiwa ba bana kwa kgotlatshekelo ya bana


 
* E phimolwe ke Setlhopha

4 CJA (ntlha (k ka fa tlase ga ditokafatso tsa CPA) *Dikarolo

50 le 64 CJA di a dira


 

 
255
 
Kgotlatshekelo e ka laela tlhotlhokiso ka fa tlase ga Prevention and Treatment of Drug Dependency Act,

1992
 

 

 
256
 
Maiteko


 

 

 
257
 
Phitlhelelo morago ga dintlha 
 

 

 
258
 
Polao le maiteko a polao


 

 

 
259
 
Polao e se ka maikaelelo
 

 

 

 

 

 

 
260
 
Kgothoso


 

 

 
261
 
Petelelo le maitsholo a a sa amogelegeng a thobalano


 

 

 
262
 
Go thuba mo ntlong ka maikaelelo a dira tlolomolao


 

 

 
263
 
Tlolomolao ya go thuba le go tsena mo lefelong


 

 

 
264
 
Bogodu


 

 

 
265
 
Go amogela thoto e e utswitsweng ka kitso ya gore e utswitswe


 

 

 
266
 
Petso ka maikaelelo a go gobatsa mmele


 

 

 
267
 
Petso 


 

 

 
268
 
Thobalano ya kanala e e seng mo molaong


 

 

 
269
 
Sodomi


 

 

 
270
 
Ditlolomolao tse di sa tlhageleleng mo Kgaolong e


 

 

 
271
 
Dikatlholo tse di fetilweng di ka supiwa


 

 

 
271A
 
Dikatlholo tse dingwe di nna dikatlholo tse di fetileng morago ga go feta dingwaga tse 10


 

 

 
272
 
Rekoto ya dikgatiso tsa menwana tsa ntlha jaaka bopaki jwa katlholo
 

 

 
273
 
Bopaki jwa dintlha tse dingwe tse di amanang le dikatlholo tse di fetileng


 

 

 
274
 
Bopaki mo katlholong
 
E buisiwe le dikarolo 70

71 CJA


 

 
275
 
Katlholo ka motlhankedi wa boatlhodi kgotsa moatlhodi ntle le motlhankedi wa boatlhodi kgotsa moatlhodi yo o atlhotseng molatofadiwa


 

 

 
276
 
Mofuta wa dikotlhao
 
Kgaolo 10 CJA e a dira
 

 
276A
 
Go tsenngwa ga kaelo ya kgopololo, le go fetolwa ga go golegwa go nna kaelo ya kgopololo le ka go refosana


 
Dikarolwana (1) le (2)

Di tokafaditswe ke Setlhopha 4 CJA

(ntlha (l) ka fa tlase ga ditokafatso tsa CPA) E buisiwe le karolo

75 CJA


 

 
280
 
Dikatlholo tse di tsamayang ka nako e le nngwe


 

 

 
281
 
Thanolo ya ditlamelo tse dingwe tsa molao tse di amanang le go golegwa le difaene


 

 

 
282
 
Go busediwa morago ga katlholo ya go golegwa
 
E buisiwe le karolo 77(5)

CJA


 

 
283
 
Thata ya kgotlatshekelo malebana le kotlhao


 

 

 
284
 
Paka e nnye ya go golegwa ke matsatsi a le mane


 

 

 
285
 
Go golegwa ka dipaka


 

 

 
286
 
Go kaiwa ga batho ba ba rileng jaaka disenyi ka tlwaelo


 

 

 
286A
 
Go kaiwa ga batho ba ba rileng jaaka disenyi tse di kotsi 
 

 

 
286B
 
Go golegwa paka e e sa bewang


 

 

 
287
 
Go golegwa ka ntlha ya go se duele faene


 
Dikarolo 74 le 79 CJA 


 

 
288
 
Go bonwa ga faene
 
Dikarolo 74 le 79 CJA di a dira


 

 
289
 
Kgotla e pateletsa tuelo ya faene
 
Karolo 79 CJA e a dira


 

