Kopo ya laesense ya go dirisa tirelo ya poso e e sa beeletswang
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Kopo ya boikwadiso go Molaodi wa Ditirelo tsa Poso go dirisa poso e e sa beeletswang e e tshwanetseng ya nna go ya ka sebopegong se se beilweng ke Tona ka kgakololo ya Molaodi.
Tuelo e e sa busediweng ya R500 e duelwa ka seatla, tšheke e e netefaditsweng kgotsa ka phitiso ya eleketeroniki.
Boikwadiso bo amogelwa mo pakeng ya ngwaga go tloga ka letlha la thebolo ya boikwadiso jwa setefekeiti.
Ditirelo tse di latelang di dirwa fela ke Poso ya Aforika Borwa fela:
Go gorosa makwalo.
Go gorosa makwalo a a bokete jwa kilogerama kgotsa ka fa tlase.
Go gorosa disilintara tsa dimmitara di le 458 kgotsa ka fa tlase, bokima jwa 100 le bokete jwa 100 milimitara le bokete jwa kilogerama.
Go rebola ditempe tsa poso
Go neelana ka kokoanyetso ya fa tseleng le mabokisi a diaterese.
Se ga se tsenyeletse dikgwebo tsa tsamaiso ya dikuno tsa tsona go tshwana le morekisi wa malomo, raleselaga kgotsa kgwebo ya kerosari.
Batho le dikgwebo tsa poraefete ga di duelele go dirisa kopo ya laesense ya tirelo ya poso e e sa beeletswang .
Go ka dirwa kopo ya boikwadiso go Molaodi wa Tirelo ya Diposo go dirisa ditirelo tsa diposo tse di sa beeletswang go ya ka sebopego sa tsamaiso e e umakilweng ke Tona mo tshisinyong ya Molaodi.
Go na le kopotuelo e e sa busediweng ya tšhelete e e duetsweng ka ya seatla, e e kana ka R500 kgota e duetswe ka tšheke e e netefaditsweng kgotsa phitiso ya elekroniki.
Boikwadiso bo amogelwa mo pakeng ya ngwaga o le mong go tloga motlha wa letlha la thebolo ya setifikeiti sa boikwadiso.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Ditlhaelatsano
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa diforomokopo tse di tsamayang ka boraro.
Duela tšhelete ka seatla kgotsa ka tšheke e e netefaditsweng go:
Romela kopo ya boikwadiso go Lefapha la Ditlhaeletsano mmogo le bopaki jwa tuelo.
Romela bopaki jwa tuelo ya fekese go: 12 427 8536.
Pataganya tse di latelang:
Khopi ya ditifekeiti tsa ditokomane tsotlhe tse di maleba
Dintlha tse di laolang kgwebo
Leano la Kgwebo le le tletseng
Go retelelelwa ke go kgotsofatsa nngwe ya ditlhokego tse, go ka lebisa kwa go se se paledisang kopo go atlega.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Laesense e ka bo e siame morago ga malatsi a 30.
Godimo
Tlhotlhwa
Tuelo e e sa busediweng ya R500
Tuelo ya laesense ya R25 000
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
