DITHEETSO TSA SETšHABA KA GA TEBOSEšWA YA TšHATA YA TSA MEEPO
Tšhata ya tsa Meepo e tlhomilwe go ya ka melawana ya karolo 100 ya Molao, No 28 wa 2002 wa Diminerale le Tlhabololo ya Didiriswa tsa Petoroliamo (MPRDA). 
Lefapha la Didiriswa tsa Diminirale le ne mo malobeng la lebašeswa Tšhata ya tsa Meepo. Tebosešwa e ne lebelela dielemente tse di farologaneng tsa tšhata ya tsa meepo go tsenyeletsa le go nna mong, theko le go amogela tirelo le tlhabololo ya kgwebo, kaonafatso, tekatekano thapo le tlhabololo ya didiriswa tsa setho.
Mo go tsamaisaneng le maikaelelo a magolo a Palamente a go tsamaisa botsaakarolo jwa setšhaba, Komiti ya Palamente ya Didiriswa tsa Diminerale (Komiti) e tla bo e tshwere Ditheetso tsa Setšhaba ka ga dipholo tsa tebosešwa ya  Tšhata ya bogologolo ya tsa Meepo ka ga Tšhata ya tsa Meepo e ntšhwa kwa Carlentonville (go tla netefatswa lefelo), Porofense ya Gauteng, 30 Mopitlwe 2011. Komiti e ka rata thata go kopana le Dikhampani tsa meepo, badiri ba meepo, mekgatlho ya tsa badiri le baagi ba ba dikologileng dikhampani tsa meepo.
Dipotso di tshwanetse go lebiswa go Ms Noluthando Skaka kgotsa Mr Vido Mfuniselwa, Parliament, Cape Town:
Dintlha tsa kgolagano: Mog (021)403-3751 sele 083 709 8520 kgotsa 083 966 7720 aterese ya emeile (nskaka@parliament.gov.za) kgotsa (vmfuniselwa@parliament.gov.za); Fekese: 086 619 9194.
E rebotswe ke Mr MF Gona, MP: Modulasetilo: Komiti ya Palamente ya Didiriswa tsa Diminirale 