 
290
 
Mokgwa wa go samagana le bana ba ba atlhotsweng
 
* E phimolwe ke Setlhopha

4 CJA (ntlha (m) ka fa tlase ga ditokafatso tsa CPA) *

Dikarolo 72 le 76 CJA di a dira


 

 
291
 
Paka ya ditaelo ka fa tlase ga karolo 290
 
Go phimolwa ke Setlhopha 4

CJA (ntlha (n) ka fa tlase ga ditokafatso tsa CPA)


 

 
296
 
Go romelwa lefelong la kalafi
 
Kgaolo 9 CJA e a dira


 

 
297
 
Go busediwa morago ka mabaka kgotsa ntle le mabaka kgotsa go sekegiwa ga katlholo, le tsiboso kgotsa kotlhao 
 
* Karolwana (1A) e phimolwe ke Setlhopha 4 CJA (ntlha (o) ka fa tlase ga ditokafatso tsa CPA) 

*Karolwana (9)(a)(ii) e tokafaditswe ke Setlhopha 4 CJA 

*E buisiwe le karolo 78 CJA


 

 
297A
 
Maikarabelo a tatlhegelo ya thoto e e bakilweng ke tiragatso ya tirelo ya setšhaba


 
E buisiwe le karolo 91

CJA


 

 
297B
 
Tumalano mo tiragatsong ya dikatlholo tse di sekegilweng


 

 

 
298
 
Katlholo e ka siamisiwa


 

 

 
299
 
Lekwalo la tiragatso y a katlholo


 

 

 
300
 
Kgotlatshekelo e ka rebola tuelo fa tlolomolao e baka go tshenyo kgotsa tatlhegelo ya thoto


 

 

 
301
 
Go duelwa ga moreki yo o se nang molato wa thoto e e sa bonwang semolao


 

 

 
302
 
Dikatlholo di tshwanetse go boelediwa mo tsamaong e e tlwaelegileng


 
* Kailwe mo karolong 84(1)

CJA *E buisiwe le karolo

85 CJA *Karolwana (1)(a)(i)

e tokafaditswe ke Setlhopha 4 CJA

(ntlha (p) ka fa tlase ga ditokafatso tsa CPA)


 

 
303
 
Phetisetso ya rekoto
 
Kailwe mo dikarolong 16(2)

le 85(1) CJA
 

 
304
 
Tsamaiso ya poeletso
 
Kailwe mo dikarolong 16(2)

and 81(1) CJA


 

 
304A
 
Poeletso ya ditsamaiso pele ga katlholo
 
E buisiwe le Kgaolo12

CJA


 

 
306
 
Molatofadiwa a ka dira kgetse ya dingangisano
 
E buisiwe le Kgaolo 12

CJA


 

 
307
 
Tiragatso ya kotlhao ga e beelwe thoko ntle le fa go neetswe beili


 
Kailwe mo karolong 86(a)

CJA


 

 
308A
 
Bokaedi jwa kgopololo ga bo beelwe thoko ntle le fa go neetswe beili


 

 

 
309
 
Boikuelo go tswa kgotlatshekelo e e kwa tlase ka motho yo o atlhotsweng
 
* Kailwe mo karolong 86(b)

CJA *Karolwana (1)(a) e tokafaditswe ke Setlhopha 4 CJA (ntlha

(q) ka fa tlase ga ditokafatso tsa

CPA)
 

 
309A
 
Boikuelo kgatlhanong le katlholo le kotlhao ya dikgotsi, dikgosana le bathusa-dikgosi


 

 

 
309B
 
Kopo ya tetla ya boikuelo
 
* Kailwe mo karolong 84(1)

CJA *Karolowana (1)(a)

e tokafaditswe ke Setlhopha 4 CJA

(ntlha (r) ka fa tlase ga ditokafatso tsa CPA)


 

 
309C
 
Tsamaiso ya boikuelo


 

 

