Se ikgatolose!

				Lwantsha Tshotlakako!

Letsholo la Malatsi a le 16 la kgatlhanong le tirisodikgoka go Basadi le Bana 

Letsholo la Malatsi a le 16 ke eng?

Ke letsholo la GO LWANTSHA LE  GO THIBELA TIRISODIKGOKA go BASADI le BANA LEFATSHE KA BOPHARA 
E ikaelela go tlisa temoso ya tshosometso e mpe eo TIRISODIKGOKA le TSHOTLAKAKO e nang nayo mo go BASADI le BANA mme e TLOSE GOTLHELELE  TSHOTLAKAKO mo sethabeng]



Maikemisetso a Letsholo la Malatsi a le 16 

Go lemosa ka ga ditlamorago tse di bosula tse di tlholwang ke tirisodikgoka le tshotlo mo go BOMME LE BANA  le 

Go FEDISA TSHOTLO GOTLHELELE mo sethabeng


Letsholo la Malatsi a le 16 le tshwarwa go tloga ka di 25 Ngwanatsele go fitlha ka di 10 Sedimonthole ngwaga le ngwaga
LE TSENYELETSA MALATSI A A LATELANG A BOTLHOKWA 
25 Ngwanatsele
Letsatsi la Thibelo ya Tirisodikgoka Kgatlhanong le Basadi la Bodithabathaba

1 Sedimonthole
Letsatsi la Aids la Lefatshe 

10 Sedimonthole
Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho la Bodithabathaba 



Ke eng se se tlholang tirisodikgoka mo go basadi?

E tlholwa ke mokgopolo ya go nyatsa seemo se se kwa tlase sa bomme mo magaeng le mo sethabeng

E diragala fa borre ba dirisa botlhaswa THATA le TSHWANELO e le laola BOMME

Ke mabaka afe gape a a tlholang tirisodikgoka go basadi?]



TSHOTLAKAKO ke eng?

           
Mofuta mongwe le mongwe o o tlholang:
 letshogo
go utlwisa mmele botlhoko 
go dira dilo kgatlhanong le thato ya gago  
 

Dikao tsa Tshotlakako: 


YA MMELE

YA MAIKUTLO

YA THELETE

YA TLHOKOFATSO KA THOBALANO

YA PETELELO

	
A o a itse 

gore Palamente e fetisitse melao go sireletsa ditshwanelo tsa mongwe le mongwe kgatlhanong le tshotlakako?

Tsona ke:

Molao wa Tirisodikgoka ya mo Malapeng wa 1998

Molao wa Bana wa 2005

Molao wa Tlamelo wa 1998

Molao wa Ntshetsopele ya Tekatekano le Thibelo ya Kgethololo e e sa Lolamang wa 2000

Tlhabololo ya Molao wa Disenyi( Molao wa Melato ya Thobalano le Merero e e Mabapi) wa 2007


Dikomiti tsa Palamente tse di mekamekanang le maemo a basadi le bana mo Aforika Borwa:

Komiti ya Kokoano Bosethaba e e ka ga Basadi, Bawa, Bana le Batho ba ba nang le Dikgwetlho 

Komiti ya Khansele ya Bosethaba ya Diporofense e e ka ga Basadi, Bawa, Bana le Batho ba ba nang le Dikgwetlho 

Go botlhokwa go:

Fedisa setlwaedi sa tiriso dikgoka
Bua
Itse ditshwanelo tsa gago
Lwantsha TSHOTLAKAKO
Se ikgatholose!

SE NNE MOTSWASETLHABELO!]

O ka bona kae thuso?
Ikgolaganye:
 Mapodisa mo go 10111
Kantoro ya Bosethaba ya FAMSA mo nomoreng ya mogala: (011) - 975 7107 kgotsa  Fekese: (011) 975 7108
Mogala wa Bana: 08000 55 555
Khomiene ya Tekatekano ya tsa Bong: Mogala: 011 - 403 7182




