

Komiti ya Nakwana ka Thebolo ya Ditirelo (PHETOLO YA LETLHA)





Kokoano Bosetšhaba e tlhomile Komiti ya Nakwana go dira tiro ya tekolo e e rulagantsweng ka ga thebolo ya ditirelo mo tlase ga setlhogo. “Tirisanommogo go netefatsa thebolo ya ditirelo mo setšhabeng”. Tiro ya Komiti ke go batlisisa tswelelopele ka ga thebolo ya ditirelo le gore dikgwetlho ke dife kwa mafelong a go nnileng le dikhuduego go ba kgontsha go kwalela Kokoano Bosetšhaba pegelo e e tlhaloganyesegang, ditshitshinyo tse di fitlhelesegang le tsenyotirisong ya leano. 



Go fitlha ga jaana Komiti e tsere maeto a a rulagantsweng go ya kwa metsemagaeng le kwa ditoropong le go tshwara ditheetso tsa setšhaba mo Palamenteng le kwa diporofenseng. Ditheetso tsa setšhaba mo Palamenteng di tshwerwe ka 2- 4 Tlhakole 2010.



Ka nako ya maeto a go ya kwa diporofenseng, Komiti e tla lekola ditsha, e kopane le setšhaba, badiredi ba pusoselegae, badiredi ba mafapha a diporofense, dikomiti tsa diwate, mekgatlho ya setšhaba le borrakgwebo. Ditheetso di tla tshwarwa ka 17-21 Motsheganong 2010 mo diporofenseng di le tharo.





Setšhaba se lalediwa go tla ditheetsong tsa setšhaba tse di tla tshwarwang mo diporofenseng tse di farologaneng ka mokgwa o o latelang:



POROFENSE
 
 LEFELO
 
LETLHA
 
NAKO
 

 
LIMPOPO
 
Thulamela Local Municipality

(Malamulele Boxing Gym

 Hall kwa Vhembe District)



Molemole Local Municipality (Matseke Resource Centre) 


 


17 Motsheganong 2010



19 Motsheganong 2010
 
10h00





10h00
 

 
KAPA BOKONE 
 
Dikgatlong Local Municipality (Mataleng Sports Ground kwa Barkley West)


 
 17 Motsheganong 2010


 
16h00
 

 
KWA-ZULU NATAL
 
eThekwini Metro Municipality 

(eThekwini City Hall)

Msunduzi Local Municipality (Edendale Lay Centre kwa kwaMachibisa)


 
17 Motsheganong 2010



19 Motsheganong 2010
 
16h00



16h00
 

 