 
309D
 
Tlhaloso ya ditshwanelo tse di rileng go molatofadiwa yo o sa emelwang


 
* Karolwana (1)(a) e tokafaditswe ke Setlhopha 4 CJA (ntlha (s)

ka fa tlase ga ditokafatso tsa 

CPA)


 

 
310
 
Boikuelo go tswa go motšhotšhisi wa kgotlatshekelo e e kwa tlase


 

 

 
310A
 
Boikuelo ka mmueledi-kakaretso kgatlhanong le katlholo ya kgotlatshekelo e e kwa tlase


 

 

 
311
 
Boikuielo go Appellate Division


 

 

 
312
 
Poeletso kgotsa boikuelo le go retelelwa ke go ikobela karolwang (1) (b) kgotsa (2) ya karolo 112


 

 

 
313
 
Go diragadiwa ga ditsamaiso sešwa fa katlholo e beetswe thoko ka ntlha ya boikuelo kgotsa poeletso


 

 

 
314
 
Go nna teng ga motho yo o atlhotsweng mo kgotlatshekelo e e kwa tlase morago ga go beela thoko katlholo kgotsa taelo
 

 

 
315
 
Kgotlatshekelo ya boikuelo malebana le dikatlholo tsa kgotlatshekelo e e kwa godingwana


 

 

 
316
 
Dikopo tsa phetiso, ya tetla ya boikuelo le tetla ya go ngoka bopaki jo bongwe


 
* Kailweng mo dikarolong

84(1) le 86(b) CJA *Karolwana

(1)(a) e tokafaditswe ke Setlhopha 4 CJA (ntlha (t) ka fa tlase ga  ditokafatso tsa  CPA)

*Karolwana (1)(c) e tokafaditswe ke Setlhopha 4 CJA


 

 
316B
 
Boikuelo ka mmueledi-kakaretso kgatlhanong le katlholo ya kgotlatshekelo e e kwa godingwana
 

 

 
317
 
Go tsena go go kgethegileng ga go se lolame kgotsa go go seng ga semolao
 

 

 
318
 
Boikuelo ka go tsena go go kgethegileng ka fa tlase ga karolo 317


 

 

 
319
 
Tshekego ya molao
 

 

 
320
 
Pegelo ya moatlhodi wa tsheko e romelwe fa go na le boikuelo


 

 

 
321
 
Fa tiragatso ya katlholo e ka sekegiwang


 

 

 
322
 
Dithata tsa kgotlatshekelo ya boikuelo 
 

 

 
324
 
Go diragadi sešwa ga ditsamaiso fa katlholo e beetswe thoko ka ntlha ya boikuelo
 

 

 
325
 
Go bolokwa ga maatla a Moporesitente wa Naga go anamisa kutlwelobotlhoko


 

 

 
327
 
Bopaki jo bongwe le boitshwarelo kgotsa go fetolwa ga katlholo ka Moporesitente wa naga 


 

 

 
328
 
Kgatelelo ya tsamaiso


 

 

 
329
 
Tsamaiso ya kgotlatshekelo e ka dirwa kgotsa go diragatswa ke motlhankedi wa sepodisi


 

 

 
330
 
Go fetiswa ga tsamaiso ya kgotlatshekelo ka thelekerafa kgotsa kgokagano nngwe e e tshwanang nayo


 

 

 
331
 
Tsamaiso e e sa lolamang ya makwalo


 

 

 
332
 
Botšhotšhosi jwa dikoporasi le maloko a ditlamo


 

 

 
333
 
Tona a ka lopa tshwetso go tswa go Appellate Division ka ntlha ya molao


 

 

 
334
 
Tona a ka kaya batho ba ba rileng go nna batlhankedi ba kagiso mo mabakeng a a rileng


 

 

 
335
 
Motho yo o dirang setatamente o tshwanetse go newa khopi ya sona


 

 

 
335A
 
Kgano ya phasalatso ya maina a batho ba ditlolomolao tse di rileng di dirilweng kgatlhanong nabo
 

 

