KA FAO TEKANYETSOKABO E RE DIRELANG
Tekanyetsokabo ke eng?
Tekanyetsokabo ke leano le le bontshang gore go nnile le letseno le le kae e bile le dirisitswe jang mo nakong e neng e beetswe. Jaaka batho re dira maano a mantsi ka ga letseno le tiriso ya madi a rona. Go dira tekanyetsokabo go botlhokwa ka gonne le fa e le gore re batla go reka dilo di le dintsi, re dula re sena madi a mantsi go ka di reka. Ka jalo seo se kaya gore re batla go le gontsi fela re na le didiriswa tse dinnye go ka bona tseo re di batlang. Tekanyetsokabo e ka ga kgwebisano le go tlhopha gore re dirisa madi jang. Fa re reka sengwe, re tshwanela go tshela ntle le se sengwe.
Puso e dira jang Tekanyetsokabo ya yona?
Ka yone tsela eo, Puso e nna le ka go itlhophela. Ditheo tsa puso di tshwanela go lekanya didiriswa tse di leng teng le ditlhoko tsa batho. Tekanyetsokabo e direlwa ditlhokego tse di sweditsweng tsa ngwaga. Tekanyetsokabo ya bosetšhaba e neelana ka tekanyetso ya letseno le tiriso ya madi e Puso e e solofetseng mo ngwageng wa ditšhelete, go tloga 1 Moranang wa ngwaga go ya go 31 Mopitlwe wa ngwaga o latelang. Tekanyetsokabo ya bosetšhaba ga e tshwane le tse dingwe, ka gonne e bontsha gore madi a tlile go dirisiwa jang, e bile e neelana ka dintlha tsa gore madi a tlile go kokoanyiwa jang go ka thusa puso go a dirisa.
Puso e kokoanya jang madi?
Letseno le legolo la Puso ke lekgetho. Lekgetho ke dituelo tse di duelwang go Moamogedi wa Lekgetho ke batho, dikgwebo le ditheo tse di tshwanelang go duela lekgetho. Ditirelo tsa Lekgetho tsa Aforika Borwa (SARS) e na le maikarabelo a go kgobokanya letseno. Go na le mefuta e farologaneng ya lekgetho. Puso e bona lekgetho le le ntsi go tswa go letseno la batho. Mongwe le mongwe mo nageng yo amogelang letseno le le rileng o tshwanela go duela lekgetho go puso. Lekgetho le, le itsagale e le lekgetho la letseno. Mefuta e mengwe ya makgetho a tsenyeletsa Lekgetho-Thekiso (VAT) le lekgetho la dithoto tsa fa gae. Bontsi jwa batho bo setse bo utlwile ka ga VAT, le gore dithoto dingwe ga di na VAT. Ka fa seatleng se sengwe, ka dinako dingwe lekgetho la tlaleletso le tsengwa go dithotho tsa monate. Lekgetho le, le bidiwa “lekgetho la motsoko le bojalwa”. Molaotheo o kaya mokgwa o o Moporesitente a tshwanelang go laola letseno. Letseno lengwe le lengwe le naga e le bonang le tsenyiwa go akhaontong ya Exchequer. Moalo wa Palamente o tlhoka go dirisiwa fa go gogiwa madi mo akhaontong ena. Tekanyetsokabo nngwe le nngwe e tshwanela go nna le letlhakore la tiriso ya madi le letseno. 
Tekanyetsokabo e dira jang?
Tekanyetsokabo ya naga e arotswe ka Letseno le Tiriso ya madi, Tlhaelo pele ga Kadimo ya madi le Sekoloto sa Setšhaba. Letseno le Tiriso ya madi di itsagale gape e le Akhaonto ya Lekgetho ya Naga. Tekanyetsokabo ya Naga e simolola ka tiriso ya madi le fa e le gore ditekanyetsokabo tse dingwe di simolola ka letseno. Pharologano gareng ga letseno le tiriso ya madi e itsagale e le tlhaelo kgotsa go feta peelo. Tlhaelo e diragala fa Puso e ikaelela go ka dirisa madi go feta ao e ka a kokoanyang ka lekgetho. Sekoloto sa setšhaba se diragala fa puso e adima madi fa gae kgotsa kwa ntle (moseja) go thusa tiriso ya madi ya yona. Fa letseno le feta tiriso ya madi, sekao, fa lekgetho la batho le kokoanyiwa go feta ka foo go neng go lebeletswe, go nna le lekgetho le le fetang peelo.
