Katiso ya Mekgwa le dithekeniki tsa go sekaseka disata
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Seteišene sa Semmuso sa Teko ya Disata se neelana ka katiso e e kgethegileng ya katiso ya mekgwa le dithekeniki tsa go sekaseka disata mo bathong ba ba nang le kgatlhego, jaaka basekaseki ba disata ba ga jaanong le batho ba ba kgatlhegelang go ka nna basekaseki, go akaretsa batho ba ba batlang kitso ya teko ya disata. Batho ba ba tswang kwa di-NGO batho ba ba tswang kwa SADC le Aforika ka bophara ba ka tla dikhosong tsa mofuta o.
Khoso ya ditshupetso ya mekgwa le dithekeniki tsa go sekaseka disata e tsena ka Moranang.
Go na le bodirelo jo bo tshwarwang gangwe ka ngwaga go rotloetsa maemo a tekano a teko ya disata ka Ngwanatsele ngwaga mongwe le mongwe. Setlhogo sa bodirelo le palo ya malatsi otlhe a bodirelo a farologana ngwaga le ngwaga go ya fela ka mathata a a itemogelwang mo tekong ya disata le mafelo mangwe a tekanyo a a tlhokang go siamisiwa.
Go tla nna gape le bodirelo jwa Tetrazolium bo dirwa morago ga mengwaga e le meraro. Bodirelo jwa bofelo jwa TZ bo tshwerwe ka ngwaga wa 2004.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Kwa tshimologong ya ngwaga mongwe le mongwe kitsitso ya katiso, go akaretsa kgang ya bodirelo, e romelwa kwa bathong botlhe ba ba nang le kgatlhego, ba ba mo lenaneng la Lefapha.
Tlatsa foromo ya kopo go supa dikgatlhego tsa gago mme o e romele ka fekese kwa Seteišeneng sa Teko ya Disata .
Batsayakarolo ba amogelwa go ya ka palo e e ka kgonang go amogelwa. Go tsewa fela batsayakarolo ba le 20 mo ditshupetsong tsa khoso ya Mekgwa le dithekeniki tsa tshekatsheko ya khoso ya disata. Palo ya batsayakarolo ba bodirelo e tla laolwa ke setlhogo. Ke batsayakarolo ba le 20 fela ba ba ka amogelwang mo bodirelong jwa TZ.
Batho ba ba amogetsweng go tsaya karolo ba tla itsisiwe ka fekese, morago ga sebaka ka tšhono ya bona ya go tsaya karolo.
Batho ba mofuta o ba tshwanetse go tlhomamisa go tla ga bona.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
OSTS e leka go tlhokomela baithuti/dikantitate tsotlhe tse di dirang kopo ya khoso kgotsa bodirelo. Le fa go ntse jalo, ka ntata ya go tlhoka diphatlha mo lefelong la katiso, paakanyo ya tiro e e diragadiwang, jalo-jalo, batho ba ba mmalwa fela ba tla kgona go tseiwa/go fiwa lefelo. Go tla fiwa tlhokomelo go basekaseki ba disata pele kwa dilaboratoring tsa diteko tsa disata.ga mmogo le batho ba ba kgatlhegelang go nna basekaseki ba disata.
Mo dithutong di le pedi e bong khoso ya tiragatso ya ditshupetso ga mmogo le Katiso ya Mekgwa le dithekeniki tsa go sekaseka disata, o tla fiwa lekwalo la go tsenela dithuto. Lekwalo le tshotse tshosobanyo ya dintlha malebana le diteng tsa khoso le bodirelo.
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo ga e duelelwe. Tuelo e nnye ya teye, dijo tsa motshegare le dimanuale/dintlhathuto e tla dirwa mme se se tla ya fela ka bogolo jwa bodirelo, e bong, palo ya malatsi, le dimanuale tse di ntshiwang jalo-jalo.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Ikwadiso ya ketapele e dirwa ka go dirisa foromo e e romelwang kwa tshimologong ya ngwaga. Botlhe ba ba kgatlhegelang go nna basekaseki ba disata ba tshwanetse go ikwadisa jaaka baikatisi ba tshekatsheko ya disata.
Foromo e e tla akaretswa mo ngateng e e tla phatlaladiwa.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
