Kopo ya go tlhama lekgotlana la badiri mo tirong
Tlhaloso
Makgotlana a badiri a tlhamiwa go:
Rotloetsa dikgatlego tsa badiri botlhe kwa mafelong a tiro, e seng fela ditokololo tsa mekgatlo ya badiri.
Tiisa tsamaiso e e edileng kwa mafelong a tiro;
Kopana le badiri mo dintlheng tse dingwe; le
Akaretsa badiri mo go tseyeng ditshweetso tse di kopanetsweng mo dintlheng tse dingwe.
Lekgotlana la mo tirong le ka tlhamiwa mo mafelong a bodirelo a mangwe le a mangwe a a nang le badiri ba le 100. Palo e ga e tsenyeletse batsamaisi le bagolwane ba badiri. Kopo e ka dirwa fa lekgotlana la mo tirong le se ise le nne teng go ya ka Molao wa Dikamano tsa kwa Ditirong wa 1995.
Go bona tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Ditiro.
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
Mokgatlho wa badiri o tshwanetse go gokelela khopi e e netefaditsweng ya tumalano e e utlwanetsweng, e e leng bopaki jwa gore ba itsewe ke mothapi.
Moemedi wa mokgatlho wa badiri o tshwanetse go tlatsa foromo ya LRA 5.1.
Khopi ya foromo e tshwanetse go neelwa lephata le lengwe mme bopaki jwa gore o amogetse diforomo tse di tshwanetseng go akaretsa le go e gokelela mo ditokomaneng tse di latelang:
Khopi ya setlankana se se kwadisitsweng kwa Posong
Khopi ya rasiti e e saenweng fa khopi ya foromo e isitswe ka lestogo.
Pegelo e e saenweng ke motho yo o isitseng khopi ya foromo a netefata fa tirelo e e diragaditswe.
Khopi ya fekese e e pakang gore setlankana kgotsa bopaki bongwe le bongwe jo bo supang fa tirelo e e diragaditswe..
Romela foromo e e tladitsweng le bopaki jwa neelo go Mokwadisi: Kantoro ya Porofense ya Khomišene ya Poelano, Tsereganyo le Kutlwisisano .
Molao o o dirisiwang
Boemo jwa Tirelo
E ka tsaya malatsi a le 30 go tlhama makgotlana a badiri.
Tlhotlhwa
Ke mahala
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Lefelo la bodirelo le diaterese le megala
