Kopo ya laesense ya thelebišene
Tlhaloso
Laesense ya thelebišene e neela motho thata ya go reka thelebišene le go e lebelela.
Fa o reka TV la ntlha, o duela tuelo ya ngwaga yotlhe e leng R225. Tlhotlhwa ya go reka laesense ke R65 ka ngwaga.
Batho ba ba latelang ba ka kgona go neewa tetla ya go dirisa laesense:
Mongwe le mongwe yo o dingwaga di le 70 kgotsa go feta mme a sa nne le baikaegi ba ba nang le letseno kampo ba badirang.
Mongwe le mongwe yo o amogelang madi a mphiwa fela - batsofe, batho ba ba nang le thetelelobokgoni kgotsa batlhabani ba mo dintweng tsa maloba - go tswa Lefapheng la Katlaatlego Loago.
Mekgatlho e tlhoka laesense e le nngwe go emela TV e le nngwe. Ntlo nngwe le nngwe e tlhoka laesense e le nngwe fela go emela di TV tsotlhe di le teng mo ntlong.
Morekisi o tshwanetse go neela bareki ba ba senang dilaesense tshedimosetso malebana le ntlha ya gore ba ka se reke TV kwa ntle ga go tlhagisa bosupi ba gore ba le na le laesense. Bareki ba dira dikopo tsa go nna le laesense ya TV kwa Poso Kantorong e gaufi kgotsa go kopa morekisi go mo neela laesense ya TV.
Laesense e ntšhwafadiwa ngwaga ka ngwaga.
Dikgato tse tshwanetseng go latela
Dira kopo ya go nna le laesense ya TV kwa Poso Kantorong e e gaufi kgotsa kwa go morekisi yo o nang le thata ya go ntsha laesense ya TV.
Romela tse di latelang:
Bukana ya lokwalotshupo/pasa ya gago
Bosupi ba aterese ya bonno le ya poso le nomoro ya mogala
Molao o o diriswang
Boemo jwa tirelo
E ka tsaya diura di le mmalwa.
Tlhotlhwa
R65 go ba ba newang tetla ya go dirisa laesense ya TV.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Mafelo a bodirelo, diaterese le megala
