Diteko tsa disata tse di direlwang fa go na le dingongorego le dikgotlhang
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Seteišene sa Semmuso sa Diteko se dira dipatlisiso ka ga dingongorego le dikgotlhang mabapi le ditlhokego tsa disata go ya ka Molao wa Tokafatso ya Dijalo wa 1976
O ka nne wa bega dingongorego kgotsa dikgotlhang malebana le boleng ba disata, fela pele o dira jalo o tshwanetse go ikgolaganya le OSTS go netefatsa fa e le gore go na le bokgoni jo bo tlhokegang mo mofuteng wa teko kgotsa mofuta wa sata. Tirelo e e ka fiwa motho, setlamo, setheo, khamphane kgotsa molemirui mongwe le mongwe.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Fa o batla go tlhagisa ngongorego kgotsa kgotlhang malebana le boleng jwa sata o tshwanetse go romela lekwalo ga mmogo le disampole tsa disata mme o tlhagise dintlha sentle malebana le ngongorego ya gago. Tsenya le dintlha tsa diteko tse di dirilweng ke ditheo dingwe tsa go dira diteko tsa disata.
O ka nne wa itirela disampole ka bowena, fela sampole ya semmuso e e dirilweng ke moruni wa ofisi e e mo kgaolong ya gago ya Bokaedi ba SAAFQIS ke yona e tlhokegang.
Isa disampole kwa ditekong.
Fa e le gore ngongorego e matshwanedi, ke gore, boleng jwa sata ga bo kgotsofatse ditlhokego tsa Molao wa Tokafatso ya Dijalo wa 1976 mongongoregi ga a kitla a duela sepe. Fa ngongorego e se matshwanedi mongongoregi o tla tshwanelwa ke go duela lekgetho la Letlotlo le le rebotsweng la diteko tsa disata mme o tla newa selipi.
Dituelo di ka dirwa ka eleketeroniki mo motšheneng kgotsa di ka dirwa ka go duela mo khaontareng, fela go botlhokwa go itse nomoro ya selipi gore tuelo e kgone go nyalana le selipi se se ntshitsweng. Dintlha tsa poloko ya banka ke tse di latelang:
Khoutu ya Lekala: 01-08-45
Nomoro ya Akhaonto: 011244887
Dipholo tsa tlhotlhomiso di ka itsisiwe fela fa tuelo e setse e dirilwe.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Setlapele sa botlhokwa sa OSTS ke go bona gore go dirwa diteko tsa disampole tse go ngongoriwang ka tsona ka maitlhomo a go dira gore di nyalane. Bogolo jwa ngongoreg kgotsa kgotlhang ke bona bo tla laolang gore palo ya disampole, mefuta ya dijalo le mefuta ya diteko e e tlileng go dirwa, mme se gape ke sona se tla laolang gore go tsewa nako e kanakang go wetsa ditlhotlhomiso. Ka jalo ga go kitla go neelwa boemo jwa tirelo. O ka botsa dipotso kwa diofising ka botsona .
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo ga e duelelwe fa ngongorego e le matshwanedi. Fela fa ngongorego e se matshwanedi, lekgetho le le rebotsweng la teko ya disata le tla duelwa mo mabakeng a a latelang:
