GO KETEKA LETSATSI LA AFORIKA
Letsatsi la Aforika le ketekwa ngwaga le ngwaga ka di 24 Motsheganong
Mokgatlho wa Dinaga tse di kopaneng tsa Aforika (OAU) o tlhamilwe ka di 25 Motsheganong 1963 kwa Addis Ababa, Etopia
Go tshwaya tiragalo e, Letsatsi la Aforika le tla ketekwa lekgetlo la bo 48 monongwaga
OAU e nnile ketapele ya dinaga tse di kopaneng tsa Aforika (AU) e e neng ya bulwa kwa Durban, mo Aforika Borwa ka di 9 Phukwi 2002
Go na le dinaga di le 54 mo Aforika mme di le 53 tsa tsona ke maloko a AU. Morocco ga se leloko la dinaga tsa AU. 
AU e kopantse kontinente ya Aforika go bua ka ga dikgwetlho tse dintsi tsa yona tse di jaaka kgotlhang ya dibetsa, phetogo ya tlelaemete le bohuma.
BOTLHOKWA BA LETSATSI LA AFORIKA
Letsatsi la Aforika le ketekwa ke Aforika, batho ba yona le kopanelo
Ke kamogelo ya kgatelopele e Maaforika ba e dirileng le tebogape mo dikgwetlhong tse di tshwanang tse go lebaganeng le tsona mo kgopolong ya lefatshe
KAROLO YA DINAGA TSE DI KOPANENG TSA AFORIKA (AU) MO KONTINENTENG
AU ke setheo se segolo sa go tlhatlosa tomagano ya ikonomi ya loago lwa kontinente, e e ikaeletseng kopano le tshwaragano e kgolwane magareng ga dinaga le batho ba Aforika
AU theilwe mo ponong ya kopanelo ya kontinente e e kopaneng e bile e le maatla
Gape e theilwe mo tlhokong ya go aga bolekane magareng ga dipuso le dikgaolo tsotlhe tsa setšhaba, segolo basadi, baša le seketara ya poraefete
Jaaka mokgatlho wa kontinente, e lebeletse kagiso, tshireletso le tlhomamo, mme e kwa bogareng jwa go ntšhafatsa kontinente 
AU e ikaelela go sireletsa ditshwanelo tsa temokerasi, ditshwanelo tsa botho le diikonimi tsa Aforika tse di tshwarelelang, segolobogolo ka go fedisa kgotlhang le go tlhama mmaraka wa botlhe o o dirang.
PONO
Pono ya Dinaga tsa Aforika tse di kopaneng ke: “Aforika o o lomaganeng, o o tswelelang pele e bile o na le kagiso, o o kgweediwang ke batho ba ona mme o emela kgatelelo e e fetogang mo ntlheng ya lefatshe”.
DITIRAGATSO TSA KOPANELO TSA DINAGA TSE DI KOPANENG TSA AFORIKA
Maaforika Borwa ba simolotse ditiragatso tsa kopanelo ka AU go:
sireletsa tikologo
lwantsha borukhutlhi jwa boditšhabatšhaba
fedisa botlhoko jwa bolwetse ba HIV/AIDS, malaria le bolwetsi jwa mafatlha
dirana le dintlha tsa bomorwarraarona tse di jaaka tshitego ya baphaphategi le batho ba ba seng kwa ba tshwanetseng teng
tlhatlosa kagiso, tshireletso le itsetsepelo, go tsamaisa tirisanommogo le go aga Aforika
maatlafatsa tshwarano go ralala kontinente le go aga kwa re yang teng go go tshwanang mo bathong ba Aforika.
AFORIKA BORWA LE LETSATSI LA AFORIKA
Segopotso sa Letsatsi la Aforika ke go tlhagisa karolo e Aforika Borwa e e tsereng mo morerong wa kontinente
Letsatsi la Aforika le jaaka letsatsi go keteka ngwaoboswa ya rona ya Aforika, le go tlhagisa hisetori le setso sa kontinente ka botaki
E tsenyeletsa tlhaloganyo ya maikarabelo go botlhe, segolobogolo baša, go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa batho botlhe ba ba amegileng mo dikarolong tse di masisi mo botennyeng jwa loago, go tsenyeletsa:
Boitekanelo, polokego le tshireletso.