Tsweletsopele ya tekanyetsokabo
Tekanyetsokabo e rulaganyiwa dikgwedi di le 14. Seno se kaya gore ka nako e go neelanwang ka Tekanyetsokabo ya monongwaga kwa Palamenteng, Tekanyetsokabo ya ngwaga o latelang e setse e na le dingwedi tse pedi e ntse e rulaganyiwa. Mafapha a a farologaneng a nna le seabe mo tekanyetsong ya tekanyetsokabo. Ba romela ditekanyetso tsa bona le mabaka go Kantoro Kgolo e maleba. Kantoro Kgolo e tla be e dira khutsafatso e be e e romela go Lefapha la Matlotlo. Lefapha la Matlotlo le dira khutsafatso e bontshang tiriso ya madi ya mafapha a farologaneng. Bokaedi jwa Lekgetho jwa ka fa gare ga naga le Bokaedi jwa Melelwane le bona bo dira tekanyetsokabo e ba e romelang go Lefapha la Matlotlo. Tona ya Matlotlo le Mmusisi wa Banka ya Resefe ba kopana go ka buisana ka ga ditekanyetso tsa tekanyetsokabo. Puisano e tlile go tshosomediwa ke mabaka a sepolotiki, ikonomi le matlotlo. Motsamaisi Kakaretso wa Matlotlo o rulaganya tekanyetsokabo. 
Ka gale ka Tlhakole, ngwaga le ngwaga, Tona ya Matlotlo e neelana ka Puo ya Tekanyetsokabo kwa Palamenteng. Morago ga foo go buisanwa ka tekanyetsokabo kwa Palamenteng. Ditona tsa Khabinete di tlhoka go neela mabaka a tiriso ya madi a mafapha a bona. Puo ka gale e latela tsamaiso e sa fetogeng. E simolola ka go lebisisa dipholo tsa ditšhelete tsa ngwaga o fetileng, go bo go lebelelwa tsa ngwaga o latelang wa ditšhelete. E bontsha ka foo ditekanyetso tsa letseno le tiriso ya madi di tlileng go lekanyiwa. Ke molao o tlhagelelang mo Molaotheong wa rona wa temokerasi wa gore Puso e ka dirisa madi go latela tetla ya Palamente. Tekanyetsokabo e tsholiwa jaaka molao mongwe le mongwe o tshwanelang go dumelwa ke Palamente pele o nna mo tirisong. Morago ga Puo ka Tona, Maloko a Palamente a buisana ka tekanyetsokabo ba bo ba tlhopha gore a ya ganediwa kgotsa ya dumelwa. Morago ga ngangisano ya tlhopho ya tekanyetsokabo nngwe le nngwe, Dintlo tsa Palamente ka Bobedi di tshwanela go tshwara ditlhopho tsa yona. Fa tekanyetsokabo e amogelwa, lefapha le le rileng le ka neelwa tetla ya go dira lenaneo la lona la ditšhelete.
Tekanyetsokabo le Tebelelo?
Kgobokanyo ya lekgetho le tiriso ya madi e tshwanela go laolwa go netefatsa gore madi a dirisiwa go ya ka maikaelelo a Palamente. Morunikakaretso o begela Palamente gore a ditaelo tsa tiriso ya madi di latetswe. Tekanyetsokabo ke sediriswa se se botlhokwa sa pholisi le sa tebelelo, moo e leng gore puso e nna le maikarabelo a gore madi a dirisiwa jang.