 
335B
 
Tlhatlhobo ya boitekanelo ya bana ba ditlolomolao tse dingwe di dirilweng kgatlhanong nabo
 

 

 
336
 
Tiragalo kgotsa lolo e e ka nnang tlolomolao ka fa tlase ga melao e mebedi kgotsa go feta


 

 

 
337
 
Go kabakanya bogolo jwa motho
 
Tokafaditswe ke Setlhopha 4 CJA(ntlha (u) ka fa tlase ga ditokafatsa tsa CPA)


 

 
338
 
Go tlhagisiwa ga setlankana ke molatofadiwa mo ditsamaisong tsa bosenyi


 

 

 
339
 
Go ntshiwa ga mogolegwa go tloga kgolegelong e nngwe go ya go e nngwe go tsenela ditsamaiso tsa bosenyi
 

 

 
340
 
Lenane la kgolegelo la bagolegwa ba ba sa atlholwang le dipaki tse di tshwerweng


 

 

 
341
 
Go okediwa ga ditlolomolao tse dingwe tse dinnye


 

 

 
342
 
Bonwa molato kgotsa go se bonwe molato ga go thibele dikgato tsa semmuso malebana le ditshenyegelo


 

 

 
342A
 
Ditiegiso tse di sa tlhokegeng tsa ditsheko


 

 

 
344
 
Go phimolwa ga melao


 

 

 
345
 
Setlhogo se se khutshwafaditsweng le letlha la tshimololo
 

 

 

 
Setlhopha 1


 

 

 

 
Setlhopha 2


 

 

 

 
Setlhopha 3


 

 

 

 
Setlhopha 4


 

 

 

 
Setlhopha 5


 

 

 

 
Setlhopha 6


 

 

 

 
Setlhopha 7


 

 

 








                  TSHITSHINYO KA GA MAIKAELELO A MOLAOTLHOMO WA 

                                       BOSIAMISI JWA NGWANA, 2008

                        



1. MAITLHOMO A MOLAOTLHOMO



Molaotlhomo wa Bosiamisi jwa Ngwana wa 2008 (Molaotlhomo), o tswa mo dipatlisisong le mo ripotong ya bosiamisi jwa baša, tse di dirilweng ke Khomishene ya Molao Tlhabololo ya Aforika Borwa. E ikaelela go tlhoma tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi mo baneng ba ba leng kgatlhanong le molao. Molaotlhomo o diragatsa dingwe tsa ditshwanelo tsa bana tse di kwadilweng mo go molawana wa 28 wa Molaotheo mmogo le Tumalano ya Ditšhaba Kopano ka ga Ditshwanelo tsa Ngwana, le go ya ka Sekwalwa sa semolao sa Aforika Borwa se se ka ga Ditshwanelo le Itekanelo ya Ngwana, tse Aforika Borwa e di saenetseng. 



2. MAIKAELELO A MOLAOTLHOMO

Maikaelelo a Molaotlhomo ka  kakaretso, ke a a latelang:

(a)	Go fetola molao o o sa kwalwang mo bukeng ya molao mabapi le bonnye jwa dingwaga tsa bana tsa go nna le kitso ya bosenyi; 

(b)   go dirisa mokgwa o e e leng ona wa go sekisa bana ba ba se nang kitso ya bosenyi, mme e se mokgwa o o tlwaelegileng wa o o dirisang tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi; 

(c)   go dirisa tsela e e itlhaotseng ya go tlisa bana kwa kgotlatshekelo le go ba golola kgotsa go ba tlhatlhela mmogo le go ba baya kwa lefelong le le rileng la bana;

(d)   	go dira dipaakanyo tsa go sekwasekwa ga bana;

(e)  go dira dipaakanyetso tsa fa go tla tshwarelwang teng dipatlisiso tse di            dirwang pele ga tsheko, tse go tsewang e le go tlhagelela ga ngwana             lekgetlho la ntlha kwa kgotlatshekelo;      

(f)    go dira gore go nne le kgonagalo ya go faposa dikgetse tse di akaretsang bana mo tshekong e e tlwaelegileng ya tsamaiso ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi, mo mabakeng a a tlwaelegileng; 