Tsaloseša ya maitsholo.
Tshwaraganoloago, setso le thuto.
Mo go gopoleng Letsatsi la Aforika, re nna le nako ya go ntšhafatsa boineelo jwa rona mo go rona, mo kontinenteng ya Aforika le ngwaoboswa e e arolelanwang le kwa re yang gona.
KAROLO YA PALAMENTE YA REPHABOLIKI YA AFORIKA BORWA
Palamente ya Rephaboliki ya Aforika Borwa e tsaya karolo mo mekgatlhong e e mmalwa ya Aforika, go tsenyeletsa Palamente ya Dipuso tse di kopaneng (PAP) le Foramo ya Palamente ya Setšhaba se se tlhabologang sa Borwa jwa Aforika (SADC PF).
Go latela pholisi ya naga e sele, Palamente ya Rephaboliki ya Aforika Borwa e neela Aforika tebelelo e e kgethegileng mo setlhomong sa pholisi ya dikamano tsa Boditšhabatšhaba gotlhelele. Se se tsenyeletsa go tsenela dikopano dingwe tsa melao ya dinaga tseo puso ya Aforika Borwa e ntseng e tsaya karolo mo maitekong a go tlisa kagiso mo go tsona.
Monongwaga,Palamente ya Rephaboliki ya Aforika Borwa e tla tshwara Puisano ya Aforika ka di 23 Motsheganong e e tla latelwang ke ngangisano ka di 25 Motsheganong ka morero wa “Ntšhafatso, tsweletso le le kago ya Aforika”  go keteka Letsatsi la Aforika.
AFORIKA LE DITIRAGALO 2011
Foramo ya Lefatshe ya Ikonomi mo Aforika 2011 Motse Kapa Aforika Borwa, 4-6 Motsheganong 2011
Morero: “Go tloga mo ponong go ya tiragatsong, Kgaolo e e latelang ya Aforika”.
Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe ke mokgatlho o o ikemetseng wa bosetšhabatšhaba e e ineetseng go tlhabolola boemo jwa lefatshe ka go tsaya karolo mo kgwebong, sepolotiki, thuto le baeteledipele ba setšhaba go bopa morero wa lefatshe, tsa didika le tsa dintasetiri.
Pontsho ya tsa Boitekanelo ya Aforika le Konkerese 9-11 Motsheganong, 2011
Pontsho ya tsa Boitekanelo ya Aforika le konkerese e tla sibololwa Motsheganong kwa lefelong la Johannesburg Expo, Nasrec, Aforika Borwa. Boitekanelo moAforika bo tlaa neelana ka bogolo malatsi a le 3 a pontsho le konkerese go tlhagisa ditlhogo tse di namileng tse di amanang le tlhokomelo ya boitekanelo mo Aforika, mme e tla ngoka diketekete tsa diporofešenale tsa boitekanelo go tswa kwa sedikeng le go dikologa lefatshe go fitlha mo mabating a bona.
MOKETE WA LETSATSI LA AFORIKA YO MOSWA 27 – 29 Motsheganong 
Mo go ketekeng Letsatsi la Aforika, go tloga ka di 27 – 29 Motsheganong, Gauteng e tlaa itumelela moletlong ya mafelo a beke e e bidiwang Sanaa Aforika, Mowa wa Mokete o tlaa apesa pelo ya moretheto le mowa o o matlhagatlhaga o o ka go tshwara nngwe ya botaki jo bo itumedisang, jo bo monate, mmino le go feta.   
MATLHA A MANGWE A A BOTLHOKWA GO AFORIKA 
16 Seetebosigo Letsatsi la ngwana ya Moaforika 
9 Phukwi Letsatsi la Kopano ya Aforika 
25 Lwetse Letsatsi la Basadi ba Aforika
