PALAMENTE E NEELA KA LESEDI …
Palamente ya Rephaboloki ya Aforika Borwa e tlhamile Pholisi ya Botsamaisi jwa Matlakala, jaaka karolo ya leano le le tsamaisang le go laola lefelo la tiro le le manontlhotlho ebile le babalesegile. 
Molaotheo o bolela gore batho ba Aforika Borwa ba na le tshwanelo ya tikologo e e seng kotsi mo maphelong kgotsa mo itekanelong ya bona. Seno se akaretsa tshireletso ya tikologo ka melao e e tlhaloganyesegang le ditsela tse dingwe go thibela kgotlhelego le phelo ya dimela, go tsweletsa poloko ya tlhago, le go  tlhabolola tikologo e e babalesegileng e bile e kgona go tswelapele. Re ka kgona go dirolola dingwe tsa ditshenyego tse polanete ya rona e di itemogetseng fa rotlhe re ka tsaya matsapa go dira pharologano. 
Palamente e itlamile go netefatsa boitekanelo le pabalesego ya maloko le badiri ba Palamente le batho botlhe ba ba dirang ka semolao kgotsa ba ba tsenang mo tikologong ya yona. Setheo se ikaeletse go tshola tikologo ya Palamente e le mo seemong se se siameng go ka neela ka tikologo e e babalesegileng e bile e itekanetse gore go ka dirwa mo go yona, le go nna malalaotswe mo go laoleng dikotsi tsa tikologo mo lefelong la tiro.
BOTSAAKAROLO LE MAIKARABELO A PALAMENTE MO GO NTLAFATSENG TIKOLOGO 
Molao o o jaaka Molao wa Pabalesego le Boitekanelo mo Tirong(OHSA) o tlama Palamente go neela le go tshola jaaka go ka kgonagala lefelo la tiro le le babalesegileng le sa bake dikotsi mo maphelong a badiri ba yona. Go  solofelwa  gore badiri ba tla dirisana le mothapi go netefatsa gore ditlhokego tsotlhe tsa Molao di a diragadiwa. Palamente e na le maikarabelo a go neela ka tsiboso magareng ga badiri botlhe ba yona ka ga botlhokwa jwa go boloka tikologo le  botsaakarolo le maikarabelo a bao ba thusang. 
MEKGWA LE DITSAMAISO
Palamente e tlhamile leano le le utlwalang go laola tikologo ya lefelo le le nonofileng la tiro mme e bile le bolokesegile, go akaretsa go tlhabololwa ga Pholisi ya Botsamaisi jwa Matlakala. 
Maikaelelo a pholisi ke go neela ka letlhomeso la thebolo ya ditirelo le le tshwarelelang, le lekalekana e bile le  kgonagala go badiri le setšhaba mo tikologong ya Palamente. Pholisi e ikaelela go netefatsa gore didiriswa tsa matlakala di latlhiwe ka tsela e e babalesegileng go fokotsa kgotlhelego, go oketsa tirisosešwa le go netefatsa gore matlakala a a dirilweng go tswa mo Palamenteng a tsholwa go ya ka dikaedi tseo di leng mo go yona. 
GO BOLOKA MOTLAKASE 
Palamente e tsweletsa tiriso ya mabone a a bolokang motlakase gore e tle e fokotse kgotlhelego, go boloka motlakase le ditshenyegelo. Mabone a a bolokang motlakase a dirisiwa go bonesa mo mafelong otlhe a botlhe le mo diferwaneng tsa Palamente.  
BOTSAMAISI JWA MATLAKALA
“Matlakala” go kaiwa selo se sengwe le se sengwe, e ka nna sa gase, seedi kgotsa  se se thata kgotsa e ka nna tse di tlhakantsweng, eo e leng gore nako le nako e tlhophiwa ke Tona ya Bosetšhaba ya Merero ya Tikologo le Boeti ka kitsiso mo Lekwalodikgang la Puso.
Botsamaisi jwa Matlakala a a Thata
Matlakala a a omileng
Matlakala a a omileng a kokoanngwa tsatsi le letsatsi mo dikgetsing tsa polasitiki tse di bonalang le mo ditshoding go tswa mo mafelong otlhe le go isiwa kwa lefelong la go a tshola le le ka fa molaong. 
Matlakala a tsa Bongaka
Matlakala a tsa bongaka a beiwa mo ditshoding tsa polasitiki tse di magareng tsa mmala o o serolwana le go tloswa ke moneela ditirelo yo o nang le konteraka ya go dira jalo  nako le nako, kgotsa fa go tlhokega.   
Matlakala  a Motlakase
Dipeipi tsotlhe tse di sa tlholeng di dira tsa foloresente di a tsewa go ya go lefelong la go tshwatlela gore di senngwe ka mokgwa o o babalesegileng.
Matlakala a a Bongola 
Matlakala a a bongola a beiwa mo ditshoding/dibini tse di tshwailweng di le magareng le go tloswa nako le nako
Matlakala a Dikhemikhale
Dikhemikhale di beiwa mo phaphosing e e notletsweng go thibela tiriso e e sa letlelelwang. Dikhemikale tsotlhe di tshwanetse go beewa mo ditshoding tse di supilweng, mme dikhemikale tsa selekanyo se se nnye tse di kotsi di tshwanetse go tshwaiwa ka go kwadiwa ka nepagalo.
Disilintara tsa Gase e e Gateletsweng
Moneela ditirelo o tlosa ka bonako jo bo kgonagalang disilintara tsa gase tse di sa direng mo tikologong le go netefatsa gore disilintara di latlhiwa go ya ka ditlhokego tsa molao, go thibela kotsi ya go e dirisa gape.
MAANO A ISAGO
Go latlhiwa ga oli e e apayang
Palamente e ntse e akanya go reka ditshodi tsa tirisosešwa tebang le oli e e apayang e e dirisitsweng eo e ka fetolelwang go nna tisele. Go lebelelwa tlase tiriso ya go latlhela oli e e apayang mo meseleng ya metsi a pula.
Go tlosiwa ga matlakala a dipampiri le go a dirasešwa
Palamente e batla moneela ditirelo yo mošwa go tlosa matlakala a pampiri le go a dirasešwa. Dikantoro tsotlhe tsa Palamente di tla neelwa mabokoso a a tsenyang matlakala a kokoantsweng a dipampiri. Mabokoso ano a tla tsewa beke le beke.
Tiragatso e nngwe le e nngwe ya go sireletsa tikologo ya rona, go boloka motlakase le go fokotsa matlakala e a thusa. Ke maikarabelo a loago a baagi botlhe ba Maaforika borwa, go akaretsa le maloko le badiri ba Palamente go boloka tikologo ya rona tebang le losika la isago le go tsweletsa setso sa tlhabololo e e tswelelang.