(g) 	go dira gore go nne le botsereganye jwa ditsheko tsa bana kwa kgotlatshekelo ya bosiamisi jwa ngwana, fa e leng gore dikgetse tsa bana ga di ise di faposiwe mo tshekong; 

(h)  go atolosa mefuta ya dikotlhao e e leng teng, ya bana ba ba bonweng molato; le

(i)    go tlhoma leano le le popota la go diragatsa bosiamisi mo tsamaisong ya bosiamisi kgatlhanong le bosenyi mo baneng ba tlotseng molao.



3. MAFAPHA/DITLHOPHA TSA BATHO/BATHO BA GO BUISANWENG LE 

    BONA



Khomishene ya Molao Tlhabololo ya Aforika Borwa, e buisane le batho ba le bantsi ka nako e e neng e dira dipatlisiso mme e ne ya kopa go utlwa maikutlo go tswa mo ditlhopheng tsa batho ba ba neng ba na le kgatlhego go tswa mo mafapheng a puso le a poraefete, mo nageng-selegae le kwa dinageng tsa kwa ntle. Komiti ya Ditona tsa Puso, e e neng le maikarabelo mo go tsa Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, le yona e ne ya kopa go utlwa maikutlo a batho go tswa mo ditlhopheng tsa batho, ka nako e e neng e akanya kgotsa e dira dipuisano ka ga Molaotlhomo. Molaotlhomo o tlhamolwe go tswa mo dikakanyong tsa batho ba le bantsi le mekgatlho kgotsa ditlhopha tsa batho tse di dirileng ditshotshinyo kwa Komiting. 





4. MADI A PUSO E TLA TSHWANELWANG KE GO A DUELA



     4.1 Ka nako e Molaotlhomo o neng o tlisiwa kwa Palamenteng ka yona, go ne ga dirwa ka botlalo dipalopalo tsa madi a a tla dirisiwang ka nako ya fa Molaotlhomo o tla bong o tsengwa mo tirisong. Ka ntlha ya seo, go ne ga beelwa kwa thoko madi a a tla neelwang Mafapha a a tsayang karolo. Puo nngwe e Molaotlhomo o tla kwalwang ka yona, a madi a yona a neng a beetswe kwa thoko go tloga kwa tshimologong, e ne ya fetolwa thata ke Komiti e e nang le maikarabelo mo go tsa Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo. 

    4.2 Tsamaiso ya kwalololoboša le togamaano ya go tsenya tirisong Molaotlhomo, e setse e simolotse. Mafapha a a tsayang karolo, a a eteletsweng pele ke Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, a dira togamaano e e ka ga ditshitshinyo tse di dirwang ke lefapha lengwe le lengwe, le go tsenya tirisong ditogamaano tsa motlhakanelwa, mo godimi ga madi a a tla dirisiwang mo tsamaisong ya MTSF mo dingwageng di feta tharo. Tsona di tshwanetswe go newaMolaodi-Kakaretso wa lefapha lengwe le lengwe mmogo le Komiti ya Ditona ya JCPS. 

     4.3 Komiti e e fa godimo, ke yona e tshwanetseng go tsenya Molaotlhomo 

mo tirisong ka letlha la 1 Moranang 2010, jaaka go tserwe tshweetso e e jalo 

go ya ka athikele ya 100 ya Molaotlhomo, e e leng setlhogo se se 

 khutshwane mmogo le lobaka le le beilweng la tshimilogo ya ona. 



5. TSAMAISO YA KWA PALAMENTENG



Baeletsi ba Molao ba Puso mmogo le Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, ba akanya gore Molaotlhomo o tshwanetse go dirisiwa go ya ka tsamaiso ya e e tlhomolweng ke molawana wa 75 wa Molaotheo, ka go nne o sa tlhalose sepe ka mokgwa wa tsamaiso o o kwadilweng mo go molawana wa 74 kgotsa wa 76 wa Molaotheo. 



