Lenane la go naya batswasetlhabelo maatla
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Lenane la go naya Batswasetlhabelo Maatla le nolofatsa tlhomo le go kopana ka fa gare ga mafapha kgotsa kopano ya dikarolo tsa manane a a ka fa gare le dipholisi go tshegetsa, go sireletsa le go naya batswasetlhabelo ba tshenyo le tirisodikgoka..
VEP e na le mo e lebeletseng go go kgethegileng mo basading le mo baneng. Batswasetlhabelo ba tirisodikgoka ya tsa selegae ba ba leng mo tsielegong ba ka nna mo lefelong la tshireletso dibeke di le pedi kgotsa di le thataro, mme se se tla ikaega ka mabaka a bona.
Lenane le ka bonwa ke batswasetlhabelo ba tshenyo le tirisodikgoka.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Ikgolaganye le borakanelo bongwe le bongwe jwa tshegetso jwa batswasetlhabelo, mafelo a tshireletso a basadi le bana ba ba sotlilweng ba ka nnang teng, mothelesi wa tirelo wa mmuso kgotsa mokgatlho o o seng wa semmuso o o golaganeng le tlhokomelo ya batswasetlhabelo ba tirisodikgoka tsa selegae.
Ikgolaganye le lefelo la tshireletso la batswasetlhabelo le le leng mo motseng kgotsa Mogala o o sa duelelweng wa THIBELO ya Basadi ba ba Sotlilweng kwa 0800 150 150.
Mokhanselara, mothelesi wa tirelo ya boitekanelo, tokololo ya Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa, kgotsa motlhankedi wa sepodisi, modirediloago, morutabana kgotsa mongwe le mongwe fela yo o nang le kgatlhego mo go bopeng botho jwa mongongoregi a ka nna a dira kopo ya thulaganyo ya tshireletso.
Go netefatsa gore fa motho yo mongwe kwa ntle ga mongongoregi a tlisa kopo ya thulaganyo ya tshireletso, tumelelo e e kwadilweng ke mongongoregi e tshwanetse go tla mmogo le kopo.
Ga go na foromo e e tlhophilweng mo go kwalelwang tumelelo e - lekwalo le le tswang go mongongoregi le le nayang tumelelo e e kwadilweng le tla bo le siame.Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a a rileng a tumelelo e e kwadilweng e ka se tlhokagaleng teng, go tshwana le fa mongongoregi e le:
Mmotlana;
a idibetse; kgotsa fa kgotlatshekelo e kgotsofetse gore motho yoo o retelelwa ke go neela ka tumelelo kgotsa tetlelelo e e batlegang.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Nako e e batliwang go sekaseka thulaganyo ya tshireletso e farologana go tloga mo kgotlatshekelong nngwe go ya kwa go e nngwe gape go ikaegilwe ka letlha la dipoelo le le tla bong le tlhophilwe ke tlelereke ya kgotlatshekelo.
Bonnye jwa Boemotlase bo neelwa jwa Tirelo e e Neetsweng Batswasetlhabelo Maatla..
Modiredi loago le mekgatlho e e seng ya dipoelo/porofete e tshwanetse go tshegetsa batswasetlhabelo kwa seteišeneng sa mapodisi, kgotlatshekelo le kwa maokelong ga mmogo le go naya mongongoregi maatla fa a batlang thuso teng; le go neelana ka tshedimosetso mabapi le ditsamaiso tse di tshwanetseng go latelwa, ditshiamelo tsa mongongoregi, gore o tshwanetse go bona jang thulaganyo ya tshireletso kgotsa mekgwa mengwe ya tshireletso fa e le gore e teng;
ke boikarabelo jwa modiredi loago go kaela batswasetlhabelo kwa metsweding mengwe go bona tsereganyo e e tsweletseng, sekao, thulaganyo ya tshireletso, thuso ya kalafo, ditirelo tsa dikgakololo le go bona mafelo a tshireletso a mangwe.
go neelana ka bopaki jwa boitseanape jaaka modira-ka-kgetse kgotsa molato ka a itse ditekanyetso tsa botsalano jwa balelapa.
go dira jaaka motsereganyi kwa kgotlatshekelo ya molao kwa bopaki jwa ngwana bo bonwang ka go dirisa motsereganyi.
go neela motswasetlhabelo mmogo le ditokololo tsa lelapa ditirelo tsa dikgakololo;
go tlhoma leano la tshireletso ya motswasetlhabelo/batswasetlhabelo .
Godimo
Tlhotlhwa
Ditirelo ga di duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Form J 480 e ka bonwa kwa dikantorong tsa Pabalesego Loago tse di gaufi le wena. E bonwa kwa dikantorong tsa Lefapha la Tlhabolololoago le le gaufi le wena.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
